LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lff thuto 47
  • A o Siametse go Kolobediwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Siametse go Kolobediwa?
  • Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
  • O ITHUTILE ENG?
  • DINTLHA TSE DINGWE
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • A o Siametse go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • A ke Tshwanetse go Ineela le go Kolobediwa?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
lff thuto 47
Thuto 47. Motho yo o ithutang Baebele o akanyetsa go kolobediwa fa a bona yo mongwe a kolobediwa kwa kopanong.

THUTO 47

A o Siametse go Kolobediwa?

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

O ithutile dilo di le dintsi ka Jehofa fa o ntse o ithuta Baebele. Gongwe o ka tswa o ile wa dira diphetogo dingwe gore o dirise se o se ithutileng. Le fa go ntse jalo, go ka tswa go sa ntse go na le sengwe se se go thibelang gore o se ka wa ineela mo go Jehofa o bo o kolobediwa. Thuto eno e tla tlotla ka dilo dingwe tse di kgoreletsang batho go kolobediwa le gore o ka di fenya jang.

1. O tlhoka go itse Baebele go le kana kang pele o kolobediwa?

Gore o kolobediwe, o tlhoka go nna le “kitso ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Seno ga se reye gore pele ga o kolobediwa o tshwanetse go itse karabo ya potso nngwe le nngwe e batho ba ka go botsang yone ka Baebele. Tota le Bakeresete ba ba nang le lobaka lo loleele ba kolobeditswe, ba nna ba ithuta. (Bakolosa 1:9, 10) Mme gone, o tlhoka go tlhaloganya dithuto tsa botlhokwa tsa Baebele. Bagolwane ba phuthego ba tla go thusa gore o bone gore a o na le kitso e e lekaneng.

2. Ke dilo dife tse o tlhokang go di dira pele o kolobediwa?

Pele o kolobediwa, o tshwanetse go ‘ikwatlhaya o bo o sokologa.’ (Bala Ditiro 3:19.) Seno se raya gore o ikwatlhaela maleo a o a dirileng mme o kopa Jehofa gore a go itshwarele. Gape o ikemiseditse go tlogela dilo tse Modimo a reng di bosula le go tshela ka tsela e e mo itumedisang. Mo godimo ga moo, o simolola go nna gone kwa dipokanong le go rera le phuthego.

3. Goreng o sa tshwanela go letla letshogo le go kgoreletsa?

Bangwe ba tshaba gore ba tla palelwa ke go dira se ba solofeditseng Jehofa gore ba tla se dira. Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe o tla dira diphoso, fela jaaka banna le basadi ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Mme Jehofa ga a lebelela gore batho ba ba mo obamelang ba se ka ba dira diphoso gotlhelele. (Bala Pesalema 103:13, 14.) Jehofa o a itumela fa o dira sotlhe se o se kgonang! O tla go thusa. Tota e bile, o re tlhomamisetsa gore ga go na sepe ‘se se ka dirang gore a se ka a tlhola a re rata.’—Bala Baroma 8:38, 39.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore go itse Jehofa botoka le go amogela thuso ya gagwe, go ka go thusa jang gore o fenye dilo tse di go kgoreletsang go kolobediwa.

Ditshwantsho: Mosetsana o fenya dikgwetlho gore a kolobediwe. Ditshwantsho tseno di a boelediwa mo thutong eno.

4. Itse Jehofa botoka

Mosadi o ithuta Baebele le Mosupi wa ga Jehofa.

O tlhoka go itse Jehofa go le kana kang pele ga o kolobediwa? O tlhoka go mo itse mo go lekaneng gore o mo rate o bo o batle go mo itumedisa. Tshameka BIDIO eno mme o bone gore batho ba ba ithutang Baebele mo lefatsheng lotlhe ba ile ba dira seo jang. Go tswa foo, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

BIDIO: Go Ipaakanyetsa go Kolobediwa (3:56)

  • Mo bidiong eno, ke eng se se thusitseng batho bangwe gore ba ipaakanyetse go kolobediwa?

Bala Baroma 12:2, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A go na le dilo dingwe tse Baebele e di rutang tse o di belaelang, kgotsa a o belaela gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri?

  • Fa go le jalo, o tla dira eng ka seo?

5. Fenya dilo tse di ka go kgoreletsang go kolobediwa

Mosadi o tsenya Baebele mo bekeng ya gagwe fa mmaagwe a ntse a mo omanya.

Fa re dira tshwetso ya go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, rotlhe re lebana le dikgwetlho dingwe. Fa o batla go bona sekai sa seo, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Fa o Rata Jehofa o Tla Fenya Dikgoreletsi (5:22)

  • Mo bidiong eno, ke dikgoreletsi dife tse Narangerel a neng a tlhoka go di fenya gore a direle Jehofa?

  • Tsela e a ratang Jehofa ka yone e ne ya mo thusa jang gore a fenye dikgoreletsi tseo?

Bala Diane 29:25 le 2 Timotheo 1:7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng se se re thusang go nna le bopelokgale jwa go fenya dikgoreletsi?

6. Ikanye gore Jehofa o tla go thusa

Mosadi o rerela mosadimogolo. Motho yo o mo rutang Baebele o tsamaya le ene mo tshimong.

Jehofa o tla go thusa gore o kgone go mo itumedisa. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Jehofa Modimo wa Gago o Tla go Ema Nokeng (2:50)

  • Mo bidiong eno, ke eng se se neng se dira gore moithuti wa Baebele a okaoke go kolobediwa?

  • O ile a ithuta eng se se neng sa mo thusa gore a kgone go ikanya Jehofa?

Bala Isaia 41:10, 13, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng o ka tlhatswega pelo gore o ka kgona go diragatsa se o se solofetsang Jehofa fa o ineela?

7. Godisa tsela e o lebogelang lorato lwa ga Jehofa ka yone

Mosadi o rapela a le esi.

Fa o nna o akanya kafa Jehofa a go ratang thata ka gone, o tla mo leboga le go feta e bile o tla batla go mo direla ka bosakhutleng. Bala Pesalema 40:5, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke masego afe a a tswang kwa go Jehofa a o a lebogelang thata?

Moporofeti Jeremia o ne a rata Jehofa le lefoko la gagwe, e bile o ne a lebogela thata tshiamelo ya go bidiwa ka leina la ga Jehofa. O ne a re: “Lefoko la gago le ne la itumedisa pelo ya me la bo la e ipedisa, gonne ke ntse ke bidiwa ka leina la gago, tlhe Jehofa Modimo.” (Jeremia 15:16) Araba dipotso tseno:

  • Ke eng fa go nna Mosupi wa ga Jehofa e le tshiamelo e e kgethegileng?

  • A o batla go kolobediwa gore o nne Mosupi wa ga Jehofa?

  • A go na le sengwe se se go kgoreletsang go dira jalo?

  • O akanya gore ke eng se o tlhokang go se dira gore o kgone go kolobediwa?

Mosadi o a kolobediwa.

BATHO BANGWE BA RE: “Ke akanya gore nka se kgone go diragatsa sengwe le sengwe se ke tla se solofetsang Jehofa fa ke kolobediwa.”

  • A ke tsela e o ikutlwang ka yone?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o tla go thusa gore o kgone go fenya sepe fela se se go kgoreletsang go kolobediwa.

Poeletso

  • O tlhoka go itse Baebele go le kana kang gore o kolobediwe?

  • Ke diphetogo dife tse o ka tlhokang go di dira pele ga o kolobediwa?

  • Goreng o sa tshwanela go letla letshogo le go thibela?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore ke eng se se tshwanetseng go go tlhotlheletsa go tsaya kgato ya go kolobediwa.

“A o Siametse go Kolobediwa?” (Tora ya Tebelo, March 2020)

Ithute gore o ka fenya jang dikgwetlho dingwe tse di go kgoreletsang go kolobediwa.

“Ke Eng se se Nthibelang go Kolobediwa?” (Tora ya Tebelo, March 2019)

Bona gore ke eng se se neng sa thusa monna mongwe go fenya dilo tse di neng di mo kgoreletsa go kolobediwa.

‘Ke ka Ntlha ya Eng o Diega go Kolobediwa?’ (1:10)

Kwa tshimologong, monna mongwe yo o bidiwang Ataa o ne a okaoka go kolobediwa. Bona gore ke eng se se neng sa mo tlhatswa pelo gore a tseye kgato eno ya botlhokwa.

A Tota Seno se a Ntshwanela? (7:21)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela