KAROLO 2
“Jehofa o Rata Tshiamiso”
Tshiamololo e tletsetletse mo lefatsheng gompieno, mme ka phoso batho ba pega Modimo molato. Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta boammaaruri jo bo amang pelo—gore “Jehofa o rata tshiamiso.” (Pesalema 37:28) Mo karolong eno re tla ithuta ka tsela e a bontshitseng ka yone kafa mafoko ano a leng boammaaruri ka teng, ka go rialo a naya batho botlhe tsholofelo.