-
Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nna ke Hutsafetse Jaana?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
-
-
Kgaolo 13
Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nna ke Hutsafetse Jaana?
“Fa ditsala tsa me di sa kgone go itshokela mathata a ba nang le one, ke nna ke ba thusang go a rarabolola le go dira gore ba ikutlwe botoka. Mme gone—go na le sengwe se batho ba sa se itseng—fa ke fitlha kwa gae ke tsena mo kamoreng ke bo ke lela.”—Kellie.
“Fa ke hutsafetse, ke itlhaola mo bathong. Fa ke lalediwa golo gongwe, ke dira diipato tsa gore ke se ka ka ya. Ke kgona go fitlha khutsafalo ya me gore ba lelapa la gaetsho ba se ka ba lemoga. Ba akanya gore ke siame.”—Rick.
A LE wena o a tle o ikutlwe jaaka Kellie kgotsa Rick? Fa go ntse jalo, o se ka wa itlhaganelela gore go na le sengwe se se phoso ka wena. Boammaaruri ke gore gangwe le gape rotlhe re a tle re hutsafale. Tota le banna le basadi ba tumelo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba tle ba hutsafale.—1 Samuele 1:6-8; Pesalema 35:14.
Mo maemong mangwe o ka tswa o itse gore ke eng se se dirileng gore o hutsafale; mo go a mangwe o ka tswa o sa itse. Anna wa dingwaga tse 19 a re: “Ga o tlhoke gore o bo o le mo seemong se se maswe gore o hutsafale. Go itlela fela nako nngwe le nngwe, tota le fa o se na mathata. Ga ke kgone go go tlhalosa mme gone go a direga!”
Go sa kgathalesege gore go bakiwa ke eng—kgotsa le fa tota go ka tswa go se na se se go bakileng—o ka dira eng fa o fekeediwa ke go hutsafala? Leka go dirisa dintlha tse di latelang:
1. Bua ka gone. Fa Jobe a ne a le mo matshwenyegong a magolo, o ne a re: “Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!”—Jobe 10:1.
Kellie: “Tsela e ke ikutlwang ke imologile ka yone fa ke sena go bua le mongwe e a gakgamatsa. Kgabagare go na le mongwe yo o itseng seemo se ke leng mo go sone. Ba ka kgona go latlhela mogala mo mosimeng o ke leng mo go one gore ba nthuse go tswa—kgabagare ka bo ka bona thuso!”
Kakantsho: Fa tlase fano kwala leina la tsala e o tla e bulelang mafatlha fa o fekeediwa ke khutsafalo.
․․․․․
2. Kwala ka gone. Fa khutsafalo e ama tsela e o lebang botshelo ka yone, gongwe o ka nna wa leka go kwala kafa o ikutlwang ka gone. Ka dinako dingwe, Dafide o ne a tle a kwale ka khutsafalo ya gagwe e e boteng mo dipesalemeng tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng. (Pesalema 6:6) Go tlhalosa tsela e o ikutlwang ka yone ka go kwala go ka go thusa go “dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 3:21.
Heather: “Go kwala go nthusa go laola dikakanyo tse dintsi tse ke nang le tsone ka ntlha ya khutsafalo. Fa o kgona go tlhalosa maikutlo a gago le go lemoga gore a bakiwa ke eng, khutsafalo e ka se go fekeetse go le kalo.”
Kakantsho: Dirisa tšhate e e mo tsebe 93 go go thusa go bona ditsela tse di botoka tsa go fenya maemo a a go hutsafatsang. Seno se tla go thusa go fokotsa khutsafalo ya gago.
3 Rapela ka gone. Baebele ya re, fa o rapela ka dilo tse di go tshwenyang, ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.’—Bafilipi 4:6, 7.
Esther: “Ke ne ke leka go batla gore tota ke eng se se nkhutsafatsang thata jaana mme ga ke a ka ka se bona. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse gore ke itumele. Ke ne ke lapisiwa ke go hutsafala ke se na lebaka. Kgabagare go ne ga siama. Le ka motlha, o se ka wa nyatsa maatla a thapelo!”
Kakantsho: Dirisa Pesalema 139:23, 24 e le sekao sa kafa o ka rapelang Jehofa ka teng. Mmulele mafatlha mme o mo kope gore a go thuse go lemoga se se go bakelang khutsafalo.
Kwantle ga dikakantsho tse go tlotlilweng ka tsone fa godimo, o na le letlotlo le le botlhokwa e leng Lefoko la Modimo, Baebele. Go tlatsa mogopolo wa gago ka dikakanyo tse di agang tse di mo dipegong tsa Baebele, go ka go ama maikutlo ka tsela e e molemo. (Pesalema 1:1-3) O ka bona dikakantsho tse di ka go thusang go dira mmalo wa Baebele o o agang, ka go sekaseka ditsebe tse di nang le setlhogo se se reng, “Sekao se se Molemo” mo bolumong nngwe le nngwe ya buka eno. Mo tsebe 227 ya Bolumo 2, o tla bona kafa moaposetoloi Paulo a ileng a lebana ka katlego ka teng le maikutlo a a sa siamang a a neng a tle a nne le one ka ntlha ya bosaitekanelang.
Fa Khutsafalo e sa Fele
Ryan a re: “Mo mesong mengwe ke bona go le botoka gore ke nne fela mo bolaong ke sa tsoge, e le gore ke se ka ka lebana le letsatsi le lengwe le le se nang mosola.” Ryan o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jo bo bidiwang clinical depression mme go na le batho ba bangwe ba ba nang le bolwetse jono. Dipatlisiso di bontsha gore mo e ka nnang mosha a le mongwe mo go ba le banè, o nna le mofuta mongwe wa go tshwenyega mo maikutlong pele ga a nna mogolo.
O ka lemoga jang gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong? Matshwao mangwe a jone a akaretsa go fetofetoga thata ga maikutlo le tsela e o itshwarang ka yone, go itlhaola mo bathong, go felelwa ke kgatlhego mo bontsing jwa dilo tse o neng o rata go di dira, go fetoga thata ga tsela e o jang le e o robalang ka yone le go nna le maikutlo a a tseneletseng a go ikutlwa o se na mosola kgotsa go ipona molato go sa tlhokege.
Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe, mo e batlileng e nna mongwe le mongwe o nna le lengwe la matshwao ano kgotsa a a fetang le le lengwe. Mme gone fa matshwao ano a tswelela ka dibeke di le mmalwa, ke eng fa o sa bue le batsadi ba gago ka go ya go bona ngaka? Ngaka e ka go thusa go lemoga gore a khutsafalo ya gago e bakiwa ke sengwe se se tlhokang kalafi.a
Fa e le gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong jwa clinical depression, ga o tlhoke go tlhabiwa ke ditlhong. Batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono, ba ile ba bona kalafi mme ba simolola go ikutlwa botoka—gongwe go feta kafa ba kileng ba ikutlwa ka gone mo lobakeng lo loleele! Le fa khutsafalo ya gago e ka tswa e bakiwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa e sa bakiwe ke gone, gakologelwa mafoko ano a a gomotsang a a mo go Pesalema 34:18: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”
Go tweng fa e le gore khutsafalo ya gago e go fekeetsa thata jaana mo o setseng o akanya ka go ipolaya?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa khutsafalo e tswelela ka lobaka lo loleele, basha bangwe ba akanya ka go ipolaya. Fa e le gore o kile wa akanya ka gone, bua ka bonako le mongwe yo o godileng yo o mo ikanyang.—Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Kgaolo 14 ya buka eno.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.
KAKANTSHO
Tlhalosa gore o ikutlwa jang fa o hutsafetse le gore o akanya gore ke eng se se ka tswang se baka khutsafalo eo. Morago ga kgwedi, bala se o se kwadileng. A tsela e o ikutlwang ka yone ka kgang eno e fetogile? Fa e le gore go ntse jalo, kwala gore ke eng se se go thusitseng
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Go SIAME go lela, tota le fa o le mosimane. Nako nngwe mo botshelong jwa gagwe, Kgosi Dafide o ne a re: “Mo bosigong bolao jwa me le mosamo wa me di kolobediwa ke dikeledi.”—Pesalema 6:6, Contemporary English Version.
SE KE SE IKAELETSENG!
Gore ke ikutlwe botoka, ke tla dira dilo tse di latelang: ․․․․․
Go itsalanya le ditsala tse di latelang go tla nthusa go fokotsa go hutsafala: ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● A go lela go na le melemo mengwe?
● Go nna mo gare ga batho ba bangwe go ka go thusa jang go fenya khutsafalo?
[Mafoko a a mo go tsebe 96]
“Fa ke hutsafetse ke leka gore ke se ka ka itlhaola mo bathong. Ee, gone nka nna ka tlhoka go nna ke le nosi gore ke akanye ka maikutlo a me, gongwe ke bo ke lele. Mme morago ga moo, ke a itse gore ke tlhoka go nna le batho ba bangwe gore ke se ka ka nnela go akanya fela ka se se nkhutsafatsang.’’—Christine
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 93]
Kaedi
Go Fokotsa Khutsafalo ya Gago Tlatsa tšhate
Tiragalo Tsela E e Sa Siamang Tsela e e Bbotoka ya
ya go Tsibogela Boemo go Tsibogela Boemo
Morutabana o dira → Ke a itlhoboga go tlhola → Se se ka go
gore ke ikutlwe ke leka go dira sentle thusang: Bona Kgaolo 20 ya buka eno
ke se na mosola mo tlelaseng ele
Tsala ya me e a → Ke anamisa maaka → Se se ka go
intlhokomolosa ka ene thusang: Bona Kgaolo 10 ya Bolumo 2
Batsadi ba me ba → Ke tshwarela mongwe → Se se ka go
a tlhalana Kwa bone kgotsa thusang: Bona Kgaolo 4 ya buka eno
boobabedi sekgopi
․․․․․ → ․․․․․ → ․․․․․
․․․․․ → ․․․․․ → ․․․․․
[Setshwantsho mo go tsebe 95]
Fa o kopa thuso e bile o dira maiteko, o ka kgona go tswa mo mosimeng o o boteng wa khutsafalo
-
-
A ga Go Botoka Gore ke Fedise Botshelo Jwa Me?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
-
-
Kgaolo 14
A ga Go Botoka Gore ke Fedise Botshelo Jwa Me?
“GO BOTOKA gore ke itshwele go na le go tshela.” Ke mang yo o neng a bua mafoko ao? A ke mongwe yo o neng a sa dumele mo Modimong? Mongwe yo o neng a latlhile Modimo? Mongwe yo Modimo a neng a mo latlhile? Nnyaa. Motho yo o neng a bua mafoko ano ke monna yo o boifang Modimo yo o neng a ngomogile pelo e bong Jona.—Jona 4:3, Today’s English Version.
Baebele ga e re Jona o ne a tloga a fedisa botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, tsela e a neng a kopa ka yone a tlaletswe e bontsha ntlha nngwe e e masisi—ka dinako tse dingwe, tota le motlhanka wa Modimo a ka ikutlwa a imetswe ke mathata.—Pesalema 34:19.
Basha bangwe ba ikutlwa ba tlaletswe jaana mo ba sa boneng lebaka la go tswelela ba tshela. Ba ka nna ba ikutlwa kafa Laura wa dingwaga tse 16 a neng a ikutlwa ka teng: “Ke feditse dingwaga ke na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Gantsi ke akanya go ipolaya.” Fa e le gore o itse mongwe yo o kileng a re o batla go fedisa botshelo jwa gagwe—kgotsa fa e le gore le wena o kile wa akanyetsa go dira seo—o ka dira eng? Mma re sekasekeng gore ke eng se se ka bakang dikgopolo tsa mofuta oo.
Se se Bakang Tlalelo
Ke eng se se ka dirang gore motho a batle go fedisa botshelo jwa gagwe? Go na le mabaka a le mantsi a a ka bakang seo. Lengwe la one ke gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ mme basha ba le bantsi ba amiwa thata ke mathata a botshelo. (2 Timotheo 3:1) Gape, go sa itekanelang ga batho go ka dira gore bangwe ba nne le dikgopolo tse di sa siamang ka tsela e ba itebang ka yone le ka maemo a a ba dikologileng. (Baroma 7:22-24) Ka dinako tse dingwe seno se bakiwa ke go sa tshwarwe sentle. Mo maemong a mangwe seno se bakiwa ke mathata a botsogo. Tota e bile, kwa nageng nngwe go akanngwa gore batho ba ba fetang diperesente di le 90 ba ba ileng ba ipolaya, ba ne ba na le mofuta mongwe wa bolwetse jwa tlhaloganyo.a
Gone ke boammaaruri gore rotlhe re na le mathata. Ke gone ka moo Baebele e bolelang gore “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Seo se akaretsa le basha. Tota e bile, basha ba ka amiwa thata ke ditiragalo tse di sa siamang tse di jaaka tseno:
● Go swelwa ke wa losika, tsala kgotsa seruiwa
● Dikgotlhang tsa mo lelapeng
● Go sa falole kwa sekolong
● Go kgaogana le mongwe yo ba ratanang le ene
● Go sotliwa (mo mmeleng kana ka tlhakanelodikobo)
Ke boammaaruri gore nako nngwe mo botshelong, basha botlhe ba lebana le bo le bongwe jwa mathata a a fa godimo kgotsa go feta. Ke eng fa bangwe ba kgona go itshokela maemo ano fa ba bangwe ba sa kgone? Baitse ba re basha ba ba batlang go ineela ba a bo ba akanya gore ga go ope yo o ka ba thusang e bile ba se na tsholofelo. Totatota basha bano ba a bo ba bona botshelo bo le letobo fela. Mme gone ga se gore ba a bo ba batla go swa; ba a bo ba batla fela go fedisa botlhoko jo ba bo utlwang.
A ga Go na Kgoro ya Botso?
O ka tswa o itse mongwe yo o batlang go fedisa botlhoko jo a bo utlwang—mo a ileng a bo a bua le gore ga a tlhole a batla go tshela. Fa go le jalo, o ka dira eng?
Fa tsala ya gago e ngomogile pelo mo e bileng e batla go swa, leka go e rotloetsa gore e batle thuso. Mme go sa kgathalesege gore o a dumela kgotsa ga a dumele, bolelela mogolo mongwe yo o ka thusang. O se ka wa tshwenyega ka gore o ka senya botsala jwa lona. Fa o bega kgang eno, gongwe o ka boloka botshelo jwa tsala ya gago!
Mme go tweng fa e le gore ke wena o akanyang ka go ipolaya? O se ka wa didimala ka kgang eno. Bua le mongwe—motsadi, tsala kgotsa mongwe yo o go kgathalelang le yo o tla go reetsang a bo a tlhaloganya kafa o ikutlwang ka gone. Ga go sepe se se tla go latlhegelang fa o ka bua ka mathata a gago, go na le moo o tla solegelwa molemo.b
Gone ke boammaaruri gore mathata a gago ga a ka ke a nyelela fela ka gonne o buile ka one. Mme gone, gongwe o tlhoka fela go bua le mongwe yo o mo ikanyang gore o kgone go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Gongwe e bile go ka go thusa gore o bone tharabololo e e molemo ya mathata a gago.
Maemo a a Fetoga
Fa o ngomogile pelo, se lebale seno: Go sa kgathalesege gore boemo jo o lebaneng le jone bo bonala bo le thata go le kae, fa nako e ntse e ya, maemo a tla fetoga. Nako nngwe, mopesalema Dafide yo le ene a ileng a lebana le mathata a le mantsi, o ne a kgona go bua le Modimo jaana fa a rapela: “O fetotse khutsafalo ya me wa e dira go bina.”—Pesalema 30:11.
Go bonala Dafide a ne a sa lebelela gore go bina go tla nnela ruri. O ne a itse go tswa mo go se se tlholang se mo diragalela gore mathata a a tla mme a a feta. A le wena o lemogile seo ka mathata a gago? Mangwe a one a ka tswa a go fekeetsa—ka nako eno. Mme gone nna pelotelele. Maemo a a fetoga, mme gantsi a nna botoka. Ka dinako tse dingwe mathata a ka fokotsega ka ditsela tse tota o neng o sa di lebelela. Mo maemong a mangwe o ka bona tsela e o neng o sa e akanye le go e akanya ya go lebana le one. Ntlha ke gore, mathata a a ngomolang pelo ga a ka ke a nnela ruri a le ka tsela e e tshwanang.—2 Bakorintha 4:17.
Botlhokwa Jwa Thapelo
Tsela nngwe ya botlhokwatlhokwa ya puisano e o ka e dirisang ke thapelo. O ka rapela fela jaaka Dafide a ne a rapela a re: “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.”—Pesalema 139:23, 24.
Thapelo ga se tsela fela ya go go thusa go lebana le mathata. Ke tsela ya mmatota ya go buisana le Rrago yo o kwa legodimong yo o batlang gore o ‘tshololele pelo ya gago’ kwa go ene. (Pesalema 62:8) Akanya ka dintlha tseno tse di leng boammaaruri ka Modimo:
● O itse sentle maemo a a dirang gore o ngomoge pelo.—Pesalema 103:14.
● O go itse go feta kafa o ikitseng ka gone.—1 Johane 3:20.
● ‘O a go kgathalela.’—1 Petere 5:7.
● Mo lefatsheng la gagwe le lesha, Modimo o tla “phimola dikeledi tsotlhe” mo matlhong a gago.—Tshenolo 21:4.
Fa Bothata e le Botsogo
Jaaka go setse go boletswe, gantsi maikutlo a go batla go ipolaya a ka bakiwa ke bolwetse jwa mofuta mongwe. Fa e le gore go ntse jalo le ka wena, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go batla thuso. Jesu o ne a bolela gore ba ba bobolang ba tlhoka ngaka. (Mathaio 9:12) Se se itumedisang ke gore malwetse a le mantsi a ka alafega. Mme kalafi e ka go thusa gore o ikutlwe botoka!c
Baebele e re naya tsholofetso e e gomotsang tota—gore mo lefatsheng le lesha la Modimo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Modimo a re ka nako eo, “dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17) Ka jalo fa o ntse o letile nako eo, dira gotlhe mo o ka go kgonang go lebana le mathata a botshelo o tlhomamisegile gore mo nakong e Modimo a e beileng, go tshwenyega thata mo maikutlong e tla nna selo sa maloba.—Tshenolo 21:1-4.
BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 9
A batsadi ba gago ba batla go itse sengwe le sengwe ka botshelo jwa gago—tota le dilo tse o sa batleng ba di itse? A o tla tsamaya o nna fela o sa tshwenngwe?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mme gone, go botlhokwa go ela tlhoko gore basha ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ga ba ipolaye.
b Go na le sengwe gape se se ka thusang Bakeresete ba ba ngomogileng pelo—bagolwane ba phuthego.—Jakobe 5:14, 15.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.”—Bafilipi 4:6, 7.
KAKANTSHO
Fa o ikutlwa o le moya o o kwa tlase, leka go tsamaya o gwanta. Go iphokisa phefo le go ikatisa go ka dira gore o ritibale o bo o ikutlwe botoka.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Motho yo o ipolayang ga se ene fela a utlwang botlhoko, o utlwisa botlhoko le batho ba ba mo ratang ba ba salang ba tshela.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke ikutlwa ke se na mosola e bile ke sa ratiwe ke tla bua le (tsenya leina la motho yo o ka buang le ene) ․․․․․
Selo se le sengwe se se molemo mo botshelong jwa me se nka akanyang ka sone le go se lebogela ke ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Tota le mathata a a boima ga a nnele ruri. Go akanya ka ntlha eo go ka go thusa jang?
● Ke ka tsela efe go ipolaya go fetisetsang mathata a motho yoo kwa bathong ba bangwe?
[Mafoko a a mo go tsebe 104]
“Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke tshwenyegile thata jaana mo maikutlong mo ke neng ke batla go swa, mme jaanong dilo di ntsamaela sentle gape, ke thusitswe thata ke go rapela ka metlha le go batla kalafi.’’—Heidi
[Lebokoso mo go tsebe 100]
Fa o Ikutlwa o Ngomogile Pelo
Tota banna le basadi bangwe ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba ne ba tle ba ngomolwe pelo ke ditlhobaelo tsa botshelo. Ela tlhoko dikai dingwe.
Rebeka: “Fa e le gore e ke tsela e go leng ka yone, tota ke ka ntlha yang fa ke tshela?”—Genesise 25:22.
Moshe: “Tsweetswee mpolaele ruri, . . . mme mma ke se ka ka bona masetlapelo a me.”—Dipalo 11:15.
Elija: “Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me, gonne ga ke botoka mo go borremogologolwane.”—1 Dikgosi 19:4.
Jobe: “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole, . . . Gore o ntekanyetse nako mme o nkgakologelwe!”—Jobe 14:13.
Mo dikaing tsotlhe tse di tlhalositsweng fa godimo, kgabagare maemo a ne a fetoga mme a tokafala—e le ka tsela e motho yo o bogang a neng a sa e lebelela. Tlhomamisega gore le wena o ka diragalelwa ke se se tshwanang!
[Setshwantsho mo go tsebe 102]
Go ikutlwa o tlaletswe go tshwana le maru a setsuatsue—fa nako e ntse e ya go tla feta
-