NSHOLO WE ZWIDIYO 24
LUMBO 98 Dikwalo di Tlhotlheleditswe ke Modimo
Zwa ti Nga Zwidiya mu Buchilo mu Buporofiti Gwe ku Gwalila fa—Ipithu 1
“Kubunganani kuti ndimubudze tjinowoshingikala mu mazhuba anozha.”—GEN. 49:1.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Se re ka se ithutang mo boporofeting jo Jakobe a ileng a bo bolelela Rubene, Simeone, Lefi le Juda.
1-2. Jakubo wa ka thamani ha a chi be pejo ne fa, ngono ne kutini? (Bona itshwantsho.)
FA Jakobe a tsofetse thata, o ile a tsamaya le ba lelapa la gagwe go tswa kwa Kanana go ya kwa Egepeto. O ile a tswelela a direla Jehofa koo ka boikanyegi ka dingwaga di le 17. (Gen. 47:28) Mo nakong eo, o ne a itumedisiwa thata ke go bona morwawe yo a mo ratang thata e bong Josefa le go bona ba lelapa la gagwe ba le mmogo. Mme e re ka jaanong a ne a lemoga gore o gaufi le go swa, o ile a bitsa bomorwawe botlhe ka gonne a ne a batla go ba bolelela sengwe sa botlhokwa.—Gen. 49:28.
2 Mo motlheng oo, go ne go tlwaelegile gore rre a phuthe ba lelapa la gagwe gore a ba neye ditaelo tsa botlhokwa pele a tlhokafala. (Isa. 38:1) Gape o ne a ka ba itsise gore ke mang yo e tla nnang tlhogo ya lelapa fa a sena go tlhokafala.
Jakobe o mo bolaong, o bolelela bomorwawe ba le 12 boporofeti (Bona serapa 1-2)
3. Ku yenda na Genesisi 49:1, 2, ini cha ka legwa na Jakubo i li chithu chi no hwika?
3 Bala Genesise 49:1, 2. Mme gone, pokano eno e ne e sa tshwane le tse dingwe. Jehofa o ile a dirisa Jakobe go bolelela pele se se neng se tla direga mo nakong e e tlang. O ile a bolelela bomorwawe dilo tsa botlhokwa tse di neng di tla diragalela bone le ba malapa a bone mo nakong e e tlang. Ka jalo, se a neng a se bua e ne e le boporofeti.
4. Ta ka fanila gala ta ka kumbulani ha ti lingisisa cha ka legwa na Jakubo a chi be pejo ne fa? (Bona box li noti “Lelapa la ga Jakobe.”)
4 Mo setlhogong seno, re tla sekaseka se Jakobe a ileng a se bolelela bomorwawe ba banê e bong Rubene, Simeone, Lefi le Juda. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka se Jakobe a ileng a se bolelela bomorwawe ba bangwe ba barobedi. Re tlile go bona gore o ne a sa bue fela ka se se neng se tla diragalela bomorwawe, mme gape o ne a bua le ka se se neng se tla diragalela ba malapa a bone. Fa nako e ntse e tsamaya, malapa ao a ne a tla nna setšhaba se segolo sa Iseraele. Go sekaseka se se ileng sa diragalela Baiseraele mo nakong e e fetileng, go tla re thusa go tlhaloganya kafa boporofeti jwa ga Jakobe bo ileng jwa diragadiwa ka gone. Mme go sekaseka se a ileng a se bua, go tla re ruta dilo tsa botlhokwa tse di tla re thusang go itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa.
RUBHENI
5. Rubheni u nga dwa a ka be a ka lingililani ku dwa mu na tate babe?
5 Jakobe o ile a bua le Rubene pele. O ile a re: “O leitibolo la me.” (Gen. 49:3) E re ka Rubene e ne e le leitibolo, a ka tswa a ne a lebeletse gore rraagwe a mo neye boswa jo bo fetang jwa bomonnawe. Gape a ka tswa a ne a lebeletse gore a nne tlhogo ya lelapa fa rraagwe a sena go tlhokafala le gore a fetisetse tshiamelo eo kwa ditlogolwaneng tsa gagwe fa nako e ntse e tsamaya.
6. Ini Rubheni a ka lashikigwa ne fanilo ye ku be ngwana we kutanga? (Genesisi 49:3, 4)
6 Le fa go ntse jalo, Rubene ga a a ka a newa tshwanelo ya go nna leitibolo. (1 Ditir. 5:1) Ka ntlha ya eng? Ka gonne dingwaga di le mmalwa pelenyana ga foo, o ile a tlhakanela dikobo le mogadingwana wa ga rraagwe e bong Bileha. Bileha e ne e le lelata la mosadi wa ga Jakobe yo a neng a mo rata thata e bong Ragele, mme Ragele o ile a tlhokafala. (Gen. 35:19, 22) Rubene e ne e le morwa wa mosadi yo mongwe wa ga Jakobe e bong Lea. Gongwe o ile a tlhakanela dikobo le Bileha ka gonne a ile a palelwa ke go laola keletso ya gagwe ya tlhakanelodikobo. Kgotsa a ka tswa a ile a dira jalo ka gonne a ne a sa batle gore Jakobe a rate Bileha go feta mmaagwe. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, se a ileng a se dira ga se a ka sa itumedisa Jehofa le rraagwe.—Bala Genesise 49:3, 4.
7. Rubheni ne be ludzi gugwe ba ka shingikaligwa neni? (Bona box li noti “Se Jakobe a Ileng a se Bolelela Pele ka Bomorwawe.”)
7 Jakobe o ile a raya Rubene a re: “Ga o kitla o tlotlomala.” Mafoko ao a ile a diragadiwa. Ga go na gope mo Baebele e re bolelelang gore mongwe wa ditlogolwana tsa ga Rubene e ne ya nna kgosi, moperesiti kgotsa moporofeti. Le fa go ntse jalo, go na le boswa bongwe jo Jakobe a ileng a bo naya Rubene, e bile ditlogolwana tsa gagwe e ne ya nna longwe lwa ditso tsa Iseraele. (Josh. 12:6) Rubene o ile a bontsha gore o na le dinonofo tse dintle mo maemong a mangwe, e bile ga go lebege a ile a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo gape.—Gen. 37:20-22; 42:37.
8. Ti nga zwidiyani mu na cha ka thangwa na Rubheni?
8 Re ithuta eng? Re tshwanetse go lwantsha dikeletso tse di sa siamang le go dira ka natla gore re se ka ra dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Fa re raelesega go dira boleo, re tshwanetse go ipha nako ya go akanya gore se re batlang go se dira se tla ama Jehofa, ba malapa a rona le batho ba bangwe jang. Re tshwanetse go nna re gopotse gore “sengwe le sengwe se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagal. 6:7) Gape se se diragaletseng Rubene se re gopotsa gore Jehofa o kutlwelobotlhoko. Le fa Jehofa a ka se tlose ditlamorago tsa diphoso tse re di dirang, o a re segofatsa fa re leka ka natla go dira se se siameng.
SIMIYONI NA LEVI
9. Ini cha ka thama kuti Jakubo a si dumane ne cha ka thangwa na Simiyoni na Levi? (Genesisi 49:5-7)
9 Bala Genesise 49:5-7. Morago ga moo, Jakobe o ile a bua le Simeone le Lefi. Mme gone, se a ileng a se bua se ne se bontsha gore o ne a sa itumelela se ba ileng ba se dira. Dingwaga pele ga foo, monna mongwe wa Mokanana yo o bidiwang Shekema o ile a betelela morwadia Jakobe e bong Dina. Ga go pelaelo gore bomorwa Jakobe botlhe ba ile ba utlwa botlhoko thata, mme Simeone le Lefi ba ile ba galefa ka tsela e e feteletseng. Ka jalo, ba ile ba loga leano la boferefere. Ba ile ba solofetsa banna ba motse wa Shekema gore ba tla dira kagiso le bone fa ba ka dumela go rupisiwa. Banna bao ba ile ba dumela. Fa ba sa ntse ba le mo ditlhabing, Simeone le Lefi ba ne ba “tsaya ditšhaka tsa bone mme ba tsena mo motseng ono go se ope yo o ba belaelang mme ba bolaya monna mongwe le mongwe.”—Gen. 34:25-29.
10. Matama a Jakubo e buporofiti ne kwa Simiyoni na Levi a ka shingikadziwa chini? (Bona box li noti “Se Jakobe a Ileng a se Bolelela Pele ka Bomorwawe.”)
10 Jakobe o ile a utlwisiwa botlhoko ke se bomorwawe ba babedi ba ileng ba se dira. O ile a bolelela pele gore ba ne ba tla phatlaladiwa ba bo ba gasamisiwa mo Iseraele yotlhe. Mafoko ao a ile a diragadiwa dingwaga di feta 200 moragonyana fa setšhaba sa Iseraele se tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Lotso lwa ga Simeone lo ne lwa newa boswa jwa metse mengwe e e neng e phatlaletse mo karolong ya lotso lwa ga Juda. (Josh. 19:1) Lotso lwa ga Lefi lone lo ne lwa newa metse e le 48 e e neng e gasame mo Iseraele yotlhe.—Josh. 21:41.
11. Ludzi gwa Simiyoni na Levi ba ka thama zwithu zwipi zwa ka lulwama?
11 Ditlogolwana tsa ga Simeone le Lefi ga di a ka tsa dira diphoso tse borraabonemogolo ba ileng ba di dira. Ba lotso lwa ga Lefi ba ne ba obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Fa Moshe a ne a ile go amogela Molao wa ga Jehofa kwa Thabeng ya Sinai, Baiseraele ba le bantsi ba ile ba obamela modingwana wa namane, mme Balefi bone ba ne ba nna mo letlhakoreng la ga Moshe ba bo ba mo thusa go bolaya ba ba ileng ba obamela namane eo. (Ekes. 32:26-29) Jehofa o ile a tlhopha banna mo lotsong lwa ga Lefi gore e nne baperesiti mo Iseraele. (Ekes. 40:12-15; Dipa. 3:11, 12) Moragonyana fa ba lotso lwa ga Juda ba lwa le Bakanana gore ba gape karolo e ba neng ba e neilwe kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba lotso lwa ga Simeone ba ile ba ba thusa.—Baatlh. 1:3, 17.
12. Ti nga zwidiyani mu na cha ka thangwa na Simiyoni na Levi?
12 Re ithuta eng? O se ka wa dira ditshwetso o galefile. Ga go pelaelo gore fa mongwe a sa go tshware sentle kgotsa a sa tshware mongwe yo o mo ratang sentle, o tla utlwa botlhoko. (Pes. 4:4) Mme gone, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa ga a kitla a itumela fa re bua kgotsa re dira sengwe se se ka utlwisang batho ba ba sa re tshwareng sentle botlhoko. (Jak. 1:20) Fa mongwe yo o direlang Jehofa kgotsa yo o sa mo direleng a sa re tshware sentle, re dirisana le ene ka tsela e e itumedisang Jehofa. Seo se re thusa gore re se ka ra bua kgotsa ra dira dilo tse di tla mo utlwisang botlhoko. (Bar. 12:17, 19; 1 Pet. 3:9) Tota le fa batsadi ba gago ba dira dilo tse di sa itumediseng Jehofa, nna o gopotse gore ga o patelesege go ba etsa. O se ka wa akanya gore ga o kitla o kgona go itumedisa Jehofa. O tla go thusa gore o dire se se siameng e bile o tla go segofatsa fa o dira jalo.
JUDA
13. Ini Juda a ka be a singa gadzikane mu nkumbulo ha ya chibe chibaka che ku hwa matama a tate babe?
13 Go tswa foo, Jakobe o ne a bua le Juda. Juda a ka tswa a ne a tshwenyegile tota fa a utlwa se Jakobe a ileng a se bolelela bomogolowe. Tota e bile, le ene o ne a dirile diphoso tse di masisi. Go lebega a ile a tsamaya le bomogolowe fa ba ne ba ya kwa motseng wa Shekema e bile a ile a gapa dilo tsotlhe tsa batho ba motse oo. (Gen. 34:27) Ene le bomogolowe ba ile ba rekisa Josefa gore e nne lekgoba e bile ba ile ba aketsa rraabone ka kgang eno. (Gen. 37:31-33) Moragonyana, Juda o ile a tlhakanela dikobo le ngwetsi ya gagwe e bong Tamare a ithaya a re ke mogwebakammele.—Gen. 38:15-18.
14. Juda wa ka thama zwithu zwipi zwa ka lulwama? (Genesisi 49:8, 9)
14 Go farologana le bomogolowe, Jakobe o ile a segofatsa Juda a bo a mmolelela dilo tse dintle tse di neng di tla diragalela ene le ba lelapa la gagwe. (Bala Genesise 49:8, 9.) Juda o ile a bontsha gore o kgathalela rraagwe yo a neng a setse a tsofetse. Gape o ne a tlhomogela monnawe yo mmotlana e bong Benjamine pelo.—Gen. 44:18, 30-34.
15. Zwithu zwa ka legwa ne kwa Juda zwa ka be malebeswa ne zila ipi?
15 Jakobe o ile a bolelela pele gore Juda o ne a tla etelela bomorwarraagwe pele. Mme gone, go ne go tla feta dingwaga di ka nna 200 pele boporofeti joo bo diragadiwa. Fa Baiseraele ba sena go tswa kwa Egepeto mme ba tsamaya mo nageng ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, lotso lwa ga Juda ke lone lo lo neng lo tsamaya pele mme go bo go latela ditso tse dingwe. (Dipa. 10:14) Dingwaga moragonyana, lotso lwa ga Juda e ne ya nna lwa ntlha go tlhabana le Bakanana go gapa Lefatshe le le Solofeditsweng. (Baatlh. 1:1, 2) Gape Dafide e ne ya nna kgosi ya ntlha go tswa mo lotsong lono lwa Juda. Mme ga se gone gotlhe.
16. Buporofiti gu mu na Genesisi 49:10 gwa ka shingikadziwa chini? (Bona box li noti “Se Jakobe a Ileng a se Bolelela Pele ka Bomorwawe.”)
16 Jakobe o ile a re Kgosi e e neng e tla busa batho botlhe e ne e tla tswa mo lotsong lwa ga Juda. (Bala Genesise 49:10 le ntlha e e kwa tlase.) Kgosi eo ke Jesu Keresete yo Jakobe a mmitsang Shilo. Moengele o ne a bua jaana ka Jesu: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga rraagwe e bong Dafide.” (Luke 1:32, 33) Gape Jesu o bidiwa “Tau ya lotso lwa Juda.”—Tshen. 5:5.
17. Ti nga yedza Jehova chini mu zila ya ti no linga bangwe nayo?
17 Re ithuta eng? Jehofa o ile a segofatsa Juda le fa a ile a dira diphoso tse di masisi. A bomorwarraagwe Juda ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore ke eng fa Jehofa a ile a mo segofatsa? Le fa re sa itse gore ba ne ba akanya eng, se re se itseng ke gore Jehofa o ne a bona dilo tse dintle tse Juda a neng a di dira e bile o ile a mo segofatsa. Re ka etsa Jehofa jang? Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a newa tshiamelo nngwe e e kgethegileng, re ka nna ra raelesega go akanya thata ka makoa a gagwe. Mme gone, re tshwanetse go gopola gore Jehofa o itumelela dinonofo tse dintle tse a nang le tsone. Jehofa o leba dilo tse dintle mo batlhankeng ba gagwe. Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang.
18. Ini ta ka fanila ku be ne moyonlefu?
18 Sengwe gape se re ka se ithutang mo go se se diragaletseng Juda ke gore re tshwanetse go nna pelotelele. Ka metlha Jehofa o dira se a se solofeditseng, mme ga se ka metlha a dirang jalo ka nako e re e batlang kgotsa ka tsela e re e lebeletseng. Lotso lwa ga Juda ga lo a ka lwa simolola go etelela batho ba ga Jehofa pele fela fa Jakobe a sena go bolelela Juda boporofeti joo. Mme gone, ba ile ba ema nôkeng ba Jehofa a neng a ba tlhomile. Ka sekai, Moshe o ne a tswa mo lotsong lwa ga Lefi, Joshua o ne a tswa mo lotsong lwa ga Eferaime, mme Kgosi Saulo ene o ne a tswa mo lotsong lwa ga Benjamine. Le rona re tshwanetse go ema nôkeng ope fela yo Jehofa a mo tlhophang gore a etelele batho ba gagwe pele.—Baheb. 6:12.
19. Ti nga zwidiyani ne kwa Jehova mu buporofiti gwa Jakubo a chi be pejo ne fa?
19 Re ithutileng eng mo boporofeting jwa ga Jakobe? Re ithutile gore “tsela e motho a bonang ka yone ga se tsela e Modimo a bonang ka yone.” (1 Sam. 16:7) Jehofa o pelotelele tota e bile o a itshwarela. Le fa gone a sa letlelele boitsholo jo bo sa siamang, ga a a lebelela gore batlhanka ba gagwe ba se ka ba dira diphoso. Tota e bile, a ka itshwarela ope fela yo o dirileng diphoso tse di masisi fa a ikwatlhaya e bile a dira se se siameng. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka se Jakobe a ileng a se bolelela bomorwawe ba bangwe ba barobedi.
LUMBO 124 Re Ikanyege ka Metlha