LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 7
  • A Lefoko la Modimo le Fetotswe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lefoko la Modimo le Fetotswe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • RE KA ITSE JANG GORE MOLAETSA WA MODIMO GA O A FETOLWA?
  • A Baebele e Ile ya Fetolwa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A3 Matsapa a a Tserweng Gore re Nne le Baebele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • A Ruriruri Re Tlhoka Dikwalo tsa Ntlhantlha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Boammaaruri ke Bofe ka Memeno ya Lewatle le le Suleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 7
Karolwana ya buka ya Isaia e e tswang mo Momenong wa Lewatle le le Suleng e bapisitswe le thanolo ya sesheng ya buka ya Isaia e e kwadilweng ka Searabia.

Setshwantsho seno se bontsha karolwana ya buka ya Isaia e e tswang mo Momenong wa Lewatle le le Suleng e bapisitswe le thanolo ya sesheng ya buka ya Isaia e e kwadi- lweng ka Searabia. Molae- tsa o o mo Lefokong la Modimo ga o a fetoga

A Lefoko la Modimo le Fetotswe?

Batho bangwe ba ipotsa gore a molaetsa wa Modimo o fetotswe. Moporofeti Isaia o ile a re Lefoko la Modimo le tla nnela ruri. (Isaia 40:8) Re ka itse jang gore ditsholofetso tsa Modimo ga di a fetolwa?

Modimo o na le maatla a go sireletsa lefoko la gagwe gore le se ka la fetolwa ke ope. Batho ba ba neng ba kwalolola Baebele bogologolo ba ne ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba oketsa, ba fokotsa kgotsa ba fetola sepe se se kwadilweng. Le fa go ntse jalo batho bangwe ba ba neng ba kwalolola Baebele ba ile ba dira diphoso dingwe.

RE KA ITSE JANG GORE MOLAETSA WA MODIMO GA O A FETOLWA?

Go na le dikhopi di le dintsi tsa Dikwalo Tse di Boitshepo tse di kwalolotsweng ka seatla. Fa e le gore go na le khopi nngwe e e nang le diphoso, go ka nna bonolo gore re bone diphoso tsa yone fa re e bapisa le khopi e nngwe.—Go ithuta mo go oketsegileng bona setlhogo se se reng “A Baebele e Ile ya Fetolwa?” mo jw.org.

Ka sekai, akanya ka memeno mengwe e e bidiwang Memeno ya Lewatle le le Suleng. E ile ya fitlhelwa ke babedoni kwa magageng a a gaufi le lewatle le le suleng ka 1947. Go na le mo Dikwalo Tse di Boitshepo di tlhagelelang gone mo memenong eno tse di saleng di kwadilwe dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng. Baitse ba ile ba bapisa memeno eo le Dikwalo Tse di Boitshepo tse re nang le tsone gompieno. Ba ile ba lemoga eng?

Ba ile ba lemoga gore memeno eo e tshwana le Dikwalo Tse di Boitshepo tse re di dirisang gompieno le gore molaetsa wa Modimo ga o a fetolwa.a Le gompieno re ka tlhomamisega gore Dikwalo Tse di Boitshepo ga di a fetoga.

Ka jalo re ka tshepa gore sengwe le sengwe se re se balang mo Lefokong la Modimo ke nnete. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha gore re ka ithuta eng go tswa mo baporofeting ba Modimo.

a Memeno ya Lewatle le le Suleng ka Sekgoa, e e kwadilweng ke Geza Vermes, tsebe 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela