Kgaolo 32
Nka Dira Jang Gore ke Itumelele Nako ya go Itapolosa?
Tshwaya mafoko a a latelang ka boammaaruri kgotsa maaka.
Go ya ka Baebele . . .
Ka metlha go phoso go nna le seabe mo metshamekong.
□Boammaaruri □ Maaka
Dithulaganyo tsotlhe tsa thelebishene le difilimi di na le tlhotlheletso e e sa siamang.
□Boammaaruri □ Maaka
Mefuta yotlhe ya go tantsha e phoso.
□Boammaaruri □ Maaka
O FEDITSE beke yotlhe o bereka ka natla. Jaanong ke mafelobeke. O weditse ditiro tsotlhe tsa gago tsa mo lapeng. Mme ga o ise o lape go le kalo—sengwe sa dilo tse di kgatlhang ka go nna mosha. (Diane 20:29) Jaanong se o se batlang fela ke go itapolosa.
Balekane ba gago ba ka tswa ba akanya gore Baebele ga e letle batho go nna le nako e e monate, gore e go ganela go itumelela botshelo. Mme gone, a seo se boammaaruri? Mma re sekaseke mafoko a a mo tsebeng e e fetileng a boammaaruri kgotsa maaka mme re bone gore Baebele ya reng ka kgang ya boitapoloso.
● Ka metlha go phoso go nna le seabe mo metshamekong.
Maaka. Baebele ya re, “go thapisa mmele go tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Lefoko la ntlhantlha la Segerika “thapisa” le Paulo a le dirisang fano le kaya ‘go ithapisa jaaka mojiminasi’ mme tota le kaya go ikatisa. Gompieno go na le metshameko e le mentsi—e e jaaka go palama dibaesekele, go tshematshema, go tshameka tenese, beisebolo, kgwele ya maoto le volleyball, le e mengwe—e o ka e itumelelang mme gape e go sidila mmele.
Mme gone, a seno se raya gore ga o tlhoke go nna kelotlhoko? Akanya ka kgang e go buiwang ka yone mo temaneng e e nopotsweng fa godimo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Timotheo yo mosha o ne a re: “Go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye; mme boineelo jwa bomodimo bo tswela mosola mo dilong tsotlhe, e re ka bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” Mafoko ano a ga Paulo a re gakolola gore ka metlha go itumedisa Modimo go tshwanetse ga tla pele mo botshelong jwa rona. O ka bontsha gore boineelo jwa bomodimo ke selo se se tlang pele—tota le fa o tlhopha motshameko—ka go ipotsa dipotso tseno tse tharo:
1. Motshameko ono o ka nna kotsi go le kana kang? O se ka wa reetsa magatwe fela kgotsa se basha ba bangwe ba ba ratang motshameko oo ba se buang. Batlisisa ka one. Ka sekai, batlisisa dilo tse di latelang: Ke batho ba le kae ba ba gobalang mo motshamekong ono? Go dirwa eng go tlhomamisa gore batshameki ba sireletsegile? Gore o sireletsege o tshwanetse go bona thapiso efe le go nna le didirisiwa dife? Le fa gone motshameko mongwe le mongwe o ka nna le dikotsi, a boikaelelo bogolo jwa motshameko ono ke go bontsha gore batshameki ga ba tshabe go gobala kgotsa go swa?
Botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong, mme Molao o Modimo a neng a o naya Baiseraele o ne o laela gore motho a otlhaiwe fa a ka bolaya yo mongwe ka kotsi. (Ekesodo 21:29; Dipalo 35:22-25) Batho ba Modimo ba ne ba kgothalediwa go tsaya matsapa go tila dikotsi. (Duteronome 22:8) Gompieno Bakeresete le bone ba na le boikarabelo jwa go bontsha gore ba tlotla botshelo.
2. A motshameko ono o ka se dire gore ke nne le ditsala tse di sa siamang? Fa o na le bokgoni mo motshamekong, balekane ba gago kgotsa barutisi ba ka nna ba go gatelela gore o ikwadise mo setlhopheng sa sekolo. O ka nna wa ikutlwa o rata thata go dira jalo. Mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Mark a re: “Ke utlwisiwa botlhoko ke go bo batsadi ba me ba sa batle ke ikwadisa mo setlhopeng sa sekolo.” Mme gone, go na le go leka go fora batsadi ba gago gore ba go letle go dira jalo, akanyetsa dilo tse di latelang: Gantsi dinako tsa go ikatisa le tsa metshameko di nna morago ga nako ya sekolo. Fa o na le bokgoni, o tla kgothalediwa gore o dirise nako e ntsi mo metshamekong. Fa o sa dira sentle o tla ikutlwa o patelesega go oketsa nako ya go ikatisa. Mo godimo ga moo, gantsi batshameki ba ba mo setlhopheng se le sengwe ba nna ditsala tse dikgolo fa ba ntse ba ipelela mmogo phenyo ya bone kgotsa khutsafalo fa ba fentswe.
Jaanong ipotse: ‘A go fetsa nako mo motshamekong o o ka dirang gore ke tsalane thata le basha ba ba sa tsheleng ka melao ya Baebele go tla ntlhotlheletsa ka tsela e e molemo?’ (1 Bakorintha 15:33) ‘Ke ikaeletse go intsha setlhabelo go le kana kang e le fela gore ke kgone go tshamekela setlhopha se se rileng?’
3. Motshameko ono o tla ntlhoka nako le madi a a kana kang? Baebele e re laela gore re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) Gore o kgone go dirisa kgakololo eno, ipotse jaana: ‘A go tshameka motshameko ono go tla ja nako e ke e beetseng go dira tiro ya sekolo le go direla Modimo? Motshameko ono o tla ntlhoka bokae? A ke tla kgona go ntsha madi ao?’ Go araba dipotso tseno go tla go thusa go lemoga gore ke dilo dife tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go tla pele.
● Dithulaganyo tsotlhe tsa thelebishene le difilimi di na le tlhotlheletso e e sa siamang.
Maaka. Baebele e laela Bakeresete go ‘ngangatlela se se molemo’ le go ‘ithiba mo boikepong jwa mofuta mongwe le mongwe.’ (1 Bathesalonika 5:21, 22) Ga se dithulaganyo tsa thelebishene le difilimi tsotlhe tse di thulanang le molao ono.a
Ke boammaaruri gore go ya go leba filimi le ditsala tsa gago e ka nna nako e e monate. Mosetsana mongwe wa Afrika Borwa yo o bidiwang Leigh a re: “Fa ke batla go bona filimi nngwe ke founela mongwe wa ditsala tsa me, go tswa foo re itsise ditsala tse dingwe tsa rona.” Gantsi setlhopha seno se leba filimi e e sa tshamekeng bosigo. Morago ga moo, batsadi ba bone ba tla go ba tsaya, mme ba bo ba tsamaya mmogo go ya go ja kwa resetšhurenteng.
Difilimi le thelebishene e ka tswa e le dilo tsa segompieno, mme tota ke tsela e ntšha ya go tsweletsa pele mokgwa wa bogologolo wa go tlotla dikgang. Jesu e ne e le setswerere mo go tlotleng dikgang ka tsela e e amang batho pelo. Ka sekai, setshwantsho sa gagwe sa Mosamarea yo o molemo se ama motho pelo e bile se na le dithuto tse di molemo tse di rutang bopelotlhomogi.—Luke 10:29-37.
Badiri ba difilimi ba segompieno le bone ba ruta batho dithuto tse di tlhotlheletsang tsela e ba itshwarang ka yone. Ba leka go dira gore batho ba rate batshameki ba ba tlhagang mo filiming—tota le fa mogaka yoo e le sekebekwa kgotsa a le setlhogo e bile a gatelela ba bangwe. Fa o se kelotlhoko, o ka nna wa iphitlhela o setse o rata motho yoo mme o tla o mpampetsa boitshwaro jwa gagwe jo bo sa siamang kgotsa dilo tse a di dirang tse di setlhogo. O ka dira eng gore o se ka wa wela mo seraing seno?
Fa o tlhopha filimi kgotsa thulaganyo ya thelebishene, ipotse jaana: ‘A thulaganyo eno e tla nkgothaletsa go nna pelotlhomogi ka bonolo?’ (Baefeso 4:32) ‘Kgotsa a e tla ntlhotlheletsa go itumelela matlhotlhapelo a motho yo mongwe?’ (Diane 17:5) ‘A e tla dira gore go nne thata gore ke “[tlhoe] se se bosula”?’ (Pesalema 97:10) ‘A tota ke tla bo ke sa ikamanye le “badirabosula”?’—Pesalema 26:4, 5.
Dithulaganyo tsa go buelela difilimi le go di bapatsa di ka go thusa go bona gore filimi e e rileng e na le molaetsa ofe. Mme gone o se ka wa itlhaganelela go “dumela lefoko lengwe le lengwe.” (Diane 14:15) Ka ntlha yang? Thulaganyo e e buelelang filimi e bontsha fela se motho yo mongwe a se akanyang. Papatso yone e ka loba ka boomo dilo tse di sa siamang tse di tlhagang mo filiming. Mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Connie a re: “Ke lemogile gore go itse gore batshameki ba konokono ba filimi ke bomang, go ka go thusa go itse gore go tla bontshiwa eng mo filiming eo.”
Balekane ba gago ba Bakeresete ba le bone ba tlotlang melao ya Baebele ba ka tswa ba itse fa filimi nngwe e sa siama. Mme se lebale gore, gantsi batho ba tla go bolelela fela se ba se ratileng ka filimi nngwe. Ke eng o sa botse gore ke eng se se sa siamang ka yone? Batlisisa dilo tsotlhe. Ka sekai, botsa gore a go na le mo e tlhagisang thubakanyo, thobalano kgotsa bodimona teng. Batsadi le bone ba ka go naya kgakololo e e molemo. Vanessa yo mmotlana a re: “Ke tle ke botse batsadi ba me ka gone. Fa ba re e siame ke gone ke yang go e leba.”
O se ka wa tlhaetsa matlho kgang ya go tlhopha filimi kgotsa thulaganyo ya thelebishene. Ka ntlha yang? Ka gonne boitlosobodutu jo o bo tlhophang bo senola se se mo pelong ya gago le gore ke dilo dife tse o di tsayang di le botlhokwa thata. (Luke 6:45) Se o se tlhophang se bontsha gore o rata go tsalana le batho ba mofuta ofe, mokgwa wa go bua o o o ratang le tsela e o lebang boitsholo ka yone. Ka jalo se lebe sengwe le sengwe fela!
● Mefuta yotlhe ya go tantsha e phoso.
Maaka. Fa Baiseraele ba se na go kgabaganya Lewatle le Lehibidu ba falotse masole a Egepeto, Miriame o ne a etelela pele basadi ba ba neng ba tantsha ba itumeletse phenyo. (Ekesodo 15:20) Gape le mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa sesenyi, batho ba ba neng ba itumeletse go boa ga gagwe ba ne ba keteka ka “konsarata ya mmino le go bina.”—Luke 15:25.
Le gompieno go ntse fela jalo. Mo ditsong di le dintsi go tantsha go itumelelwa ke basha le bagolo fa ba losika le ditsala ba kopane. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go nna kelotlhoko. Le fa gone Baebele e sa kgale dikokoano tse di nang le seriti, e kgala “mediro ya ditlhapelo” kgotsa “diphathi tse di modumo.” (Bagalatia 5:19-21; Byington) Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “A bo go latlhega ba ba tsogang go sa le phakela gore ba senke bojalwa jo bo tagang, ba ba nnelang go diega go fitlha lefifi la maitseboa mo ba fisiwang ke beine! Mme go tla nna le harepa le seletswa sa megala, moropana le folutu, le beine kwa medirong ya bone; mme ga ba lebe tiro ya ga Jehofa.”—Isaia 5:11, 12.
Gantsi mo dikokoanong tse di ntseng jalo go ne go na le “bojalwa jo bo tagang” le mmino o o leswe. Di ne di simolola go sa le motshegare di bo di fela bosigo. Gape ela tlhoko gore matagwa a ne a itshwara jang—ba ne ba dira e kete Modimo ga a yo! Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Modimo a ne a kgala dikokoano tseo.
Fa o laleditswe kwa phathing e go tla bong go tantshiwa kwa go yone, ipotse dipotso tse di jaaka: ‘Go tla bo go na le bomang? Ba itsege e le batho ba ba ntseng jang? Mong wa phathi eo ke mang? Ke mang yo o tla bong a beile dilo leitlho? A batsadi ba me ba ntetla go ya kwa phathing eo? Go tla bo go tantshiwa ka tsela efe?’ Ditantshe di le dintsi di diretswe go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo. A go nna le seabe kgotsa go leba fela ditantshe tse di ntseng jalo go tla nthusa go ‘tshaba kgokafalo’?—1 Bakorintha 6:18.
Go tweng fa o laleditswe kwa mafelong a ditantshe tsa bosigo? Akanya ka se se neng sa buiwa ke mosha mongwe yo o bidiwang Shawn yo pele ga a nna Mokeresete a neng a tlhola a ya kwa mafelong a go tantsha. A re: “Gantsi mmino le ditantshe tsa teng di leswe mme le batho ba ba tlang koo ba tla ka maikaelelo a a sa siamang.” Shawn a re boikaelelo jwa bone ke gore fa ba tloga koo ba tla tswa le mongwe yo ba tla tlhakanelang dikobo le ene. Fa Shawn a sena go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa o ne a fetoga. Gone jaanong o ikutlwa jang ka mafelo ano? A re: “Ga a siamela Bakeresete.”
Ke Eng fa o Tshwanetse go Nna o Ntshitse Matlho Dinameng?
O akanya gore lesole le ka tlhaselwa motlhofo leng—fa le le mo lebaleng la ntwa kgotsa le iketlile le ditsala? Boammaaruri ke gore, go motlhofo gore le tlhaselwe fa le iketlile le beile dibetsa fa fatshe. Le wena fa o le kwa sekolong kgotsa kwa tirong o leka ka natla go tshela ka melao ya Baebele. O nna o ntshitse matlho dinameng. Ke fa o iketlile le ditsala mo go ka nnang motlhofo gore o tlole melao ya Dikwalo.
Balekane bangwe ba gago ba ka go ja ditshego ka go bo o dirisa melao ya Baebele ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo mo kgannyeng ya go itapolosa. Tota o ka nna wa gatelelwa le ke basha ba batsadi ba bone e leng Bakeresete. Mme gone, basha bano ba setse ba babotse digakolodi tsa bone. (1 Timotheo 4:2) Ba ka nna ba re ga o na tekatekano e bile o itira mosiami. Le fa go ntse jalo, go na le go ineelela kgatelelo ya balekane ‘nna le segakolodi se se siameng.’—1 Petere 3:16.
Selo sa botlhokwa ke gore Jehofa o akanya eng ka wena e seng gore balekane ba gago ba akanya eng! Mme fa ditsala tsa gago di go pateletsa gore o itlhokomolose segakolodi sa gago, senka ditsala tse disha. (Diane 13:20) Se lebale gore, ke wena o tshwanetseng go laola tsela e o itshwarang ka yone—tota le ka nako ya go itapolosa.—Diane 4:23.
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 37
Ditshwantsho tse di hepisang di aname thata e bile di bonwa motlhofo go feta pele. O ka tila serai seno jang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo ya 1, kgaolo 36.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Ipele wena lekau, mo bosheng jwa gago, . . . o tsamaye mo ditseleng tsa pelo ya gago le mo dilong tse di bonwang ke matlho a gago. Mme o itse gore Modimo wa boammaaruri o tla go tlisa katlholong ka ntlha ya tseno tsotlhe.”—Moreri 11:9.
KAKANTSHO
Kopa batsadi ba gago gore a ba ka rata go dira thulaganyo ya gore mo kgweding nngwe le nngwe lo nne le nako ya go tima thelebishene mme lo itapolose mmogo lo le lelapa.
A O NE O ITSE GORE . . ?
Baiseraele ba ne ba tsaya mmino le go tantsha e le dilo tsa botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri.—Pesalema 150:4.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke kopiwa go tsenela metshameko ya morago ga sekolo, ke tla re
Fa filimi e ke e lebileng le ditsala tsa me e sa siama, ke tla
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore
O AKANYANG?
● Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go tila metshameko e e kotsi? ․․․․
● O ka lemoga ka eng gore filimi ga e a siama? ․․․․
● O ne o ka re tsela e e sa siamang ya go tantsha ke efe? ․․․․
[Mafoko a a mo go tsebe 269]
“Ke rata go tantsha mme ke ithutile botlhokwa jwa go reetsa kgakololo ya batsadi ba me. Ga ke letle gore go tantsha e nne gone go tlang pele mo botshelong jwa me.’’—Tina
[Setshwantsho mo go tsebe 268]
Lesole le ka tlhaselwa motlhofo fa le iketlile le beile dibetsa fa fatshe—le wena go ka nna motlhofo gore o tlhokomologe melao ya Baebele fa o iketlile