NSHOLO WE ZWIDIYO 39
LUMBO 54 “Tsela ke E”
“Ba na Meya Dza ka Naka” Ba Nowo Teedza
“Ibabo bakashaluligwa butjilo gusingapele bakabe bagalimoyo.”—MISHINGO 13:48.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tla ithuta gore go botlhokwa gore re kope go ithuta Baebele le batho le go ba laletsa go tla kwa dipokanong.
1. Bathu ba no leyana chini ha ku zha mu ku hwa ndebo mbuya? (Mishingo 13:47, 48; 16:14, 15)
BATHO ba le bantsi ba ne ba itumetse tota fa Bakeresete ba bogologolo ba ba bolelela ka Jesu lekgetlo la ntlha e bile ba ne ba batla go nna Bakeresete ka yone nako eo. (Bala Ditiro 13:47, 48; 16:14, 15.) Go ntse jalo le gompieno. Batho bangwe ba a itumela fa ba utlwa dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha. Tota le ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa Bogosi lekgetlo la ntlha fa re bua le bone, moragonyana ba ka nna ba o amogela. Re tshwanetse go dira eng fa re fitlhela ‘ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go amogela boammaaruri’ mo tshimong ya rona?
2. Nshingo wedu we ku rera u no fanana chini ne we nthu u no lima?
2 Akanya ka sekai seno. Tiro ya rona ya go rera e tshwana le tiro ya molemi. Fa maungo a setlhare sengwe a budule, molemi o tla a kgetla a bo a tswelela a nosetsa le go tlhokomela ditlhare tse dingwe tse di mo tshimong tse maungo a tsone a iseng a butswe. Ka tsela e e tshwanang fa re fitlhela mongwe yo o ikemiseditseng go amogela molaetsa, ka yone nako eo re batla go mo thusa gore e nne molatedi wa ga Jesu. Gape re dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa ba ba iseng ba amogele molaetsa gore ba bone botlhokwa jwa go ithuta ka Modimo. (Joh. 4:35, 36) Temogo e tla re thusa go itse gore re ka dira eng go ba thusa. A jaanong re boneng gore re ka dira eng fa re tlotla le batho lekgetlo la ntlha mme re lemoga gore ba kgatlhegela molaetsa. Gape re tla bona gore re ka ba thusa jang gore ba atamalane le Jehofa le gore ba mo obamele.
HA BATHU BE SHAKA KU TEEDZA
3. Ti nga lebeleka ne bathu ba nga da ku ti teedza mu nshingo wedu we ku rera chini? (1 Bakorinta 9:26)
3 Fa re fitlhela batho ba ba kgatlhegang mo tshimong re batla go ba thusa gore ba ithute ka Jehofa le gore ba simolole go atamalana le ene di tloga fela. Mo maemong ao, ga re a tshwanela go okaoka go ba kopa gore re ithute Baebele le bone le go ba laletsa go ya kwa dipokanong lekgetlo la ntlha fa re tlotla le bone.—Bala 1 Bakorintha 9:26.
4. Leba cha ka shingikalila nthu nngwe wa ka zwidiya Baibili ha u shangana naye gwe kutanga.
4 Kopa go ithuta Baebele le bone. Bangwe ba re kopanang le bone mo bodireding ba a bo ba siametse go ithuta Baebele, lekgetlo la ntlha fa re bua le bone. Ka sekai, ka Labone mongwe, mosadi mongwe wa kwa Canada o ile a ya kwa kolotsaneng ya dikgatiso a bo a tsaya boroutšhara jwa Itumelele go Tshelela Ruri! Kgaitsadi o ile a mo raya a re a ka itumelela go ithuta Baebele le ene. Mosadi yoo o ne a kgatlhegela go ithuta Baebele e bile o ile a naya kgaitsadi dinomoro tsa gagwe tsa founu. Moragonyana mo go lone letsatsi leo o ile a romelela kgaitsadi molaetsa a mmotsa gore ba ka ithuta leng. Fa kgaitsadi a mo raya a re a ba ka ithuta ka mafelobeke, mosadi yoo o ile a mo raya a re: “Go ka nna jang fa re ka ithuta kamoso? Ke tla bo ke le teng.” Ka jalo, ba ile ba ithuta Baebele mo go one Labotlhano oo. Mosadi yoo o ile a ya kwa dipokanong mo mafelobekeng ao a bo a simolola go gatela pele ka bonako.
5. Ti nga shingisa buchenjedu chini ha ti shaka diya nthu Baibili? (Bona zwitshwantsho.)
5 Ke boammaaruri gore ga re a lebelela gore batho botlhe ba reetse molaetsa wa rona lekgetlo la ntlha fa re ba rerela jaaka mosadi yo re tlotlileng ka ene. Bangwe ba tlhoka nako e e oketsegileng. Re ka tlhoka go simolola motlotlo le bone ka sengwe se ba se kgatlhegelang. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go ba tlhoboga, e bile re tshwanetse go tswelela re ba bontsha gore re a ba kgatlhegela. Seo se ka dira gore mo nakong e e sa fediseng pelo ba batle go ithuta. Re ka buelela thuto ya Baebele jang? A re boneng gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba kgonang go simolola dithuto tsa Baebele ba ile ba araba jang potso eno.
O ka raya batho ba ba mo ditshwantshong tseno o reng gore ba kgatlhegele go ithuta Baebele? (Bona serapa 5)a
6. Ti nga dwilila ti zwidiya Baibili ne nthu u nga shathila ku zwidiya Baibili chini?
6 Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ile ba tlhalosa gore mo dinageng dingwe go ka nna molemo gore re se ka ra dirisa mafoko a a jaaka “go ithuta,” “thuto ya Baebele,” kgotsa “go go ruta,” fa re buelela thuto ya Baebele. Ba ile ba lemoga gore go botoka go dirisa mafoko a a jaaka “go tlotla,” “go sekaseka,” le “go itse Baebele botoka.” Gore motho a kgatlhegele go bua le wena gape, o ka re: “Go a kgatlha go bona gore Baebele e araba dipotso tsa botlhokwa mo botshelong” kgotsa “Baebele ga se buka fela ya kereke, e ka re tswela mosola ka ditsela tse di farologaneng.” Gape o ka nna wa re: “Ga go tseye nako e telele, o ka ithuta sengwe sa botlhokwa mo metsotsong e le 10 go ya go e le 15.” O ka dira jalo o sa dirise mafoko a a jaaka “go baya nako,” kgotsa “beke le beke,” a a ka dirang gore motho a ikutlwe e kete o itlama ka sengwe.
7. Bathu bangwe ba ka tangisa ku zwidiya malebeswa e Baibili lini? (1 Bakorinta 14:23-25)
7 Ba laletse go tla dipokanong. Go lebega bangwe mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo ba ile ba lemoga gore se ba se utlwang ke boammaaruri lekgetlo la ntlha fa ba le kwa dipokanong. (Bala 1 Bakorintha 14:23-25.) Seo se direga gantsi le gompieno. Batho ba le bantsi ba gatela pele ka bonako fa ba simolola go tla dipokanong. Ka jalo, re tshwanetse go ba laletsa leng? Le fa gone buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! e kgothaletsa moithuti go ya dipokanong mo thuto 10, ga re a tshwanela go leta gore re fitlhe mo karolong eo pele ga re ka laletsa mongwe gore a tle dipokanong. Lekgetlo la ntlha fela fa o tlotla le ene, o ka mo laletsa gore a nne gone kwa dipokanong tsa mafelobeke ao. Gongwe o ka mmolelela setlhogo sa puo ya phatlalatsa, kgotsa wa bua ntlha nngwe e e tlhagang mo Thutong ya Tora ya Tebelo e e tla ithutiwang mo bekeng eo.
8. I zwithu zwipi zwa ti nga lingilila mu zwidiyo zwe gubungano ha ti koka nthu ku zha ku zwidiyo? (Izaya 54:13)
8 Fa re laletsa motho yo o kgatlhegang, re tshwanetse go mo tlhalosetsa gore se se dirwang kwa dipokanong se farologane jang le se a ka tswang a tlwaetse go se bona kwa dikerekeng. Mosadi mongwe yo o neng a nna gone lekgetlo la ntlha kwa Thutong ya Tora ya Tebelo, o ile a botsa motho yo o mo rutang Baebele gore a mokaulengwe yo o tshwereng Thuto ya Tora ya Tebelo o itse maina a batho botlhe. Kgaitsadi yoo o ile a mo tlhalosetsa gore rotlhe re leka go itse maina a batho ba ba mo phuthegong ya rona, fela jaaka re itse maina a ba malapa a rona. Go tswa foo mosadi yoo o ile a mmolelela gore kwa kerekeng ya bone batho ba le bantsi ga ba itsane ka maina. Gape re ka tshwanelwa ke go tlhalosetsa batho lebaka la go bo re ya dipokanong. (Bala Isaia 54:13.) Re ya dipokanong gore re ye go obamela Jehofa re ithute ka ene, le gore re kgothatsane. (Baheb. 2:12; 10:24, 25) Ke gone ka moo mafelo a re kopanelang mo go one a rulaganeng sentle gore go nne motlhofo gore re kgone go ithuta, e bile ga go dirwe meletlo kgotsa dilo dingwe tse di dirwang kwa dikerekeng. (1 Bakor. 14:40) Mafelo a re kopanelang kwa go one ga a magasigasi, mme a agilwe ka tsela e e dirang gore go nne motlhofo gore re kgone go ithuta. Ga re tseye mokgatlho mongwe wa dipolotiki o le botoka go gaisa o mongwe ka gonne ga re tseye letlhakore mo dipolotiking e bile ga re tsene mo dingangisanong. Ka jalo, go ka nna molemo gore re bontshe motho yo re ithutang Baebele le ene bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? pele a ya dipokanong. Seo se tla mo thusa go itse gore go dirwang kwa dipokanong.
9-10. Ha ti koka nthu ku zha ku zwidiyo zwe gubungano, ti nga thamani kuti a si tole kuti to nsundidzila kuti a be nngwe we gubungano ledu? (Bona itshwantsho.)
9 Bangwe ba okaoka go ya dipokanong ka gonne ba tshaba gore go tla twe e nne Basupi. Netefaletsa motho yo o mo laletsang gore re itumelela go nna le baeng, le gore ga re pateletse batho gore ba nne Basupi ba ga Jehofa kgotsa gore ba arabele. Re amogela malapa, go akaretsa le ba ba nang le bana. Kwa dipokanong, bana ga ba tseelwe kwa thoko gore ba rutiwe. Go na le moo, batsadi ba nna le bana ba bone e bile ba rutiwa mmogo. Seno se dira gore batsadi ba itse gore bana ba bone ba babalesegile, le gore ba rutiwa eng. (Dute. 31:12) Ga re tseye dikoleke, e bile ga re tsamaise dienfelopo gore batho ba tsenye madi mo teng. Go na le moo, re dira se Jesu a ileng a re laela gore re se dire. O ile a re: “Lo ne lwa amogela mahala, nayang mahala.” (Math. 10:8) Gape o ka mmolelela gore ga a tlhoke go nna le diaparo tse di turang gore a kgone go ya dipokanong. Modimo o leba se se mo pelong, e seng tsela e motho a lebegang ka yone.—1 Sam. 16:7.
10 Fa mongwe yo o mo laleditseng a nna gone kwa dipokanong, dira sotlhe se o ka se kgonang gore a ikutlwe a amogelesega. Mo itsise bagolwane le bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa a ikutlwa a phuthologile, seo se ka dira gore a batle go tla dipokanong gape. Fa dipokano di ntse di tsweletse, mmontshe ditemana tse mokaulengwe yo o neetseng puo a di balang kgotsa kgatiso e e ithutiwang. Fa e le gore ga a na Baebele, bala le ene ka ya gago.
Fa motho a sa diege go tla dipokanong, o tla atamalana le Jehofa (Bona serapa 9-10)
HA U TANGISA KU ZWIDIYA BAIBILI NE NTHU
11. U nga lakidza chini kuti ha u to lawulila nthu se kwa a ka fanila shingisa nako iye mu ku zwidiya?
11 Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re ruta mongwe Baebele? Tlotla nako ya motho yo o mo rutang, mme o gopole gore go na le dilo tse dingwe tse a tshwanetseng go di dira. Ka sekai, fa o mmoleletse gore o tla tla ka nako e e rileng tshwara nako, tota le fa batho ba mo lefelong le o nnang mo go lone ba sa tshware nako. Mo godimo ga moo, go ka nna molemo gore lekgetlo la ntlha fa lo tshwara thuto lo se ka lwa tsaya lobaka lo loleele. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba ileng ba tshwara dithuto tsa Baebele di le dintsi ba akantsha gore re se ka ra tsaya lobaka lo loleele fa re tshwere thuto. Gape o se ka wa bua thata. Letla motho yo o mo rutang gore a tlhalose tsela e a ikutlwang ka yone.—Diane 10:19.
12. Ta ka fanila ku be ne mazwimisilo api ha ti tangisa ku zwidiya Baibili ne nthu?
12 Fa re simolola go ruta motho Baebele, boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna go mo thusa go itse ka Jehofa le Jesu le gore a simolole go ba rata. Gore re kgone go dira seno, re tshwanetse go nna re mmontsha se Baebele e se buang go na le go bua se re se akanyang. (Dit. 10:25, 26) Go le gantsi moaposetoloi Paulo o ne a ruta thata ka Jesu, yo Jehofa a mo rometseng gore a tle go re thusa go mo itse le go mo rata. (1 Bakor. 2:1, 2) Gape Paulo o ile a tlhalosa gore go botlhokwa gore barutwa ba basha ba thusiwe go nna le dinonofo tse di molemo tse di ka tshwantshiwang le gauta, selefera le maje a a tlhwatlhwakgolo. (1 Bakor. 3:11-15) Dinonofo tseno di akaretsa tumelo, botlhale, temogo le go boifa Jehofa. (Pes. 19:9, 10; Diane 3:13-15; 1 Pet. 1:7) Etsa tsela e Paulo a neng a ruta ka yone ka go thusa batho ba o ithutang Baebele le bone gore ba nonotshe tumelo ya bone le gore ba atamalane le Jehofa.—2 Bakor. 1:24.
13. Ti nga lakidza chini ku be ne moyonlefu ne ku hwisisa ha ti zwidiya Baibili ne bathu? (2 Bakorinta 10:4, 5) (Bona itshwantsho.)
13 Etsa tsela e Jesu a neng a ruta ka yone ka go nna pelotelele le go nna tekatekano. O se ka wa botsa motho dipotso tse di tla dirang gore a tlhabiwe ke ditlhong. Fa go na le sengwe se go leng thata gore a se tlhaloganye, o ka tswelela ka thuto mme o bo o boela kwa go sone moragonyana. Go na le go mo pateletsa gore a amogele dilo tse a ithutang tsone, mo neye nako gore a akanye ka tsone le gore a fetole tsela e a akanyang ka yone. (Joh. 16:12; Bakol. 2:6, 7) Baebele e tshwantsha dithuto tsa maaka le dilo tse di nweleletseng kwa teng thata tse di tlhokang go pitikololwa. Mo puong ya ntlhantlha e Baebele e kwadilweng ka yone, go dirisiwa sekai sa kago e e thata e e tshwanetseng go thubiwa. (Bala 2 Bakorintha 10:4, 5.) Go ka tswa go le thata gore motho yo o mo rutang Baebele a tlogele dilo tse a nang le lobaka lo loleele a di dumela. Sa ntlha, o tshwanetse go mo thusa go aga kago e nngwe e e thata, mo go rayang gore o tshwanetse go mo thusa gore a tshepe Jehofa. Go tswa foo, go tla nna bonolo gore a tlogele go dumela dithuto tse a di rutilweng tse a di ratang thata.—Pes. 91:9.
Naya motho yo o mo rutang Baebele nako ya gore a akanye ka se a se ithutang le go fetola tsela e a akanyang ka yone (Bona serapa 13)
HA BA TI NO ZWIDIYA NABO BE ZHA KU ZWIDIYO ZWE GUBUNGANO
14. Ta ka fanila amuchila bathu ba no zha ku zwidiyo zwe gubungano gwe kutanga chini?
14 Jehofa o batla gore re rate batho botlhe, e ka tswa e le ba lotso lofe, ba humile kgotsa ba humanegile kgotsa gore ba tswa kae. (Jak. 2:1-4, 9) Re ka bontsha jang gore re rata batho ba ba re etelang kwa dipokanong?
15-16. Ti nga amuchila chini bathu ba no zha ku zwidiyo zwe gubungano gwe kutanga?
15 Batho bangwe ba tla dipokanong fela gore ba tle go bona gore go direga eng. Mme ba bangwe ba ka tswa ba tla dipokanong ka gonne ba laleditswe ke mongwe yo o nnang kwa lefelong le lengwe. Ka jalo, ga re a tshwanela go okaoka go ba amogela. Nna botsalano, mme o se ka wa nna botsalano ka tsela e e feteletseng. Bapa le bone gore ba lebe le wena Baebele mmogo le dikgatiso tse di tla bong di dirisiwa, kgotsa o di ba kopele. Mo godimo ga moo, akanya ka ditsela tse dingwe gape tse o ka dirang gore ba ikutlwe ba phuthologile. Monna mongwe yo e neng e le lekgetlo la ntlha a tla dipokanong, o ile a bolelela mokaulengwe mongwe gore o tshogile ka gonne a sa apara sentle jaaka batho ba bangwe. Mokaulengwe yoo o ile a dira gore a ikutlwe a phuthologile, a bo a mo tlhalosetsa gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwana le batho ba bangwe. Fa nako e ntse e tsamaya, monna yoo o ile a tshwanelega go kolobediwa mme ga a a ka a lebala se mokaulengwe yoo a ileng a mmolelela sone. Mme gone, fa re bontsha gore re kgatlhegela ba bangwe re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra ba botsa dipotso tse di ka ba tlhabisang ditlhong kgotsa tse di sa re ameng.—1 Pet. 4:15.
16 Go na le sengwe gape se re ka se dirang gore batho ba ba tlang dipokanong ba phuthologe. Ka sekai, re batla go bontsha gore re a ba tlotla fa re itlotlela fela, re araba kgotsa re neela dipuo tse di buang ka batho ba e seng Basupi le se ba se dumelang. Ga re a tshwanela go bua dilo tse di tla ba kgopisang, kgotsa tse di tla dirang gore ba se ka ba tlhola ba batla go tla kwa dipokanong. (Tito 2:8; 3:2) Ka sekai, ga re ka ke ra bua ka lenyatso ka dilo tse ba di dumelang. (2 Bakor. 6:3) Bakaulengwe ba ba neelang dipuo tsa phatlalatsa ke bone ba segolobogolo ba tlhokang go nna kelotlhoko thata mo kgannyeng eno. Gape ba tshwanetse go nna ba gopotse gore mo bathong ba ba leng teng mo holong, go na le batho ba e seng Basupi, ka jalo ba tshwanetse go tlhalosa mafoko mangwe a ba ka tswang ba sa a itse.
17. Mazwimisilo edu ini ha ti shangana ne bathu ba na “meya dza ka naka” mu nshingo wedu we ku rera?
17 Letsatsi le letsatsi tiro ya rona ya go dira barutwa e nna botlhokwa le go feta, mme re nna re fitlhela batho ‘ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go amogela boammaaruri jo bo nayang botshelo jo bo sa khutleng.’ (Dit. 13:48) Ga re a tshwanela go okaoka go ba kopa gore ba ithute Baebele le rona kgotsa go ba laletsa kwa dipokanong. Fa re dira jalo, re tla ba thusa gore ba tsene mo tseleng “e e isang kwa botshelong.”—Math. 7:14.
LUMBO 64 Go Ipelela go Nna le Seabe mo Thobong
a TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bakaulengwe ba babedi ba bua le rre yo e neng e le lesole yo o ntseng fa setupung; bokgaitsadi ba babedi ga ba bue lobaka lo loleele fa ba rerela mmê yo o nang le tiro e ntsi.