LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 10/1 ts. 5
  • Modimo o Dira Dithulaganyo Tsa go Golola Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Dira Dithulaganyo Tsa go Golola Batho
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mesia! Ene yo Modimo a Tlisang Poloko ka Ene
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Re Bone Mesia”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ba Ne Ba Leta Mesia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Mesia o a Goroga
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 10/1 ts. 5

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | TOTA MOLAETSA WA BAEBELE WA RENG?

Modimo o Dira Dithulaganyo Tsa go Golola Batho

Modimo o ne a solofetsa Aborahame yo o ikanyegang gore “losika” lo go boleletsweng pele ka lone e tla nna mongwe wa bana ba ga Aborahame. Ka ene, batho ba ‘ditšhaba tsotlhe’ ba ne ba tla segofadiwa. (Genesise 22:18) Moragonyana setlogolo sa ga Aborahame e bong Jakobe o ne a fudugela kwa Egepeto, kwa ba lelapa la gagwe ba neng ba gola go nna setšhaba sa Iseraele.

Moragonyana, kwa Egepeto, Faro yo o setlhogo o ne a dira Baiseraele makgoba, go fitlha Modimo a tlhopha moporofeti Moshe, yo o neng a etelela setšhaba pele go tswa mo nageng eo go ralala metsi a Lewatle le Lehibidu a a neng a kgaogana ka kgakgamatso. Morago ga foo, Modimo o ne a naya Iseraele melao, go akaretsa le Melao e e Lesome, gore e ba kaele le go ba sireletsa. Melao eo e ne e bua ka ditshupelo tsa boitshwarelo jwa boleo tse di tshwanetseng go ntshiwa. A tlhotlhelediwa ke Modimo, Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore Modimo o ne a tla ba romelela moporofeti yo mongwe. Moporofeti yoo e ne e tla nna “losika” lo lo solofeditsweng.

Mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 400 morago ga foo, Modimo o ne a solofetsa Kgosi Dafide gore, “losika” lo lo tlang, lo go boleletsweng pele ka lone kwa Edene, lo tla busa mo bogosing jo bo tla nnelang ruri. E tla nna Mesia, Mogolodi yo o tlhomilweng ke Modimo gore a boloke batho le go dira lefatshe Paradaise gape.

Ka Dafide le baporofeti ba bangwe, Modimo o ne a senola mo go oketsegileng ka Mesia. Ba ne ba bolelela pele gore o tla nna boikokobetso a le pelonomi le gore mo pusong ya gagwe, tlala, tshiamololo le dintwa di tla fela. Batho botlhe ba tla nna ka kagiso tota le go agisana le diphologolo. Bolwetse, pogo le loso—tse di iseng di ko di nne boikaelelo jwa Modimo—di tla fela mme batho ba ba suleng ba tla boa ba tshela gape mo lefatsheng.

Modimo o ne a bolelela pele a dirisa moporofeti Mika gore Mesia o tla tsholelwa kwa Bethelehema mme a bolelela pele a dirisa moporofeti Daniele gore o tla bolawa. Mme Modimo o ne a tla tsosa Mesia mo baswing a bo a mo tlhoma go nna Kgosi kwa legodimong. Daniele le ene o ne a bonela pele gore kgabagare Bogosi jwa ga Mesia bo tla emisetsa mebuso yotlhe ka bosakhutleng. A tota Mesia o ne a tla tla jaaka go ne ga bolelelwa pele?

​—E theilwe mo go Genesise kgaolo 22-50 le Ekesodo, Duteronome, 2 Samuele, Dipesalema, Isaia, Daniele, Mika, Sekaria 9:9.

LEINA LE LE BOITSHEPO LA MODIMO

Mo go Genesise 2:4 leina Jehofa le tlhaga ka lekgetlho la ntlha mo Baebeleng. Leina le le tlhomologileng leno le tlhaga ka makgetlho a le 7 000 mo mokwalong wa seatla wa puo ya ntlhantlha ya Dikwalo tse di Boitshepo. Bokao jwa lone—“O Dira Gore go Diragale”—ke tsela ya go re tlhomamisetsa gore Modimo o kgona go diragatsa sotlhe se a se ikaeletseng le se a se solofetsang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela