LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp2 kgao. 24 ts. 199-207
  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?
  • Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Batsadi ba Lwa
  • Se o Ka se Dirang
  • Se o Sa Tshwanelang go se Dira
  • Ke dire eng fa batsadi ba me ba ngangisana?
    Tsogang!—2007
  • Batsadi ba Me Ba A Kgaogana—Ke Eng Seo Ke Tshwanetseng go Se Dira?
    Tsogang!—1990
  • Nka Dira Jang Gore ke Itse Batsadi ba me Botoka?
    Tsogang!—2009
  • Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
yp2 kgao. 24 ts. 199-207

Kgaolo 24

Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?

A batsadi ba gago ba a tle ba omane fa pele ga gago? Fa go le jalo, ke dilo dife mo go tse di latelang tse ba a tleng ba omane thata ka tsone?

□ Madi

□ Ditiro tsa mo lapeng

□ Ba losika

□ Wena

Ke eng se o ka ratang go se ba bolelela malebana le kafa seno se go amang ka gone? Kwala dikarabo tsa gago fa tlase fano.

․․․․․

GA GO kafa o ka tilang ka gone go amiwa ke dikgotlhang tsa batsadi ba gago. Seno ke ka gonne o ba rata, e bile o ikaegile ka bone gore ba go eme nokeng. Ka gone, o ka ngomolwa pelo ke go ba utlwa ba omana. O ka nna wa dumalana le mosha mongwe yo o bidiwang Marie yo o reng: “Ga go motlhofo go tlotla batsadi ba me fa go bonala bone ba sa tlotlane.”

Go bona batsadi ba gago ba omana go go lemotsha sengwe se se sa itumediseng: Gore ba tletse diphoso go feta kafa o neng o akanya ka gone. Mme seno se ka go tsenya poifo. Fa ba omanetse ruri, o ka nna wa tshwenngwa ke gore lenyalo la bone le gaufi le go thubega. Marie a re: “Fa ke utlwa batsadi ba me ba lwa, ke akanya gore ba tlile go tlhalana me ke tla tshwanelwa ke go tlhopha gore ke tla nna le ofe wa bone. Gape ke boifa gore ke tla kgaoganngwa le bonnake.”

Ke eng fa batsadi ba lwa, mme o ka dira eng fa go nna le kgotlhang mo lelapeng?

Lebaka La go Bo Batsadi ba Lwa

Gantsi batsadi ba gago ba “itshokelana ka lorato.” (Baefeso 4:2) Mme Baebele ya re: “Gonne botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Batsadi ba gago ga ba a itekanela. Ka gone ga o a tshwanela go gakgamala fa ba nna le dikgotlhang mme nako nngwe di dira gore ba omane.

Gape se lebale gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Mathata a tsa madi, go duela dikoloto le maemo a ba lebanang le one kwa tirong—dilo tseno tsotlhe di baya lenyalo mo kgatelelong. Mme fa batsadi boobedi ba bereka, ba ka nna ba ngangisana ka ditiro dingwe tse di tshwanetseng go dirwa mo lapeng.

Tlhomamisega gore fa batsadi ba gago ba omana, seo ga se reye gore lenyalo la bone le setse le thubega. Go ka direga gore ba sa ntse ba ratana tota—le fa gone ba sa dumalane ka dilo dingwe.

Ka sekai: A o kile wa leba filimi nngwe le ditsala tsa gago mme e bo e re morago ga yone lo bo lo sa dumalane ka dilo dingwe tse lo di boneng? Go a direga. Tota le batho ba ba utlwanang thata ba ka ganetsana ka dilo dingwe. Go ka nna jalo le ka batsadi ba gago. Gongwe boobedi ba tshwenyegile ka madi a go tlhokomela lelapa, mme ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka tsela e madi a tshwanetseng go dirisiwa ka yone; boobedi ba batla gore lelapa le ye malatsing a boikhutso mme ga ba dumalane ka gore ba ka dira seo jang; kgotsa boobedi ba batla gore o atlege kwa sekolong, mme ga ba dumalane ka mokgwa o o molemo o ba ka go rotloetsang ka one.

Se re ithutang sone ke gore, batho ba ka kgona go utlwana ba ntse ba farologana ka megopolo. Ka dinako tse dingwe, batho ba babedi ba ba ratanang ba ka leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, ga se selo se se itumedisang go utlwa batsadi ba gago ba omana. Ke eng se se ka go thusang go itshokela seo?

Se o Ka se Dirang

Ba tlotle. Go ka nna motlhofo go tenegela batsadi ba ba omanetseng ruri. Kana e bile ba tshwanetse go go tlhomela sekao—e seng gore e nne wena o se ba tlhomelang. Le fa go ntse jalo, go nyatsa batsadi go ka gakatsa dilo. Sa botlhokwa le go feta, Jehofa Modimo o laela gore o ikobele batsadi—tota le fa go ka nna thata go dira jalo.—Ekesodo 20:12; Diane 30:17.

Mme o ka dira eng fa kgang e batsadi ba gago ba sa dumalaneng ka yone e go ama? Ka sekai, a re re mongwe wa batsadi ba gago ke Mokeresete mme yo mongwe ga se ene. Go ka nna ga tsoga dikgotlhang tse di amanang le bodumedi mme wa tshwanelwa ke go emela boammaaruri le motsadi yo e leng Mokeresete. (Mathaio 10:34-37) Ka metlha dira jalo “ka bonolo le tlotlo e e boteng.” Go tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng eno go ka nna ga thusa motsadi yo e seng modumedi.—1 Petere 3:15.

O se ka wa tsaya letlhakore. O ka dira eng fa batsadi ba go gatelela gore o tseye letlhakore mo dikgannyeng tse di sa go ameng? Lwela go se tseye letlhakore. Gongwe o ka intsha mo dilong ka gore: “Mama le Papa ke lo rata loobabedi. Tsweetswee lo se ka lwa mpateletsa go tsaya letlhakore. Ke lona lo tshwanetseng go itharabololela kgang eno.”

Buisana le bone. Ba itsise gore o ikutlwa jang fa ba omana. Tlhopha nako e e siameng e o akanyang gore ba ka kgona go go reetsa ka yone mme o ba bolelele ka tlotlo gore go omana ga bone go go utlwisa botlhoko, go a go galefisa e bile go a go tshosa.—Diane 15:23; Bakolosa 4:6.

Se o Sa Tshwanelang go se Dira

O se ka wa itira mogakolodi wa lenyalo. O sa ntse o le mosha ka jalo ga o tshwanelege go ka rarabolola dikgotlhang tsa batsadi ba gago. Ka sekai: Akanya fela o pagame sefofane se sennye mme o bo o utlwa mokgweetsi wa sone le mothusi wa gagwe ba ngangisana. Seo se ka go tsenya tsebetsebe. Mme go ne go tla direga eng fa o ne o ka ithaopela go ba bolelela gore ba kgweetse jang kgotsa le e leng go batla go ba tseela tiro eo ya go kgweetsa?

Ka tsela e e tshwanang, go itshunya nko mo mathateng a lenyalo a batsadi ba gago le gone go ka nna ga gakatsa dilo. Baebele ya re: “Motho o baka ntwa ka boikgodiso, mme go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” (Diane 13:10) Batsadi ba gago ba ka kgona go itharabololela mathata a bone ka go buisana ba le babedi.—Diane 25:9.

Se itshunye nko. Go ngomola pelo tota go utlwa batho ba babedi ba omana. Akanya fela gore go tlile go nna jang fa o nna wa boraro. Le fa o ka ikutlwa o batla go itshunya nko, lemoga gore ke maikarabelo a batsadi ba gago—e seng a gago—go rarabolola dikgotlhang tsa bone. Leka ka natla go latela kgakololo ya Baebele ya gore mo dikgannyeng tse di ntseng jalo tse di sa go ameng o ‘tlhokomele dikgang tsa gago.’ (1 Bathesalonika 4:11) Se itshunye nko.

O se ka wa lotlhanya batsadi ba gago. Basha bangwe ba lotlhanya batsadi ba bone mme seo se bo se dira gore ba omane. Fa Mmè a gana go ba naya sengwe, ba gatelela Rre gore a ba neye sone. Go dira jalo go ka dira gore o bone se o se batlang, mme fa nako e ntse e tsamaya go tla gakatsa dikgotlhang mo lapeng.

Se letle tsela e bone ba itshwarang ka yone e ama e wena o itshwarang ka yone. Mosha mongwe yo o bidiwang Peter o ile a lemoga gore o ne a itshwara ka tsela e e seng ya Bokeresete gore a utlwise rraagwe botlhoko ka gonne a ne a ba sotla. A re: “Ke ne ke batla fela go mo utlwisa botlhoko. Ke ne ke tenwa ke tsela e a neng a re tshwara ka yone, nna, mmè le kgaitsadiake.” Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Peter o ne a tshwanelwa ke go lebana le matswela a ditiro tsa gagwe. Re ithuta eng mo go seno? Go itshwara ka tsela e e sa siamang go tla gakatsa mathata a o lebaneng le one mo lapeng.—Bagalatia 6:7.

Kwala fano gore ke dintlha dife mo kgaolong eno tse o tlhokang go tokafatsa thata mo go tsone. ․․․․․

Ke boammaaruri gore, o ka se ka wa thibela batsadi ba gago go omana. Mme gone, tlhomamisega gore Jehofa a ka go thusa go itshokela tlhobaelo e o nnang le yone ka ntlha ya go lwa ga bone.—Bafilipi 4:6, 7; 1 Petere 5:7.

Leka ka natla go dirisa dikakantsho tse di fa godimo. Fa go ntse go ya, batsadi ba gago ba ka nna ba tlhotlheletsega go rarabolola mathata a bone. Go itse mang—ba ka nna ba bo ba emisa go lwa.

MO KGAOLONG E E LATELANG

O ka lebana jang le dikgwetlho tsa go golela mo lelapeng la motsadi yo o esi?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle.”—Bakolosa 4:6.

KAKANTSHO

Fa batsadi ba gago ba lwa gangwe le gape, bua le bone ka tlotlo gore ba senke thuso.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Tota le batho ba ba ratanang ba ka nna ba se ka ba dumalana ka dinako tse dingwe.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa batsadi ba me ba simolola go omana, ke tla ․․․․․

Fa batsadi ba me ba batla ke tsaya letlhakore, ke tla re ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa batsadi bangwe ba lwa?

● Ke eng fa e se molato wa gago fa batsadi ba gago ba na le mathata?

● O ka ithuta eng fa o ntse o lebile tsela e batsadi ba gago ba itshwarang ka yone?

[Mafoko a a mo go tsebe 201]

“Fa ke sena go lemoga gore batsadi ba me le bone ke batho mme ba dira diphoso, seno se ne sa nthusa gore ke kgone go ba itshokela fa ba omana.”—Kathy

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 206, 207]

Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Kgaogana?

Fa batsadi ba gago ba kgaogana, o ka itshwara jang le fa seno se go utlwisitse botlhoko thata? Akanyetsa dikakantsho tse di latelang:

● Se ijese dijo tsa ditoro. Selo sa ntlha se o ka batlang go se dira e ka nna go leka go dira gore batsadi ba gago ba boelane. Anne o gakologelwa jaana: “Fa batsadi ba me ba sena go kgaogana, re ne re a tle re intshe re le lelapa. Ke ne ke tle ke sebele kgaitsadiake ke re, ‘A re tabogele kwa pele re ba tlogele ba le babedi.’ Mme go ne ga se ka ga thusa. Ga ba a ka ba tlhola ba boelana.”

Diane 13:12 ya re: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” Selo se se tla go thusang gore o se ka wa ngomoga pelo go sa tlhokege, ke go itse gore ga o ka ke wa kgona go laola se batsadi ba gago ba se dirang. Ga se wena o dirileng gore ba kgaogane, mme e bile ga o ka ke wa kgona go baakanya lenyalo la bone.—Diane 26:17.

● Tila go nna le letlhoo. Go galefa le go tlhoa mongwe wa batsadi ba gago kgotsa boobedi go tla go gobatsa maikutlo fela thata. Tom o gakologelwa ka tsela e a neng a ikutlwa ka yone fa a le dingwaga tse 12: “Ke ne ke galefetse rre fela thata. Ga ke batle gore ke ne ke mo ‘tlhoile,’ mme gone ke ne ke sa mmatle. Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke eng fa a re o a re rata mme gone a re tlogetse.”

Le fa go ntse jalo, go kgaogana ga batsadi ga se kgang ya gore yo mongwe o molemo mme yo mongwe ene o bosula. Go ka direga gore batsadi ba gago ga ba a go bolelela mabaka otlhe a a dirileng gore ba kgaogane; tota le bone ba ka tswa ba sa a tlhaloganye. Ka jalo, tila go atlhola kgang o sa itse dintlha tsotlhe ka yone. (Diane 18:13) Ke boammaaruri gore seno se tla go galefisa e bile go ka nna ga feta lobakanyana o utlwile botlhoko. Mme gone go itetla go nna o galefile jalo go tla senya botho jwa gago. Ke gone ka moo Baebele e re laelang jaana: “Tlogela bogale mme o lese tšararego.”—Pesalema 37:8.

● Leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Go na le go tlhoa motsadi yo o duleng mo gae, basha bangwe ba feteletsa dilo ka go mo tseela kwa godimo thata. Ka sekai, rre wa mosha mongwe o ne a nwa bojalwa bobe e bile a rata basadi mme o ne a tle a tlogele lelapa mo kgabagare a neng a tlhala. Le fa go ntse jalo, mosha yono o gakologelwa gore ka tsela nngwe o ne a rata rraagwe tota mo a neng a mo tseela kwa godimo thata!

Go tlwaelegile gore motho a ka tseela motsadi jalo kwa godimo ka tsela e e feteletseng. Kwa nageng nngwe, diperesente di le 90 tsa bana ba batsadi ba bone ba tlhalaneng ba nna le bommaabone mme ba ya kwa go borraabone fela fa ba ba etela. Ka gone, mmè ke ene a lebaneng le boikarabelo jwa letsatsi le letsatsi jwa go tlhokomela bana—go akaretsa le go ba kgalemela. Fa ba sa tswa go tlhalana, mmè a ka tswa a tlhaelelwa ke madi le mororo a amogela madi a go otla bana. Rre ene a ka tswa a nna le madi a le mantsi. Seo se ka felela ka gore: Bana ba itumelele go etela Rre ka gonne a ba rekela dimpho le go ba jesa monate! Fa ba na le Mmè ba tshwanelwa ke go somarela le go ikobela melao ya mo lapeng. Ka maswabi, basha bangwe ba ile ba bo ba tlogela go tshela le motsadi yo e leng Mokeresete gore ba ye go nna le motsadi yo e seng Mokeresete yo o nang le madi a mantsi e bile a ba dumelela go dira se ba se ratang.—Diane 19:4.

Fa o raelesega go dira jalo, sekaseka gore ke dilo dife tse o di tsayang di le botlhokwa. Se lebale gore o tlhoka go kaelwa le go kgalemelwa. Ga go sepe mo botshelong se se molemo go feta dilo tseno.—Diane 4:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 202, 203]

Mosha yo o bolelelang batsadi ba gagwe gore ba rarabolole jang dikgotlhang tsa bone o tshwana le mopalami yo o bolelelang mokgweetsi wa sefofane gore a se fofise jang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela