LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g23 no. 1 ts. 6-8
  • Mawatle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mawatle
  • Tsogang!—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo re Tlhoka go Tlhokomela Mawatle
  • Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri
  • Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono
  • Se Baebele e se Buang
  • “Letlotlo la Khumo ya Mawatle”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Diteng
    Tsogang!—2023
  • Motho o Tshwere Lefatshe ka Tsela Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke Eng fa Metsi a Lewatle a le Letswai?
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2023
g23 no. 1 ts. 6-8
Motho yo o thumang ka fa tlase ga lewatle o dikologilwe ke ditlhapi tse di mebalabala, dikorale le dimela tse di tlhogang ka fa tlase ga lewatle.

Georgette Douwma/​Stone via Getty Images

A BATHO BA TLA NYELETSA LEFATSHE?

MAWATLE

MAWATLE ga a re tlamele fela ka bontsi jwa dijo tse re di jang, mme gape a re naya le dilo tse re di tlhokang go dira melemo. Okosejene e e mo lefatsheng e e fetang halofo, e tswa mo mawatleng, mme gape mawatle a kgona go monya digase tse di kotsi. Mo godimo ga moo, a laola maemo a bosa mo lefatsheng.

Lebaka La go Bo re Tlhoka go Tlhokomela Mawatle

Go fetofetoga ga maemo a bosa go kotsi mo dimeleng tsa mo lewatleng, mo ditlhaping tse di bidiwang di-shellfish le mo ditsheding tse dingwe tsa lewatle. Baitsesaense ba fopholetsa gore mo e ka nnang dimela tsotlhe tsa mo lewatleng, di tla bo di sa tlhole di le gone mo dingwageng tse 30 tse di tlang. Dimela tseno di tlamela bontsi jwa ditshedi tsa lewatle.

Babatlisisi ba fopholetsa gore diperesente di ka nna 90 tsa dinonyane tse di jang ditshedi tsa lewatle, di ka tswa di jele dipolasetiki, mme go akanngwa gore dipolasetiki tse di mo lewatleng di bolaya diphologolo tsa lewatle di le dimilione ngwaga le ngwaga.

Ka 2022, Motsamaisimogolo wa UN e bong António Guterres o ne a re: “Ga re tlhokomele mawatle mme gone jaanong re lebane le se nka se bitsang ‘Maemo a Lewatle a a Tlhokang go Potlakelwa.’”

Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri

Mawatle le ditshedi tse di mo go one di bopilwe ka tsela ya gore di kgone go iphepafatsa fa di sa kgotlelwe ke batho. Buka ya setlhogo se se reng, Regeneration: Ending the Climate Crisis in One Generation e tlhalosa gore fa batho ba sa kgotlele mawatle, “a kgona go nna a iphepafatsa.” Ela tlhoko dikai tse di latelang:

  • Dimela tse dinnye thata tse di bidiwang di-phytoplankton di monya khabonetaeokosaete di bo di e boloka. Go dumelwa gore gase eno e gotetsa moya o o mo loaping. Di-phytoplankton di le nosi fela, di kgona go boloka khabonetaeokosaete e e batlang e lekana le e e bolokiwang ke ditlhare, bojang le dimela tse dingwe tse di mo lefatsheng fa di kopantswe.

  • Dibaketeria di ja matlalo le marapo a ditlhapi tse di suleng, e leng dilo tse di ka kgotlelang lewatle. Go tswa foo, dibaketeria tseno di jewa ke ditshedi tse dingwe tsa lewatle. Websaete ya Smithsonian Institution Ocean Portal e tlhalosa gore tirisanommogo eno e dira gore “lewatle le nne le le phepa.”

  • Thulaganyo ya mmele ya go sila dijo ya ditlhapi di le dintsi, e fokotsa selekanyo sa asiti mo metsing, e leng asiti e bolayang dimela tsa mo lewatleng, di-shellfish le ditshedi tse dingwe tsa lewatle.

    A O NE O ITSE?

    Bojang Jo bo Mo Lewatleng Bo a Le Phepafatsa

    Setshwantsho se se bontshang makhubu a lewatle a tsamaela kwa lotshitshing. Go bonala boalo jwa lewatle, bojang jo bo melang mo lewatleng le ditshedi tse dingwe tsa lewatle. Fa makhubu a atamela lotshitshi, bojang jono bo fokotsa selekanyo le lobelo lwa one e bile bo tlosa leswe mo metsing. Ditlhapi le ditshedi tse dingwe di bona dijo mo bojannyeng jono. Metsi a fitlha fa lotshitshing a le phepa e bile makhubu ga a tlhole a le bogale.

    Bojang jo bo tlhogang ka fa tlase ga metsi mo lewatleng, bo thusa gore mmu o nne mo lefelong le le lengwe. Bo thusa dikorale gore di nne di le mo maemong a a siameng, bo sireletsa lotshitshi lwa lewatle ka gonne bo dira gore makhubu a lewatle a se ka a nna magolo le gore metsi a se ka a gogola motlhaba o o mo lotshitshing lwa lewatle.

Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono

Ditshwantsho: 1. Monna o mo kitšheneng o ntsha dijo mo kgetsaneng e e kgonang go dirisiwa makgetlo a le mantsi. 2. Mosadi o mo kitšheneng o gelela metsi ka lebotlolo le le kgonang go dirisiwa makgetlo a le mantsi.

Fa re dirisa dikgetsana le mabotlolo a a ka dirisiwang makgetlo a le mantsi, re ka fokotsa selekanyo sa matlakala a dipolasetiki mo mawatleng

Fa batho ba sa latlhele matlakala mo lewatleng, le ka se tlhoke gore le phepafadiwe. Ka jalo, babatlisisi ba kgothaletsa batho go dirisa dikgetsana, dithulusu le dilwana tse dingwe tse di kgonang go dirisiwa makgetlo a le mantsi go na le go dirisa dipolasetiki gangwe fela ba bo ba di latlha.

Mme gone go tlhokega mo gontsi. Bosheng jaana, mo ngwageng o le mongwe fela, mokgatlho mongwe o o tlhokomelang tikologo o ne wa phutha matlakala a a lekanang le ditone di le 9 200, a a neng a latlhetswe mo lotshitshing lwa lewatle mo dinageng di le 112. Mme seo ke selekanyo se sennye thata sa leswe le le latlhelwang mo lewatleng ngwaga le ngwaga.

National Geographic e ne ya bega gore “asiti e e setseng e le [mo malwatleng] go tla go fitlha jaanong, go ka direga gore e se ka ya kgona go tlosiwa gotlhelele.” Batho ba fisa ditukisi tse di jaaka magala le oli di le dintsi thata mo e leng gore ditshedi tsa lewatle ga di tlhole di kgona go phepafatsa lewatle ka tsela e di neng di bopetswe gore di le phepafatse ka yone.

Se Baebele e se Buang

“Lefatshe le tletse dilo tse o di dirileng. Go na le lewatle, le legolo e bile le atlhame, le le tletseng ditshedi tse dintsintsi tse di se nang palo, tse dinnye le tse dikgolo.”​—Pesalema 104:24, 25.

Mmopi wa rona o dirile mawatle a na le bokgoni jwa go iphepafatsa. Akanya ka seno: E re ka Mmopi a dirile lewatle le ditshedi tsotlhe tse di mo go lone, go a utlwala go dumela gore o tla baakanya tshenyo e e bakilweng ke batho mo mawatleng. Bona setlhogo se se reng, “Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri,” se se mo tsebe 15.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Maruarua a a bidiwang pilot whales a thuma mo lewatleng.

Blue Planet Archive/​Doug Perrine

Baitsesaense ba ithutile go tswa mo setsheding sengwe sa lewatle gore ba ka tlosa jang ditshedi tse di bidwang di-barnacle tse di ngaparelang dikepe tse dikgolo mme ba dira jalo ba sa dirise dikhemikhale tse di kotsi. Bala setlhogo se se reng, “Letlalo le le Kgonang go Iphepafatsa la Leruarua” mo jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela