LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ke Eng se se Kotsi ka go Intsha le Mongwe mo Sephiring?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
    • Kgaolo 2

      Ke Eng se se Kotsi ka go Intsha le Mongwe mo Sephiring?

      Jessica o ne a iphitlhela a le mo dipharagobeng. Go simologile fa Jeremy yo a leng mo tlelaseng e le nngwe le ene a simolola go mo kgatlhegela. A re: “O ne a le montle tota, le ditsala tsa me di ne di re ke mosimane yo o siameng go gaisa botlhe ba nka kopanang le bone. Basetsana ba le mmalwa ba ile ba leka go ratana le ene, mme o ne a sa ba kgatlhegele. O ne a rata nna fela.”

      Go ise go ye kae, ke fa Jeremy a kopa Jessica gore a intshe le ene. Jessica o ne a mo tlhalosetsa gore e re ka e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ka se letlwe go intsha le mongwe yo e seng wa bodumedi jwa gagwe. A re: “Jeremy o ne a tla ka leano. O ile a re, ‘Ke eng fa re sa intshe fela batsadi ba gago ba sa itse?’”

      FA MONGWE yo o mo kgatlhegelang a tla ka kakantsho eo o ne o ka reng? O ka gakgamala go itse gore Jessica o ne a dumalana le leano la ga Jeremy. A re: “Ke ne ka ipolelela gore fa nka intsha le ene, ke ne nka mo ruta gore a rate Jehofa.” Go ne ga direga eng? Re tla utlwa moragonyana. Mma pele re bone kafa bangwe ba welang ka gone mo seraing sa go intsha le mongwe mo sephiring.

      Lebaka La go Bo ba Go Dira

      Ke eng fa bangwe ba intsha le mongwe mo sephiring? Lekawana lengwe le le bidiwang David le tlhalosa jaana ka bokhutshwane: “Ba a itse gore batsadi ba bone ga ba na go ba letla, ka jalo ba a ba lobela.” Jane o tlhalosa sengwe gape se se ka diregang. A re: “Go intsha le mongwe mo sephiring ke go tsuologa. Fa o ikutlwa e kete o sa ntse o tsewa jaaka ngwana, o ipolelela gore o tla dira se o se batlang mme o sa bolelele batsadi ba gago.”

      A o ka akanya ka mabaka a mangwe a a ka dirang gore bangwe ba raelesege go intsha le mongwe mo sephiring? Fa go ntse jalo, a kwale fa tlase fano.

      ․․․․․

      Ke boammaaruri gore, o a itse gore Baebele e go laela gore o ikobele batsadi ba gago. (Baefeso 6:1) Mme fa batsadi ba gago ba sa go letle go intsha, ba a bo ba na le mabaka a a utlwalang. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa iphitlhela o akanya jaana:

      ● Ke ikutlwa ke saletse kwa morago ka gonne mongwe le mongwe o na le motho yo a intshang le ene, ke nna fela ke se nang ene.

      ● Ke kgatlhegela mongwe yo e seng wa bodumedi jwa me.

      ● Nka rata go intsha le Mokeresete ka nna, le fa gone ke sa ntse ke le monnye go ka tsena mo lenyalong.

      O ka tswa o itse gore batsadi ba gago ba tla reng ka mafoko a a fa godimo. Mme mo pelong o a itse gore ba nepile. Le fa go ntse jalo, gongwe o ikutlwa jaaka mosetsana yo o bidiwang Manami, yo o reng: “Kgatelelo ya go intsha le mongwe e maatla thata mo ka dinako dingwe ke ipotsang gore a tota ke tsere tshwetso e e siameng. Gompieno basha ba tsaya gore ga go kgonege gore ba ka nna fela ba sa intshe le mongwe. Mme gape, ga go monate go nna fela o le nosi!” Basha bangwe ba ba leng mo seemong seo ba ile ba simolola go intsha le mongwe mme ba lobela batsadi ba bone. Jang?

      “Ba ne Ba re E Nne Khupamarama”

      Mafoko a a reng “go intsha mo sephiring” ka tsela nngwe a ka raya gore o tla tshwanelwa ke go nna o bua maaka gore o kgone go tswelela o intsha mo sephiring. Bangwe ba ratana mo sephiring ka founo kgotsa ka Internet. Fa ba le mo bathong ke ditsala fela mme melaetsa e ba e romelelanang ka khomputara, ka founo ya selula le dilo tse ba di buang ka founo di bontsha gore ba a ratana.

      Leano le lengwe la boferefere le bangwe ba le dirisang ke la go intsha ba le setlhopha mme moragonyana mongwe le mongwe a bo a itlhaola le motho wa gagwe. James a re: “Nako nngwe re ne ra lalediwa re le setlhopha go kopana kwa lefelong lengwe, mme ke ne ka lemoga moragonyana gore seno sotlhe e ne e le leano fela la gore bobedi bongwe bo intshe mmogo. Ba ne ba re e nne khupamarama.”

      Jaaka James a bontshitse, gantsi basha ba ba intshang mo sephiring ba thusiwa ke ditsala go dira jalo. Carol a re: “Gantsi go a bo go na le tsala nngwe e e itseng ka seo mme e bo e sa bue sepe ka go bo e sa batle go rothisa mmutla madi.” Ka dinako dingwe seno se akaretsa go se ikanyege mo go feteletseng. Beth wa dingwaga di le 17 a re: “Ba le bantsi ba tswelela ba intsha mo sephiring ka go lobela batsadi ba bone kwa ba yang teng.” Misaki wa dingwaga di le 19 le ene o ne a dira sone seo. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go tla ka maanonyana gore ba se ka ba lemoga. Mme gone ke ne ke le kelotlhoko gore ke se ka ka bua maaka ape a mangwe kwantle ga a a amanang le go intsha ga me gore batsadi ba me ba tswelele ba ntshepa.”

      Dikotsi Tsa go Intsha mo Sephiring

      Fa e le gore o akanyetsa go intsha mo sephiring—kgotsa o setse o go dira—o tshwanetse go ipotsa dipotso tse pedi tse di latelang:

      Selo seno se ke se dirang se tla felela kae? A o ikaeletse go nyalana le motho yoo mo bogautshwaneng? Evan wa dingwaga di le 20 a re: “Go intsha lo sa ikaelela go nyalana go tshwana le go phasalatsa selo se o sa ikaelelang go se rekisa.” Seo se ka felela ka eng? Diane 13:12 ya re: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” A tota o batla go bobodisa pelo ya mongwe yo o mo ratang? Tlhagiso e nngwe: Go intsha mo sephiring go tla go amoga kgakololo e e lorato e batsadi ba gago le bagolo ba bangwe ba ba go ratang ba neng ba ka go naya yone. Fa o dira jalo, o ipaya mo kotsing ya go wela mo seraing sa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Bagalatia 6:7.

      Jehofa Modimo o ikutlwa jang ka se ke se dirang? Baebele ya re: “Dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Ka jalo, fa e le gore o fitlha go intsha ga gago le mongwe—kgotsa ga tsala ya gago—Jehofa o setse a itse ka gone. Fa e le gore seo se ntse se akaretsa gore o bue maaka, ruri o na le lebaka le le utlwalang la go tshwenyega ka gone. Jehofa Modimo o tlhoile maaka. Ee ruri, “loleme lo lo maaka” ke sengwe sa dilo tse di tlhalosiwang mo Baebeleng tse a di ilang!—Diane 6:16-19.

      Go Fedisa Sephiri

      Ruri o tla bo o dira sentle fa o ka bolelela batsadi ba gago kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng gore o intsha le mongwe mo sephiring. Mme fa e le gore tsala ya gago e intsha le mongwe mo sephiring, o se ka wa thusana le ene go bipa sephiri seo. (1 Timotheo 5:22) Akanya fela gore o tla ikutlwa jang fa thatano eo e ka felela ka mathata! A o ne o tla bo o se molato ka tsela nngwe?

      Ka sekai: A re re tsala nngwe ya gago e na le bolwetse jwa sukiri mme e ja dilo tse di botshe mo sephiring. O ne o tla dira eng fa o ka lemoga seno, mme tsala ya gago e bo e go kopa gore o se ka wa bolelela ope? Ke eng se o neng o tla amega thata ka sone—go fitlha se tsala ya gago e se dirang kgotsa go tsaya kgato e e ka namolang botshelo jwa gagwe?

      Go ntse fela jalo fa o itse gore mongwe yo o mo itseng o intsha le mongwe mo sephiring. O se ka wa tshwenngwa ke gore botsala jwa lona bo ka nna jwa senyegela ruri. Fa e le gore ke tsala ya boammaaruri, fa go ntse go ya o tla lemoga gore tota o ne o batla go mo thusa.—Pesalema 141:5.

      A ke Sephiri Kgotsa ke Fela Gore ga lo Ise lo Batle go Itsege?

      Ke boammaaruri gore, ga se gore ka dinako tsotlhe fa batho ba intsha mo sephiring ba a bo ba dira seo gonne ba batla go tsietsa. Ka sekai, gongwe lekau le lekgarebe ba batla go itsane botoka mme ga ba ise ba batle gore batho ba itse ka seno ka nakwana. Gongwe, jaaka fa lekawana lengwe le le bidiwang Thomas le tlhalosa, “ga ba batle go botsakakwa dipotso tse di jaaka, ‘Kana lo nyalana leng?’”

      Kgatelelo e e sa tlhokegeng go tswa mo bathong ba bangwe ga e a siama. (Sefela sa Difela 2:7) Ka jalo, fa batho ba simolola go ratana ba ka nna ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba itlhaganelela go bolelela batho ba bangwe. (Diane 10:19) Anna wa dingwaga di le 20 a re: “Seno se naya bobedi jono tshono ya go tlhomamisa pele gore a ba tswelele ka thatano ya bone. Fa ba swetsa ka gore ba tswelele, ke gone ba ka itsiseng batho ba bangwe.”

      Mme gone, go tla bo go le phoso go fitlhela batho ba ba nang le tshwanelo ya go itse, ba ba jaaka batsadi ba gago kgotsa batsadi ba motho yo o intshang le ene. Fa o sa batle batho ba bangwe ba itse ka go intsha ga gago le mongwe, o tshwanetse go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa o sa batle ba itse. A e ka tswa e le ka gonne o itse sentle gore batsadi ba gago ba tla nna le mabaka a a utlwalang a go gana?

      “Ke ne Ke Itse se ke Tshwanetseng go se Dira”

      Jessica, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a fetola mogopolo ka kgang ya go intsha le Jeremy mo sephiring fa a sena go utlwa ka se se diragaletseng Mokeresete mongwe yo le ene a neng a intsha mo sephiring. Jessica a re: “Fa ke sena go utlwa kafa a fedisitseng thatano ya bone ka gone, ke ne ke itse se le nna ke tshwanetseng go se dira.” A go ne go le motlhofo gore a fedise thatano eno? Nnyaa! Jessica a re: “E ne e le ene fela mosimane yo ke neng ke mo rata. Go ne ga feta dibeke di le mmalwa ke lela letsatsi le letsatsi.”

      Le fa go ntse jalo, Jessica o ne a rata Jehofa. Le mororo a ile a fapoga go se kae, tota o ne a batla go dira se se siameng. Fa go ntse go ya, kutlobotlhoko ya gagwe e ne ya kokobela. Jessica a re: “Jaanong kamano ya me le Jehofa e tokafetse thata go feta pele. Ruri ke leboga go bo a re naya kaelo e re e tlhokang ka nako e e tshwanetseng!”

      MO KGAOLONG E E LATELANG

      O setse o siametse go intsha le mongwe, mme o bone mongwe yo o mo ratang. Mme gone, o ka itse jang gore a motho yoo o go siametse?

      DITEMANA TSA BOTLHOKWA

      “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

      KAKANTSHO

      Ga o tlhoke go bolelela mongwe le mongwe ka thatano ya lona. Mme gone, o tshwanetse go bolelela batho ba ba nang le tshwanelo ya go itse. Gantsi batho bano ba akaretsa batsadi ba gago le batsadi ba motho yo o intshang le ene.

      A O NE ITSE GORE . . . ?

      Kamano e e nnelang ruri e ikaegile ka go tshepana. Go intsha le mongwe mo sephiring go tla dira gore batsadi ba gago ba se ka ba tlhola ba go tshepa e bile go ka koafatsa motheo wa botsala jwa gago le motho yo o intshang le ene.

      SE KE SE IKAELETSENG!

      Fa ke intsha le Mokeresete ka nna mo sephiring, ke tla ․․․․․

      Fa tsala ya me e intsha le mongwe mo sephiring, ke tla ․․․․․

      Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

      O AKANYANG?

      ● Akanya gape ka maemo a mararo a a kwadilweng ka ditlhaka tse di bontsho jo bo tseneletseng mo tsebeng ya 22. A mo go one go na le a a tlhalosang kafa o tleng o ikutlwe ka teng ka dinako dingwe?

      ● O ka dira eng ka kgang eo ntle le gore o intshe le mongwe mo sephiring?

      ● Fa o ne o itse gore tsala ya gago e intsha le mongwe mo sephiring, o ne o tla dira eng ka seo, mme ke eng fa o ne o ka tlhopha go dira jalo?

      [Mafoko a a mo go tsebe 27]

      ‘‘Ke ne ka kgaotsa go intsha mo sephiring. Ee, go ne go nkutlwisa botlhoko go nna ke bona mosimane yono ka metlha kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o kgona go bona maemo otlhe le ditlamorago tsa one mme rona ga re kgone. Se re tshwanelwang ke go se dira fela ke go mo ikanya.’’—Jessica

      [Setshwantsho mo go tsebe 25]

      Go fitlha gore tsala ya gago e intsha le mongwe mo sephiring go tshwana le go fitlha gore motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri o ipolaisa dijo tse di botshe

  • Ke Eng Fa ke Tshwanetse Go na Ke ise Ke Tlhakanele Dikobo go Fitlha ke Tsena mo Lenyalong?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
    • Kgaolo 5

      Ke Eng Fa ke Tshwanetse Go na Ke ise Ke Tlhakanele Dikobo go Fitlha ke Tsena mo Lenyalong?

      “Ke ikutlwa ke le mo kgatelelong ya go batla go tlhakanela dikobo.”—Kelly.

      “Ke ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong go bo ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo.”—Jordon.

      “A GA o ise o tsamaye o tlhakanele dikobo?” Potso eno e ka dira gore o tsenwe ke poifo! Kana e bile, mo mafelong a le mantsi mosha yo o iseng a ko a tlhakanele dikobo a ka nna a gakgamalelwa, a tsewa e le motho yo o sa tlwaelegang. Ga go gakgamatse go bo basha ba bantsi jaana ba tlhakanela dikobo ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bolesome!

      Go Gogelwa ke Keletso le go Gatelelwa ke Balekane

      Fa o le Mokeresete o a itse gore Baebele e go laela gore o “ithibe mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Le fa go ntse jalo, go ka nna ga nna thata go laola keletso ya tlhakanelodikobo. Lekawana lengwe le le bidiwang Paul la re: “Ka dinako tse dingwe ke iphitlhela fela ke setse ke akanya thata ka tlhakanelodikobo.” Boammaaruri ke gore, maikutlo a a ntseng jalo ke a tlholego.

      Le fa go ntse jalo, go tshegwa le go sotlwa ka go bo o ise o ko o tlhakanele dikobo go utlwisa botlhoko! Ka sekai, go tweng fa balekane ba gago ba re fa o ise o ko o tlhakanele dikobo ga o monna kgotsa mosadi wa mmatota? Ellen a re: “Balekane ba gago ba ka dira gore tlhakanelodikobo e lebege e le selo se se itumedisang le se se itshiametseng fela. Batho ba a go gakgamalela fa o sa tlhakanele dikobo.”

      Mme go na le sengwe se balekane ba gago ba ka tswang ba sa go bolelele sone ka kgang ya go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Ka sekai, Maria yo o ileng a tlhakanela dikobo le lekau la gagwe a re: “Fa re sena go tlhakanela dikobo ke ne ka ikutlwa ke swabile e bile ke tlhabilwe ke ditlhong. Ke ne ke itenegetse e bile ke tenegetse le lekau la me.” Ditiragalo tse di ntseng jalo di direga ka bontsi go feta kafa basha ba le bantsi ba akanyang ka gone. Boammaaruri ke gore gantsi go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ke selo se se utlwisang botlhoko thata mo maikutlong—ka matswela a a botlhoko!

      Le fa go ntse jalo, mosha mongwe yo o bidiwang Shanda o botsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a dira gore basha ba nne le keletso ya tlhakanelodikobo mme a itse gore ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo go fitlha ba tsena mo lenyalong?” Eo ke potso e e utlwalang. Mme gone, akanyetsa dilo tse di latelang:

      A maikutlo a tlhakanelodikobo ke one fela maikutlo a o nang le one? Le e seng. Jehofa Modimo o go bopile o na le maikutlo le dikeletso tse dintsi tse di farologaneng.

      A o tshwanetse wa itetla go laolwa ke keletso nngwe le nngwe e o nnang le yone? Ga go a nna jalo ka gonne Modimo o go bopile o na le bokgoni jwa go laola tsela e o itshwarang ka yone.

      Ka gone, re ithuta eng? O ka nna wa se ka wa kgona go thibela go nna le dikeletso dingwe, mme gone o ka kgona go laola tsela e o di tsibogelang ka yone. Tota go itetla go laolwa ke keletso nngwe le nngwe fela ya tlhakanelodikobo go ka nna phoso ga ba ga nna boeleele fela jaaka go itaya motho nako nngwe le nngwe fela fa o galefile.

      Boammaaruri ke gore, Modimo ga a direla dirwe tsa rona tsa tlhakanelodikobo gore re di dirise ka tsela e e sa siamang. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.” (1 Bathesalonika 4:4) Fela jaaka go na le “nako ya go rata le nako ya go tlhoa,” gape go na le nako ya go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo le nako ya go ithiba go dira jalo. (Moreri 3:1-8) Tota ke wena o tshwanetseng go laola maikutlo a gago!

      Mme gone, o ka dira eng fa mongwe a go sotla, a bua jaana a go gakgamaletse, “A ruri ga o ise o ko o tlhakanele dikobo?” O se ka wa itetla go tshosediwa. O ka araba motho yo o batlang fela go sotla ka wena o re: “Ee, ga ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo. Mme e bile seo ga se ntlhabise ditlhong!” Kgotsa o ka re, “Eo ke kgang e e amang nna, ga se e ke tsamayang ke e tlotla le batho ba bangwe.”a (Diane 26:4; Bakolosa 4:6) Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa akanya gore motho yo o botsang o tlhoka go itse mo go oketsegileng. Mo maemong a a ntseng jalo o ka nna wa tlhopha go tlhalosa mabaka a gago a Dikwalo.

      A o ka akanya ka ditsela tse dingwe tse o ka arabang ka tsone fa ba go botsa ka tshotlo ba re “A ruri ga o ise o ko o tlhakanele dikobo?” Fa go le jalo, di kwale fa tlase fano.

      ․․․․․

      Mpho e e Tlhwatlhwakgolo

      Modimo o ikutlwa jang fa batho ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo? Akanya o reketse tsala ya gago mpho. Mme pele ga o mo e naya o a e bula ka ntlha ya go se kgone go leta! A seo se ne se ka se go utlwise botlhoko? Jaanong akanya fela gore Modimo ene o ne a tla ikutlwa jang fa o ne o ka tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. O batla gore o lete go fitlha o le mo lenyalong gore o itumelele mpho eno ya tlhakanelodikobo.—Genesise 1:28.

      O ka dira eng ka maikutlo a o nang le one a tlhakanelodikobo? Re ka re fela, ithute go a laola. O ka kgona go dira jalo! Rapela Jehofa gore a go thuse. Moya wa gagwe o ka go thusa go nna le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Ikgopotse gore Jehofa “ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.” (Pesalema 84:11) Mosha mongwe yo o bidiwang Gordon a re: “Fa ke iphitlhela ke akanya gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ga go phoso go le kalo ke akanya kafa seo se ka nkamang ka teng semoyeng le gore go dira boleo jo bo ntseng jalo go ka senya kamano ya me le Jehofa.”

      Boammaaruri ke gore, go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo ga se selo se se gakgamatsang kgotsa se se tlhabisang ditlhong. Boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo ke jone jo bo tlhabisang ditlhong, jo bo nyenyefatsang motho e bile bo leng kotsi. Ka jalo, se letle tsela e e sokameng ya go akanya ya lefatshe leno e go dira gore o akanye gore go sengwe se se phoso ka wena fa o kgomarela melao ya Baebele. Fa o nna o sa tlhakanele dikobo o tla sireletsa botsogo jwa gago, maikutlo a gago mme—sa botlhokwa le go di feta tsotlhe—kamano ya gago le Modimo.

      BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 24

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Selo se se kgatlhang ke gore, Jesu o ile a tlhopha go didimala fa Herode a ne a mmotsa dipotso. (Luke 23:8, 9) Gantsi tsela e e molemo ya go lebana le dipotso tse di sotlang ke go didimala.

      DITEMANA TSA BOTLHOKWA

      “Fa mongwe . . . a dirile tshwetso eno mo pelong ya gagwe, gore a boloke bokgarebane jwa gagwe, o tla dira sentle.”—1 Bakorintha 7:37.

      KAKANTSHO

      Tila go itsalanya le batho ba ba se nang boitsholo jo bontle, tota le fa ba ipolela gore ke badumedi ka wena.

      A O NE O ITSE GORE . . . ?

      Gantsi batho ba ba se nang boikgapo mo go tsa tlhakanelodikobo ga ba fetoge le fa ba setse ba le mo lenyalong. Go farologana le bone, batho ba ba ikanyegang mo melaong ya Modimo ya boitsholo pele ba tsena mo lenyalong gantsi ba tla ikanyega mo baleka-neng ba bone ba lenyalo.

      SE KE SE IKAELETSENG!

      Fa e le gore ke tla nna ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo go fitlha ke tsena mo lenyalong, ke tla tshwanelwa ke go ․․․․․

      Fa e le gore batho ba ke tlwaelaneng le bone ba dira gore go nne thata go kgomarela boikaelelo jwa me, ke tla ․․․․․

      Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

      O AKANYANG?

      ● O akanya gore ke eng fa batho bangwe ba sotla ka batho ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo?

      ● Ke eng fa go ka nna thata go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo?

      ● Melemo ya go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo go fitlha o tsena mo lenyalong ke efe?

      ● O ka tlhalosetsa monnao melemo ya go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo jang?

      [Mafoko a a mo go tsebe 51]

      “Selo se se nthusang gore ke se ineelele thaelo ya go tlhakanela dikobo ke go gakologelwa gore ‘ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa Modimo.’’’ (Baefeso 5:5)—Lydia

      [Lebokoso mo go tsebe 49]

      Tsebe ya go Kwalela Dintlha

      Ke Eng se Totatota se Diregang Morago ga Foo?

      Gantsi balekane ba gago le dilo tsa boitlosobodutu ga di senole ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Akanya ka ditiragalo tse tharo tse di latelang. O akanya gore totatota go tla direga eng ka basha bano? ․․․․․

      ● Mongwe yo o tsenang sekolo le ene o ikgantsha ka gore o tlhakanetse dikobo le basetsana ba le bantsi. A re go monate—e bile ga go utlwise ope botlhoko. Ke eng se totatota se diregang morago ga foo—se se diragalelang ene le basetsana bao? ․․․․․

      ● Fa filimi nngwe e ya bokhutlong e bontsha basha ba babedi ba dingwaga tsa bolesome ba tlhakanela dikobo go supa kafa ba ratanang ka teng. Mo botshelong jwa mmatota—go tla direga eng morago ga foo? ․․․․․

      ● O kopana le mosimane wa maratagolejwa yo o go kopang gore o tlhakanele dikobo le ene. A re ga go ope yo o tla itseng ka gone. Fa o ile wa tlhakanela dikobo le ene mme wa leka go fitlha seo, totatota go tla direga eng morago ga foo? ․․․․․

      [Setshwantsho mo go tsebe 54]

      Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go bula mpho pele ga o e newa

  • Nka Dirang go Fenya Kgatelelo ya Balekane?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
    • Kgaolo 15

      Nka Dirang go Fenya Kgatelelo ya Balekane?

      “Fa o le kwa sekolong o lebana le dikgwetlho di le dintsi—go goga motsoko, diokobatsi, tlhakanelodikobo. O a itse gore se bana ba bangwe ba batlang o se dira ga se a siama. Mme go fitlha mo o ikutlwang gore ga o tlhole o na le bopelokgale jwa go ikgogela morago.”—Eve.

      ROTLHE re na le keletso ya go rata go amogelwa ke ba bangwe. Mme keletso eo ke yone e dirang gore go nne thata go fenya kgatelelo ya balekane. Ka sekai, fa o goletse mo lelapeng la Bakeresete, o a itse gore dilo tse di jaaka go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo le go nwa bojalwa bobe di phoso. (Bagalatia 5:19-21) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa balekane ba gago ba go tlhotlheletsa gore o dire dilo tseno le bone. A o akanya gore ba akantse ka kelotlhoko pele ba dira dilo tseno le go itirela ditshwetso ka tsone? Ga go bonale jalo. Gantsi ba dira dilo tseno ka go bo ba ineeletse go tlhotlhelediwa ke ba bangwe. Ba batla go amogelwa ke ba bangwe, ka jalo ba letla balekane ba bone ba laola tsela e ba lebang dilo ka yone. A le wena o ntse jalo? Kgotsa a o na le bopelokgale jwa go emela se o se dumelang?

      Nako nngwe mogolowe Moshe e bong Arone, o ne a ineelela go gatelelwa ke balekane. Fa Baiseraele ba ne ba mo dikologile mme ba mo tlhotlheletsa gore a ba direle modingwana, o ne a dira sone se ba neng ba re a se dire! (Ekesodo 32:1-4) Se lebale—monna yono ke ene yo o neng a itebanya le Faro ka bopelokgale, a mmolelela molaetsa wa Modimo. (Ekesodo 7:1, 2, 16) Mme fa setšhaba sa gaabo sa Baiseraele se ne se mo gatelela, o ne a ineela. Go bonala go ne go le motlhofo go itebanya le kgosi ya Egepeto go na le go ikemela mo balekaneng ba gagwe!

      Go tweng ka wena? A o thatafalelwa ke go emela se o itseng gore se siame? A o akanya gore o ka kgona go fenya kgatelelo ya balekane o sa bonale o tshogile e bile o boifa? Ee o ka kgona! Selo sa botlhokwa se se ka go thusang ke go lemoga kgatelelo eo fa e sa ntse e tla, o bo o dira tshwetso ya gore o tla lebana jang le yone. Ditsela tse nnè tse di latelang di tla go thusa go dira jalo.

      1. Bonela dilo pele. (Diane 22:3) Gantsi o ka kgona go bonela bothata pele. Ka sekai, o bona setlhopha sa basha ba o tsenang sekolo le bone ba le kwa pele ga gago, e bile ba goga. A go ka direga gore ba batle go go naya sekerete? Fa o bonetse bothata pele, o tla kgona go ipaakanyetsa go bo tila kgotsa go lebana le jone.

      2. Akanya. (Bahebera 5:14) O ka nna wa ipotsa, ‘Ke tlile go ikutlwa jang moragonyana fa ke itetla go ya le mogoro?’ Ke boammaaruri gore, balekane ba gago ba ka go itumelela ka nakwana. Mme o tlile go ikutlwa jang moragonyana, fa o na le batsadi ba gago kgotsa Bakeresete ba bangwe? A o tla letla gore o senyegelwe ke kamano e e molemo le Modimo e le fela gore o itumedise ba o tsenang sekolo le bone?

      3. Dira tshwetso. (Duteronome 30:19) Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tshwanelwa ke go tlhopha gore a ba tla ikanyega mme ba bone matswela a gone a a molemo kgotsa gore a ga ba kitla ba ikanyega mme ba bone matswela a gone a a botlhoko. Banna ba ba jaaka Josefa, Jobe le Jesu ba ne ba dira ditshwetso tse di siameng fa Kaine, Esau le Judase bone, ba ne ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Jaanong ke wena yo o tshwanelwang ke go dira tshwetso. O tla dira eng?

      4. Tsaya kgato. O ka nna wa akanya gore seno ke selo se se thata go gaisa tsotlhe. Mme gone ga go thata! Fa o setse o akantse ka matswela a se o se dirang mme o dirile tshwetso, go tlhalosa tshwetso ya gago go ka nna motlhofo tota—ga ba ga go itumedisa. (Diane 15:23) Se tshwenyege—ga o tlhoke go rerela balekane ba gago. Go gana fela mme o tiisitse go tla bo go lekane. Kgotsa fa o batla gore ba bone gore o tiisitse mo tshwetsong ya gago o ka nna wa re:

      “Lo se ka lwa ntsenya mo kgannyeng eo!”

      “Ga ke dire dilo tseo!”

      “Lo ne lo tshwanetse lwa bo lo setse lo itse gore ga ke dire dilo tseo!”

      Selo sa botlhokwa ke gore o arabe ka yone nako eo mme o tlhatswegile pelo ka se o se buang. Fa o dira jalo, o tla gakgamalela go bona kafa balekane ba gago ba tla kgaotsang ka bonako ka teng go tlhola ba go gatelela! Le fa go ntse jalo, o tla dira eng fa ba go sotla? O tla dira eng fa ba re, “O tsenwe ke eng? Tlogela go itira legatlapa!” Lemoga se tota boikaelelo jwa mafoko ano a a sotlang e leng sone—go go gatelela. O ka araba jang? O na le ditsela tse tharo tse o ka di dirisang.

      ● O ka dumalana le se ba se buang. (“Ee, ke legatlapa!” Go tswa foo o bo o tlhalosa mabaka a gago ka bokhutshwane.)

      ● O ka nna wa faposa kgatelelo ka go ba tlhalosetsa tshwetso ya gago mme o sa ngangisane le bone.

      ● Le wena o ka ba baya mo kgatelelong. Tlhalosa lebaka la go bo o sa dumalane le bone mme go tswa foo o bo o bua mafoko a a dirang gore ba akanye sentle. (“Ke ne ke ithaya ke re lo botlhale mo lo ka se kang lwa goga motsoko!”)

      Fa ba tswelela ka go go sotla, kgaogana le bone! Fa o sa kgaogane le bone, ba tla go gatelela le go feta. Tota le fa o ka tshwanelwa ke go tswa mo go bone, se lebale gore: O kgonne go ikemela. Ga o a ba letla gore ba go dire gore o tshwane le bone!

      Bangwe ba balekane ba gago ba ka nna ba go sotla ba re o palelwa ke go itirela ditshwetso. Mme seo ga se boammaaruri! Tota e bile, Jehofa o batla gore o iponele gore ga go na selo se se molemo go feta go dira thato ya gagwe. (Baroma 12:2) Ka jalo, se letle balekane ba gago ba go laola. (Baroma 6:16) Emela se o itseng gore se boammaaruri!

      Boammaaruri ke gore, o ka se ka wa kgona go tila kgatelelo ya balekane. Mme gone o ka kgona go itirela ditshwetso le go ikemela. Kwa bofelong, ke wena o tshwanelwang ke go itirela tshwetso!—Joshua 24:15.

      BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 9

      MO KGAOLONG E E LATELANG

      A o tshela botshelo jwa boitimokanyi? A go ka go solegela molemo ka tsela nngwe fa batsadi ba gago ba ka itse ka gone?

      DITEMANA TSA BOTLHOKWA

      “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

      KAKANTSHO

      Go bala ka maitemogelo a batlhanka ba ga Jehofa ba mo motlheng wa gompieno ba ba neng ba kgona go emela se se siameng, go tla go thusa go nna pelokgale.

      A O NE O ITSE GORE . . . ?

      Bontsi jwa ba o tsenang sekolo le bone ga o kitla o tlhola o kopana le bone fa o sena go fetsa sekolo. Bontsi jwa bone ba ka nna ba se ka ba tlhola ba gakologelwa le leina la gago. Mme ba lelapa la gaeno bone—segolobo-golo Jehofa Modimo—ka metlha ba tla nna ba go kgatlhegela.—Pesalema 37:23-25.

      SE KE SE IKAELETSENG!

      Nka ipaakanyetsa go fenya kgatelelo ya balekane ka go ․․․․․

      Fa balekane ba me ba nkgatelela gore ke itshware ka tsela e e sa siamang, ke tla ․․․․․

      Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

      O AKANYANG?

      ● Ditsela tse nnè tse go tlotlilweng ka tsone mo kgaolong eno di ka go thusa mo maemong afe?

      ● Go ka direga eng fa o ineelela kgatelelo ya balekane?

      ● Dingwe tsa dilo tse o ka di dirang go fenya kgatelelo ya balekane ke dife?

      [Mafoko a a mo go tsebe 131]

      “Mathaka a le mantsi a a itse gore ke Mosupi, mme ba a ntlotla. Fa ba batla go tlotla ka sengwe se se sa siamang, ba na le go re, ‘Mike, re batla go tlotla jaanong, fa o batla go tsamaya, o ka nna wa tsamaya.’’—Mike

      [Tšhate mo go tsebe 132, 133]

      Tsebe ya go Kwalela Dintlha

      Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane Sekai

      1 Bonela Dilo Pele

      Bothata jo o lebaneng le jone ke bofe? Go goga sekerete.

      Ke kae kwa gantsi nka tshwanelwang ke go lebana le bothata jono gone? Kwa matlwaneng a boithusetso.

      ↓ ↓

      Go tla direga eng fa nka ←2 Akanya → ineela?

      Go tla direga eng fa nka gana ke tiisitse?

      Ke tla swabisa Jehofa Nka nna ka sotlwa kgotsa ka bidiwa ka maina

      le batsadi ba me. Ke tla nna le a a sotlang. Bangwe ba bana ba ke tsenang

      segakolodi se se molato. sekolo le bone ba ka nna ba se ka

      Ke tla thatafalelwa ke go gana . ba tlhola ba batla go itsalanya le nna

      mo nakong e e tlang Mme gone ke tla itumedisa Jehofa e bile ke tla ikemela

      ↓ ↓

      Fa ke ineela, e tla bo e, ← 3 Dira tshwetso → le ka gonne

      Ke tla gana ka gonne

      Ke sa ipaakanyetsa sentle Ke a itse gore Jehofa

      go lebana le kgatelelo ya balekane. ga a go rate e bile go

      Ke tsaya go amogelwa ke balekane goga go ka senya

      go le botoka go na le go amogelwa botsogo jwa me.

      ke Jehofa

      ↓ ↓

      ← 4 Tsaya Kgato → Ke tla

      gana ke bo ke tswa ke tsamaya.

      Go Kgobiwa ke Balekane

      Fa molekane a re: “A ko o tseye sekerete ke se.

      Tlogela go itira legatlapa.”

      Nka tsibogela kgatelelo ya balekane ka go

      Dumalana e Faposa Ba baya mo kgatelelong

      “Ee ke legatlapa. O tla bo o senya “Nnyaa ga ke se batle.

      Ke tshaba sekerete. sekerete sa gago Ke ne ke ithaya ke re

      Ga ke batle go fela ka go nnaya sone.” lo botlhale mo

      tshwarwa ke kankere lo ka se kang lwa

      ya makgwafo.” goga motsoko!”

      ELA TLHOKO: Kgaogana le bone ka yone nako eo fa ba tswelela ka go go sotla. Fa o sa kgaogane le bone, ba tla go gatelela le go feta. Jaanong kwala dikarabo tsa gago mo tsebeng e e latelang.

      Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane Itirele khopi!

      1 Bonela Dilo Pele

      Bothata jo o lebaneng le jone ke bofe? ․․․․․

      Ke kae kwa gantsi nka tshwanelwang ke go lebana le bothata jono? ․․․․․

      ↓ ↓

      Go tla direga eng fa ← 2 Akanya → Go tla direga eng fa

      nka ineela? nka gana ke tiisitse?

      ․․․․․ ․․․․․

      ↓ ↓

      Fa ke ineela, e tla bo e, ← 3 Dira tshwetso → Ke tla

      tla gana ka gonne . . . ka gonne . . .

      ․․․․․ ․․․․․

      ↓ ↓

      ← 4 Tsaya Kgato → Ke tla . . .

      ․․․․․ ․․․․․

      Go Kgobiwa ke Balekane

      Fa molekane a re: ․․․․․

      Nka tsibogela kgatelelo ya balekane ka go

      Dumalana e Faposa Ba baya mo kgatelelong

      ․․․․․ ․․․․․ ․․․․․

      Kopa motsadi kgotsa tsala nngwe e e godileng gore e reetse fa o ntse o ikatisa gore o tla araba jang balekane ba gago.

      [Setshwantsho mo go tsebe 135]

      Fa o ineelela kgatelelo ya balekane, o itetla gore ba go laole

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela