Kgaolo 22
Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
Umaka mengwe ya melao ya lelapa la lona. ․․․․․
A o akanya gore ka metlha melao e o e beelwang e siame?
□ Ee □ Nnyaa
Ke molao ofe o o fitlhelang go le thata go o ikobela? ․․․․․
GANTSI melao ya mo lapeng ke melao e batsadi ba go beelang yone, ya se o tshwanetseng go se dira le se o sa tshwanelang go se dira. Melao eo e ka akaretsa ditaelo tse o di newang kaga tiro ya sekolo, ditiro tsa mo lapeng, nako e o tshwanetseng wa bo o le mo gae ka yone, le dithibelo tse o di beelwang tsa go dirisa founo, go leba thelebishene le go dirisa khomputara. Melao mengwe e ka nna ya se ka ya felela fela mo lapeng mme e ka nna ya akaretsa le gore o itshware jang kwa sekolong le gore o tsalane le bomang.
A o ikutlwa o bofilwe ka melao eno e mentsintsi? Gongwe o ka tswa o ikutlwa jaaka basha ba ba latelang:
“Ke ne ke betisiwa pelo ke go beelwa nako e ke tshwanetseng ka bo ke le mo gae ka yone! Ke ne ke tenwa ke gore bana ba bangwe bone ba ne ba letlwa go tla gae bosigo.”—Allen.
“Go a tena go nna o bodiwa gore o founelwa ke bomang. Ke ikutlwa e kete ke tshwerwe jaaka ngwana!”—Elizabeth.
“Ke ne ke ikutlwa e kete batsadi ba me ba ntshulafaletsa botshelo, ke na le maikutlo a gore ga ba batle go bona ke na le ditsala!”—Nicole.
Le fa gantsi basha bangwe ba tle ba tlole melao ya batsadi, bontsi jwa bone ba a dumela gore melao e a tlhokega gore go se ka ga nna le tlhakatlhakano mo lapeng. Mme fa e le gore melao ya mo lapeng e a tlhokega, ke eng fa mengwe ya yone e tena jaana?
“Ga ke Tlhole ke le Ngwana!”
Gongwe o betisiwa pelo ke go beelwa melao ka gonne o ikutlwa e kete o dirwa ngwana. O ikutlwa e kete o ka goa o re, “Ga ke tlhole ke le ngwana!” Mme gone, batsadi ba gago ba ka tswa ba bona go le botlhokwa gore ba go beele melao go go sireletsa le go go baakanyetsa maikarabelo a o tla lebanang le one fa o godile.
Le fa go ntse jalo, o ka bona e kete melao ya mo lapeng e sa ntse e go dira ngwana le mororo o setse “o godile.” O ka nna wa ikutlwa o bofeletswe ka melao e mentsintsi jaaka mosha mongwe yo o bidiwang Brielle, yo o neng a bua jaana ka batsadi ba gagwe: “Ba lebetse gotlhelele gore go ne go ntse jang fa ba ne ba lekana le nna. Ga ba batle go utlwa maikutlo a me, ga ba batle ke itirela ditshwetso e bile ga ba batle ke gola.” Mosha mongwe yo o bidiwang Allison le ene o ikutlwa ka tsela eo. A re: “E kete batsadi ba me ga ba lemoge gore jaanong ke na le dingwaga di le 18, e seng di le 10. Ba tshwanetse go ntshepa!”
Go ka nna ga nna thata le go feta go ikobela melao ya mo lapeng fa go lebega e kete bomonnao bone ga ba a gagamalediwa seatla jaaka wena. Ka sekai, fa lekawana lengwe le le bidiwang Matthew le gopola dingwaga tsa lone tsa bolesome le bua jaana ka kgaitsadialone le bontsalae: “Ba ne ba ka dira sengwe le sengwe fela se ba se batlang!”
A go Ka Nna Monate Fa o Sa Beelwa Melao?
Go a utlwala go bo o ka itumelela go ipona fela o dule mo taolong ya batsadi ba gago. Mme gone, a botshelo bo ne bo tla nna monate fa o sa beelwa melao? O tshwanetse wa bo o itse basha bangwe ba dingwaga tsa gago ba ba letlwang go tla gae bosigo, go apara se ba se batlang, le go tsamaya le ditsala tsa bone nako nngwe le nngwe le go ya gongwe le gongwe fela kwa ba batlang go ya gone. Gongwe batsadi ba bone ba tshwaregile thata mo ba sa lemogeng se bana ba bone ba se dirang. Mme gone le fa mabaka e ka tswa e le afe, Baebele yone ya re fa batsadi ba godisa bana ka tsela eo, ga ba na go atlega. (Diane 29:15) Lebaka la go bo go sena lorato jaana mo lefatsheng, ke ka go bo go na le batho ba ba bogagapa ba bontsi jwa bone ba goletseng mo malapeng a go neng go itirelwa maratwaepelo.—2 Timotheo 3:1-5.
Go na le go tswela pelo basha ba ba letlelelwang go dira jaaka ba rata, leka go leba melao e batsadi ba gago ba go beelang yone e le bosupi jwa gore ba a go rata le go go kgathalela. Ka go go beela melao eo e e tlhokegang, ba a bo ba etsa Jehofa Modimo yo o neng a raya batho ba gagwe a re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”—Pesalema 32:8.
Mme gone ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa o imelwa ke melao e batsadi ba go beelang yone. O ka dira eng gore o se ka wa ikutlwa e go imela?
Puisano e e Thusang
E ka ne o batla go newa kgololesego e e oketsegileng kana o batla go fokotsa go betisiwa pelo ke melao e batsadi ba go beelang yone, tsela e e siameng ya go dira seo ke go buisana le bone sentle. Bangwe ba ka nna ba re: ‘Mme gone ke lekile go bua le batsadi ba me mme seo ga se thuse sepe!’ Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, ipotse, ‘A nka tokafatsa tsela e ke buisanang le bone ka yone?’ Puisano ke sedirisiwa sa botlhokwa se se ka (1) thusang gore ba bangwe ba go tlhaloganye kana (2) go thusang go tlhaloganya gore ke eng fa o sa newe se o se batlang. Ke boammaaruri, fa o batla go tshwarwa jaaka motho yo motona, o tshwanetse wa ithuta go bua ka tsela e e tshwanetseng. O ka dira seo jang?
Ithute go laola maikutlo a gago. Puisano e e molemo e tlhoka boikgapo. Baebele ya re: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.” (Diane 29:11) Ka jalo, tlogela go ngongorega, go ngala le go dira dilo tsa bongwana. Mme gone o ka nna wa ikutlwa e kete o ka thubaganya kgoro kgotsa wa nnela go goga dinao mo tlung fa batsadi ba go ganela go dira sengwe. Le fa go ntse jalo, go dira jalo go tla dira gore o okelediwe melao—e seng gore o newe kgololesego.
Leka go leba dilo ka tsela e batsadi ba gago ba di lebang ka yone. Mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Tracy, yo o golelang mo lelapeng la motsadi a le mongwe a re: “Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore, ‘Ke eng se mmè a lekang go nthuta sone ka melao eno ya gagwe?’” Tracy o ne a lemoga eng? “O leka go nthusa go nna motho yo o botoka.” (Diane 3:1, 2) Fa o tlhaloganya maitlhomo a batsadi ba gago, seo se ka nna sa go thusa gore o buisane le bone ka tsela e e molemo.
Ka sekai, a re re batsadi ba gago ga ba batle gore o ye kwa kokoanong nngwe. Go na le gore o ngangisane le bone, o ka nna wa ba botsa gore, “A lo ne lo tla ntetla go ya fa nka tsamaya le tsala e e godileng e bile e ikanyega?” Ba ka nna ba se ka ba dumela le fa o sena go bua jalo. Mme fa o tlhaloganya gore ba tshwenyegile ka eng, o ka nna wa kgona go akantsha sengwe se ba tla dumalanang le sone.
Dira gore batsadi ba gago ba go tshepe. Akanya ka monna yo o kolotang banka madi. Fa a duela ka metlha, banka e tla mo tshepa mme mo isagweng a ka nna a adimiwa madi gape. Go ntse fela jalo le kwa lapeng. O tshwanetse go utlwa batsadi. Fa o ikanyega—tota le mo dilong tse dinnye—batsadi ba gago ba ka nna ba go tshepa thata le mo isagweng. Mme gone fa o nnela go swabisa batsadi ba gago, o se ka wa gakgamala fa ba fokotsa tsela e ba go tshepang ka yone kana ba sa tlhole ba go tshepa.
Fa o Tlodile Molao
Letsatsi lengwe o tla tlola molao—wa se ka wa dira ditiro tsa gago tsa mo lapeng, wa bua lobaka lo loleele mo founong kgotsa wa tla gae morago ga nako e o e beetsweng. (Pesalema 130:3) O tla tshwanelwa ke go tlhalosetsa batsadi lebaka la go bo o dirile jalo! O ka dira eng gore o se ka wa gakatsa dilo?
Bua boammaaruri. O se ka wa leka go bua maaka. Fa o aka, o tla dira gore batsadi ba se tlhole ba go tshepa. Ka jalo, bua boammaaruri o sa lobe sepe. (Diane 28:13) O se ka wa leka go iphemela kgotsa go nyenyefatsa se o se dirileng. Mme ka metlha se lebale gore “karabo fa e le bonolo e faposa bogale.”—Diane 15:1.
Kopa maitshwarelo. Go molemo go bontsha gore o ikwatlhaela go bo o dirile gore ba tshwenyege, ba swabe le go ba bakela tiro e ntsi mme seo se ka fokotsa kwatlhao e ba go nayang yone. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go ikwatlhaya go tswa pelong.
Amogela diphelelo tsa se o se dirileng. (Bagalatia 6:7) O ka nna wa se ka wa dumalana le kotlhao e o e newang, segolobogolo fa o akanya gore ga wa dira sepe se o tshwanetseng go se otlhaelwa. Mme gone, go amogela diphelelo tsa se o se dirileng go bontsha gore o a gola. Gongwe se o ka se dirang fela ke go lwela gore batsadi ba gago ba boe ba go tshepe.
Kwala fano gore ke efe ya dikakantsho tseno tse tharo tse di fa godimo e o tlhokang go tokafatsa thata mo go yone.
Se lebale gore batsadi ba gago ba na le maikarabelo a a rileng a go go beela melao. Ke gone ka moo Baebele e buang ka “taelo ya ga rrago,” le “molao wa ga mmago.” (Diane 6:20) Mme gone ga o a tshwanela go nna le maikutlo a gore melao e o e beelwang e tlile go go sulafaletsa botshelo. Go na le moo, fa o ikobela batsadi ba gago, Jehofa o solofetsa gore mo isagweng ‘dilo di tla go tsamaela sentle’!—Baefeso 6:1-3.
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 3
A mongwe wa batsadi ba gago o lemaletse bojalwa kgotsa diokobatsi? Bona gore o ka itshokela jang seemo seo.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Tlotla rrago le mmago . . . gore dilo di go tsamaele sentle.”—Baefeso 6:2, 3.
KAKANTSHO
Fa o batla gore batsadi ba gago ba go neye kgololesego e e oketsegileng, o se ka wa nna o tlola melao e ba go beetseng yone. Fa ba go tsaya o le ngwana yo o kutlo, ba ka nna ba go naya kgololesego e e oketsegileng.
A O NE O ITSE GORE . . .?
Dipatlisiso di bontsha gore basha ba batsadi ba bone ba ba beelang melao le go tlhomamisa gore ba a e latela, ba dira sentle mo dithutong tsa bone, ba dirisana sentle le batho e bile ba itumetse.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke tlola molao wa mo lapeng, ke tla re ․․․․․
Nka dira gore batsadi ba me ba ntshepe ka go ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa ka dinako tse dingwe go ka bonala batsadi ba go beela melao e mentsi?
● Ke eng fa ka dinako tse dingwe o galefisiwa ke melao e o e beelwang?
● O ka tokafatsa jang tsela e o buisanang le batsadi ba gago ka yone?
[Mafoko a a mo go tsebe 183]
“Fa o sa ntse o le mosha o akanya gore o itse sengwe le sengwe. Ka jalo, go ka nna motlhofo gore o galefele batsadi ba gago fa ba go kgalema. Mme gone, ba go beela melao eo gore o solegelwe molemo.’’—Megan
[Lebokoso mo go tsebe 186]
A Ruriruri Ra a Go Kgetholola?
A o kile wa ipotsa gore, ‘Ke eng fa batsadi ba sa lo tshware ka tsela e e tshwanang?’ Fa go le jalo, akanyetsa seno: Ga se ka metlha go ka kgonegang gore batsadi ba lo tshware ka tsela e e tshwanang. Gongwe se o tshwanetseng go ipotsa sone ke gore, A ke a tlhokomologiwa? Ka sekai, fa o tlhoka kgakololo, thuso kgotsa kemonokeng ya batsadi, a ba go naya yone? Fa e le gore ba go naya yone, a tota gone o ka re ga ba go tshware sentle? E re ka wena le bomonnao le bomogoloo lo sa tshwane, ga go kgonege gore batsadi ba lona ba lo tshware lotlhe fela ka tsela e e tshwanang. Ke se kgabagare Beth a neng a se lemoga. Gone jaanong o na le dingwaga di le 18 mme a re: “Nna le kgaitsadiake re farologana tota, mme re tlhoka go tshwarwa ka tsela e e sa tshwaneng. Ga ke dumele gore fa ke ne ke sa ntse ke le monnye ke ne ke sa kgone go lemoga seo.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 189]
Tsebe ya go Kwalela Dintlha
Bua le Batsadi ba Gago!
Dikgaolo tse pedi tse di fetileng di tlhalositse gore o tshwanetse go itshwara jang fa o tshwaiwa diphoso le fa o beelwa melao mo lapeng. Go tweng fa o na le maikutlo a gore batsadi ba gago ba gagamatsa dilo thata mo go nngwe ya dilo tseno kana mo go tsone tsotlhe? O ka phunya kgang eno jang?
● Tlhopha go bua le batsadi ba gago ka nako e o ritibetseng maikutlo ka yone mme le bone ba sa tshwarega thata.
● Bua go tswa pelong, mme gone o se ka wa itetla go tseega maikutlo. Bua le batsadi ka tsela e e bontshang go ba tlotla.
Fa o akanya gore batsadi ba gago ba go tshwayatshwaya diphoso thata, o ka nna wa re: “Ke leka ka natla go dira se se siameng, mme go nkutlwisa botlhoko fa ke bona e kete ke tshwaiwa diphoso mo go sengwe le sengwe. A re ka tlotla ka gone?”
Kwala fa tlase fano gore o tla simolola motlotlo jang fa o bua le batsadi ba gago ka kgang eno.
․․․․․
✔KAKANTSHO: Dirisa Kgaolo 21 go phunya kgang. Gongwe batsadi ba gago ba ka dumela gore lo tlotle ka dintlha tse di mo kgaolong eo.
Fa o akanya gore batsadi ba gago ga ba go neye kgololesego e e lekaneng, o ka nna wa re: “Ke tla rata go itshupa gore ke na le maikarabelo gore fa go ntse go ya lo nneye kgololesego e e oketsegileng. Lo akanya gore nka tokafatsa fa kae?”
Kwala fa tlase fano gore o tla simolola motlotlo jang fa o bua le batsadi ba gago ka kgang eno.
․․․․․
✔KAKANTSHO: Bala Kgaolo 3 mo Bolumong ya 1. Go tswa foo itirele lenaane la dipotso tse o ka tswang o na le tsone ka se o se balang.
[Setshwantsho mo go tsebe 184, 185]
Go ikobela melao ya batsadi go tshwana le go duela sekoloto sa banka—fa o se duela ka boikanyegi, o tla oketsa tshono ya go adimiwa madi gape