Watchtower LAIBURARI I MU INTERNET
Watchtower
LAIBURARI I MU INTERNET
Kalanga (Botswana)
  • BAIBILI
  • DZITSHAMBISO
  • ZWIDIYO ZWE GUBUNGANO
  • w24 May z. 26-31
  • Se Kwa u Nga Thama Kuti ku Dana Kwenyu ku be Kwa ka Lulwama

Vidio ya wa shalula ha ipo.

U ti zwibatigwe, vidio ha izo ngina zwibuyanana.

  • Se Kwa u Nga Thama Kuti ku Dana Kwenyu ku be Kwa ka Lulwama
  • Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)——2024
  • Mishogwana
  • Zwino Yendidzana
  • MABAKA E KU DANA
  • ZIBANANI ZWIBUYANANA
  • ZWITHU ZWINGWE ZWA KA FANILA LINGILIGWA
  • BANGWE BA NGA BATSHA BATHU BA NO DANA CHINI?
  • Se Kwa u Nga Bona Nthu u Nga ku Fanila mu Ndobolo
    Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)——2024
  • Tola Thambo Dzi no Shathisa Jehova
    Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)—2025
  • Amuchila Kuti ha u Nga Zibe Chingwe ne Chingwe
    Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)—2025
Thungamakole i no Zibisa Bushe gwa Jehova (Ye ku Zwidiya)——2024
w24 May z. 26-31

NSHOLO WE ZWIDIYO 22

LUMBO 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

Se Kwa u Nga Thama Kuti ku Dana Kwenyu ku be Kwa ka Lulwama

“Kunaka kwenyu ngakube kwe tjamukati . . . kwe bubuya gwakalulwama.”​—1 PIT. 3:4.

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO

Re tla bona gore Bakeresete ba ba ratanang ba ka dira ditshwetso tse di siameng jang le gore ba bangwe mo phuthegong ba ka ba thusa jang.

1-2. Bangwe ba no zwihwa chini ne kwe ku dana?

BATHO ba le bantsi ba itumela tota fa ba ratana. Fa e le gore o a ratana, ga go pelaelo gore le wena o batla go itumela. Kgaitsadi mongwe wa kwa Ethiopia yo o bidiwang Tsion,a a re: “Ke ne ke itumetse tota fa nna le monna wa me re simolola go ratana. Re ne re tlotla ka dilo tsa botlhokwa e bile re ne re tshega mmogo monate. Ke ne ke itumeletse gore ke bone mongwe yo ke mo ratang e bile le ene a nthata.”

2 Mokaulengwe mongwe wa kwa Netherlands yo o bidiwang Alessio a re: “Ke ne ke itumelela go itse mosadi wa me fa re ne re simolola go ratana, mme gone re ne re na le dikgwetlho.” Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dikgwetlho le melaometheo mengwe e e mo Baebeleng e e tla thusang batho ba ba ratanang gore ba bontshe gore ba tlotla Jehofa. Gape re tlile go bona gore ba bangwe mo phuthegong ba ka ba thusa jang.

MABAKA E KU DANA

3. Mabaka e ku dana ndi api? (Zwiani 20:25)

3 Le fa go itumedisa tota fa batho ba ratana, ba tshwanetse go gopola gore go ratana ke kgang e e masisi tota e e ka felelang ka gore ba nyalane. Ka letsatsi la lenyalo, banyalani ba dira maikano fa pele ga ga Jehofa gore ba tla ratana le gore ba tla tlotlana botshelo jwa bone jotlhe. Pele re dira maikano ape fela, re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka one. (Bala Diane 20:25.) Tota le fa re dira maikano a lenyalo, re tshwanetse go dira jalo. Ka jalo fa batho ba ratana, ba dirisa nako eo go itsane botoka e bile go ba thusa gore ba kgone go dira tshwetso e e siameng. Ka dinako tse dingwe ba ka dira tshwetso ya gore ba nyalane kgotsa ba kgaogane. Fa e le gore ba a kgaogana, seno ga se reye gore ba dirile tshwetso e e sa siamang. Go na le moo, go ratana go ba thusitse gore ba kgone go lemoga gore a ba ka nyalana kgotsa nnyaa.

4. Ini ta ka fanila linga ku dana ne zila ya ka lulwama?

4 Goreng go le botlhokwa gore batho ba ba sa nyalang kgotsa ba ba sa nyalwang ba nne ba gopotse lebaka la go bo batho ba ratana? Seo se tla ba thusa gore ba se ka ba ratana le mongwe ba sa ikaelela go nyalana le ene. Mme gone, batho ba ba sa nyalang kgotsa ba ba sa nyalwang ga se bone fela ba ba tshwanetseng go nna ba gopotse lebaka la go bo batho ba ratana, rotlhe re tshwanetse go dira jalo. Ka sekai, batho bangwe ba akanya gore fa batho ba ratana, ba tshwanetse go nyalana. Seo se ka dira gore batho ba ba iseng ba nyale kgotsa ba nyalwe ba ikutlwe jang? Kgaitsadi mongwe wa kwa United States yo o bidiwang Melissa a re: “Fa mokaulengwe le kgaitsadi ba ratana, Basupi bangwe ba lebeletse gore ba nyalane. Seo se ka feleletsa se dira gore ba se ka ba kgaogana le fa tota ba lemoga gore ga ba tshwanelane. Gape se ka dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba iseng ba nyale kgotsa ba nyalwe ba se ka ba batla go ratana.”

ZIBANANI ZWIBUYANANA

5-6. Bathu ba no dana ba ka fanila kuti ba zibeni ne ku dana kwabo? (1 Pita 3:4)

5 Fa e le gore lo a ratana, lo ka thusiwa ke eng gore lo dire tshwetso ya gore a lo tla nyalana kgotsa nnyaa? Ipheng nako ya go itsane sentle. Gone ke boammaaruri gore go na le dilo dingwe tse o ileng wa di itse ka motho yo o ratanang le ene pele lo simolola go ratana. Mme gone jaanong, o ka kgona go itse “se se mo pelong” ya gagwe. (Bala 1 Petere 3:4.) Seo se akaretsa go itse gore o atamalane le Jehofa go le kana kang, ke motho yo o ntseng jang le tsela e a akanyang ka yone. Fa nako e ntse e tsamaya, o ka kgona go araba dipotso tseno: “A nna le motho yo ke ratanang le ene re a tshwanelana?” (Diane 31:26, 27, 30; Baef. 5:33; 1 Tim. 5:8) “A re ka kgona go ratana botshelo jotlhe? A ke kgona go itshokela makoa a gagwe?”b (Bar. 3:23) Nna o gopotse gore selo sa botlhokwa ga se gore lo rata dilo tse di tshwanang, go na le moo ke gore a lo dirisana sentle fa lo sa dumalane.

6 Ke eng gape se o tshwanetseng go se itse ka motho yo o ratanang le ene? Pele lo atamalana thata, lo tshwanetse go tlotla ka dikgang tsa botlhokwa. Ka sekai, lo tshwanetse go tlotla ka mekgele ya lona, mathata a botsogo le a madi kgotsa gore lo diragaletswe ke dilo dife tse di botlhoko mo nakong e e fetileng. Ga lo tlhoke go tlotla ka sengwe le sengwe fa lo simolola go ratana. (Bapisa le Johane 16:12.) Fa go na le dilo dingwe tse o akanyang gore lo tla tlotla ka tsone fa nako e ntse e tsamaya, bolelela motho yo o ratanang le ene ka kgang eo. Le fa go ntse jalo, itse gore o tla tlhoka go itse dintlha tseo gore a kgone go dira tshwetso e e siameng. Ka jalo, mmolelele sengwe le sengwe.

7. Bathu ba no dana ba nga zibana chini? (Bona box li noti “Fa o Ratana le Motho yo o Nnang Kgakala.”)

7 Ke eng se se ka go thusang gore o itse motho yo o ratanang le ene sentle? O ka mmotsa dipotso, go tswa foo o bo o mo reetsa ka tlhoafalo. Mo tlhalosetse gore o ikutlwa jang, mme o bue nnete fa a go botsa dipotso. (Diane 20:5; Jak. 1:19) Lo ka kgona go itsane fa lo dira dilo dingwe tse di ka lo thusang gore lo tlotle, tse di jaaka go ja mmogo, go tsamayatsamaya mo mafelong a botlhe le go rera mmogo. Gape lo ka kgona go itsane fa lo fetsa nako mmogo le ditsala le ba lelapa. Mo godimo ga moo, rulaganyang go dira dilo dingwe tse di tla go thusang go lemoga gore motho yo o ratanang le ene o itshwara jang mo maemong mangwe le fa lo na le batho ba ba farologaneng. Ela tlhoko se mokaulengwe mongwe wa kwa Netherlands yo o bidiwang Aschwin le Alicia ba neng ba se dira fa ba ne ba simolola go ratana. A re: “Gantsi re ne re dira ditiro tse di sa reng sepe mmogo. Re ne re apaya mmogo e bile re dira ditiro tse dingwe gore re kgone go itsane sentle. Go dira jalo go ne go re thusa go lemoga gore mongwe le mongwe wa rona o na le dinonofo le makoa afe.”

Ditshwantsho: 1. Mokaulengwe le kgaitsadi ba ba ratanang ba tlotla monate kwa resetšhurenteng. 2. Baratani ba bangwe ba apaya mmogo fa ba iketlile le bakaulengw le bokgaitsadi. 3. Mokaulengwe le kgaitsadi ba bua ba dirisa video-conference. Ba tlotla ka setlhogo se se reng, “What Can I Expect From Marriage?—Part 1” mo jw.org. Mokaulengwe o butse Baebele.

Fa wena le motho yo o ratanang le ene lo dira dilo tse di tla dirang gore lo kgone go tlotla, lo tla itsane botoka (Bona serapa 7-8)


Fa o Ratana le Motho yo o Nnang Kgakala

Fa e le gore o nna kgakala le motho yo o ratanang le ene, e bile lo bua ka founu kgotsa ka video-conference, lo sa ntse lo ka kgona go dirisa dikakantsho tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno. Netefatsang gore lo bolelelana boammaaruri, mme lo reetsane ka tlhoafalo. Mme gone, go ka nna thata gore o itse dilo dingwe ka motho yo o ratanang le ene fa lo sa fetse nako mmogo. Ka jalo, mo etele fa go kgonega. Gape go na le dilo dingwe tse o tshwanetseng go akanya ka tsone. Ka sekai: A go tla kgonega gore o fudugele kwa lefelong le lengwe e bile a o ikemiseditse go dira jalo? A o ka kgona go bua puo e nngwe le go tlwaela setso se sengwe? A o na le madi a go etela motho yo o ratang le ene? A lo tla kgona go etela ba lelapa le ditsala fa lo sena go nyalana?​—Luke 14:28.

8. Bathu ba no dana ba nga shathila ku zwidiya ba li bose chini?

8 Gape lo ka kgona go itsane fa lo ithuta Baebele mmogo. Tota e bile, fa lo sena go nyalana lo tla tshwara kobamelo ya lelapa mmogo gore Jehofa e nne motho wa botlhokwa mo lenyalong la lona. (Mor. 4:12) Ka jalo, lo ka nna lwa simolola go ithuta mmogo. Ke boammaaruri gore batho ba ba ratanang ga ba ise ba nne lelapa e bile mokaulengwe ga se tlhogo ya kgaitsadi yo a ratanang le ene. Le fa go ntse jalo, fa lo ithuta mmogo o tla kgona go lemoga gore motho yo o ratanang le ene o atamalane le Jehofa go le kana kang. Max le Laysa, ba kwa United States, ba tlhalosa gore go ithuta mmogo go tswela mosola jang gape. Max a re: “Fa re ne re simolola go ratana, re ile ra bala ditlhogo tse di buang ka go ratana, lenyalo le botshelo jwa lelapa mo dikgatisong tsa rona. Dikgatiso tseo di ile tsa re thusa gore re tlotle ka dilo tse dintsi tsa botlhokwa tse go neng go ka se nne motlhofo gore re tlotle ka tsone.”

ZWITHU ZWINGWE ZWA KA FANILA LINGILIGWA

9. Bathu ba no dana ba ka fanila lingani ha be shaka budza ungwe ne kwe ku dana kwabo?

9 Lo ka bolelela bomang gore lo a ratana? Eo ke tshwetso e lo tshwanetseng go e itirela. Fa e le gore ke gone lo simololang go ratana, go ka nna botoka gore lo bolelele batho ba le mmalwa fela ka kgang eno. (Diane 17:27) Go dira jalo go tla lo thusa gore lo se ka lwa nna lo bodiwa gore lo nyalana leng. Mme fa lo sa bolelele ope, lo ka nna lwa simolola go iphitlha gore batho ba se ka ba lemoga. Seo se ka nna kotsi tota. Ka jalo, go botlhokwa gore lo bolelele batho ba ba tla lo gakololang le ba ba tla lo thusang. (Diane 15:22) Ka sekai, lo ka bolelela ba malapa, Bakeresete ba ba tlhomang sekao kgotsa bagolwane.

10. Bathu ba no dana ba nga thama chini kuti ku dana kwabo ku be kwa ka lulwama? (Zwiani 22:3)

10 Lo ka bontsha jang gore lo tlotla Jehofa? Fa lo ntse lo ratana, lo tla atamalana thata. Ka jalo, ke eng se se tla lo thusang gore lo se ka lwa dira sepe se se ka se itumediseng Jehofa? (1 Bakor. 6:18) Lo se ka lwa tlotla ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo kgotsa lwa nna lo le babedi fela go se na batho ba bangwe, e bile lo se ka lwa nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. (Baef. 5:3) Dilo tseno di ka dira gore lo nne le keletso ya tlhakanelodikobo, go bo go nna thata gore lo dire se se siameng. Go ka nna molemo gore lo nne lo tlotla ka se lo ka se dirang go bontsha gore lo a tlotlana le gore lo tlotla melao ya ga Jehofa. (Bala Diane 22:3.) Dawit le Almaz ba kwa Ethiopia ba re: “Re ne re fetsa nako mmogo kwa mafelong a go nang le batho ba le bantsi gone, kgotsa re na le ditsala tsa rona. Re ne re sa nne re le babedi fela mo koloing kgotsa mo ntlong. Ka jalo, seo se ile sa re thusa gore re se ka ra raelesega go dira boitsholo jo bo sa siamang.”

11. Bathu ba no dana ba ka fanila linga zwithu zwipi ba sathu ba ka lakidza bangwe kuti ba no dana?

11 A lo tshwanetse go dira dilo tse di bontshang gore lo a ratana? Ga go phoso go dira jalo ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, fa keletso ya tlhakanelodikobo e nna maatla, go ka nna thata gore lo dire tshwetso e e siameng. (Sefela 1:2; 2:6) Gape fa lo dira dilo tse di bontshang gore lo a ratana, go ka nna motlhofo gore lo dire boitsholo jo bo sa siamang. (Diane 6:27) Ka jalo, fela fa lo simolola go ratana, tlotlang ka melaometheo e e mo Baebeleng le ka dilo tse lo tla di dirang le tse lo ka se kang lwa di dira go bontshana gore lo a ratana.c (1 Bathes. 4:3-7) Ipotseng go re: “Batho ba mo lefelong la rona ba tla ikutlwa jang fa re bontshana gore re a ratana? A seo se ka dira gore re nne le keletso ya tlhakanelodikobo?”

12. Bathu ba no dana ba ka fanila yelani njele ha ku be ne mathatha ne ku sa wanana?

12 Lo ka dira eng fa lo sa dumalane? Fa lo sa dumalane, a seno se raya gore ga lo tshwanelane? Nnyaa, ka dinako dingwe batho ba ba ratanang, ga ba dumalane ka dilo dingwe. Gore lenyalo le atlege, monna le mosadi ba tshwanetse go rarabolola mathata a bone mmogo. Ka jalo, tsela e lo rarabololang mathata ka yone e ka bontsha gore a lenyalo la lona le tla atlega. Ipotseng go re: “Fa re na le mathata, a re a rarabolola re ritibetse? A ke amogela diphoso tse ke di dirang e bile a ke ikemiseditse go tokafatsa? A ke batla gore ka metlha dilo di dirwe ka tsela ya me? A ke kopa maitshwarelo, e bile a ke a itshwarela?” (Baef. 4:31, 32) Mme gone, fa e le gore lo nna fela lo sa dumalane kgotsa lo ngangisana, dilo di ka nna maswe le go feta fa lo sena go nyalana. Ka jalo, fa lo lemoga gore ga lo tshwanelane, go ka nna molemo gore lo kgaogane.d

13. Bathu ba no dana ba ka fanila kuti ba lingilileni ha ku zha mu kuti ba nowo dana chibaka chi ngapani?

13 Lo tshwanetse go tsaya lobaka lo lokae lo ratana? Nna o gopotse gore lepotlapotla le ja potsane. (Diane 21:5) Ka jalo, go ratana go tshwanetse go go thusa go itse motho yo o batlang go nyalana le ene sentle. Le fa go ntse jalo, ga lo a tshwanela go tsaya lobaka lo loleele lo ratana. Baebele e a re: “Fa selo se motho a se letetseng se tsaya nako go diragala, seo se ka mo hutsafatsa.” (Diane 13:12) Mo godimo ga moo, fa lo tsaya lobaka lo loleele lo ratana, lo ka nna lwa dira boitsholo jo bo sa siamang. (1 Bakor. 7:9) Go na le go akanya thata ka gore lo na le lobaka lo lokae lo ratana, ipotse go re: “Ke eng gape se ke batlang go se itse ka motho yo ke ratanang le ene gore ke kgone go dira tshwetso ya gore a ke tla nyalana le ene kgotsa nnyaa?”

BANGWE BA NGA BATSHA BATHU BA NO DANA CHINI?

14. Bangwe ba nga batsha bathu ba no dana ne zila dza ka fanila chini? (Bona itshwantsho.)

14 Fa e le gore o itse batho ba ba ratanang, o ka ba thusa jang? O ka ba laletsa gore ba tle go ja le wena, lo ka tshwara kobamelo ya lelapa le bone kgotsa lwa itapolosa mmogo. (Bar. 12:13) Seo se ka ba thusa gore ba kgone go itsane sentle. A go ka tswa go na le bangwe ba ba batlang gore o tsamaye le bone kgotsa o ba laletse kwa legaeng la gago gore ba se ka ba nna ba le nosi? Fa go le jalo, a o ka ba thusa? (Bagal. 6:10) Alicia yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o tlhalosa kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ileng ba thusa ene le Aschwin ka gone fa ba ne ba ratana. A re: “Re ne re itumetse tota fa bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ne ba re bolelela gore re ka tla kwa magaeng a bone fa re batla go tlotla.” Fa batho ba ba ratanang ba go kopa gore o tsamaye le bone, tsaya seo e le tsela nngwe ya go ba thusa. Fa o na le bone, nna kelotlhoko gore o se ka wa ba tlogela ba le nosi. Mme fa go tlhokega, ba katoge go se kae gore ba kgone go bua dikgang tsa bone.​—Bafil. 2:4.

Mokaulengwe le kgaitsadi ba ba ratanang ba iketlile le batho ba bangwe. Mme gone, ba ba katogile go se kae gore ba kgone go tlotla.

Fa re itse gore bangwe ba a ratana, re ka batla ditsela tse re ka ba thusang ka tsone (Bona serapa 14-15)


15. Ini kakale chi nga thangwa ne bangwe ku batsha bathu ba no dana? (Zwiani 12:18)

15 Gape re ka thusa batho ba ba ratanang ka go laola se re se buang. (Bala Diane 12:18.) Ka sekai, re ka tswa re batla go bolelela ba bangwe gore ba a ratana, mme ba ka tswa ba batla gore e nne bone ba bolelelang batho ba bangwe dikgang tseo. Ga re a tshwanela go bua dilo tse di sa siamang ka batho ba ba ratanang e bile ga re a tshwanela go ba tshwayatshwaya diphoso ka ditshwetso tse ba di dirang. (Diane 20:19; Bar. 14:10; 1 Bathes. 4:11) Gape ga re a tshwanela go ba botsa dipotso tse di ka dirang gore ba ikutlwe ba patelesega go nyalana. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Elise le monna wa gagwe ba re: “Re ile ra tlhabiwa ke ditlhong tota fa bangwe ba ne ba re botsa gore dithulaganyo tsa lenyalo la rona di ntse di tsamaya jang, mme rona re ise re tlotle ka tsone.”

16. Ta ka fanila ku zwibata chini ha bathu ba no dana be thubukana?

16 Mme go tweng fa batho ba ba ratanang ba kgaogana? Ga re a tshwanela go itshunya nko mo dikgannyeng tsa bone kgotsa go tshwaya mongwe wa bone phoso ka gonne ba kgaogane. (1 Pet. 4:15) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Lea a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko tota fa ke utlwa dikgang tse di neng di buiwa ka nna le mokaulengwe yo ke neng ke ratana le ene yo re ileng ra kgaogana.” Jaaka re bone mo dirapeng tse di fetileng, fa batho ba kgaogana seo ga se reye gore ga ba a dira tshwetso e e siameng. Tota e bile, go ratana go ba thusitse gore ba dire tshwetso e e siameng. Le fa go ntse jalo, tshwetso eo e ka dira gore ba utlwe botlhoko kgotsa ba jewe ke bodutu. Ka jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go ba ema nôkeng.​—Diane 17:17.

17. Bathu ba no dana ba ka fanila dwilila be thamani?

17 Jaaka re bone, go ratana go na le dikgwetlho, mme gone go a itumedisa. Jessica a re: “Go bua nnete, go ratana ga se kgetsi e potlana. Le fa go ntse jalo, ke itumelela gore re ile ra dirisa nako le maatla a rona gore re kgone go itsane sentle.” Fa e le gore o a ratana, dira sotlhe se o ka se kgonang go itse motho yo o ratanang le ene sentle. Seo se tla lo thusa go dira tshwetso e e siameng.

U NGA DABILA CHINI?

  • Mabaka e ku dana ndi api?

  • Bathu ba no dana ba nga zibana zwibuyanana chini?

  • Bathu bangwe mu gubungano ba nga batsha ba no dana chini?

LUMBO 49 Go Ipedisa Pelo ya ga Jehofa

a Maina mangwe a fetotswe.

b O ka bona dipotso tse dingwe mo bukeng ya setlhogo se se reng, Dipotso Tse Basha ba di Botsang​—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, ts. 39-40.

c Fa motho a tshwaratshwara dirwe tsa motho yo mongwe tsa tlhakanelodikobo, o dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e bile bagolwane ba ka mo tlhomela komiti ya boatlhodi. Gape go tshwaratshwara mabele a motho yo mongwe kgotsa go tlotla ka tlhakanelodikobo mo founong kgotsa ka melaetsa le gone go ka dira gore motho a tlhomelwe komiti ya boatlhodi.

d Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 1999.

    Tshambiso Dze Ikalanga (2008-2025)
    Buda
    Ngina
    • Kalanga (Botswana)
    • Tumila
    • Zwa u no da
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Milayo ye ku Shingisa
    • Nlayo u no Bakilila
    • Privacy Settings
    • JW.ORG
    • Ngina
    Tumila