Bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends?
Jehofa o bopile batho gore ba kgone go dirisana le go simolola botsala. (Dia. 17:17; 18:1, 24) E le gore botsala jo bo ntseng jalo bo re solegele molemo, re tshwanetse go tlhopha ditsala tsa rona ka botlhale. (Dia. 13:20) Morago ga go leba bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends?, a o ka araba dipotso tse di latelang?
Matseno:
(1) Tsala ya boammaaruri ke e e ntseng jang?
Dikgoreletsi Tsa go Dira Botsala:
(2) O ka fenya jang go ikutlwa o kgaphetswe kwa thoko? (Bafil. 2:4) (3) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go iketleeletsa go tokafatsa botho jwa rona, mme ke mang yo o ka re thusang go dira jalo? (2 Bakor. 13:11) (4) Re ka batla jang ditsela tsa go nna le ditsala tse di oketsegileng?—2 Bakor. 6:13.
Botsala le Modimo:
(5) Re ka dira jang gore re atamalane le Jehofa mme ke eng fa go dira jalo go solegela molemo? (Pes. 34:8) (6) Fa re dira Jehofa tsala ya rona e kgolo, re ka nna le botsala bofe jo bo molemo le batho ba bangwe?
Ditsala Tse di sa Siamang:
(7) Ditsala tse di sa siamang ke bomang? (1 Bakor. 15:33) (8) Ditsala tse di sa siamang di ka senya jang kamano ya rona le Jehofa?
Terama ya Segompieno:
(9) Pego ya Baebele e e ka ga Dina e re ruta eng? (Gen. 34:1, 2, 7, 19) (10) Tara o ne a buelela jang go itsalanya le basha ba ba sa dumeleng? (11) Ditsala tsa ga Tara tsa kwa sekolong di ne tsa mo tsenya mo mathateng afe? (12) Ke ka ntlha yang fa batsadi ba ga Tara ba ne ba sa lemoge mathata a a neng a le mo go one, mme ba ne ba mo thusa jang go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa fa ba lemoga seo? (13) Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o ne a bontsha jang gore ke tsala ya mmatota ya ga Tara? (14) Ke eng se Tara a neng a se lemoga?
Konelo:
(15) Ke dithuto dife tse o di ithutileng mo bidiong eno? (16) O ka dirisa bidio eno jang go thusa ba bangwe?
E kete re ka tlhopha ditsala tse di ka re thusang go tswelela re na le botsala jo bo sa tshwaneng le bope—botsala le Modimo!—Pes. 15:1, 4; Isa. 41:8.