A BATHO BA TLA NYELETSA LEFATSHE?
METSI A A PHEPA
BOTSHELO bo ne bo ka se nne gone mo lefatsheng fa go ne go se na metsi, segolobologo metsi a a phepa. Tota e bile, metsi ke one selo se segolo thata mo dilong tsotlhe tse di tshelang. Re nwa metsi a a tswang mo matšheng, mo dinokeng, mo mafelong a metsi a emang thata mo go one le a a tswang ka fa tlase ga lefatshe. Gape metsi ano a nowa ke diphologolo e bile re nosetsa dijalo tsa rona ka one.
Lebaka La go Bo re Ka Tlhaelelwa ke Metsi a a Phepa
Karolo e kgolo ya polanete ya rona ke metsi. Mme gone, go ya ka World Meteorological Organization, “metsi a a mo Lefatsheng a a kgonang go dirisiwa e bile a le phepa, ke karolo e nnye thata.” Le fa gone metsi ano a mannye a ne a lekane gore ditshedi di kgone go tshela mo lefatsheng, bontsi jwa one a kgotletswe kgotsa batho ga ba tlhole ba kgona go a fitlhelela ka ntlha ya go bo a tlhokega thata le ka ntlha ya go fetogetoga ga maemo a bosa. Babatlisisi ba fopholetsa gore mo dingwageng tse 30 tse di tlang, batho ba le dimilione tse tlhano ba tla bo ba se na metsi a a phepa a a lekaneng.
Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri
Lefatshe le dirilwe ka tsela e e dirang gore ka metlha le nne le na le metsi a a phepa a a lekaneng. Mo godimo ga moo, mmu, ditshedi tse di nnang mo metsing le mogote wa letsatsi, di dirisana mmogo gore metsi a nne a le phepa. Ela tlhoko dintlha dingwe tse di bontshang gore lefatshe le bopetswe gore le nnele ruri.
Mmu o kgona go tlosa bontsi jwa dilo tse di kgotlelang metsi. Mo mafelong a metsi a emang thata mo go one, go na le dimela dingwe tse di kgonang go tlosa naeterojene, phosphorus le dibolayaditshenekegi.
Baitsesaense ba lemogile gore go na le dilo tsa tlholego tse di kgonang go phepafatsa metsi. Metsi a a elelang ka lobelo lo lo kwa godimo a tlhaolosa dilo tse di kgotlelang metsi, mme go tswa foo dibaketeria di bo di nyerolosa dilo tseo.
Ditshedi tse di bidiwang di-clam le di-mussel di kgona go tlosa dikhemikhale tse di ka nnang kotsi mo metsing mo malatsing a le mmalwa fela, gongwe e bile di dira jalo ka tsela e e gaisang metšhine e e dirisiwang kwa mafelong a go phepafadiwang metsi kwa go one.
Lefatshe le na le modikologo wa metsi o o thusang gore metsi a nne a le gone. Modikologo ono, mmogo le dithulaganyo tse dingwe tsa tlholego, di thibela metsi gore a se ka a tswa mo lefaufaung kgotsa a nyelela.
Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono
Fa re baakanya dikoloi tsa rona fa di dutlisa oli e bile re tshololela dilo tse di kotsi mo go tshwanetseng, re thusa gore metswedi ya metsi e nne e le phepa
Babatilisisi ba re kgothaletsa gore ka metlha re nne kelotlhoko gore re se ka ra senya metsi. E le go fokotsa go kgotlelwa ga metsi, ba re kgothaletsa gore re baakanye dikoloi tsa rona fa e le gore di dutlisa oli, re se ka ra tshela melemo e re sa e diriseng mo matlwaneng a boithomelo kgotsa ra tshololela dilo tse di botlhole mo meseleng ya go fetisa metsi.
Baênjenere ba tlile ka ditsela tse disha tsa go ntsha letswai mo metsing a lewatle. Boikaelelo jwa bone ke go oketsa metsi a a phepa a a nowang.
Mme gone go tlhokega mo gontsi. Go ntsha letswai mo metsing a lewatle ga se tharabololo e e molemo ka gonne go ja madi a mantsi thata e bile go tlhoka motlakase o montsi thata. Mo pegong ya 2021 e e neng e bua ka go sireletsa metsi a a nowang, motswedi mongwe wa United Nations o ne wa tlhalosa jaana: “Mo lefatsheng lotlhe, thulaganyo eno ya go dira gore metsi a a phepa a nne gone le go a boloka, e tlhoka go oketsega go menagane gabedi.”
Se Baebele e se Buang
“Modimo . . . o gogela marothodi a metsi kwa godimo; a fetoga pula e e tswang mo mouwaneng wa gagwe; go tswa foo, maru a rothisa pula, a e nesetsa batho.”—Jobe 36:26-28.
Modimo o dirile medikologo ya tlholego gore e sireletse metsi a a mo lefatsheng.—Moreri 1:7.
Akanya ka seno: E re ka Modimo a bopile lefatshe ka tsela e e dirang gore le kgone go phepafatsa metsi, go a utlwala go dumela gore o ikemiseditse go rarabolola bothata jono jo bo bakilweng ke batho e bile o na le maatla a go dira jalo. Bona setlhogo se se reng, “Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri,” se se mo tsebe 15.