NSHOLO WE ZWIDIYO 34
LUMBO 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona
Amuchila Mazwibatigwa a Jehova
“Mukandizwiibhatigwa tjibi tjangu.”—PIS. 32:5.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tlile go tlotla ka ditemana tsa Baebele tse di tlhalosang gore Jehofa o a re itshwarela fa re ikwatlhaela maleo a re a dirileng le gore goreng go le botlhokwa gore re dumele seo.
1-2. Bathu ba no shandukila zwibi zwabo ba no sununguka chini? (Bona itshwantsho.)
KGOSI Dafide o ne a itse gore go ikutlwa molato ka ntlha ya maleo a a masisi a motho a a dirileng mo nakong e e fetileng go ntse jang, ka gonne le ene o ile a dira maleo a a masisi. (Pes. 40:12; 51:3; mafoko a a mo godimo ga Pesalema) Le fa go ntse jalo, o ne a ikwatlhaya mme Jehofa o ile a mo itshwarela. (2 Sam. 12:13) Seo se ile sa dira gore a imologe ka gonne a lemoga gore Jehofa o mo itshwaretse.—Pes. 32:1.
2 Fela jaaka Dafide, le rona re ka imologa fa re lemoga gore Jehofa o re utlwetse botlhoko e bile o re itshwaretse maleo a re a dirileng. Ruri go a gomotsa go itse gore Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela maleo a re a dirileng, tota le a a masisi, fa e le gore re ikwatlhaya ka pelo yotlhe, re bolelela bagolwane ka one re bo re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra a boeletsa! (Diane 28:13; Dit. 26:20; 1 Joh. 1:9) Gape re itumelela gore fa Jehofa a re itshwarela boleo jo re bo dirileng, ga a kitla a re bona molato gape kgotsa a re otlhaya ka ntlha ya jone.—Esek. 33:16.
Kgosi Dafide o ile a kwala dipesalema di le mmalwa tse di tlhalosang tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone (Bona serapa 1-2)
3-4. Azwadzi nngwe wa ka zwihwa chini shule kwe ku dubikiwa, ngono towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?
3 Mme gone, ka dinako dingwe bangwe ba ka thatafalelwa ke go amogela gore Jehofa o ba itshwaretse. Akanya ka se se ileng sa diragalela Jennifer yo batsadi ba gagwe ba mo rutileng ka Jehofa. Fa a le mosha, o ile a dira boitsholo jo bo sa siamang batsadi ba gagwe ba sa itse. Dingwaga moragonyana o ile a boela kwa go Jehofa, mme fa nako e ntse e tsamaya o ile a tshwanelega go kolobediwa. A re: “Mo nakong e e fetileng, ke ne ke rata dikhumo, ke dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ke nwa ka tsela e e feteletseng e bile ke le bogale thata. Ke ne ke itse gore fa ke kopa Jehofa gore a intshwarele e bile ke ikwatlhaya, o ne a ka intshwarela ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. Mme gone, ke ne ke sa dumele ka pelo yotlhe gore o intshwaretse.”
4 A ka dinako dingwe o thatafalelwa ke go dumela gore Jehofa o go itshwaretse diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng? Jehofa o batla gore fela jaaka Dafide, le rona re tlhatswege pelo gore o kutlwelobotlhoko. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore goreng go le botlhokwa gore re tlhomamisege gore Jehofa o re itshwaretse le gore ke eng se se ka re thusang go dira jalo.
INI TA KA FANILA KU AMUCHILA MAZWIBATIGWA A JEHOVA?
5. Satani u no shaka kuti ti dumeni? Lakidzila.
5 Fa re tlhomamisegile gore Jehofa o re itshwaretse, ga re kitla re wela mo seraing sa ga Satane. Gopola gore Satane o tlile go dira sotlhe se a ka se kgonang go dira gore re tlogele go direla Jehofa. Ka sekai, a ka nna a leka go dira gore re dumele gore Jehofa ga a kitla a re itshwarela maleo a re a dirileng. Akanya ka monna mongwe wa kwa Korintha yo o neng a tlositswe mo phuthegong ka gonne a dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (1 Bakor. 5:1, 5, 13) Moragonyana fa a sena go ikwatlhaya, Satane o ne a batla go dira gore ba ba mo phuthegong ba se ka ba mo itshwarela le gore ba se ka ba mo amogela. Gape Satane o ne a batla gore monna yoo yo o neng a ikwatlhaile a akanye gore Jehofa ga a mo itshwarela le gore a ‘fekeediwe ke go utlwa botlhoko jo bo feteletseng’ mo a neng a tla tlogela go direla Jehofa. Satane o dira se se tshwanang le gompieno. Mme gone, “re itse ditsela tse a di dirisang go re raela.”—2 Bakor. 2:5-11.
6. Ti nga sununguka chini ha ti lemegwa ne chibi cha ta thama?
6 Go tlhomamisega gore Jehofa o re itshwaretse go tla dira gore re se ka ra nnela go ikutlwa molato ka diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng. Boammaaruri ke gore fa re leofa, re ikutlwa molato. (Pes. 51:17) Seo ke selo se sentle. Segakolodi sa rona se ka re tlhotlheletsa gore re dire diphetogo tse di tlhokegang. (2 Bakor. 7:10, 11) Le fa go ntse jalo, fa re nnela go ikutlwa molato ka lobaka lo loleele fa re sena go ikwatlhaela boleo jo re bo dirileng, re ka nna ra kgobega marapo mme ra tlogela go direla Jehofa. Go na le moo, fa re tlhomamisegile gore Jehofa o re itshwaretse, re tla tlogela go ikutlwa molato. Go tswa foo, re tla direla Jehofa ka tsela e a batlang gore re mo direle ka yone, re na le segakolodi se se phepa e bile re itumetse. (Bakol. 1:10, 11; 2 Tim. 1:3) Mme gone, re ka tlhomamisega jang gore Jehofa o re itshwaretse?
TI NGA BATSHIWA NENI KU AMUCHILA MAZWIBATIGWA A JEHOVA?
7-8. Jehova wa ka zwichenesa chini ku na Mozisi, ngono ichecho cho ti simisa chini? (Ekezodo 34:6, 7)
7 Akanya kafa Jehofa a itlhalosang ka gone. Ka sekai, gopola se Jehofa a ileng a se bolelela Moshe kwa Thabeng ya Sinai.a (Bala Ekesodo 34:6, 7.) Le fa Jehofa a na le dinonofo tse dintsi tse dintle, o ile a tlhopha go bolelela Moshe gore ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi.” A Modimo yo o ntseng jalo o ne a ka gana go itshwarela batlhanka ba gagwe ba ba ikwatlhaetseng maleo a ba a dirileng? Nnyaa, le e seng! Seo se ne se tla raya gore Jehofa ga a kutlwelobotlhoko le gore o peloethata. Mme re a itse gore Jehofa ga a a nna jalo.
8 Re ka tlhomamisega gore fa Jehofa a re o kutlwelobotlhoko, o re bolelela boammaaruri. Ga a kitla a bua maaka. (Pes. 31:5) Ka jalo, re ka dumela se a re bolelelang sone. Fa o nna o ikutlwa molato ka diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng, ipotse go re: ‘A ke a dumela gore Jehofa o kutlwelobotlhoko, o pelotlhomogi le gore o tla itshwarela ope fela yo o ikwatlhaelang boleo jo a bo dirileng? Fa go ntse jalo, a ga ke a tshwanela go tlhomamisega gore le nna o intshwaretse?’
9. Ku zwibatigwa zwibi zwedu ko dwani? (Pisalema 32:5)
9 Akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a ileng a laela bakwadi ba Baebele gore ba se bue ka tsela e a itshwarelang ka yone. Ka sekai, akanya kafa mokwadi wa Baebele e bong Dafide a ileng a tlhalosa tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone. (Bala Pesalema 32:5.) Dafide o ile a re: “O ne wa itshwarela molato wa me le maleo a me.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “itshwarela” le ka kaya “go tsholetsa,” “go tsaya” kgotsa “go tlosa” sengwe. Fa Jehofa a ne a itshwarela Dafide, re ka re o ne a tsholetsa maleo a gagwe kgotsa a a tlosa mo go ene. Go tswa foo, Dafide o ile a ikutlwa a imolotswe morwalo o o bokete wa go ikutlwa molato. (Pes. 32:2-4) Le rona re ka ikutlwa jalo. Fa re ikwatlhaetse maleo a re a dirileng, ga re tlhoke go tswelela re rwele morwalo o o bokete wa go ikutlwa molato ka maleo a Jehofa a a tsholeditseng a bo a a tlosa mo go rona.
10-11. Matama a noti “mo zwibatigwa” a no ti diyani ne kwa Jehova? (Pisalema 86:5)
10 Bala Pesalema 86:5. Dafide a re Jehofa o “ikemiseditse go itshwarela.” Seno se raya gore Jehofa ga a itlhaganelele go galefa fa re dira diphoso e bile ka metlha o batla go itshwarela ba ba ikwatlhayang. Goreng a dira jalo? Karolo ya bofelo ya temana eno e a tlhalosa. E a re: “Botlhe ba ba goelang kwa go wena o ba bontsha lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.” Mo setlhogong se se fetileng, re bone gore Jehofa o solofetsa ba ba mo ratang gore o tla ba bontsha lorato lo lo sa kgaotseng le gore ga a kitla a ba latlha. Ka jalo, fa e le gore ba ikwatlhaetse maleo a ba a dirileng, Jehofa o tswelela a ba bontsha lorato lo lo sa kgaotseng e bile o ba itshwarela a gololesegile. (Isa. 55:7, ntlh.) Fa e le gore go thata gore o dumele gore Jehofa o go itshwaretse boleo jo o bo dirileng mo nakong e e fetileng, o ka ipotsa go re: ‘A ke dumela gore Jehofa o ikemiseditse go itshwarela botlhe ba ba ikwatlhayang e bile ba mo kopa gore a ba utlwele botlhoko? Fa go le jalo, a ga ke a tshwanela go dumela gore Jehofa o ile a intshwarela fa ke ne ke mo kopa gore a nkutlwele botlhoko le gore a intshwarele?’
11 Go itse gore Jehofa o tlhaloganya tsela e re bopegileng ka yone le gore re na le boleo, go ka re gomotsa. (Pes. 139:1, 2) Re tla bona seo mo go se Dafide a ileng a se bua mo pesalemeng e nngwe le gore se ka re thusa jang go dumela gore Jehofa o batla go re itshwarela.
MU SI KANGANGWE CHI MU NKUMBULO WA JEHOVA
12-13. Ku yenda na Pisalema 103:14, Jehova u no kumbulani ne kwedu, ngono ichecho cho thama kuti a thameni?
12 Bala Pesalema 103:14. Dafide o re bolelela lebaka la go bo Jehofa a ikemiseditse go itshwarela ba ba ikwatlhaelang maleo a ba a dirileng. A re Jehofa o a “gakologelwa gore re lorole,” mo go rayang gore o a itse gore re na le boleo. Gore re tlhaloganye kgang eno sentle, a re sekasekeng mafoko ao a ga Dafide.
13 Dafide a re Jehofa “o itse sentle gore re bopegile jang.” Jehofa o ile a bopa Adame “ka lorole lo lo tswang mo mmung” e bile o a itse gore ke dilo dife tse batho ba ba se nang boleo ba ka se kang ba kgona go tshela kwa ntle ga tsone. Ka sekai, ba tlhoka go ja, go robala le go hema. (Gen. 2:7) Mme fa Adame le Efa ba sena go leofa, kgang ya gore re lorole e ile ya kaya sengwe gape. E re ka re le bana ba bone, re na le boleo e bile re tshwanelwa ke go dira ka natla gore re se ka ra dira dilo tse di sa siamang. Jehofa o a itse gore re na le boleo. Gape Dafide a re o a gakologelwa gore re na le boleo. Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano, le kaya go dira sengwe. Ka jalo, re ka sobokanya se Dafide a ileng a se bua jaana: Jehofa o a itse gore re tla dira boleo ka dinako dingwe. Fa seo se direga mme re ikwatlhaya ka pelo yotlhe, Jehofa o tlhotlheletsega go dira sengwe. O re utlwela botlhoko e bile o a re itshwarela.—Pes. 78:38, 39.
14. (a) Dafite u no chenesa chini mazwibatigwa a Jehova a ka pelela? (Pisalema 103:12) (b) Cha ka shingikalila Dafite cho lakidza chini kuti Jehova u no zwibatigwa kwa ka pelela? (Bona box li noti “Fa Jehofa a Itshwarela Maleo ga a Nnele go a Gopola.”)
14 Ke eng gape se se ka re thusang go dumela gore Jehofa o re itshwaretse? (Bala Pesalema 103:12.) Dafide a re fa Jehofa a re itshwarela, o baya maleo a rona kgakala le rona “fela jaaka botlhabatsatsi [botlhaba] bo le kgakala le bophirimatsatsi [bophirima].” Botlhaba bo kgakala thata le bophirima. Le ka motlha di ka se kopane. Seno se re ruta eng ka maleo a Jehofa a re itshwarelang one? Fa buka nngwe e tlhalosa temana eno, e a re “tsela e Modimo a tlosang boleo jwa rona ka yone a bo isa kgakala le rona e ka tshwantshiwa le monko wa sengwe o o nyelelang gotlhelele. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore ga a kitla a gopola boleo joo gape kgotsa a re gopotsa jone.” Ka dinako dingwe, monko wa sengwe o kgona go re gopotsa dilo dingwe tse di diragetseng. Mme gone, fa Jehofa a sena go re itshwarela boleo jo re bo dirileng, ga go na sepe se se ka dirang gore a akanye ka jone gape le gore a re latofatse kgotsa a re otlhaele jone.—Esek. 18:21, 22; Dit. 3:19.
15. Ti nga thamani ha ti lemegwa ne zwibi zwa ta ka thama mu chibaka cha ka pinda?
15 Mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 103:12 a ka go thusa jang fa o thatafalelwa ke go dumela gore Jehofa o go itshwaretse? Akanya kafa Jehofa a ikutlwang ka gone, o a gakologelwa gore o na le boleo. O itshwarela botlhe ba ba ikwatlhaelang maleo a ba a dirileng ba bo ba dira diphetogo. Mme seo ke se o se dirileng. Gape gopola gore Jehofa ga a kitla a akanya kgotsa a go gopotsa boleo jo a setseng a go itshwaretse jone. Ka jalo, ga a kitla a go bona molato kgotsa a go atlholela boleo joo gape. Jehofa ga a nne a akantse ka maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng, le rona ga re a tshwanela go dira jalo. (Pes. 130:3) Fa re tlhomamisegile gore Jehofa o re itshwaretse maleo a re a dirileng, re ka se nne re ipona molato, go na le moo re tla tswelela re direla Jehofa re itumetse.
16. Fanisa se kwa ku kumbula ne kwe zwibi zwa wa ka thama mu chibaka cha ka pinda ku nga ku thamila mathatha. (Bona itshwantsho.)
16 Akanya ka sekai seno. Fa mongwe a kgweetsa, a ka tla a leba seipone se se mmontshang kwa morago. A ka dira jalo gangwe le gape. Mme go ka nna kotsi fa a ka nna fela a lebile seipone seo fa a kgweetsa. Gore a se ka a dira kotsi, o tshwanetse go nna a tlhomile matlho mo tseleng. Ka tsela e e tshwanang, ka dinako dingwe go siame gore re tle re akanya ka diphoso tse re kileng ra di dira. Seo se ka re thusa gore re se ka ra di boeletsa. Mme fa re nna re akanya fela ka boleo jo Jehofa a re bo itshwaretseng, re ka nna ra felelwa ke boitumelo e bile re ka ikobonya go direla Jehofa. Go na le gore re dire jalo, e kete re ka tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa re bo re tswelela re akanya ka bokamoso jo a re solofetsang jone, ka nako ya fa dilo tse di utlwisang botlhoko di se kitlang “di gakologelwa.”—Isa. 65:17; Diane 4:25.
Mokgweetsi o tshwanetse go tlhoma matlho mo tseleng, e seng mo seiponeng. Le rona re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse Jehofa a tlileng go re direla tsone, e seng mo diphosong tse re di dirileng mo nakong e e fetileng (Bona serapa 16)
DWILILANI MA KA LISA MIMOYO YENYU
17. Ini ta ka fanila dwilila ta ka lisa mimoyo yedu ti ziba kuti Jehova u no ti da ne ku ti zwibatigwa?
17 Re tshwanetse go nna re itlhatswa pelo gore Jehofa o a re rata le gore o re itshwaretse. (1 Joh. 3:19) Goreng? Ka gonne Satane o tla nna a leka go dira gore re akanye gore Jehofa ga a ka ke a re rata le gore ga a kitla a re itshwarela. Tseno ke ditsela tse Satane a di dirisang gore re tlogele go direla Jehofa. Mme fa re ntse re atamela bokhutlo jwa lefatshe leno, o tla leka go dira seo go feta le fa e le leng pele ka gonne a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane. (Tshen. 12:12) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lwantsha Satane, mme tswelele re direla Jehofa ka boikanyegi.
18. U nga thamani ku duma kuti Jehova u no ti da ne ku ti zwibatigwa?
18 Setlhogo se se fetileng se go bontshitse gore o tshwanetse go dira eng gore o itlhomamisetse gore Jehofa o a go rata. Setlhogo seno sone se go rutile gore o ka dira eng gore o itlhatswe pelo gore Jehofa o go itshwaretse. Ka sekai, gopola tsela e Jehofa a itlhalosang ka yone. Akanyetsa kwa teng ka se bakwadi ba Baebele ba ileng ba se bua malebana le tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone. O se ka wa lebala gore o a itse gore o na le boleo le gore o go utlwela botlhoko. Gape gopola gore o itshwarela ka botlalo. Fa o tlhomamisegile gore Jehofa o kutlwelobotlhoko, o tla itumela. Fela jaaka Dafide o tla re: “Ke a leboga Jehofa ka gonne o ‘itshwarela molato wa me le maleo a me.’”—Pes. 32:5.
LUMBO 1 Dinonofo Tsa ga Jehofa
a Bala setlhogo se se reng, “Atamalana le Modimo—Fa Jehofa A ne A Bolelela Moshe Dinonofo Tsa Gagwe” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2009.