NSHOLO WE ZWIDIYO 25
LUMBO 96 Buka ya Modimo—Letlotlo
Cha ti Nga Zwidiya ne Kwe Buchilo mu Buporofiti Gwe ku Gwalila fa—Ipithu 2
“Bekombolela mmwe ne mmwe nge tjakanlingisana.”—GEN. 49:28.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Se re ka se ithutang mo boporofeting jo Jakobe a ileng a bo bolelela Sebulone, Isakare, Dana, Gada, Ashera, Nafetali, Josefa le Benjamine.
1. Towo zwidiyani kakale mu buporofiti gwa Jakubo a chibe pejo ne fa mu chidiyo ichechi?
BOMORWA Jakobe ba kokoane go dikologa rraabone yo o tsofetseng fa ba ntse ba reeditse ka kelotlhoko a ba segofatsa. Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore se Jakobe a ileng a se bolelela Rubene, Simeone, Lefi le Juda se ile sa gakgamatsa bomorwawe fela thata. Mme jaanong ba ka tswa ba ipotsa gore Jakobe o tla raya bomorwawe ba bangwe ba barobedi a reng. A re boneng gore re ka ithuta eng mo go se a ileng a se bolelela Sebulone, Isakare, Dana, Gada, Ashera, Nafetali, Josefa le Benjamine.a
ZEBHULONI
2. Chenesa cha ka shingikalila Zebhuloni ne se kwa cha ka shingikadziwa. (Genesisi 49:13) (Bona box.)
2 Bala Genesise 49:13. Jakobe o ile a re ba lotso lwa ga Sebulone ba ne ba tla nna gaufi le lewatle go ela kwa bokone jwa Lefatshe le le Solofeditsweng. Dingwaga di feta 200 moragonyana, ba lotso lwa ga Sebulone ba ile ba amogela boswa jo bo neng bo le fa gare ga Lewatle la Galalea le la Mediterranean. Moshe o ne a boleletse pele jaana: “Itumele, wena Sebulone ka ntlha ya go tswa ga gago.” (Dute. 33:18) Mafoko ano a ka tswa a ne a raya gore go ne go tla nna motlhofo gore Basebulone ba dire kgwebo ka gonne ba ne ba nna fa gare ga mawatle ao a mabedi. Le fa re sa tlhomamisega ka bokao jwa mafoko ao, ditlogolwana tsa ga Sebulone di ne di na le lebaka la go itumela.
3. Ini chi nga ti batsha kuti ti shathile cha ti nacho?
3 Re ithuta eng? Re na le lebaka la go itumela le fa re ka tswa re nna kae kgotsa maemo a rona e le afe. Gore re tswelele re itumetse, re tshwanetse go kgotsofalela se re nang le sone. (Pes. 16:6; 24:5) Ka dinako tse dingwe re ka iphitlhela re tlhomile mogopolo mo dilong tse re se nang tsone, re bo re lebala dilo tse dintle tse re nang le tsone. Ka jalo, leka go ikgopotsa dilo tse dintle tse o nang le tsone le tse o di itumelelang mo botshelong.—Bagal. 6:4.
ISAKARI
4. Chenesa cha ka shingikalila Isakari ne se kwa cha ka shingikadziwa. (Genesisi 49:14, 15) (Bona box.)
4 Bala Genesise 49:14, 15. Jakobe o ile a akgola Isakare ka gonne a dira ka natla. O ne a mo tshwantsha le tonki e e nang le marapo a a thata. Phologolo eo e kgona go rwala merwalo e e bokete. Gape Jakobe o ile a re Isakare o tla nna le lefatshe le le itumedisang. Seo se ile sa direga fa ditlogolwana tsa ga Isakare di abelwa lefatshe le le fa thoko ga Noka ya Joredane. Lefatshe leo le ne le ungwa thata. (Josh. 19:22) Ga go pelaelo gore ba lotso lwa ga Isakare ba ne ba dira ka natla go lema le go tlhokomela lefatshe leo. Gape ba ne ba dira ka natla go thusa batho ba bangwe. (1 Dikg. 4:7, 17) Ka sekai, fa Moatlhodi Barake le moporofeti wa mosadi e bong Debora ba ne ba kopa Baiseraele gore ba ba thuse go lwa le Sisera, ba lotso lwa ga Isakare le bone ba ne ba ithaopela go thusa, mme le ka dinako tse dingwe ba ne ba ikemiseditse go thusa.—Baatlh. 5:15.
5. Ini ta ka fanila shinga ta ka simisa?
5 Re ithuta eng? Jehofa o ne a tsaya tiro e ba lotso lwa ga Isakare ba neng ba e dira e le botlhokwa thata. O ikutlwa jalo le ka rona fa re dira ka natla mo tirong ya gagwe. (Mor. 2:24) Ka sekai, gompieno bakaulengwe ba dira ka natla go tlhokomela phuthego. (1 Tim. 3:1) Le fa bakaulengwe bano ba sa ye tlhabanong, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi mo dilong tse di ka senyang botsala jwa bone le Jehofa. (1 Bakor. 5:1, 5; Jude 17-23) Gape ba dira ka natla go baakanyetsa le go neela dipuo tse di kgothatsang phuthego.—1 Tim. 5:17.
DANI
6. Be ludzi gwa Dani ba ka piwa nshingo upi? (Genesisi 49:17, 18) (Bona box.)
6 Bala Genesise 49:17, 18. Jakobe o ile a re Dana o tshwana le noga e e tlhaselang diphologolo tse di e fetang thata, tse di jaaka pitse e e dirisiwang mo ntweng. Ba lotso lwa ga Dana ba ne ba le pelokgale e bile ba ikemiseditse go lwa le baba ba setšhaba sa Iseraele. Fa Baiseraele ba ne ba le mo tseleng ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba lotso lwa ga Dana ba ne ba ba sireletsa go tswa “kwa morago.” (Dipa. 10:25) Tiro e Badana ba neng ba e dira e ne e le botlhokwa tota le fa ditso tse dingwe di ne di sa lemoge se ba neng ba se dira.
7. Ini chi nga legwa ne kwe nshingo wedu we ku rera wa ti no thama?
7 Re ithuta eng? A o kile wa dira kabelo nngwe mme o bo o ikutlwa e kete batho ga ba bone tiro e o e dirang? Gongwe o ile wa thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi le go e tlhokomela, wa ithaopela go bereka kwa dikopanong kgotsa wa dira tiro e nngwe. Fa e le gore go ntse jalo, re a go akgola! Nna o gopotse gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se o mo direlang sone e bile o se tsaya se le botlhokwa. Tota e bile, o itumela thata fa o mo direla ka gonne o mo rata, e seng ka gonne o batla go tlotlomadiwa ke batho.—Math. 6:1-4.
GADI
8. Ini cha ka thama kuti Gadi a be mu chimo cha a nga thasegwa ku shango ya ba ka be ba piwa? (Genesisi 49:19) (Bona box.)
8 Bala Genesise 49:19. Jakobe o ile a bolelela pele gore Gada o ne a tla tlhaselwa ke setlhopha sa dirukutlhi. Dingwaga di feta 200 moragonyana, ba lotso lwa ga Gada ba ile ba nna mo lefelong le le kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane. Lefelo leo le ne le le gaufi le baba ba bone, ka jalo seo se ne se dira gore go nne motlhofo gore ba ba tlhasele. Le fa go ntse jalo, Bagada ba ne ba batla go nna koo ka gonne lefelo leo le ne le siametse leruo la bone. (Dipa. 32:1, 5) Go a bonala gore Bagada ba ne ba le pelokgale. Ba ne ba tshepa gore Jehofa o tla ba thusa go fenya baba ba bone le go gapa naga e a ba neileng yone. Gape ba ile ba romela masole a bone ka dingwaga di le dintsi gore a ye go thusa ba ditso tse dingwe gore ba gape karolo e e setseng ya Lefatshe le le Solofeditsweng e e kwa bophirima jwa Joredane. (Dipa. 32:16-19) Ba ne ba tshepa gore Jehofa o tla sireletsa basadi le bana ba bone fa banna ba le kwa ntweng. Jehofa o ne a ba segofatsa ka gonne ba ne ba le pelokgale e bile ba ikemiseditse go thusa ba bangwe le fa go le thata.—Josh. 22:1-4.
9. Ku themba mu na Jehova ku nga ama machilo edu chini mu zwithu zwa ti no da?
9 Re ithuta eng? Gore re direle Jehofa le fa re na le mathata, re tshwanetse go tswelela re mo tshepa. (Pes. 37:3) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi gompieno ba bontsha gore ba tshepa Jehofa ka go itima dilo dingwe gore ba age Diholo Tsa Bogosi le dikago tse dingwe tse di dirisediwang go obamela Jehofa, go rera kwa go nang le tlhokego gone le go thusa ka ditsela tse dingwe mo phuthegong ya ga Jehofa. Ba dira jalo ka gonne ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla ba tlhokomela ka metlha.—Pes. 23:1.
ASHERI
10. Asheri wa ka kongwa thamani? (Genesisi 49:20) (Bona box.)
10 Bala Genesise 49:20. Jakobe o ile a bolelela pele gore Baashera ba ne ba tla huma, mme go ne ga nna fela jalo. Baashera ba ile ba newa karolo e e neng e ungwa thata mo Iseraele yotlhe. (Dute. 33:24) Gape naga ya bone e ne e le gaufi le Lewatle la Mediterranean e bile e ne e na le boemakepe jwa Sidona jo go neng go dirwa kgwebo kwa go jone kwa kgaolong ya Fonikia. Le fa go ntse jalo, Baashera ga ba a ka ba fedisa Bakanana ba ba neng ba nna mo lefelong leo. (Baatlh. 1:31, 32) E re ka ba ne ba humile e bile ba etsa tsela e Bakanana ba neng ba dira dilo ka yone, seo se ka tswa se ile sa dira gore ba simolole go goga dinao mo tirelong ya ga Jehofa. Fa Moatlhodi Barake a ne a batla batho ba ba neng ba ka ba thusa go lwantsha Bakanana, Baashera ga ba a ka ba ithaopela go thusa. Seo se ile sa dira gore ba se ka ba bona fa Jehofa a thusa Baiseraele go fenya ka kgakgamatso “fa metsing a Megido.” (Baatlh. 5:19-21) Ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong tota fa ba utlwa Barake le Debora ba opela pina ya phenyo e e nang le mafoko a a reng: “Ashera o ne a nna a sa dire sepe mo losing lwa lewatle.”—Baatlh. 5:17.
11. Ini ta ka fanila linga zwithu zwa ti no shaka ne zila ya ka fanila?
11 Re ithuta eng? Re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya ga Jehofa. Mme gone, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tshwana le batho ba re tshelang le bone ba ba akanyang gore go nna le madi a le mantsi go botlhokwa go feta go direla Jehofa. (Diane 18:11) Le fa gone re tlhoka madi, ga re tseye gore go nna le madi a le mantsi go botlhokwa go feta go direla Jehofa. (Mor. 7:12; Baheb. 13:5) Ga re senye nako le maatla a rona re leka go nna le dilo tse re sa di tlhokeng tse di tla dirang gore go nne thata gore re direle Jehofa. Go na le moo, re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa ka gonne re a itse gore fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa ka go re naya botshelo jo bo monate kwa lefatsheng le lesha.—Pes. 4:8.
NAFUTALI
12. Cha ka shingikalila Nafutali cha ka shingikadziwa chini? (Genesisi 49:21) (Bona box.)
12 Bala Genesise 49:21. Jakobe o ile a re Nafetali o ne a tla bua “mafoko a a itumedisang.” Seno se ka tswa se ne se kaya tsela e Jesu a neng a bua ka yone mo bodireding. Jesu o ne a itsege ka tsela e e molemo e a neng a ruta ka yone. E re ka a ne a fetsa nako e ntsi a le kwa motseng wa Kaperenama o o neng o le mo kgaolong ya Nafetali, motse oo o ne o bidiwa ‘motse wa gagabo.’ (Math. 4:13; 9:1; Joh. 7:46) Isaia o ile a bolelela pele gore Jesu o ne a tla nna “lesedi le legolo” mo bathong ba lotso lwa ga Sebulone le ba lotso lwa ga Nafetali. (Isa. 9:1, 2) Se Jesu a neng a se ruta, se ne se bontsha gore e ne e le “lesedi la boammaaruri le le nayang batho ba mefuta yotlhe lesedi.”—Joh. 1:9.
13. Ti nga thamani kuti cha ti no leba chi shathise Jehova?
13 Re ithuta eng? Jehofa o amega thata ka se re se buang le gore re se bua jang. Re ka bua jang “mafoko a a itumedisang” Jehofa? Re tshwanetse go bua boammaaruri. (Pes. 15:1, 2) Gape re tshwanetse go kgothatsa ba bangwe. Ka sekai, re ka ba akgola fa ba dirile sengwe se sentle, mme re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra bua ka diphoso tsa ba bangwe kgotsa ra ngongorega. (Baef. 4:29) Mo godimo ga moo, re ka ipeela mokgele wa go tokafatsa tsela e re simololang motlotlo le batho ka yone gore re kgone go ba rerela.
JOSEFA
14. Chenesa cha ka shingikalila Josefa ne se kwa cha ka shingikadziwa. (Genesisi 49:22, 26) (Bona box.)
14 Bala Genesise 49:22, 26. Jakobe o tshwanetse a bo a ne a le motlotlo thata ka Josefa. Jehofa o ile a tlhopha Josefa “mo go bomorwarraagwe” a bo a mo dirisa ka tsela e e kgethegileng. Jakobe o ile a re Josefa ke “letlhogela la setlhare se se ungwang maungo.” Jakobe e ne e le setlhare, mme Josefa ene e ne e le letlhogela la setlhare seo. Josefa e ne e le leitibolo la ga Ragele, e leng mosadi wa ga Jakobe yo a neng a mo rata thata. Jakobe o ile a re Josefa o ne a tla newa boswa jo bo menaganeng sebedi jo bo neng bo tshwanetse go newa Rubene yo e neng e le leitibolo la mosadi wa gagwe e bong Lea. (Gen. 48:5, 6; 1 Ditir. 5:1, 2) Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa fa bomorwa Josefa ba babedi, e bong Eferaime le Manase ba ne ba nna ditso tse pedi tsa Iseraele, mme ditso tseno di bo di newa boswa jwa tsone.—Gen. 49:25; Josh. 14:4.
15. Josefa wa ka zwibata chini mu ku sa togwa zwibuyanana?
15 Gape Jakobe o ile a bua ka bahudi ba metswi ba ba neng ba “hula [Josefa] e bile ba nna ba mo tlhoile.” (Gen. 49:23) Bahudi bano e ne e le bomorwarraagwe Josefa ba ba neng ba mo fufegela, ba sa mo tshware sentle e bile ba mmogisa ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, Josefa ga a a ka a ba tlhoa e bile ga a a ka a pega Jehofa molato ka ntlha ya dilo tse di neng di mo diragalela. Jakobe o ile a re: “Bora jwa [ga Josefa] bo ne jwa nna bo sa tshikhinyege, le diatla tsa gagwe di ne tsa nna di nonofile e bile di le bonako.” (Gen. 49:24) Josefa o ne a ikaega ka Jehofa fa a ne a na le mathata e bile ga a a ka a itshwarela bomorwarraagwe fela, gape o ile a ba tshwara sentle. (Gen. 47:11, 12) Josefa o ile a letla mathata a a neng a lebana le one gore a mo dire motho yo o botoka. (Pes. 105:17-19) Mme seo se ile sa dira gore Jehofa a mo dirise ka ditsela tse dikgolo.
16. Ti nga yedza Josefa chini ha ta ka lingisana ne ndiko?
16 Re ithuta eng? A re se ka ra letla gore diteko di dire gore re katogele kgakala le Jehofa kgotsa le bakaulengwe le bokgaitsadi. Gopola gore Jehofa a ka re katisa ka go re letla gore re lebane le diteko. (Baheb. 12:7, ntlh.) Seo se ka re thusa gore re nne le dinonofo tse Jehofa a batlang gore re nne le tsone tse di jaaka go nna kutlwelobotlhoko le go itshwarela ba bangwe. (Baheb. 12:11) Fa re itshoka, Jehofa o tla re segofatsa fela jaaka a ile a segofatsa Josefa.
BHENJAMINI
17. Buporofiti gwa ka legwa ne kwa Bhenjamini gwa ka shingikadziwa chini? (Genesisi 49:27) (Bona box.)
17 Bala Genesise 49:27. Jakobe o ile a bolelela pele gore Babenjamine ba ne ba tla nna jaaka phiri e bile ba ne ba tla nna batlhabani. (Baatlh. 20:15, 16; 1 Ditir. 12:2) “Mo mosong” kgosi ya ntlha ya Iseraele e bong Saulo, e ne ya tswa mo lotsong lwa Benjamine. Saulo o ile a bontsha gore o pelokgale ka go lwa le Bafilisitia. (1 Sam. 9:15-17, 21) “Mo maitseboeng,” Kgosigadi Esethere le Tonakgolo Moredekai, ba e neng e le Babenjamine, ba ile ba sireletsa Baiseraele gore ba se ka ba bolawa ka nako ya fa go ne go busa Mmusomogolo wa Peresia.—Eseth. 2:5-7; 8:3; 10:3.
18. Ti nga yedza Bhenjamini chini mu ku hwa ndawulo ya Jehova?
18 Re ithuta eng? Ga go pelaelo gore Babenjamine ba ne ba itumeletse go bona Saulo e nna kgosi ka gonne e le wa lotso lwa bone. Mme gone, moragonyana fa Jehofa a sena go tlhopha Dafide wa lotso lwa ga Juda gore e nne kgosi, Babenjamine ba ile ba mo ema nôkeng. (2 Sam. 3:17-19) Dingwaga moragonyana fa ditso di le lesome di ne di tlhanogela lotso lwa Juda, Babenjamine ba ile ba ema ba lotso lwa Juda nôkeng mmogo le kgosi e Jehofa a neng a e tlhomile. (1 Dikg. 11:31, 32; 12:19, 21) Le rona re ka ema nôkeng ba Jehofa a ba tlhomileng gore ba etelele batho ba gagwe pele.—1 Bathes. 5:12.
19. Buporofiti gwa ka legwa mu ku gwalila fa kwa Jakubo gu nga ti batsha chini?
19 Boporofeti jwa ga Jakobe bo re tswela mosola. Go ithuta ka boporofeti joo le kafa bo ileng jwa diragadiwa ka gone go re tlhatswa pelo gore boporofeti jo bongwe jo bo mo Baebeleng bo tla diragadiwa. Gape go bona kafa Jehofa a ileng a segofatsa bomorwa Jakobe ka gone go re thusa go itse gore re ka itumedisa Jehofa jang.
LUMBO 128 Go Itshoka go ya Bokhutlong
a Fa Jakobe a ne a segofatsa Rubene, Simeone, Lefi le Juda o ile a dira jalo go ya ka tsela e ba neng ba latelana ka yone. Mme gone, fa a ne a segofatsa bomorwawe ba bangwe ba barobedi ga a a ka a ba segofatsa go ya ka tsela e ba neng ba latelana ka yone.