LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 10/1 ts. 3
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Kgatlhegela Baebele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Kgatlhegela Baebele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Buka E e Ka Tlhaloganngwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Motswedi o o Sa Tshwaneng le Ope wa Botlhale jwa Maemo A A kwa Godimo
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 10/1 ts. 3

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | TOTA MOLAETSA WA BAEBELE WA RENG?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Kgatlhegela Baebele?

Baebele ke buka e e tumileng thata. Ka ntlha yang? Ka gonne go motlhofo go e tlhaloganya. E na le dipego tsa dilo tse di diragetseng tsa batho ba mmatota, kafa ba ileng ba dirisana ka teng le kafa ba ileng ba dirisana le Modimo ka teng. Dipego tseno di re ruta dithuto tse di mosola di dirisa mafoko a a sa raraanang a a ka tlhalosiwang ka dipuo di le dintsi e bile a tlhaloganngwa ke batho ba ba nnang le fa a le kae kgotsa ba ba tshelang mo nakong le fa e le efe. Mme melaometheo ya Baebele e bereka ka dinako tsotlhe.

Se se botlhokwa le go feta, Baebele e bontsha gore ga se buka fela e e buang ka Modimo mme gape e tswa kwa Modimong. E senola leina la Modimo, botho jwa gagwe le boikaelelo jwa gagwe jo bo sa fetogeng jwa go bo a bopile lefatshe le batho. Gape Baebele e tlhalosa kafa molemo o sa bolong go tswelela o le teng le fa go na le tlhotlheletso ya bosula: e leng kgang e e amang batho botlhe e e felelang ka boitumelo. Go bala Baebele re ikemiseditse go amogela dikgopolo tse disha go tla dira gore re nne le tumelo le tsholofelo.

Mo Baebeleng, go na le tshedimosetso e re ka se kang ra e bona gope go sele. Ka sekai, Baebele e re bolelela boammaaruri ka dilo tse di jaaka tseno:

  • Gore re tswa kae le gore ke ka ntlha yang fa re boga

  • Dithulaganyo tsa Modimo tsa go golola batho

  • Se Jesu a se re diretseng

  • Se se tla diregang ka lefatshe le ka batho

Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke ditsebe tse di latelang ka bokhutshwane go bona gore tota molaetsa wa Baebele ke eng?

DINTLHA TSE DIKHUTSHWANE KA BAEBELE

  • Setlhogo: Kafa Bogosi jwa Modimo jo bo kwa legodimong bo tla dirang gore go nne le tshiamo le kagiso gape mo lefatsheng ka teng

  • Diteng: Dibuka di le 39 ka Sehebera (le ditemana di le mmalwa ka Searamaika) le tse dingwe di le 27 ka Segerika

  • E kwadilwe ke: Bakwadi ba ka nna 40 ka dingwaga tse di ka nnang 1 600, go tloga ka 1513 B.C.E. go ya go 98 C.E.

  • Dipuo: Gone jaanong e ranotswe e feletse kgotsa karolo ya yone ka dipuo tse di fetang 2 500

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela