NSHOLO WE ZWIDIYO 29
LUMBO 121 Re Tlhoka Boikgapo
Dwilila u Zwi Sireletsa mu Kulikwa
“Lindani mutembezele, kuti ndizo musingine mu kulikwa.”—MATH. 26:41.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Setlhogo seno se tla re gopotsa gore re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra leofa. Gape se tla re gopotsa gore re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra dira dilo tse di ka feleletsang di dirile gore re dire boleo.
1-2. (a) Jesu wa ka pa badiwana babe thagiso ipi? (b) Ini badiwana ba ka zwi pa mu makoa e bathu? (Bona dzitshwantsho.)
JESU o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Gone moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”a (Math. 26:41b) Mafoko ano a re bontsha gore Jesu o ne a tlhaloganya gore re na le boleo le gore re tla dira diphoso. Gape o ne a re tlhagisa gore re se ka ra itshepa thata. Diura di se kae pele Jesu a bua mafoko ao, barutwa ba gagwe ba ne ba mo solofetsa gore ga ba kitla ba mo tlogela. (Math. 26:35) Ke boammaaruri gore ba ne ba batla go dira se se siameng. Mme gone, ba ne ba sa akanye gore fa maemo a ne a ka nna thata ba ne ba tla thatafalelwa ke go dira se se siameng. Ke gone ka moo Jesu a ileng a ba raya a re: “Nnang lo disitse e bile lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.”—Math. 26:41a.
2 Ka maswabi, barutwa bao ga ba a ka ba nna ba disitse. Fa Jesu a tshwarwa, ba ile ba mo tlogela ba bo ba tshaba. Tota e bile, ba ne ba dira se ba neng ba ikanne gore ga ba kitla ba se dira ka gonne dilo tseno tsotlhe di diragetse ba sa lebelela.—Math. 26:56.
Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a re ba nne ba disitse gore ba se ka ba tsena mo thaelong, mme ba ile ba mo tlogela (Bona serapa 1-2)
3. (a) Kuti ti dwilile ti thembeka mu na Jehova, ini ta ka fanila ku zwivika mu ku zwithemba kwazo? (b) Towo zwidiyani mu chidiyo icheche?
3 Ga re a tshwanela go itshepa thata. Ke nnete gore re batla go itumedisa Jehofa. Mme gone, re na le boleo e bile re ka leofa. (Bar. 5:12; 7:21-23) Maemo a re sa a lebelelang a ka nna a dira gore re raelesege go dira se se sa siamang. Gore re nne re ikanyega mo go Jehofa le Morwawe, re tshwanetse go reetsa tlhagiso ya ga Jesu ya gore re nne re disitse gore re se ka ra tsena mo thaelong. Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka dira seo jang. Sa ntlha, re tla bona gore ke dilo dife tse re tshwanetseng go ikela tlhoko mo go tsone. Sa bobedi, re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra raelesega. Sa boraro, re tla bona gore re ka dira eng gore re nne re ntshitse matlho dinameng.
DWILILA U ZWI SIRELETSA—MU DZIKAROLO DZIPI?
4-5. Ini ta ka fanila ku dwililwa ti zwi sireletsa mu zwibi zwi tikinini?
4 Le fa maleo mangwe a se masisi jaaka a mangwe, a sa ntse a ka senya botsala jwa rona le Jehofa. Gape a ka dira gore re dire maleo a a masisi.
5 Rotlhe re a tle re raelesege go dira sengwe se se sa siamang. Mme e re ka re na le makoa a a sa tshwaneng, re ka raelwa ke dilo tse di farologaneng. Ka sekai, mongwe a ka raelesega go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Yo mongwe a ka raelesega go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo kgotsa go lebelela ditshwantsho le dibidio tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Yo mongwe ene a ka tswa a galefa ka bonako, a ikgogomosa kgotsa a boifa batho. Ke gone ka moo Jakobe a ileng a re “mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa ke keletso ya gagwe e bo e mo raela.”—Jak. 1:14.
6. Ini cha ta ka fanila be ne malebeswa mu chili?
6 A o itse dilo tse di go raelang motlhofo? Go ka nna kotsi go itlhokomolosa makoa a re nang le one kgotsa go akanya gore ga re ka ke ra dira boleo. (1 Joh. 1:8) Gopola gore Paulo o ile a re “Bakeresete ba ba tshwanelegang” ba ka dira boleo fa ba se kelotlhoko. (Bagal. 6:1) Ka jalo, re tshwanetse go itse makoa a rona.—2 Bakor. 13:5.
7. Ini cha ta ka fanila ku thokomela kwazo? Fanisa.
7 Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o setse o itse dilo tse di go raelang? O tshwanetse go dira ka natla gore o di lwantshe. Ka sekai, ka motlha wa go kwalwa ga Baebele, go ne go ka nna motlhofo gore batho ba tsene ka dikgoro tsa motse gore ba o tlhasele. Ka jalo, badisa ba le bantsi ba ne ba ema kwa dikgorong tsa motse gore ba o sireletse. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go nna kelotlhoko thata mo dilong tse re itseng gore di ka re raela motlhofo.—1 Bakor. 9:27.
TI NGA ZWI SIRELETSA CHINI
8-9. Nlume u nchechana wa ku no legwa ne kukwe mu na Zwiani kgaolo 7 u nga be a ka zwivikila chini mu ku thama chibi chikulukulu? (Zwiani 7:8, 9, 13, 14, 21)
8 O ka dira eng gore o se ka wa raelesega go dira boleo? Akanya ka lekawana lengwe le go buiwang ka lone mo go Diane kgaolo 7. Le ile la tlhakanela dikobo le mosadi mongwe yo a neng a dira boitsholo jo bo sa siamang. Temana 22 e a re lekawana leno le ile la mo sala morago ka “tshoganyetso.” Mme gone, ditemana tse di tlang pele ga eno di bontsha gore o ile a dira ditshwetso tse di sa siamang tse di ile tsa dira gore a feleletse a dirile boleo.
9 Ke ditshwetso dife tse di sa siamang tse lekawana leno le ileng la di dira? Sa ntlha, ‘le ne la feta ka tsela e e gaufi le khona ya mosadi’ yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang. Sa bobedi, le ile la gwanta le ya kwa ntlheng ya ntlo ya gagwe. (Bala Diane 7:8, 9.) Sa boraro, fa a bona mosadi yono a tla kwa go ene, ga a a ka a tsamaya. Go na le moo, o ile a mo letla gore a mo sune a bo a mo reetsa fa a mmolelela gore o ntshitse ditlhabelo tsa go abelana. Gongwe o dirile jalo ka gonne a ne a batla gore lekawana leno le akanye gore ke motho yo o siameng. (Bala Diane 7:13, 14, 21.) Fa lekawana leno le ka bo le sa dira dilo tseno, le ka bo le sa raelesega go dira boleo.
10. Nthu u nga thama phoso ino fanana ne ya ka thamiwa ne nlume u nchechana chini mu nako ya ngwenu?
10 Pego eno e re bontsha se se ka diragalelang motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa. A ka dira boleo jo bo masisi a bo a re o leofile ka gonne a raelesegile go dira boleo a sa lebelela. Mme gone, fa a ka akanya ka se se diragetseng, a ka nna a lemoga gore o ile a dira ditshwetso tse di sa siamang pele ga foo. A ka tswa a ile a itsalanya le batho ba ba sa rateng Jehofa, a tlhopha boitlosobodutu jo bo sa siamang, a tsena mo di-websaeteng kgotsa a ya kwa mafelong a Bakeresete ba sa tshwanelang go ya kwa go one. Gape a ka tswa a ile a tlogela go rapela, go bala Baebele, go ya dipokanong kgotsa go ya bodireding. Fela jaaka lekawana le re tlotlileng ka lone mo go Diane, a ka tswa a dirile boleo ka gonne a dirile ditshwetso tse dintsi tse di sa siamang.
11. Kuti ti si tongo wila mu chibi, ini cha ti nga zwivikila mu chili?
11 Re ithuta eng mo pegong eno? Re ithuta gore re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra dira boleo, le gore ga re a tshwanela go dira dilo tse di ka feleletsang di dirile gore re leofe. Buka ya Diane e gatelela kgang eno fa e sena go tlhalosa se se diragaletseng lekawana leo le mosadi yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang. E re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa timelela kwa ditselaneng tsa gagwe.” (Diane 7:25) Gape e a re: “Tsamaela kgakala le ene; o se ka wa atamela kgoro ya ntlo ya gagwe.” (Diane 5:3, 8) Gore re se ka ra raelesega go dira boleo, ga re a tshwanela go dira dilo tse re itseng gore di ka re tsenya mo mathateng.b Tota e bile, seo se ka raya gore ga re a tshwanela go dira dilo tse go seng phoso gore Bakeresete ba di dire, fa re itse gore di ka dira gore re dire dilo tse di sa siamang.—Math. 5:29, 30.
12. Jobe wa ka thama tshwetso ipi, ngono ya ka be yowo mbatsha chini ku dwilila a ka zwi sireletsa muku likwa? (Job 31:1)
12 Gore re se ka ra iphitlhela re le mo maemong a a ka dirang gore re dire boleo, re tshwanetse go dira tshwetso ya gore ga re kitla re dira se se sa siamang. Jobe o ile a dira jalo. O ile a ‘dira kgolagano le matlho a gagwe’ gore ga a kitla a kgatlhegela basadi ba bangwe. (Bala Jobe 31:1.) Seo se ne se tla mo thusa gore a se ka a dira boaka. Le rona re ka dira tshwetso ya gore ga re kitla re dira sepe se se ka dirang gore re feleletse re leofile.
13. Ini ta ka fanila ku sireletsa mikumbulo yedu? (Bona dzitshwantsho.)
13 Re tshwanetse go ela tlhoko se re se akanyang. (Ekes. 20:17) Bangwe ba dumela gore ga go phoso go akanya ka dilo tse di sa siamang fa fela o sa di dire. Mme gone, go akanya jalo go phoso. Motho yo o nnang a akanya ka sengwe se se sa siamang, o tla eletsa go se dira. Tota e bile, o dira gore go nne thata gore a se ka a dira boleo. Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re ka nna le dikakanyo tse di sa siamang. Mme gone, fa seo se direga re tshwanetse go akanya ka dilo tse di siameng ka yone nako eo. Fa re dira jalo, re ka se dire boleo jo bo masisi ka gonne re tla bo re sa letle dikakanyo tse di sa siamang gore di gole.—Bafil. 4:8; Bakol. 3:2; Jak. 1:13-15.
Re tshwanetse go dira ka natla gore re se ka ra itsenya mo maemong a a ka dirang gore re raelesege go dira se se sa siamang (Bona serapa 13)
14. Ini kakale chi nga ti batsha mu ku zwi sireletsa mu kulikwa?
14 Ke eng gape se se ka re thusang gore re se ka ra dira boleo? Re tshwanetse go tlhatswega pelo gore go ikobela melao ya Modimo go re tswela mosola. Ka dinako dingwe go ka nna thata gore re dire dilo ka tsela e Jehofa a e batlang. Mme fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go dira thato ya Modimo, re tla itumela.
15. Ku kudza dzikeletso dza ka lulwama ku nga ti batsha chini ku dwilila ti zwi sireletsa mu kulikwa?
15 Re tshwanetse go eletsa go dira se se siameng. Fa re ithuta go ‘tlhoa se se bosula, mme re rata se se siameng’ re tla ikemisetsa le go feta gore re dire se se siameng le gore re se ka ra feleletsa re dirile dilo tse di ka re tsenyang mo dipharagobeng. (Amose 5:15) Fa re eletsa go dira se se siameng, ga re kitla re ineela fa go nna le maemo mangwe a re sa a lebelelang a a ka re raelang go dira se se sa siamang.
16. Zwithu zwe chimeya zwi nga ti batsha chini ku gala ta ka zwi sireletsa? (Bona zwitshwantsho.)
16 Go dira dilo tse di re thusang go atamalana le Jehofa, go tla re thusa go dira se se siameng. Fa re ya dipokanong kgotsa re rera, ga re kitla re raelesega motlhofo go dira se se sa siamang. Go na le moo, re tla batla go itumedisa Jehofa. (Math. 28:19, 20; Baheb. 10:24, 25) Fa re bala Lefoko la Modimo le go akanyetsa kwa teng ka lone, re tla tswelela re rata se se molemo, mme re tla tlhoa se se bosula. (Josh. 1:8; Pes. 1:2, 3; 119:97, 101) Gopola gore Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.” (Math. 26:41) Fa re rapela, re naya Jehofa tshono ya gore a re thuse, e bile re tla ikemisetsa le go feta gore re tswelele re mo itumedisa.—Jak. 4:8.
Fa re nna re leka go dira dilo tse di re thusang go atamalana le Jehofa, ga re kitla re ineela fa re raelwa (Bona serapa 16)c
GALA WA KA ZWI SIRELETSA
17. Pita wa ka be a ka zwi twaedza mokgwa upi?
17 Gongwe re ka kgona go lwantsha makoa mangwe a re nang le one, mme a mangwe a ka tswelela a le teng. Re bona seo mo go se se diragaletseng moaposetoloi Petere. E re ka a ne a boifa batho, o ile a itatola Jesu makgetlo a le mararo. (Math. 26:69-75) Fa nako e ntse e tsamaya, go ne go ka lebega e kete o fentse bothata joo ka gonne o ile a rera ka Jesu a le pelokgale fa pele ga Sanehederine. (Dit. 5:27-29) Mme gone, dingwaga moragonyana o ile a tlogela go ja le Bakeresete ba e neng e se Bajuda ka gonne a ne a tshaba gore Bakeresete ba Bajuda ba tla reng. (Bagal. 2:11, 12) Go a bonala gore Petere o ne a sa ntse a boifa batho.
18. Ini chi nga shingikala ne ku zwi twaedza mekgwa mingwe saka lulwama?
18 Fela jaaka Petere, re ka tshwanelwa ke go lwantsha makoa mangwe a re neng re akanya gore re a fentse. Ka sekai, mokaulengwe mongwe o ile a re: “Go ne go setse go fetile dingwaga di le lesome ke sa lebelele ditshwantsho le dibidio tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, e bile ke ne ke tsaya gore ga ke sa tlhole ke na le bothata joo. Mme bo ne bo tshwana le phologolo e e kotsi e e iphitlhileng e letetse go tlhasela.” Se se itumedisang ke gore mokaulengwe yoo ga a a ka a ineela. O ile a lemoga gore o tla tshwanelwa ke go lwantsha bothata joo botshelo jwa gagwe jotlhe. O ntse a leka ka natla gore a se ka a lebelela ditshwantsho le dibidio tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, e bile mosadi wa gagwe le bagolwane ba ntse ba mo thusa.
19. Ti nga gwisa mekgwa i no lambila mu tili chini?
19 Fa e le gore go na le bokoa bongwe jo re sa ntseng re lwa le jone, re ka dira eng gore re se ka ra feleletsa re dirile sengwe se se sa siamang? Re ka dira se Jesu a ileng a re re se dire. O ile a re: “Nnang lo disitse.” Tota le ka nako e re akanyang gore tumelo ya rona e nonofile, ga re a tshwanela go itsenya mo maemong a a ka dirang gore re raelesege go dira sengwe se se sa siamang. (1 Bakor. 10:12) Re tshwanetse go tswelela re dira dilo tse di ileng tsa re thusa go lwa le bokoa jo re nang le jone. Diane 28:14 e a re: “Go itumela motho yo o nnang a disitse.”—2 Petere 3:14.
MBAILO DZE KU DWILILA TA KA ZWI SIRELETSA
20-21. (a) I mbailo dzipi dza ti nowo shathila ha ti dwilila ta ka zwi sireletsa mu kulikwa? (b) Ha ti thama gobe ledu, Jehova u nowo ti thamilani? (2 Bakorinta 4:7)
20 Re ka tlhatswega pelo gore go ntsha matlho dinameng gore re se ka ra ineela fa re raelwa, go tla re tswela mosola. Fa re dira boleo, re ka nna ra “ja monate wa boleo ka nakwana.” Mme gone, fa re tshela ka tsela e Jehofa a batlang gore re tshele ka yone re tla itumela ka gonne fa a ne a re bopa, o ne a batla gore re ikobele melao ya gagwe. (Baheb. 11:25; Pes. 19:8; Gen. 1:27) Fa re tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa, re tla nna le segakolodi se se phepa e bile re tla tshelela ruri mo nakong e e tlang.—1 Tim. 6:12; 2 Tim. 1:3; Jude 20, 21.
21 Ke boammaaruri gore ‘nama e bokoa.’ Mme gone, seo ga se reye gore ga re ka ke ra dira sepe ka makoa a re nang le one. Jehofa o tla re naya maatla a a sa tlwaelegang fa re a tlhoka. (Bala 2 Bakorintha 4:7.) Seo se raya gore re tshwanetse go dirisa maatla a re nang le one pele, gore re se ka ra ineela fa re raelwa. Fa re dirile jalo, Jehofa o tla re naya maatla a a sa tlwaelegang fa re a tlhoka. (1 Bakor. 10:13) Ga re belaele gore Jehofa o tla re thusa fa re nna re ntshitse matlho dinameng gore re se ka ra ineela fa re raelwa.
LUMBO 47 Rapelang Jehofa ka Metlha
a TLHALOSO: “Moya” o Jesu a neng a bua ka one mo go Mathaio 26:41 ke go ikemisetsa go dira se se siameng. Mme fa a bua ka “nama,” o ne a gatelela gore boleo bo ka dira gore re akanye le go dira dilo tse di sa siamang. Ka jalo, le fa re ka tswa re batla go dira se se siameng, fa re se kelotlhoko boleo bo ka dira gore re dire dilo tse di sa siamang.
b Fa o dirile boleo jo bo masisi, o ka bala buka ya setlhogo se se reng Itumelele go Tshelela Ruri! thuto 57 dintlha 1-3 le setlhogo se se reng, “Nna o Akantse ka Masego a a Tlang” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 2020, ts. 27-29, ser. 12-17.
c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o bala temana ya letsatsi mo mosong, o bala Baebele ka nako ya dijo tsa motshegare e bile o kwa dipokanong tsa mo gare ga beke maitseboa.