Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 29, 2012. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.
1. Ke eng se se tshwantshediwang ke sebeso se Esekiele a se boneng mo ponatshegelong? (Esek. 43:13-20) [Sept. 10, w07 8/1 ts. 10 ser. 4]
2. Ke eng se se tshwantshediwang ke metsi a noka ya ponatshegelo ya ga Esekiele? (Esek. 47:1-5) [Sept. 17, w07 8/1 ts. 11 ser. 1]
3. Mafoko a a reng a “ikemisetsa mo pelong ya gagwe” a senola eng ka tao ya semoya e Daniele a neng a e newa mo bosheng jwa gagwe? (Dan. 1:8) [Sept. 24, dp ts. 32 ser. 4-6; ts. 37 ser. 16]
4. Setlhare se segolo thata sa toro ya ga Nebukadenesare se ne se emela kgotsa se tshwantshetsa eng? (Dan. 4:10, 11, 20-22) [Oct. 1, w07 9/1 ts. 18 ser. 5]
5. Daniele 9:17-19 e re ruta eng malebana le thapelo? [Oct. 8, w07 9/1 ts. 20 ser. 5-6]
6. Ke kgolagano efe e e neng ya ‘bolokwa e le maatla mo go ba le bantsi’ go fitlha kwa bokhutlong jwa beke ya bo70 ya dingwaga, kgotsa 36 C.E.? (Dan. 9:27) [Oct. 8, w07 9/1 ts. 20 ser. 4]
7. Re ka swetsa ka go reng ka se moengele a neng a se bolelela Daniele gore “kgosana ya puso ya segosi ya Peresia” e eme kgatlhanong le ene? (Dan. 10:13) [Oct. 15, w11 9/1 ts. 8 ser. 2-3]
8. Ke boporofeti bofe jwa Baebele ka Mesia jo bo diragaditsweng malebana le Daniele 11:20? [Oct. 15, dp ts. 232-233 ser. 5-6]
9. Go ya ka Hosea 4:11, ke dikotsi dife tse di leng teng ka go nwa bojalwa thata? [Oct. 22, w10 1/1 ts. 4-5]
10. Re tshwanetse go ithuta thuto efe ya botlhokwa e e mo go Hosea 6:6? [Oct. 22, w07 9/15 ts. 16 ser. 8; w05 11/15 ts. 24 ser. 11-12]