LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g20 no. 1 ts. 14-15
  • O ka Kgona go Tshela o Sena Seterese

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Kgona go Tshela o Sena Seterese
  • Tsogang!—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diteng
    Tsogang!—2020
  • Go Laola go Ngomoga Pelo
    Tsogang!—2010
  • Go Tla Nna le Kagiso fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa
    Tsogang!—2019
  • Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2020
g20 no. 1 ts. 14-15
Mosimanyana le rraagwe ba tshamekela mo lewatleng fa mmê le morwadie ba ntse ba lebile.

ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE

O ka Kgona go Tshela O se Na Seterese

Baebele e ka kgona go re thusa gore re se ka ra nna le seterese ka dilo tse di seng botlhokwa. Rona ka borona re ka se kgone go fedisa dilo tse di dirang gore re nne le seterese. Mme Mmopi wa rona ene a ka kgona. E bile o tlhomile mongwe gore a re thuse. Motho yoo ke Jesu Keresete. Go ise go ye kae, o tla direla batho botlhe dilo tse a neng a di dira fa a ne a le mo lefatsheng. Ka sekai:

JESU O TLA FODISA BATHO BA BA LWALANG.

“Ba mo tlisetsa botlhe ba ba mo seemong se se maswe [kgotsa ba ba lwalang] . . . , mme a ba alafa.”—MATHAIO 4:24.

JESU O TLA THUSA BATHO GORE BA NNE LE DIJO LE MATLO.

“[Ba ba tla busiwang ke Jesu] ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.”—ISAIA 65:21, 22.

FA JESU A BUSA BATHO BA TLA TSHELA KA KAGISO E BILE BA SIRELETSEGILE.

“Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng. Mme o tla nna le babusiwa go tswa lewatleng go ya lewatleng. . . . Baba ba gagwe ba tla latswa lorole.”—PESALEMA 72:7-9.

JESU O TLA NYELETSA TSHIAMOLOLO.

“O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”—PESALEMA 72:13, 14.

GAPE JESU O TLA NYELETSA GO BOGA LE LOSO.

“Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—TSHENOLO 21:4.

‘DINAKO TSA MATSHWENYEGO’

“Gompieno batho ba na le seterese e bile ba utlwile botlhoko go feta le fa e le leng pele.”—Mohamed S. Younis, morulaganyi wa lokwalodikgang lwa Gallup.

Goreng go tlwaelegile gore batho ba nne le seterese? Baebele e re naya karabo e e utlwalang mo go 2 Timotheo 3:1, ya re: ‘Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa matshwenyego tse go leng thata go lebana le tsone.’ Gape Baebele e tswelela ka go tlhalosa gore lebaka la go bo batho ba na le seterese ke ka ntlha ya mekgwa e e maswe e batho ba nang le yone. Mekgwa eo e akaretsa bogagaru, mabela, boitimokanyi, go rata ntwa, go sa nne le lorato le go sa nne le boikgapo. (2 Timotheo 3:2-5) Metlha ya bofelo e tla fela fa Jesu Keresete a busa lefatshe e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong.—Daniele 2:44.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela