LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 10/1 ts. 4
  • Re Tlile Jang Mono?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tlile Jang Mono?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Ikaeletse go Direla Batho Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Ba Latlhegelwa ke Paradaise
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Lebaka La go Bo Boikepo bo Tswelela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Goreng go Direga Dilo Tse di Bosula e Bile Batho ba Boga?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 10/1 ts. 4

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | TOTA MOLAETSA WA BAEBELE WA RENG?

Re Tlile Jang Mono?

Genesise, buka ya ntlha ya Baebele, e tlhalosa tshimologo ya lobopo jaana ka bokhutshwane: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Fa Modimo a sena go dira dimela le diphologolo, o ne a bopa batho ba ntlha, Adame le Efa. Ba ne ba farologane le diphologolo ka gonne ba na le dinonofo tse di rileng tsa Modimo, go akaretsa le kgololesego ya go itlhophela. Ka jalo, ba ne ba tla ikarabelela se ba se dirang. Fa ba ne ba ile ba ikobela ditaelo tsa Modimo, ba ka bo ba ne ba ile ba nna le seabe mo boikaelelong jwa Modimo e le batsadi ba ntlha ba batho mo lefatsheng lotlhe, ba ba neng ba tla itumelela botshelo jwa kagiso, jo bo itekanetseng jwa go ya go ile mo lefatsheng.

Le fa go ntse jalo, moengele mongwe, kgotsa sebopiwa sa moya, se e ile sa dirisa tshono eo go dira gore batho ba diragatse dikeletso tsa gagwe tsa bopelotshetlha. Ka go dira jalo, o ne a nna Satane, go go rayang “Moganetsi.” A dirisa noga, Satane o ne a tsietsa Efa, a mmolelela gore o tla itumela fa a sa kaelwe ke Modimo. Adame le Efa ba ne ba latela Satane, ba senya kamano ya bone le Modiri wa bone. Ka ntlha ya tshwetso e e sa siamang e ba e dirileng, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba palelwa ke go bona botshelo jo bo sa feleng, mme ba fetisetsa boleo le loso lo re sa kgoneng go lo tila, mo go rona rotlhe.

Ka bonako morago ga foo, Modimo o ne a tlhalosa boikaelelo jwa gagwe jwa go fetola maemo a a utlwisang botlhoko ano le go naya bana ba ga Adame tsela ya go bona botshelo jo bo sa feleng. Modimo o ne a bolelela pele gore “losika”—mongwe yo o kgethegileng—kgabagare lo tla senya Satane le go dirolola pogo yotlhe e e bakilweng ke Satane, Adame le Efa. (Genesise 3:15) “Losika” loo e ne e tla nna mang? Go ne go tla bonala fa nako e ntse e tsamaya.

Mme go fitlha nako eo e goroga, Satane o ne a nna a leka go kgoreletsa boikaelelo jo bo siameng jwa Modimo. Boleo le boikepo di ne tsa anama ka bonako. Modimo o ne a swetsa ka gore a senye batho ba ba boikepo ka morwalela. O ne a laela Noa wa mosiami gore a age araka—lebokoso le legolo le le kokobalang—go boloka ene le ba lelapa la gagwe mmogo le diphologolo tse a ileng a laelwa gore a di tsenye mo arakeng.

Ngwaga morago ga Morwalela, Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng ba tsena mo lefatsheng le le phepa. Mme “losika” lo ne lo ise lo bonale.

​—E theilwe mo go Genesise kgaolo 1-11; Jude 6, 14, 15; Tshenolo 12:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela