LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 10/1 ts. 7
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Yang Kwa Bathong Botlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Yang Kwa Bathong Botlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Web Site ya Rona ya Semolao—E Diretswe go Solegela Rona le ba Bangwe Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Bokeresete Jwa Boammaaruri bo a Fenya!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Utlwa se Mova o se Bolelelan Diphuthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 10/1 ts. 7

SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | TOTA MOLAETSA WA BAEBELE WA RENG?

Dikgang Tse di Molemo Tse di Yang Kwa Bathong Botlhe

Go tsosiwa ga ga Jesu go ile ga dira gore barutwa ba gagwe ba tlhatswege pelo le gore ba tlhoafale. Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya loeto go ralala Asia Minor le karolo ya Mediterranean, a rulaganya diphuthego le go nonotsha Bakeresete gore ba eme ba tiile fa ba lebana le dikgatelelo tsa boitsholo jo bo sa siamang le kganetso e e setlhogo. Le fa go ne go na le dikgwetlho tseno, Bakeresete ba ne ba oketsega.

Paulo ka boene o ne a tsenngwa mo kgolegelong. Mme le fa a ne a le koo, o ne a kwala makwalo a a kgothatsang le go gakolola diphuthego tsa Bokeresete. O ne a ba tlhagisa ka sengwe se se kotsi le go feta—botlhanogi. A kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, Paulo o ne a bonela pele gore “diphiri tse di gatelelang” tse di buang “dilo tse di sokameng” di tla tsena mo gare ga bone “gore [di] gogele barutwa kwa go bone.”—Ditiro 20:29, 30.

Kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, botlhanogi jono bo ne bo setse bo simologile. Mo e ka nnang ka nako eo Jesu yo o tsositsweng o ne a naya moaposetoloi Johane ponatshegelo ya Tshenolo, e e ka isagwe. Jaaka Johane a ile a kwala, baganetsi le barutisi ba maaka ga ba a ka ba kgona go thibela Modimo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka lefatshe le ka batho. ‘Setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme le batho,’ ba tla utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Tshenolo 14:6) Lefatshe le tla boa le nna Paradaise mme ope fela yo o batlang go dira go rata ga Modimo a ka nna mo go yone!

A seo se utlwala e le “dikgang tse di molemo” mo go wena? Fa e le gore go ntse jalo, ithute mo go oketsegileng ka molaetsa wa Modimo o o yang kwa bathong o o mo Baebeleng le kafa o ka go solegelang molemo ka gone gompieno le mo nakong e e tlang.

O ka ipalela Baebele mo Internet mo go www.jw.org/tn. Mo go web site eo, o ka kgona gape go sekaseka boroutšhara jwa Baebele E na Le Molaetsa Ofe? le jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! mmogo le buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? le dikgatiso tse dingwe tse di tlotlang ka gore ke ka ntlha yang fa re ka ikanya Baebele le gore re ka dirisa jang kgakololo ya yone e e mosola mo malapeng a rona le mo botshelong jwa rona. Kgotsa kopa Mosupi ope fela wa ga Jehofa gore a go neye tshedimosetso e e oketsegileng.

—E theilwe mo go Ditiro, Baefeso, Bafilipi, Bakolosa, Filimone, 1 Johane, Tshenolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela