LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 4-5
  • Mmopi wa Rona O a Re Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmopi wa Rona O a Re Rata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1. MMOPI WA RONA O RE TLHABISETSA LETSATSI
  • 2. MMOPI WA RONA O RE NESETSA PULA
  • 3. MMOPI WA RONA O RE TLAMELA KA DIJO LE DIAPARO
  • Itumelele Pula
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Batlang Bogosi Mme e Seng Sepe se Sele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Mmopi wa Gago—Itse Kafa a Leng ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ene yo o Dirileng Dilo Tsotlhe
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 4-5
Letsatsi le tlhagelela mo godimo ga dithaba fa le ntse le tlhaba.

Mmopi wa Rona O a Re Rata

1. MMOPI WA RONA O RE TLHABISETSA LETSATSI

Ga re ka ke ra kgona go tshela go sena letsatsi. Letsatsi le thusa ditlhare gore di nne le makakaba, malomo, maungo le dipeo. Gape le thusa ditlhare gore di kgone go nwa metsi a a mo mmung ka medi ya tsone mme metsi ao a bo a ya kwa maka- kabeng a bo a fetoga go nna mouwane.

Setshwantsho se se tserweng go tswa kwa godimo sa masimo a tee a a mo dithabeng.

2. MMOPI WA RONA O RE NESETSA PULA

Modimo o re nesetsa pula mme e bo e nosetsa dijalo re bo re nna le dijo. O re naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, e bile o tlatsa dipelo tsa rona ka boitumelo jo bogolo.

Nonyane e dutse mo kaleng mme e batla go ja moretlwa o o wang mo setlhareng.

3. MMOPI WA RONA O RE TLAMELA KA DIJO LE DIAPARO

Borre ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka go tlamela malapa a bone ka dijo le diaparo. Ela tlhoko se lekwalo leno le se buang: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone?”—Mathaio 6:25, 26.

“Ithuteng mo dithunyeng tsa masoma tsa legola, kafa di golang ka gone . . . . ; mme ke lo raya ke re le eleng [Kgosi] Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tseno. Jaanong, fa Modimo a apesa dimela tsa naga jalo . . . , a go na le moo ga a na a apesa lona bogolo?”—Mathaio 6:28-30.

Fa Modimo a kgona go re tlamela ka dijo le diaparo, seno se raya gore a ka kgona go re tlamela ka dilo tse dingwe tse re di tlhokang mo botshelong. Modimo o tla segofa- tsa maiteko mangwe le mangwe a re a di- rang a go leka go itlamela fa re dira thato ya gagwe.—Mathaio 6:32, 33.

Fa re akanya ka dilo tse dintle tse Modimo a di dirileng tse di jaaka letsatsi, pula, dinonyane le malomo, ruri re nna le mabaka a mantsi a go mo rata. Setlhogo se se latelang se tla re tlhalosetsa gore Modimo o dirisitse mekgwa efe go bua le batho.

Mmopi wa rona o ‘tlhabisetsa batho letsatsi . . . e bile o nesetsa batho pula.’—MATHAIO 5:45

Mmopi wa rona o a re rata e bile o a re kgatha- lela. Fela jaaka rre yo o lorato a tlhokomela bana ba gagwe, Modimo le ene o re tlhokomela fela jalo. Dikwalo Tse di Boitshepo tsa re Modimo o tla re thusa ka dilo tse re di tlhokang ka gonne “o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.”—Mathaio 6:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela