NSHOLO WE ZWIDIYO 30
LUMBO 36 A re Diseng Dipelo Tsa Rona
Dzithuto Dze Buthokwa Ku Dwa mu She Dze Iziraele
“Ipapo mowobona kakale kuthubukana pakati kwe balulwami ne babi, pakati kwe unoshingila Ndzimu ne usingaushingile.”—MAL. 3:18.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Go ithuta ka dikgosi tsa Iseraele go tla re thusa go itse gore re tshwanetse go dira eng gore re itumedise Jehofa.
1-2. Baibili i no lebani ne kwe she dzingwe dze Iziraela?
BAEBELE e re bolelela ka banna ba feta 40 ba e neng e le dikgosi tsa Iseraele.a Gape e re bolelela puo phaa ka dilo dingwe tse ba neng ba di dira. Ka sekai, tota le dikgosi tse di siameng di ile tsa dira dilo dingwe tse di sa siamang. Mongwe wa bone ke Kgosi Dafide. Jehofa o ile a bua jaana ka ene: “Motlhanka wa me Dafide, [o ne] a ntshala morago ka pelo ya gagwe yotlhe, . . . a dira se se siameng mo matlhong a me.” (1 Dikg. 14:8) Le fa go ntse jalo, Dafide o ile a tlhakanela dikobo le mosadi wa monna yo mongwe a bo a dira gore a bolawe kwa ntweng.—2 Sam. 11:4, 14, 15.
2 Gape Baebele e re bolelela ka dilo dingwe tse di siameng, tse dikgosi tse di neng di sa ikanyege mo go Jehofa di ileng tsa di dira. Ka sekai, Jehofa o ne a re Rehoboame “o ne a dira se se bosula.” (2 Ditir. 12:14) Le fa go ntse jalo, Rehoboame o ne a ikobela Jehofa fa a ne a mo laela gore a se ka a lwa le ditso tse di lesome tsa Iseraele le gore a ba letle go itlhophela kgosi e nngwe. Gape o ile a nonotsha metse e mentsi mo pusong ya gagwe gore a sireletse batho ba Modimo mo bathong ba ba neng ba sa ba rate.—1 Dikg. 12:21-24; 2 Ditir. 11:5-12.
3. Ko muka dzibuzo dzipi, ngono towo zwidiyani mu chidiyo icheche?
3 Potso e re ka ipotsang yone ke go re: “Ke eng se se neng se thusa Jehofa gore a dire tshwetso ya gore a kgosi e a ikanyega kgotsa ga e ikanyege?” Karabo ya potso eo e tla re thusa go tlhaloganya gore re tshwanetse go dira eng gore re itumedise Jehofa. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse tharo tse di thusitseng Jehofa go lemoga gore a kgosi e a ikanyega kgotsa ga e ikanyege. O ne a lebelela gore a kgosi eo e ne e mo rata ka pelo yotlhe, gore a e ne e ikwatlhaya fa e ne e dirile phoso le gore a e ne e mo obamela ka tsela e e mo itumedisang.
MIMOYO YABO YA KA BE YA KA PELELA MU NA JEHOVA
4. Dikgosi tse di neng di ikanyega le tse di neng di sa ikanyege di ne di farologana ka eng?
4 Dikgosi tse di neng di itumedisa Jehofa ke tse di neng di mo direla ka pelob yotlhe. Kgosi Jehoshafate o ne “a batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.” (2 Ditir. 22:9) Baebele e tlhalosa Josia jaana: “Go ne go se na kgosi epe e e tshwanang le ene pele ga gagwe, e e neng ya boela kwa go Jehofa ka pelo yotlhe.” (2 Dikg. 23:25) Mme gone, go tweng ka Solomone yo o neng a dira dilo tse di sa siamang fa a ne a tsofala? Baebele e a re “o ne a sa ineela ka botlalo mo go Jehofa.” (1 Dikg. 11:4) Mo godimo ga moo, e re bolelela gore Kgosi Abijame yo a neng a sa ikanyege “o ne a sa ineela ka botlalo mo go Jehofa.”—1 Dikg. 15:3.
5. Chenesa kuti ko dwiwani ku shingila Jehova ne moyo wa ka pelela.
5 Go direla Jehofa ka pelo yotlhe go kaya eng? Motho yo o obamelang Jehofa ka pelo yotlhe, ga a mo obamele fela ka gonne a itse gore o tshwanetse go dira jalo. Go na le moo, o mo direla ka gonne a mo rata e bile a mo tlotla. Mo godimo ga moo, o tswelela a dira jalo botshelo jwa gagwe jotlhe.
6. Ti nga dwilila ti na moyo wa ka pelela chini? (Zwiani 4:23; Matewu 5:29, 30)
6 Re ka ithuta eng mo dikgosing tse di ikanyegang tse di neng di rata Jehofa ka pelo yotlhe? Ga re a tshwanela go dira dilo tse di ka dirang gore re se ka ra ikanyega mo go Jehofa. Ka sekai, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re lebelela eng le gore re dira eng fa re itlosa bodutu. Gape re tshwanetse go tlhopha ditsala tse di siameng gore re se ka ra simolola go rata madi. Fa re lemoga gore go na le sengwe se se dirang gore re se ka ra tlhola re rata Jehofa jaaka pele, re tshwanetse go leka ka natla gore re fetole tsela e re akanyang ka yone le e re dirang dilo ka yone.—Bala Diane 4:23; Mathaio 5:29, 30.
7. Ini ku li buthokwa kuti ti zwi vikile mu ku pateletsiwa ku thama chi sa ka lulwama?
7 Ga re a tshwanela go letla sepe se dira gore re se ka ra tlhola re direla Jehofa jaaka pele. Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra akanya gore dilo tse di bosula ga di ka ke tsa senya botsala jwa rona le Jehofa ka gonne re mo direla mo go oketsegileng. Ka sekai, a re re o tsamaya mo letsatsing le le babolang mme o bo o nwa metsi gore a go timole lenyora. Go ne go tla direga eng fa o ne o ka tswelela o tsamaya fela mo letsatsing o sa ye kwa moriting? O ne o tla tshwarwa ke lenyora gape. Ka jalo, go dira dilo tse di re thusang gore re tswelele re atamalane le Jehofa ga go a lekana. Fela jaaka re ka se ka ra batla go tsamaya lobaka lo loleele mo letsatsing le le babolang, ga re a tshwanela go dira sepe fela se se ka fokotsang tsela e re ratang Jehofa ka yone.—Baef. 2:2.
BA KA SHANDUKILA ZWIBI ZWABO
8-9. She Dafite na She Hezekia ba ka zwi bata chini ha be chemegwa? (Bona itshwantsho chi mu khavara.)
8 Fela jaaka re bone kwa serapeng sa ntlha, Kgosi Dafide o ne a dira boleo jo bo masisi. Le fa go ntse jalo, fa moporofeti Nathane a ne a mmolelela gore Jehofa o ikutlwa jang ka boleo jo a neng a bo dirile, o ile a ikwatlhaya. (2 Sam. 12:13) Se Dafide a ileng a se bua mo go Pesalema 51 se bontsha gore o ne a ikwatlhaela se a neng a se dirile. Dafide o ne a sa itire e kete o swabetse se a se dirileng gore Nathane a akanye gore o a ikwatlhaya kgotsa gore a se ka a otlhaiwa.—Pes. 51:3, 4, 17, mafoko a a mo godimo ga Dipesalema.
9 Kgosi Hesekia le ene o ne a leofela Jehofa. Baebele e a re: “Pelo ya gagwe e ne ya nna mabela, mme a dira gore ene le batho ba Juda le ba Jerusalema ba galefelwe.” (2 Ditir. 32:25) Goreng Hesekia a ne a ikgogomosa? Gongwe o ne a dira jalo ka gonne Jehofa a mo neile dikhumo, a mo thusitse go fenya Baasiria kgotsa a mo fodisitse. Gongwe a ka tswa a ile a bontsha Bababelona dikhumo tsa gagwe ka gonne a ne a le mabela. Mme gone, moporofeti Isaia o ne a mmolelela gore Jehofa o ne a sa itumelela se a se dirileng. (2 Dikg. 20:12-18) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Dafide, Hesekia le ene o ne a ikwatlhaya. 2 Ditir. 32:26) Seo se ne sa dira gore Jehofa a mo tseye e le kgosi e e ikanyegang, ‘e e nnang e dira se se siameng.’—2 Dikg. 18:3.
Kgosi Dafide le Kgosi Hesekia ba ile ba ikwatlhaya fa ba sena go bolelelwa gore Jehofa o ne a sa itumelela se ba se dirileng (Bona serapa 8 le 9)
10. She Amasia wa ka zwi bata chini ha e lulamisiwa?
10 Go farologana le Kgosi Dafide le Kgosi Hesekia, Kgosi Amasia wa Juda ene o ne a dira se se siameng “mme gone e seng ka pelo e e feletseng.” (2 Ditir. 25:2) Matsapa di a tsere kae? Fa Jehofa a sena go mo thusa go fenya Baedoma, o ile a obamela medimo ya bone.c Go tswa foo, fa moporofeti wa ga Jehofa a ne a bua le ene ka kgang eo, ga a a ka a mo reetsa, go na le moo o ile a mo leleka.—2 Ditir. 25:14-16.
11. Ku enda ne 2 Bakorinta 7:9, 11, ta ka fanila thamani kuti ti zwibatigwe? (Bona itshwantsho.)
11 Re ithuta eng mo dikgosing tseno? Gore re tshwanetse go ikwatlhaela maleo a re a dirileng le gore re dire sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra a boeletsa. Mme go tweng fa e le gore bagolwane ba a re gakolola tota le ka dilo tse di lebegang di sa re sepe? Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa ga a re rate kgotsa bagolwane ba kgatlhanong le rona. Tota le dikgosi tse di siameng tsa kwa Iseraele di ne di tlhoka go gakololwa le go kgalemelwa. (Baheb. 12:6) Ka jalo, fa re gakololwa, re tshwanetse go (1) ikokobetsa, (2) go dira diphetogo tse di tlhokegang le (3) go tswelela re direla Jehofa ka pelo yotlhe. Fa re ikwatlhaela maleo a re a dirileng, Jehofa o tla re itshwarela.—Bala 2 Bakorintha 7:9, 11.
Fa re gakololwa, re tshwanetse go (1) ikokobetsa, (2) go dira diphetogo tse di tlhokegang le (3) go tswelela re direla Jehofa ka pelo yotlhe (Bona serapa 11)f
BA NO DUMILA MU BUDUMILI GWE MALEBESWA
12. Ini dumbu chi no lakidza she dzi no thembeka?
12 Dikgosi tse Jehofa a neng a di tsaya di ikanyega, di ne di mo obamela ka tsela e a neng a e batla. Gape di ne di kgothaletsa batho ba ga Jehofa gore le bone ba dire se se tshwanang. Ke boammaaruri gore ba ile ba dira diphoso jaaka re bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba obamela Jehofa fela e bile ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go fedisa kobamelo ya medingwana kwa Iseraele.d
13. Ini Jehova a ka athula Ahabe ili she u singa thembeke?
13 Goreng Jehofa a ne a re dikgosi dingwe ga di ikanyege? Boammaaruri ke gore go ne go na le dilo dingwe tse di siameng tse ba ileng ba di dira. Ka sekai, fa Kgosi Ahabe a sena go utlwa gore Nabothe o ne a bolawa gore a newe tshimo ya gagwe, o ne a ikokobetsa a bo a ikwatlhaya. (1 Dikg. 21:27-29) Gape o ile a aga metse a bo a fenya batho ba ba neng ba tlhasela Baiseraele. (1 Dikg. 20:21, 29; 22:39) Mme gone, go na le sengwe se se bosula se Ahabe a neng a se dira. Mosadi wa gagwe o ile a dira gore a rotloetse batho go obamela medimo ya maaka, mme ga a a ka a ikwatlhaela seno.—1 Dikg. 21:25, 26.
14. (a) Ini Jehova a ka be e tola She Rehoboame a si nga thembeke? (b) Ini chi no lakidza ku sa lulwama kwe babusi ba singa thembeke?
14 Kgosi e nngwe e e neng e sa ikanyege mo go Jehofa ke Rehoboame. Jaaka re bone mo serapeng sa bobedi, go na le dilo dingwe tse di siameng tse a neng a di dira fa a ne a busa. Mme fa a sena go nonofa, o ne a se ka a ikobela Molao wa ga Jehofa e bile o ne a simolola go obamela medimo ya maaka. (2 Ditir. 12:1) Morago ga moo, ka dinako dingwe o ne a obamela Jehofa mme ka dinako tse dingwe o ne a obamela medimo ya maaka. (1 Dikg. 14:21-24) Rehoboame le Ahabe ba ne ba tlogela go direla Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Tota e bile, dikgosi tse dintsi tsa Iseraele di ne di obamela medimo ya maaka e bile di kgothaletsa batho ba bangwe gore le bone ba dire jalo. Ka jalo, re kgona go bona sentle gore Jehofa o ne a tsaya kgosi e ikanyega kgotsa e sa ikanyege go ikaegile ka gore a e mo obamela ka tsela e e mo itumedisang.
15. Ini ku dumila mo budumili gwe malebeswa kuli buthokwa mu na Jehova?
15 Goreng Jehofa a tsaya go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang go le botlhokwa? Lebaka le lengwe ke gore dikgosi di ne di tshwanetse go thusa batho go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Gape fa batho ba ne ba obamela medimo ya maaka, seo se ne se dira gore ba dire maleo a mangwe le gore ba se ka ba tshwara batho ba bangwe sentle. (Hos. 4:1, 2) Mo godimo ga moo, dikgosi tsa Iseraele le Baiseraele e ne e le setšhaba se se ineetseng mo go Jehofa. Ka jalo, fa ba ne ba sa ikanyege mo go Jehofa ba bo ba obamela medimo ya maaka, Baebele e a re ba ne ba dira boaka. (Jer. 3:8, 9) Motho yo o dirang boaka o leofela molekane wa gagwe e bile o mo utlwisa botlhoko thata. Ka tsela e e tshwanang, fa motlhanka wa ga Jehofa a sa mo obamele ka tsela e a e amogelang, o mo utlwisa botlhoko.e—Dute. 4:23, 24.
16. Mu mesho a Jehova, ini chi no shalula balulwami mu babi?
16 Dipego tseno di re ruta gore ga re a tshwanela go dira sepe se se amanang le kobamelo ya maaka. Mme gone, re tshwanetse go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang le go mo direla ka matlhagatlhaga. Moporofeti Malaki o ne a tlhalosa pharologanyo fa gare ga motho yo o siameng le yo o sa siamang. O ne a re: “Gape lo tla bona pharologanyo fa gare ga motho yo o siameng le motho yo o bosula, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direleng.” (Mal. 3:18) Ka jalo, ga re a tshwanela go letla sepe gore se re thibele go direla Jehofa, e ka tswa e le makoa a rona kgotsa diphoso tse re di dirang. Tota e bile, go tlogela go direla Jehofa ke boleo jo bo masisi.
17. Dzitshetso dza ti no thama ha ti shalula nthu wa ti no shaka lobolana naye dzi nga ama ku themba Jehova kwedu chini?
17 Fa e le gore ga o ise o nyale kgotsa o nyalwe mme o batla go dira jalo, se Malaki a ileng a se bua se ka go thusa gore o tlhophe motho yo o tla nyalanang le ene ka botlhale. A re re motho mongwe o na le botho jo bontle mme ga a direle Jehofa, a Jehofa o tsaya motho yoo a siame? (2 Bakor. 6:14) Fa lo sena go nyalana, a o tla go thusa gore o tswelele o direla Jehofa? Akanya ka se se ileng sa diragalela Kgosi Solomone. Gongwe basadi ba a ileng a ba nyala ba ne ba na le botho jo bontle. Mme gone, ba ne ba sa obamele Jehofa. Ka jalo, ba ile ba mo tlhotlheletsa gore a simolole go obamela medimo ya maaka.—1 Dikg. 11:1, 4.
18. Bazwadzi ba ka fanila diya bana babo ini?
18 Batsadi, dirisang dikai tsa dikgosi tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng go thusa bana ba lona gore ba eletse go direla Jehofa. Ba thuseng go tlhaloganya gore dikgosi tse Jehofa a neng a di amogela ke tse di neng di mo obamela e bile di kgothaletsa batho ba bangwe gore le bone ba dire jalo. Se lo se buang le se lo se dirang, se tla thusa bana ba lona gore ba atamalane le Jehofa. Ba thuseng go lemoga gore go ithuta Baebele, go nna teng kwa dipokanong le go rera, ke dilo tsa botlhokwa thata mo botshelong. (Math. 6:33) Fa lo sa dire jalo, ba ka nna ba direla Jehofa fela ka gonne lo mo direla. Seo se ka dira gore ba se ka ba tsaya go direla Jehofa e le selo sa botlhokwa kgotsa ba ka nna ba tlogela go mo direla.
19. Ba ka letja ku shingila Jehova ba na thembo ipi? (Bona box li noti “O ka Boela Kwa go Jehofa!”)
19 Fa mongwe a tlogetse go direla Jehofa, a a ka kgona go nna tsala ya gagwe gape? Ee, ka gonne a ka ikwatlhaya a bo a direla Jehofa gape. Gore a dire jalo, o tla tshwanelwa ke go letla bagolwane gore ba mo thuse. (Jak. 5:14) Mme gone, a ka tlhomamisega gore matsapa a a a tsayang a go boela kwa go Jehofa, ga se a bophiri.
20. Hapa ti edza she dzi no thembeka, Jehova u no ti linga chini?
20 Re ithutile eng mo dikgosing tsa Iseraele? Re ithutile gore re ka tshwana le dikgosi tse di ikanyegang fa re direla Jehofa ka pelo yotlhe. Gape re bone gore re tshwanetse go ithuta mo diphosong tse re di dirileng, re ikwatlhaye, re bo re dire diphetogo tse di tlhokegang. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go nna re gopotse gore go botlhokwa go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Fa o nna o ikanyega mo go Jehofa, o tla go tsaya o le mongwe wa batho ba ba siameng.
LUMBO 45 Go Tlhatlhanya ga Pelo ya Me
a Mo setlhogong seno, “dikgosi tsa Iseraele” ke dikgosi tsotlhe tse di neng di busa batho ba ga Jehofa. Di ne di busa ditso tse pedi tsa bogosi jwa Juda, ditso tse di lesome tsa bogosi jwa Iseraele kgotsa ditso tsotlhe di le 12.
b TLHALOSO: Gantsi Baebele e dirisa lefoko “pelo” go tlhalosa se re leng sone mo teng. Seo se akaretsa se re se eletsang, se re se akanyang, tsela e re ikutlwang ka yone, lebaka la go bo re dira sengwe le mekgele e re batlang go e fitlhelela.
c Mo metlheng eo, gantsi dikgosi tse e neng e se tsa Baiseraele, di ne di obamela medimo ya ditšhaba tse di neng di di fentse.
d Kgosi Asa o ile a dira maleo a a masisi. (2 Ditir. 16:7, 10) Le fa go ntse jalo, Baebele e a re Asa o ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa. Fa moporofeti wa ga Jehofa a ne a mo kgalemela, kwa tshimologong ga a a ka a reetsa mme go ka direga gore o ile a ikwatlhaya moragonyana. Ka jalo, Jehofa o ile a tlhoma mogopolo mo dinonofong tse dintle tse a neng a na le tsone, e seng mo dilong tse di bosula tse a ileng a di dira. Asa o ne a obamela Jehofa fela e bile o ile a dira sotlhe se a ka se kgonang go fedisa medimo ya maaka e e neng e obamelwa mo pusong ya gagwe.—1 Dikg. 15:11-13; 2 Ditir. 14:2-5.
e Molao wa ga Moshe o re bontsha gore Jehofa o tsaya tsela e re mo obamelang ka yone e le botlhokwa. Ka sekai, melao e mebedi ya ntlha e ne e laela Baiseraele gore ba obamele Jehofa fela, e seng medimo e mengwe kgotsa ditshwantsho.—Ekes. 20:1-6.
f TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mogolwane yo mosha o bolelela mokaulengwe yo mongwe gore o amegile thata ka tsela e a nwang bojalwa ka yone. Mokaulengwe yoo o amogela kgakololo, o dira diphetogo tse di tlhokegang e bile o tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi.