Pina 122
Boidiidi Jwa Bakaulengwe
E e Gatisitsweng
1. Boidiidi jwa bakaulengwe,
bo bogolo jang ne!
Mme botlhe ke basupi,
ba ba ikanyegang.
Ba balwa ka dikete,
mme ba’a oketsega,
Ba fitlhelwa merafeng yotlhe,
ba baka Modimo.
2. Boidiidi jwa bakaulengwe,
Bo bolela gotlhe
‘Dikgang tse di molemo;’
go utlwa ke botlhe.
Fa re ntse re bolela,
le fa ba re tshwenya,
Jesu o a re lapolosa;
re newa kagiso.
3. Boidiidi jwa bakaulengwe,
Jah o a ba rata,
Fa ba ntse ba direla,
mo phuthegong ya ’gwe.
Boidiidi jono jotlhe,
bo rera Bogosi,
Re dirisana le Modimo,
re dira thato’a ’gwe.
(Bona le Isa. 52:7; Math. 11:29; Tshen. 7:15.)