Kgaolo 23
Ijoo wa Bobedi—Masomo a Bapagami ba Dipitse
1. Go sa kgathalesege maiteko a baruti a go nyeletsa tsie, go ile ga diragala eng, mme go tla ga boijoo ba bangwe ba babedi go supa eng?
GO SIMOLOGA ka 1919 go ya pele, go tlhaselwa ga dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ke tsie ya tshwantshetso go nnile ga tshwenya baruti fela thata. Ba nnile ba leka go nyeletsa tsie eno, mme yone e nnile ya nna ya nonofela pele. (Tshenolo 9:7) Mme seo ga se sone sotlhe! Johane o kwala jaana: “Ijoo a le mongwe o fetile. Bona! Go tla bo ijoo ba bangwe ba babedi morago ga dilo tseno.” (Tshenolo 9:12) Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di sa ntse di emetswe ke dipetso tse dingwe tse di tlhokofatsang.
2. (a) Go diragala eng fa moengele wa borataro a letsa terompeta ya gagwe? (b) ‘Lentswe le le lengwe le le tswang mo dinakeng tsa sebeso sa gouta’ le emela eng? (c) Ke ka ntlha yang fa go umakiwa baengele ba banè?
2 Ijoo wa bobedi o tswa kae? Johane o kwala jaana: “Mme moengele wa borataro a letsa terompeta ya gagwe. Mme ka utlwa lentswe le le lengwe le tswa mo dinakeng tsa sebeso sa gouta se se fa pele ga Modimo le raya moengele wa borataro, yo o neng a tshotse terompeta le re: ‘Golola baengele ba banè ba ba bofilweng kwa nokeng e kgolo ya Euferatese.’” (Tshenolo 9:13, 14) Go bulelwa ga baengele go direga morago ga gore go tswe taelo ya lentswe le le tswang fa gare ga dinaka tsa sebeso sa gouta. Seno ke sebeso sa gouta sa maswalo, mme pelenyana maswalo a megopo ya gouta a a tswang mo sebesong seno a ne a amanngwa le dithapelo tsa baitshepi gabedi. (Tshenolo 5:8; 8:3, 4) Jalo, lentswe leno le le lengwe le emela go rapela ka kutlwano ga baitshepi mo lefatsheng. Ba kopa gore bone ka bobone ba gololelwe go ya go dira tirelo e e oketsegileng ka tlhagafalo jaaka “barongwa” ba ga Jehofa, se e leng tlhaloso ya motheo ya lefoko la Segerika le fano le ranotsweng ka go re “baengele.” Ke ka ntlhayang fa e le baengele ba banè? Palo eno ya tshwantshetso go lebega e kaya gore ba ne ba tla bo ba rulaganye sentle mo ba neng ba tla kgona go apesa lefatshe lotlhe.—Tshenolo 7:1; 20:8.
3. Baengele ba banè ‘ba bofilwe kwa nokeng e kgolo ya Euferatese’ ka tsela efe?
3 Baengele ba ba ‘bofilwe jang kwa nokeng e kgolo ya Euferatese’? Mo metlheng ya bogologolo noka ya Euferatese e ne e le molelwane o o kafa bokonebotlhaba jwa lefatshe le Jehofa a neng a le solofeditse Aborahame. (Genesise 15:18; Duteronome 11:24) Kafa go lebegang ka teng, baengele bano ba ne ba kganeletswe fa molelwaneng wa lefatshe le ba neng ba le filwe ke Modimo, kana go dira tiro mo lefatsheng, ba thibetswe go tsena ka botlalo mo tirelong e Jehofa a neng a ba baakanyeditse yone. Gape Euferatese e ne e amanngwa thata le motse wa Babelona, mme morago ga go wa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., Baiseraele ba senama ba ne ba nna dingwaga tse 70 koo ba le mo botshwarong, ‘ba bofilwe kwa nokeng e kgolo ya Euferatese.’ (Pesalema 137:1) Mo ngwageng wa 1919 Baiseraele ba semoya ba ne ba bofilwe mo thibelong e e tshwanang, ba hutsafetse ba bile ba kopa kaelo ya ga Jehofa.
4. Baengele ba banè ba romilwe go dira tiro efe, mme yone e diragaditswe jang?
4 Ka boitumelo, Johane o kgona go bega jaana: “Mme baengele ba banè ba gololwa, ba ba neng ba baakanyeditswe ura le letsatsi le kgwedi le ngwaga, gore ba bolaye nngwetharong ya batho.” (Tshenolo 9:15) Jehofa ke Mmolokanako yo o sa direng diphoso. O na le thulaganyo mme e bile o a e boloka. Ka jalo, barongwa bano ba bulelwa go ya fela ka thulaganyo e bile e le ka nako e e tshwanetseng ya go ya go dira se ba tshwanetseng go se dira. Akanya fela ka boipelo jwa bone fa ba tswa mo botshwarong ka 1919, ba ipaakanyeditse tiro! Ba romilwe eseng fela go ya go tlhokofatsa mme kwa bokhutlong “ba bolaye nngwetharong ya batho.” Seno se amana le dipetso tse di neng tsa itsisiwe ke kgelebetego ya ntlha ya terompeta mo go tse nnè tse di neng tsa itaya nngwetharong ya lefatshe, ya lewatle, ya dibopiwa tse di mo lewatleng, ya metswedi le dinoka, le ya metswedi ya lesedi ya selegodimo. (Tshenolo 8:7-12) Baengele ba banè ba tswelelapele. Ba ‘bolaya,’ ba senola ka botlalo boemo jwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete jwa go swa semoyeng. Mafoko a a bolelwang jaaka e kete ka go lediwa ga terompeta, a a neng a bolelwa go simolola ka 1922 go ya pele mme a e bileng a ne a tswelela go ya go fitlha motlheng wa gompieno, a diragaditse seno.
5. Malebana le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, modumo wa go gelebetega ga terompeta ya borataro o ne wa utlwadiwa jang ka 1927?
5 Gakologelwa, moengele wa selegodimo o sa tswa go letsa terompeta ya borataro. Go arabela mo go seo, kopano ya borataro ya metseletsele ya dikopano tsa ditšhabatšhaba tsa ngwaga le ngwaga tsa Baithuti ba Baebele e ne ya tshwarelwa kwa Toronto, kwa Ontario, Canada. Thulaganyo ya koo ka Sontaga, July 24, 1927, e ne ya gasiwa mo diteisheneng di le 53 tsa radio, se e neng e le kgaso e kgolo go di feta tsotlhe mo motlheng oo. Molaetsa oo o o neng o buiwa o ne wa utlwiwa ke bareetsi ba gongwe ba neng ba le dimilione tse dintsi. Sa ntlha, maitlamo a a maatla a ne a senola dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete gore di sule semoyeng mme a ntsha taletso e e neng e re: “Mo nakong eno ya kakabalo Jehofa Modimo o kopa batho go kgaogana le go tlogelela ruri ‘dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete’ kana ‘Bokeresete jo bo rulagantsweng’ le go kgaogana le tsone gotlhelele . . . ; [e kete] batho ba ka ineela ka pelo yotlhe le go utlwa Jehofa Modimo le Kgosi ya gagwe le bogosi ka botlalo.” “Kgololesego ya Batho ba Ditšhaba” e ne e le setlhogo sa puo ya phatlalatsa e e neng ya latela. J. F. Rutherford o ne a neela puo eno ka tsela ya gagwe e e tlwaelegileng e e maatla, e e neng e tshwana le “molelo, le mosi, le sulefura” tse Johane a di bonang moragonyana mo ponatshegelong.
6. Johane o tlhalosa jang masomo a bapagami ba dipitse ba ba yang ntweng ba a ba bonang moragonyana?
6 “Mme palo ya masomo a bapagami ba dipitse e ne e le dimiriate di le pedi tsa dimiriate: ke ne ka utlwa palo ya bone. Mme ke ne ka bona dipitse jaana mo ponatshegelong, le ba ba ntseng mo go tsone: ba ne ba na le diiphemelo tsa sehuba tse di khunou le bobududu jo bo kwenneng le bosetlha jwa sebabole; mme ditlhogo tsa dipitse di ne di tshwana le ditlhogo tsa ditau, mme mo melomong ya tsone go ne go tswa molelo le mosi le sulefera. Nngwetharong ya batho e ne ya bolawa ka dipetso tse tharo tseno, ka molelo le mosi le sulefera tse di neng di tswa mo melomong ya tsone.’’—Tshenolo 9:16-18.
7, 8. (a) Bapagami ba dipitse ba tlhasela ba kaelwa ke bomang? (b) Ke ka ditsela dife bapagami ba dipitse ba tshwanang le tsie e e neng ya tla pele ga bone?
7 Kafa go bonalang ka teng, bapagami bano ba dipitse ba tlhasela ba eteletswe pele ke baengele ba banè. A pono e e boifisang! A o ko o akanye kafa o neng o ka ikutlwa ka teng fa e ne e le wena o tlhaselwang ke bapagami bano ba dipitse! Go ba bona fela ka bogone go ne go tla nyerisa pelo ya gago. Le fa go le jalo, a o etse tlhoko kafa bapagami bano ba dipitse ba tshwanang ka teng le tsie e e neng ya tla pele ga bone? Tsie e ne e tshwana le dipitse; mo bapagaming go na le dipitse. Tsoopedi, he, di kopanyelediwa mo ntweng e e amang dilo tsa puso ya Modimo. (Diane 21:31) Tsie e ne e na le meno a a tshwanang le a ditau; dipitse tsa bapagami di na le ditlhogo tse di tshwanang le tsa ditau. Jalo tsoopedi di amanngwa le Tau e e pelokgale ya lotso lwa Juda, e bong Jesu Keresete, yo e leng Moeteledipele wa bone, Molaodi le Motlhomasekao.—Tshenolo 5:5; Diane 28:1.
8 Tsie mmogo le bapagami ba dipitse ba kopanela mo tirong ya ga Jehofa ya katlholo. Tsie e tswa mo mosing o o neng o tshwantshetsa ijoo le molelo o o senyang mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete; mo maganong a dipitse, go tswa molelo, mosi, le sulefura. Tsie e ne e na le seiphemelo sa sehuba sa tshipi, se se kayang gore dipelo tsa yone di ne di sireleditswe ke boineelo jo bo sa reketleng mo go direng tshiamo; bapagami ba dipitse ba apere diiphemelo tsa sehuba tsa mmala o mohunou, o o bobududu, le o mosetlha, seo se tshwantshetsang molelo, mosi, le sulefura tsa melaetsa ya katlholo e e bolayang e e betsegang mo maganong a dipitse. (Bapisa Genesise 19:24, 28; Luke 17:29, 30.) Tsie e ne e na le megatla e e tshwanang le ya diphepheng e e tlhokofatsang ka yone; dipitse di na le megatla e e tshwanang le ya dinoga e di bolayang ka yone! Go lebega gore se se neng sa simololwa ke tsie se tshwanetse go tsweledisiwa ke bapagami ba dipitse ka maatla a magolo go ya fela kwa bokhutlong.
9. Bapagami ba dipitse ba tshwantshetsa eng?
9 Jalo, bapagami bano ba dipitse ba tshwantshetsa eng? Fela jaaka setlhopha sa Johane sa batlodiwa ba ne ba simolola go itsisiwe ga sekaterompeta ga katlholo ya ga Jehofa ya pusoloso ya bomodimo kgatlhanong le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba na le taolo ya go ‘loma le go utlwisa botlhoko,’ jalo re tla lebelela gore sone setlhopha seo se se tshelang se dirisiwe mo go ‘bolayeng,’ ke gore, mo go itsiseng gore dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le baruti ba tsone ba sule gotlhelele semoyeng, ba latlhilwe ke Jehofa ba bile ba emetse go latlhelwa mo “bokepisong jo bo tukang” jwa tshenyego ya bosakhutleng. Eleruri, Babelona o Mogolo otlhe o tshwanetse go fedisiwa. (Tshenolo 9:5, 10; 18:2, 8; Mathaio 13:41-43) Le fa go ntse jalo, pele ga go senngwa ga gagwe, setlhopha sa Johane se dirisa “tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo,” mo go senoleng boemo jwa sekaloso jwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Baengele ba banè le bapagami ba dipitse ba neela kaelo mo polaong eno ya tshwantshetso ya “nngwetharong ya batho.” (Baefeso 6:17; Tshenolo 9:15, 18) Seno se supa gore jaaka setlhopha sa baboledi ba bogosi se bololela go ya ntweng, se rulagantswe sentle e bile se kaelwa ka tsela ya puso ya Modimo ke Morena Jesu Keresete.
Dimiriate di le Pedi Tsa Dimiriate
10. Ke ka tlhaloganyo efe go nang le bapagami ba dipitse ba le dimiriate di le pedi tsa dimiriate?
10 Go ka diragala jang gore bapagami bano ba dipitse ba nne dimiriate tse pedi tsa dimiriate? Miriate tota ke 10 000. Jalo dimiriate tse pedi tsa dimiriate e tla nna dimilione tse 200.a Ka mo go itumedisang, jaanong go na le baboledi ba Bogosi ba le dimilione, mme palo ya bone e kwa tlase thata ga makgolokgolo a dimilione! Le fa go le jalo, gakologelwa mafoko a ga Moshe mo go Dipalo 10:36 a a reng: “A ko o boele mo dimiriateng tsa dikete tsa Iseraele, tlhe Jehofa.” (Bapisa Genesise 24:60.) Se tota se ne se tla raya gore, ‘Boela mo Baiseraeleng ba ba dimilione tse di masome.’ Le fa go ntse jalo, palo ya Baiseraele e ne e ka nna dimilione di le pedi go ya go tse tharo fela mo motlheng wa ga Moshe. Ke eng, he, se Moshe a neng a se raya? Kwantle ga pelaelo o ne a akantse gore Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna ba ba se nang palo jaaka “dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle,” go na le gore ba nne ba palo e e rileng. (Genesise 22:17; 1 Ditiragalo 27:23) Jalo o ne a dirisa lefoko le le rayang ‘miriate’ a supa palo e kgolo mme e le e e se nang selekanyo. Ka gone, The New English Bible e ranola temana eno jaana: “Khutla, MORENA wa diketekete tse di se nang palo tsa Baiseraele.” Seno se dumalana le tlhaloso ya bobedi ya lefoko “miriate” le le fitlhelwang mo didikishinareng tsa Segerika le Sehebera: eleng “bontsintsi jwa batho ba ba se nang palo,” “bontsintsi jwa batho.”—The New Thayer’s Greek-English Lexicon of the New Testament; A Hebrew and English Lexicon of the Old Testament, ya ga Gesenius e e ranotsweng ke Edward Robinson.
11. Gore ba setlhopha sa Johane ba nne dimiriate le eleng ka tsela ya tshwantshetso, go tla tlhokega eng?
11 Le fa go le jalo, palo ya ba setlhopha sa Johane ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng e kwa tlase ga 10 000—e potlana mo miriateng wa mmatota o le mongwe fela. Ba ka tshwantshiwa jang le diketekete tse di se nang palo tsa bapagami ba dipitse? Go nna dimiriate le e leng ka tsela ya tshwantshetso, a ba ne ba ka se tlhoke ba ba ba oketsang? Ke sone se ba neng ba se tlhoka, mme ka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa tshwanelang, ke sone se ba neng ba se amogela! Bano ba tswa kae?
12, 13. Ke ditiragalo dife tse di sa lebalesegeng go simologa ka 1918 go ya go 1935 tse di bontshang gore batho ba ba ba oketsang e ne e tla nna bomang?
12 Go simolola ka 1918 go ya go 1922, setlhopha sa Johane se ne sa simolola go bolelela batho ba ba tlaletsweng kaga tebelelo e e itumedisang ya gore “dimilione tse jaanong di tshelang ga di kitla di swa.” Ka 1923 go ne ga itsisiwe gape gore dinku tsa Mathaio 25:31-34 ba ne ba tla rua botshelo mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi jwa Modimo. Tsholofelo e e tshwanang e ne ya bolelwa ke bukana e e neng e re Freedom for the Peoples, e e neng ya gololwa kwa kopanong ya boditšhabatšhaba ka 1927. Mo masimologong a bo1930 setlhopha sa ba Jonadabe ba ba siameng le ‘batho ba ba neng ba fegelwa le ba ba sonelang’ ka ntlha ya boemo jo bo swabisang jwa semoya jwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete go ne ga bontshiwa fa ba tshwana le dinku tsa tshwantshetso ba ba lebeletseng go tshela mo lefatsheng. (Esekiele 9:4; 2 Dikgosi 10:15, 16) Fa e ne e kaela bano go ya kwa ‘metseng ya botshabelo’ ya motlha wa segompieno, Tora ya Tebelo ya August 15, 1934 (ka Seesemane), e ne ya tlhalosa jaana: “Ba setlhopha sa Jonadabe ba utlwile go lela ga terompeta ya Modimo ba bile ba utlwile tlhagiso ka go tshabela mo phuthegong ya Modimo le go kopanela le batho ba Modimo, mme koo ke gone ko ba tshwanetseng go nna gone.”—Dipalo 35:6.
13 Ka 1935 ba setlhopha seno sa Jonadabe ba ne ba lalediwa ka mo go kgethegileng go ya go nna teng kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C., U.S.A. Koo, ka Labotlhano, May 31, J. F. Rutherford o ne a neela puo ya gagwe e e itsegeng ya “Bontsintsi jo Bogolo jwa Batho,” eo mo go yone a neng a bontsha ka phepafalo gore setlhopha seno sa Tshenolo 7:9 (King James Version) se ne se tshwana le dinku tsa Mathaio 25:33—e leng setlhopha se se ineetseng se se solofetseng go tshela mo lefatsheng. Jaaka ketapele ya dilo tse di neng di tla diragala mo nakong e e tlang, kwa kopanong eo Basupi ba basha ba le 840 ba ne ba kolobediwa, bontsi jwa bone e le ba boidiidi jo bogolo.b
14. A ba boidiidi jo bogolo ba ne ba tla nna le seabe mo go tlhaseleng ga bapagami ba dipitse ga tshwantshetso, mme ke maitlhomo afe a a neng a bolelwa ka 1963?
14 A boidiidi jo bogolo jono bo ne jwa nna le seabe mo go tlhaseleng ga bapagami ba dipitse mo go neng ga simologa ka 1922 le mo go neng ga gatelelwa ka mo go kgethegileng kwa kopanong ya Toronto ka 1927? Ba kaelwa ke baengele ba banè, e bong setlhopha sa Johane sa batlodiwa, eleruri ba ne ba dira jalo! Kwa Kopanong e e ileng ya nna mo lefatsheng lotlhe ya “Dikgang Tse di Molemo Tsa Bosakhutleng” ka 1963, ba ne ba kopanela le setlhopha sa Johane mo maitlhomong a a neng a tshikhinya maikutlo. Ano a ne a bolela gore lefatshe “le lebane le thoromo ya lefatshe ya mathata a lefatshe e e iseng e ko e diragale pele ga moo, le gore mekgatlho yotlhe ya lone ya sepolotiki le Babelona wa lone wa motlha wa segompieno wa bodumedi o tla tshikhinngwa otlhe fela.” Maitlhomo a ne a tlhalosiwa ka gore “re tla nna re tswelela go itsise batho botlhe kwantle ga kgethololo ‘dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng’ malebana le bogosi jwa Modimo jwa Bomesia le malebana le dikatlholo tsa gagwe, tse di tshwanang le dipetso mo babeng ba gagwe mme e le tse di tla diragadiwang go golola batho botlhe ba ba eletsang go obamela Modimo e leng Mmopi ka tsela e a e amogelang, ka moya le ka boammaaruri.” Maitlhomo ano a ne a amogelwa ka matlhagatlhaga mo dikopanong tse 24 tse di neng tsa tshwarwa go kgabaganya lefatshe ke batlakopanong ba palo yotlhe ya 454 977 bao go feta diperesente di le 95 tsa bone e neng e le ba boidiidi jo bogolo.
15. (a) Ka 2005 ba boidiidi jo bogolo ba ne ba nna diperesente di le kae tsa badiri ba Jehofa a ba dirisang mo tshimong? (b) Thapelo ya ga Jesu e e mo go Johane 17:20, 21 e supa jang go tshwaragana ga boidiidi jo bogolo le ba setlhopha sa Johane?
15 Boidiidi jo bogolo bo nnile jwa tswelela go bolela go tshwaragana ga bone ka botlalo le ba setlhopha sa Johane mo go tshololeleng dipetso mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. Ka 2005 boidiidi jo bogolo jono ba ne ba dira diperesente di le 99,8 tsa badiri ba Jehofa a ba dirisang mo tshimong. Maloko a bone a dirisana mmogo le ba setlhopha sa Johane ka pelo yotlhe, ba Jesu a neng a ba rapelela jaana mo go Johane 17:20, 21: “Ke a kopa, e seng kaga bano fela, mme le ka ga ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona, gore lefatshe le dumele gore o nthomile.” Jaaka ba setlhopha sa Johane sa batlodiwa ba etelela pele tlase ga Jesu, boidiidi jo bogolo jo bo tlhagafetseng le bone ba kopanela mo tlhaselong e kgolo go di feta tsotlhe ya bapagami ba dipitse e e iseng e ko e diragale mo hisitoring ya batho!c
16. (a) Johane o tlhalosa jang magano le megatla ya dipitse tsa tshwantshetso? (b) Magano a batho ba ga Jehofa a ne a baakanyediwa tirelo ka tsela efe? (c) Ke eng se se tshwantshediwang ke ntlha ya go bo ‘megatla ya bone e tshwana le diphepheng’?
16 Bapagami bao ba dipitse ba tlhoka didirisiwa tsa tlhabano. Mme abo Jehofa a rulagantse seno ka tsela e e gakgamatsang jang ne! Johane o di tlhalosa jaana: “Gonne taolo ya dipitse e mo melomong ya tsone le mo megatleng ya tsone; gonne megatla ya tsone e tshwana le dinoga e bile e na le ditlhogo, mme di gobatsa ka yone.” (Tshenolo 9:19) Jehofa o tlhomamisitse badiredi ba gagwe ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng go dira tirelo eno. Ka Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le dipokano tse dingwe tsa phuthego le dikolo, o ba rutile kafa ba ka rerang lefoko ka teng, mo e leng gore ba kgona go bua ka taolo ka “loleme lwa ba ba rutilweng.” O tsentse mafoko a gagwe mo melomong ya bone a ba a ba roma go ya go itsise dikatlholo tsa gagwe “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” (2 Timotheo 4:2; Isaia 50:4; 61:2; Jeremia 1:9, 10; Ditiro 20:20) Ba setlhopha sa Johane le ba boidiidi jo bogolo ba nnile ba tlogela molaetsa o o lomang, o o tshwanang le ‘megatla,’ ka diketekete tsa dimilione tsa Dibaebele, dibuka, diboroutšhara, le dimakasine tse di nnileng tsa abiwa go kgabaganya dingwaga. Mo babeng ba bone, ba ba tlhagisiwang ka go tla ga ‘kgobalo’ e e tswang kwa go Jehofa, bapagami bano ba dipitse ba ba yang ntweng eleruri ba lebega e le dimiriate tse pedi tsa dimiriate.—Bapisa Joele 2:4-6.
17. A Basupi ba ga Jehofa ba na le karolo epe mo go tlhaseleng ga bapagami ba dipitse mo mafatsheng ao dibuka di sa kakeng tsa abiwa ka go bo tiro e thibetswe mo go one? Tlhalosa.
17 Karolo e e tlhagafetseng thata ya bapagami bano ba dipitse ke bakaulengwe ba ba mo mafatsheng ao tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng mo go one. Jaaka dinku gareng ga diphiri, bano ba tshwanela go nna “botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo [ba] le ba ba se nang molato jaaka maphoi.” Ka go bo ba utlwa Jehofa, ga ba kgone go lesa go bua kaga dilo tse ba di boneng le go di utlwa. (Mathaio 10:16; Ditiro 4:19, 20; 5:28, 29, 32) E re ka ba se na tshedimosetso e ntsi e e gatisitsweng e ba ka e abang phatlalatsa kana ba se na yone gotlhelele, a re tshwanetse go fetsa ka gore ga ba kopanele ka gope mo go tlhaseleng ga bapagami ba dipitse? Legoka! Ba na le melomo ya bone le taolo e e tswang kwa go Jehofa ya gore ba e dirise mo go boleleng boammaaruri jwa Baebele. Seno ba se dira, ka bosupi jo bo sa rulaganngwang le ka go sa kgaotse, ba simolola dithuto tsa Baebele ba bile ba ‘tlisa bontsi kwa tshiamong.’ (Daniele 12:3) Le mororo ba ka tswa ba sa lome ka megatla ya bone ka tlhaloganyo ya go tlogela dibuka tse di opang kgomo lonaka, molelo wa tshwantshetso, mosi, le sulefura di tswa mo maganong a bone jaaka ba rera ka botlhale le ka matsetseleko kaga letsatsi le le atamelang la ga Jehofa la kgalalelo.
18. Bapagami bano ba dipitse ba abile molaetsa wa sebetso o o gatisitsweng ka dipuo di le kae le ka dipalo tse di kana kang?
18 Mo mafelong a mangwe, dibuka tsa Bogosi di tswelela ka go senola dithuto le ditsela tsa Sebabelona tsa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, di mo tlisetsa kutlobotlhoko e e mo tshwanetseng ka tsela ya tshwantshetso. Ka go dirisa mekgwa ya bosheng ya go gatisa, bapagami bano ba dipitse ba ba se nang palo mo dingwageng tse 68 pele ga 2005 ba ne ba kgona go aba, ka dipuo tse di fitlhang go 450 tsa lefatshe, Dibaebele, dibuka, dimakasine, le diboroutšhara di le dibilione—palo e e fetang dimiriate tse pedi tsa dimiriate tsa mmatota kgakala. A bo megatla eo e ne ya loma mo go botlhoko jang ne!
19, 20. (a) Le mororo melaetsa ya sebetso e nnile ya bolelelwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete segolo bogolo, bangwe mo mafatsheng a a kgakala thata le a ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba e tsibogetse jang? (b) Johane o tlhalosa jang tsela e batho ka kakaretso ba arabetseng ka yone?
19 Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore molaetsa ono wa sebetso o “bolaye nngwetharong ya batho.” Ka jalo, o nnile wa lebaganngwa segolo bogolo le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Mme o fitlhile le mo mafatsheng a a kgakala thata le a ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, go akareletsa le a mantsi ao boitimokanyo jwa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete bo itseweng sentle mo go one. A batho ba mafatshe ano ba ile ba atamela kwa go Jehofa ka ntlha ya go bo ba bona go ferosa sebete ga phuthego eno e e bodileng ya bodumedi? Bontsintsi jwa bone bo dirile jalo! Batho ba ba pelonomi le ba ba rategang ba ba nnang mo mafelong a a seng gaufi thata le tlhotlheletso ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba nnile ba arabela ka iketleetso. Mme fa e le batho ka kakaretso, Johane o tlhalosa karabelo ya bone jaana: “Mme batho ba bangwe botlhe ba ba neng ba sa bolawa ke dipetso tseno ba ne ba se ka ba ikwatlhaela ditiro tsa diatla tsa bone, gore ba se ka ba obamela madimona le medingwana ya gouta le selefera le kgotlho le leje le logong, tse di ka se kang tsa bona le fa e le go utlwa le fa e le go tsamaya; mme ba ne ba se ka ba ikwatlhaela dipolao tsa bone le fa e le go dirisana ga bone le meya le fa e le kgokafalo ya bone le fa e le bogodu jwa bone.” (Tshenolo 9:20, 21) Batho bano ba ba sa ikwatlhaeng ga ba kitla ba sokologa botlhe mo lefatsheng. Botlhe ba ba ganelelang mo ditseleng tsa bone tsa boikepo ba tla tshwanelwa ke go lebagana le katlholo e e botlhoko e e tswang kwa go Jehofa mo letsatsing le legolo la kgalalelo ya gagwe. Mme ‘‘mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.”—Joele 2:32; Pesalema 145:20; Ditiro 2:20, 21.
20 Se re sa tswang go tlotla ka sone ke karolo ya ijoo wa bobedi. Go sa ntse go tla diragala mo gontsi pele ga ijoo ono a khutla, jaaka re tla bona mo dikgaolong tse di latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Commentary on Revelation, ya ga Henry Barclay Swete, e lemotsha jaana mabapi le palo “dimiriate tse pedi tsa dimiriate”: “Dipalo tseno tse dikgolo di re thibela go batlisisa tiragatso ya mmatota, mme tlhaloso e e latelang e ema nokeng tshwetso eno.”
b Bona ditsebe tsa ntlha tsa 119-26; le Vindication, Buka ya Boraro, e e gatisitsweng ka 1932 ke Basupi ba ga Jehofa, ditsebe 83-4.
c Ka go sa tshwane le tsie, bapagami ba dipitse ba ba yang ntweng ba ba bonwang ke Johane ba ne ba sa rwala “se se neng se bonala e le dirwalo tse di tshwanang le gouta.” (Tshenolo 9:7) Seno se dumalana le ntlha ya gore boidiidi jo bogolo, ba gompieno ba leng karolo e kgolo ya bapagami bao ba dipitse, ga ba solofele go ya go busa mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 149]
Go lediwa ga terompeta ya borataro go simolola ijoo wa bobedi
[Ditshwantsho mo go tsebe 150, 151]
Baengele ba banè ba kaela ntwa e kgolo go di feta tsotlhe mo ditiragalong ya bapagami ba dipitse
[Ditshwantsho mo go tsebe 153]
Bapagami ba dipitse ba ba se nang palo ba abile dikgatiso tsa dimilione tse di se nang palo tse molaetsa wa tsone o tswang mo Baebeleng
[Ditshwantsho mo go tsebe 154]
Ba ba setseng ba losika lwa batho ga ba a ka ba ikwatlhaya