Tlhaselo ya Masomo a Bapagami ba Dipitse E e Go Amang
1, 2. Batlhanka ba Modimo ba gompieno ba na le seabe sefe mo go diragadiweng ga ponatshegelo ya boporofeti e e kwadilweng mo go Tshenolo 9:13-19?
1 “Moengele wa borataro a letsa terompeta ya gagwe.” Morago ga moo, go tlhagelela “masomo a bapagami ba dipitse” a le “dimiriate di le pedi tsa dimiriate” ka modumo o e keteng wa tumo ya maru. Ono ga se mophato fela o o tlwaelegileng wa masole. “Ditlhogo tsa dipitse di ne di tshwana le ditlhogo tsa ditau.” Mo melomong ya tsone go ne go tswa molelo, mosi le sulefera, mme “megatla ya tsone e tshwana le dinoga.” Masomo ano a tshwantshetso a a tlhaselang a bapagami ba dipitse a baka tshenyo fa a fetileng gone. (Tshen. 9:13-19) A o itse kafa o nnang le seabe ka gone mo go diragadiweng ga ponatshegelo eno ya boporofeti e e kgatlhang?
2 Masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe, ba itsise dikatlholo tsa Modimo ba le seoposengwe. Seno se dira gore boemo jwa Labokeresete jwa go swa semoyeng bo senoge ka botlalo. A re sekasekeng dikarolo di le pedi tsa ponatshegelo eno ya boporofeti tse di bontshang sentle gore ke ka ntlha yang fa bodiredi jwa batlhanka ba Modimo bo nna le matswela jaana.
3. Ke thapiso efe e o e amogetseng gore o bolele molaetsa wa Modimo ka tsela e e nang le matswela?
3 Ba Thapisitswe le go Tlhomelelwa go Itsise Molaetsa wa Modimo: Mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le mo dipokanong tse dingwe tsa phuthego, badiredi ba Modimo ba ile ba thapisediwa go bua molaetsa wa Modimo ka taolo. Ka go etsa Jesu le barutwa ba gagwe, ba a tswa go ya go batla batho ba ba tshwanetseng, ba rera gongwe le gongwe kwa batho ba ka fitlhelwang gone. (Math. 10:11; Mar. 1:16; Luke 4:15; Dit. 20:18-20) A bo mokgwa ono wa go rera o o tswang mo Baebeleng o ile wa nna le matswela jang ne!
4. Ke didiriswa dife tse baboledi ba le bantsi ba nang le tsone gore di ba thuse go diragatsa tiro ya bone?
4 Badiredi ba Bakeresete ba ile ba anamisa dibilione tsa Dibaebele, dibuka, diboroutšhara le dimakasine fa ba ntse ba dira tiro ya go rera e ba e laetsweng ke Modimo. Dikgatiso tseno di ile tsa abiwa ka dipuo di ka nna 400, mme di bua ka dikgang di le dintsi tse di farologaneng tse di ngokang mefuta e e farologaneng ya batho. A o dirisa didiriswa tseno ka tsela e e nang le matswela?
5, 6. Ke eng se se bontshang gore batho ba ga Jehofa ba na le tshegetso e e tswang legodimong?
5 Go Kaelwa le go Tshegediwa go Tswa Legodimong: Ponatshegelo ya boporofeti gape e dira gore go bonale sentle gore tiro e e tshwantshediwang ke go tlhasela ga masomo a tshwantshetso a bapagami ba dipitse e tshegediwa ke Modimo. (Tshen. 9:13-15) Tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera e dirwa ka thuso ya moya wa Modimo, e seng ka botlhale jwa motho kgotsa maatla. (Seka. 4:6) Jehofa o dirisa baengele go kaela tiro eno. (Tshen. 14:6) Ka gone, ka tshegetso e e tswang legodimong le ka maiteko a a dirwang ke Basupi ba gagwe ba batho, Jehofa o gogela batho ba ba pelonomi kwa go ene.—Joh. 6:45, 65.
6 E re ka batho ba ga Jehofa ba thapisitswe, ba tlhomeletswe sentle gore ba bolele molaetsa wa Modimo e bile ba kaelwa ke baengele, ga go sepe se se ka ba emisang. A re tsweleleng pele ka go diragatsa seabe sa rona mo go diragadiweng ga ponatshegelo eno e e kgatlhang ya boporofeti.