Thulaganyo ya Beke ya October 29
BEKE E E SIMOLOLANG KA OCTOBER 29
Pina 13 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 28 ¶16-22 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Hosea 8-14 (10 mets.)
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (20 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
15 mets: “Kafa o ka Solegelwang Molemo ka Gone ke Setlhopha sa Tirelo ya Tshimo.” Dipotso le dikarabo. Fa o sekaseka lebokose le le mo go tsebe 6, botsolotsa ka bokhutshwane mongwe yo pokano ya tirelo ya tshimo e tshwarelwang kwa legaeng la gagwe. O rulaganya dilo jang gore pokano ya tirelo e tshwarelwe kwa legaeng la gagwe beke le beke? Ke ka ntlha yang fa a anaanela tshiamelo ya gore dipokano tseno di tshwarelwe kwa legaeng la gagwe?
15 mets: “Ditsela Tse Tlhano Tsa go Bona Thuto ya Baebele.” Dipotso le dikarabo. Fa lo sena go tlotla ka serapa 6, kopa ba ba ileng ba tshwara thuto ya Baebele e e gatelang pele gore ba akgele ka boipelo jo ba neng ba nna le jone.
Pina 122 le Thapelo