SE O KA SE DIRANG FA DILO DI NTSE DI TURA LE GO FETA
Kgotsofala
Batho ba ba kgotsofetseng ba itumelela se ba nang le sone mo botshelong. Mme fa maemo a bone a fetoga, ba dira diphetogo tse di tlhokegang gore ba se ka ba feleletsa ba dirisa madi a mantsi go feta a ba nang le one.
BOTLHOKWA JWA GO KGOTSOFALA
Moithutatlhaloganyo mongwe e bong Jessica Koehler o lemogile gore batho ba ba kgotsofetseng gantsi ba leba dilo sentle. Gape o lemogile gore ga se gantsi ba fufegela batho ba bangwe. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba ba kgotsofetseng ba itumetse e bile ba sa tlhobaele thata. Tota e bile, bangwe ba batho ba ba itumetseng thata ga ba na madi a mantsi. Go ntse jalo le ka batho ba ba tlhomang mogopolo mo dilong tsa botlhokwa thata mo botshelong, tse di jaaka boitumelo jo bo tlisiwang ke go fetsa nako le ba lelapa le ditsala.
SE O KA SE DIRANG
Tila go ipapisa le ba bangwe. Fa o bapisa bonnye jo o nang le jone le dilo tse di turang tsa manobonobo tse batho ba bangwe ba nang le tsone, o ka nna wa se ka wa kgotsofala, tota e bile o ka nna wa ba fufegela. O ka nna wa akanya gore batho ba ba nang le dilo tse dintsi ba humile, mme boammaaruri ke gore bangwe ba bone ba ka tswa ba le mo dikolotong tse di seng kana ka sepe. Nicole yo o nnang kwa Senegal a re: “Ga ke tlhoke dilo tse dintsi gore ke itumele. Fa ke kgotsofetse, nka kgona go itumela le fa batho ba bangwe ba na le dilo tse dintsi go mpheta.”
Leka seno: Tila go lebelela dipapatso kgotsa diwebsaete tse di bontshang dikhumo tsa batho ba bangwe kgotsa botshelo jwa bone jwa manobonobo.
Lebogela se o nang le sone. Bontsi jwa nako, batho ba ba lebogelang se ba nang le sone ke bone ba ba kgotsofetseng e bile gantsi ga ba akanye gore ba tlhoka go nna le dilo tse di oketsegileng. Roberton wa kwa Haiti a re: “Ke ipha nako ya go akanya ka dilo tse di molemo tse ba bangwe ba di diretseng nna le ba lelapa la me. Go tswa foo ke bo ke ba leboga. Gape ke ruta morwaake wa dingwaga tse robedi gore ka metlha a lebogele sengwe le sengwe se a se fiwang.”
Leka seno: Letsatsi le letsatsi, kwala sengwe se o se lebogelang. O ka tswa o lebogela botsogo jo bo siameng, lelapa le le itumetseng, ditsala tsa nnete kgotsa phirimo e ntle ya letsatsi.
Ka dinako tse dingwe, go thata go kgotsofalela se re nang le sone. Mme gone, matsapa a rona e ka se nne a bophiri. Fa re kgotsofetse re tla itumela, mme madi a ka se reke seo.