LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/02 ts. 1
  • E Amogetswe ka Boitumelo jo Bogolo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Amogetswe ka Boitumelo jo Bogolo!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bidio e re Tlhokang go e Akanyetsa ka Kelotlhoko
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • O ka Kgona go Nna Tsala ya ga Jehofa
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Tlhopha Ditsala ka Botlhale
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 4/02 ts. 1

E Amogetswe ka Boitumelo jo Bogolo!

1 Malapa a Bakeresete gongwe le gongwe a ile a bolela kafa a neng a anaanela bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends? ka boitumelo ka teng. Rre mongwe kwa United States o ne a bolela gore e ne ya re fa bomorwawe ba sena go e leba ba sala ba ntse fa fatshe ka tidimalo—ba ne ba kgona go tlhaloganya sentle sengwe le sengwe se ba neng ba se bona mo bidiong eno! Pego nngwe go tswa kwa Malawi e bolela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha koo ba ne ba tlhaloganya sentle se bidio eno e se buang ka gonne le bone ba gateletswe ka tsela e e tshwanang ke dithaka tsa bone kwa sekolong. Rre mongwe kwa Jeremane o ne a bua jaana ka bidio eno: “Ke tsaya gore e ne e le tsela ya go araba dithapelo tsa me.” Mosha mongwe o ne a bua jaana: “Ke leboga thata go bo lo nkgopoditse gore ruri Jehofa o amega ka nna.” Mogolwane mongwe kwa New Zealand o ne a bega jaana: “E thusitse mongwe wa basha ba rona gore a boele gape mo tseleng e e isang botshelong.” Mosadi mongwe yo o nyetsweng o ne a e leba a bo a re: “Ke eletsa thata jang gore mosha mongwe le mongwe yo o mo boammaaruring a lebe bidio eno mme a tlhotlheletsege go dira gore boammaaruri e nne jwa gagwe!” Malapa, ke eng fa lo sa e lebe gape? Go tswa foo, lo bo lo tlotla mmogo ka dipotso tse di latelang.

2 Matseno: Tsala ya boammaaruri ke motho yo o ntseng jang?—Dia. 18:24.

3 Dilo Tse di Kgoreletsang Botsala: O ka fenya jang go ikutlwa o kgapetswe kwa thoko? (Bafil. 2:4) Ke eng fa o tshwanetse go iketleetsa go tokafatsa botho jwa gago, mme ke bomang ba ba ka go thusang go dira jalo? Ke eng se se tla go thusang go nna le ditsala tse di oketsegileng, mme o ka di bona kae?—2 Bakor. 6:13.

4 Go Nna Tsala le Modimo: O ka nna jang tsala le Jehofa, mme ke eng fa go le molemo go dira jalo? (Pes. 34:8) Ke mang yo o ka go thusang botoka go nonotsha botsala jwa gago le Modimo?

5 Ditsala Tse di sa Siamang: Ditsala tse di sa siamang ke batho ba ba ntseng jang? (1 Bakor. 15:33) Ditsala tse di sa siamang di ka senya bomoya jwa motho jang? Pego ya Baebele ka Dina e go ruta eng?—Gen. 34:1, 2, 7, 19.

6 Terama ya Motlha wa Gompieno: Bodutu bo ne jwa ama Tara jang? O ne a buelela go tlwaelana ga gagwe le basha ba lefatshe jang? Ba ne ba mo tsenya mo dikotsing dife? Ke eng fa batsadi ba gagwe ba ne ba se ka ba bona kotsi e a neng a le mo go yone, mme ba ne ba nna le boikutlo bofe fa ba ne ba mo thusa gore a boe a nonofe gape semoyeng? Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o ne a supa jang gore e ne e le tsala ya mmatota ya ga Tara? Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go tsaya Diane 13:20 le Jeremia 17:9 tsia? Tara o ne a ithuta thuto efe e e molemo?

7 Konelo: O ithutile dithuto dife mo bidiong eno? O ka e dirisa jang go thusa ba bangwe?—Pes. 71:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela