LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 6
  • Mmopi wa Rona o re Tshepisa Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmopi wa Rona o re Tshepisa Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GA GONA GOPE MO LEFATSHENG KWA MOLAETSA WA MODIMO O SEYONG GONE
  • Baebele ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • “Ba ne Ba Tlhotlhelediwa ke Moya o o Boitshepo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Baebele ke Molaetsa o o Tswang Kwa Modimong
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Baebele—A Tota e “Tlhotlheleditswe ke Modimo”?
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 6
Rakgwebo o laela mokwaledi gore a kwale lekwalo a dirisa laptop.

Fela jaaka rakgwebo a ka kopa mongwe gore a mo kwalele lekwalo, Modimo le ene o dirisitse batho ba ba mo ikobelang go kwala Dikwalo Tse di Boitshepo

Mmopi wa Rona o re Tshepisa Eng?

Bogologolo Modimo o ne a dirisa baengele le baporofeti go bua le batho. Mo godimo ga moo, o ile a dira gore molaetsa wa gagwe le dilo tse a re tshepisang tsone di kwalwe. Modimo o re tshepisa gore mo nakong e e tlang re tlile go itumela. Re ka itse jang dilo tse dingwe tse Modimo a re tshepisitseng tsone?

Modimo o re kwaletse molaetsa wa gagwe mo dikwalong tse di boitshepo. (2 Timotheo 3:16) O ile a dirisa jang baporofeti go kwala molaetsa ono? (2 Petere 1:21) O ile a dira gore batho ba kwale dikakanyo tsa gagwe. Ka sekai, a re re rakgwebo o kopa motho yo a mmerekelang gore a mo kwalele lekwalo. Le fa motho yono e le ene a kwalang lekwalo, ga a kwale mafoko a gagwe mme o kwala a rakgwebo. Ka tsela e e tshwanang, le fa Modimo a dirisitse batho go kwala molaetsa ono, ke wa gagwe ka gonne ke mafoko a gagwe.

GA GONA GOPE MO LEFATSHENG KWA MOLAETSA WA MODIMO O SEYONG GONE

Modimo o batla gore batho ba itse molaetsa ono wa gagwe o o mo Dikwalong Tse di Boitshepo le gore ba o bale ka gonne o botlhokwa. Ke gone ka moo batho botlhe mo lefatsheng ba kgonang go o itse go sa kgathalesege gore ba tswa mo lotsong lofe kgotsa ba bua puo efe. (Tshenolo 14:6) Molaetsa ono o gone ka dipuo di feta 3 000. Seno se raya gore o gatisitswe go feta buka epe e e kileng ya gatisiwa mo lefatsheng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela