NSHOLO WE ZWIDIYO 38
LUMBO 120 Nna Bonolo Jaaka Keresete
Hlonipha Bangwe
“Zina buya lakafanilo shalugwa ne ludo gopinda siliva ne golide.”—ZWIA. 22:1.
CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO
Re tlile go bona gore ke eng fa re tshwanetse go tlotla ba bangwe le gore re ka ba tlotla jang tota le mo maemong a a thata.
1. Ini bathu be shathila ku hloniphiwa? (Zwiani 22:1)
O IKUTLWA jang fa batho ba bangwe ba go tlotla? Ga go pelaelo gore o ikutlwa o le motho wa botlhokwa. Rotlhe re batla go tlotliwa. Re itumela tota fa batho ba bangwe ba re tlotla. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Go tlotliwa go botoka go na le selefera le gauta.”—Bala Diane 22:1.
2-3. I mu mabaka api mangwe a ta ka fanila ku be ne hlonipho mu bangwe?
2 Ka dinako dingwe ga go motlhofo go tlotla batho ba bangwe. Lengwe la mabaka ke gore re bona makoa a batho ba re tshelang le bone. Gape batho ba le bantsi gompieno ga ba tlotle batho ba bangwe. Mme gone, ga re a tshwanela go tshwana le bone. Goreng? Ka gonne Jehofa o batla gore re tlotle “batho botlhe.”—1 Pet. 2:17.
3 Mo setlhogong seno re tlile go ithuta gore go tlotla batho ba bangwe go kaya eng le gore re ka bontsha jang gore re tlotla (1) ba malapa a rona, (2) bakaulengwe le bokgaitsadi le (3) batho ba ba seng mo phuthegong. Mme re tlile go tlotla thata ka gore re ka tlotla ba bangwe jang mo maemong a a thata.
KU HLONIPHA BANGWE KO DWIWANI?
4. Ku hlonipha bangwe ko dwiwani?
4 O akanya gore go tlotla ba bangwe go kaya eng? Go kaya se re se akanyang ka bone le tsela e re ba tshwarang ka yone. Fa re lemoga gore mongwe o na le dinonofo tse dintle, o dirile dilo tse di kgatlhang kgotsa gore o na le taolo nngwe, re a mo tlotla. Mme gone, go botlhokwa gore fa re tlotla batho ba bangwe, re dire jalo ka pelo yotlhe.—Math. 15:8.
5. Ti nga batshiwa neni ku be ne hlonipho mu bangwe?
5 Jehofa o batla gore re tlotle batho ba bangwe. Ka sekai, o re laela gore re tlotle “balaodi ba bagolo.” (Bar. 13:1, 7) Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba re: “Ga ke na bothata jwa go tlotla batho ba bangwe fa fela ba dira dilo tse di siameng.” A go akanya jalo go siame? Ga re tlotle batho ba bangwe fela ka ntlha ya se ba se dirang. Go na le moo, re ba tlotla ka gonne re rata Jehofa e bile re batla go mo itumedisa.—Josh. 4:14; 1 Pet. 3:15.
6. A ko khoneka ku hlonipha nthu u singa ku hloniphe? Chenesa. (Bona itshwantsho.)
6 Bangwe ba ka nna ba re: “A go a kgonega gore o tlotle motho yo o sa go tlotleng?” Ee, go a kgonega. Akanya ka dikai tseno. Kgosi Saulo o ile a tlhaba morwawe e bong Jonathane ka mafoko fa pele ga batho. (1 Sam. 20:30-34) Mme gone, Jonathane o ile a tswelela a tlotla rraagwe, e bile o ile a mo ema nôkeng kwa dintweng go fitlha Saulo a tlhokafala. (Ekes. 20:12; 2 Sam. 1:23) Moperesiti yo Mogolo Eli o ile a latofatsa Hana ka gore o tagilwe. (1 Sam. 1:12-14) Le fa go ntse jalo, Hana o ile a bua le Eli ka tlotlo, tota le fa mongwe le mongwe kwa Iseraele a ne a itse gore Eli o ne a sa kgalemele bomorwawe ba ba bosula, e leng sengwe se a neng a tshwanetse go se dira ka gonne e le rraabone e bile e le moperesiti yo mogolo. (1 Sam. 1:15-18; 2:22-24) Banna bangwe ba kwa Athena bone ba ile ba tlontlolola moaposetoloi Paulo ka go mmitsa “motho yo o ratang go balabala.” (Dit. 17:18) Le fa go ntse jalo, Paulo o ile a bua le bone ka tlotlo. (Dit. 17:22) Dikai tseno di re bontsha gore fa re rata Jehofa thata e bile re batla go mo itumedisa, re tla tlotla batho ba bangwe, tota le fa maemo a le thata. A jaanong re boneng gore re tshwanetse go tlotla bomang le gore ke eng fa re tshwanetse go dira jalo.
Le fa rraagwe a ile a mo tlhaba ka mafoko, Jonathane o ile a tswelela a mo tlotla e bile o ile a mo ema nôkeng kwa dintweng (Bona serapa 6)
HLONIPHA BE NSHA UWO
7. Ini chi nga thama kuti ti simigwe ne ku hlonipha be nsha wedu?
7 Kgwetlho. Re fetsa nako e ntsi le ba malapa a rona. Seo se dira gore re itse dinonofo tsa bone tse dintle le makoa a bone. Bangwe ba ka tswa ba lwala e bile go se motlhofo go ba tlhokomela kgotsa ba ka tswa ba tshwerwe ke bolwetse jwa go tlhobaela thata. Ba bangwe bone, ba ka tswa ba bua kgotsa ba dira dilo tse di re utlwisang botlhoko. Rotlhe re batla go itumela fa re na le ba malapa a rona. Mme fa ba lelapa ba sa tlotlane, ba ka nna ba galefelana mme ba se ka ba dirisana sentle. Fela jaaka bolwetse jwa ramatiki bo dira gore mmele o se ka wa bereka sentle, fa ba lelapa ba sa tlotlane, ba ka se dirisane sentle. Mme go farologana le ramatiki e re ka se kang ra kgona go e fodisa, re ka kgona go tlotla ba malapa a rona.
8. Ini kwa ka fanila kuti u hloniphe be nsha uwo? (1 Timoti 5:4, 8)
8 Goreng re tshwanetse go tlotla ba bangwe? (Bala 1 Timotheo 5:4, 8.) Mo lekwalong la ntlha le Paulo a ileng a le kwalela Timotheo, o ile a tlhalosa gore botlhe mo lelapeng ba tshwanetse go dirisana jang. O ile a re re tlotle ba malapa a rona, e seng fela ka gonne re tshwanetse go dira jalo, mme ka gonne re “boifa Modimo.” Go boifa Modimo go kaya go mo obamela le go mo direla ka boikanyegi. Jehofa ke ene a simolotseng lelapa. (Baef. 3:14, 15) Ka jalo, fa re tlotla ba malapa a rona, tota re a bo re tlotla Mosimolodi wa lelapa e bong Jehofa. (1 Tim. 5:4) Ruri re na le lebaka le le utlwalang la go tlotla ba malapa a rona!
9. Nlume ne nkadzi ba mu ndobolo ba nga hloniphana chini? (Bona zwitshwantsho.)
9 Re ka bontsha jang gore re tlotla ba bangwe? Monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe, o mo tsaya a le botlhokwa fa ba le babedi fela le fa ba na le batho ba bangwe. (Diane 31:28; 1 Pet. 3:7) Ga a kitla a mmetsa, a mo tlhabisa ditlhong fa pele ga batho kgotsa a dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe. Ariel,a yo o nnang kwa Argentina a re: “E re ka mosadi wa me a lwala, ka dinako dingwe o bua dilo tse di nkutlwisang botlhoko. Fa seo se direga, ke ikgopotsa gore tota ga se gore o batla go nkutlwisa botlhoko. Ka dinako tseo, ke ikgopotsa 1 Bakorintha 13:5 e e nkgothaletsang gore ke bue le ene ka tlotlo go na le go mo nyenyefatsa.” (Diane 19:11) Mosadi yo o tlotlang monna wa gagwe, o mmua sentle mo bathong ba bangwe. (Baef. 5:33) Ga a mo tshwayatshwaye diphoso, ga a dire metlae e e sa siamang ka ene e bile ga a mo tlontlolole. O a lemoga gore go itshwara jalo go ka nna jaaka ruse e e senyang mo lenyalong. (Diane 14:1) Kgaitsadi mongwe wa kwa Italy yo monna wa gagwe a tshwerweng ke bolwetse jwa go tlhobaela thata, a re: “Ka dinako dingwe ke tsaya gore monna wa me o tlhobaela go sa tlhokege. Mo nakong e e fetileng, se ke neng ke se bua, tota le sefatlhego sa me, se ne se bontsha gore ga ke mo tlotle. Mme ke lemogile gore fa ke fetsa nako le batho ba ba buang le batho ba bangwe ka tlotlo, le nna ke simolola go tlotla monna wa me.”
Fa re tlotla ba malapa a rona, re a bo re tlotla Tlhogo ya lelapa e bong Jehofa (Bona serapa 9)
10. Bathu ba chechana ba nga lakidza chini kuti ba no hlonipha bazwadzi babo?
10 Basha, ikobeleng melao e batsadi ba lona ba lo beelang yone. (Baef. 6:1-3) Bua le batsadi ba gago ka tlotlo. (Ekes. 21:17) Fa ba ntse ba gola, ba tla tlhoka gore o ba thuse. Dira sotlhe se o ka se kgonang go ba tlhokomela. Akanya ka se María a ileng a se dira fa rraagwe yo e seng Mosupi a simolola go lwala. O ne a tlhaba María ka mafoko, mme seo se ne se dira gore go nne thata gore a mo tlhokomele. A re: “Fa ke rapela, ke ne ke sa kope fela gore Jehofa a nthuse go tlotla Papa. Gape ke ne ke mo kopa gore a nthuse go dira dilo tse di bontshang gore ke a mo tlotla. Ke ne ke ipolelela gore fa e le gore Jehofa o batla gore ke tlotle batsadi ba me, o tla nnaya maatla a go dira jalo. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ile ka lemoga gore ke tshwanetse go tlotla Papa, tota le fa a sa fetoge.” Fa re tlotla ba malapa a rona le fa ba na le makoa, re bontsha gore re tlotla mosimolodi wa lelapa e bong Jehofa.
HLONIPHA BAZWALANI NE DZIAZWADZI
11. Ini ti nga simigwa ne ku hlonipha bazwalani ne dziazwadzi dzedu?
11 Kgwetlho. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tshela ka melao ya ga Jehofa. Mme gone, ka dinako dingwe ba ka nna ba se ka ba re tshwara sentle, ba bua dilo tse di sa siamang ka rona kgotsa ba dira dilo tse di re fedisang pelo. Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a dira gore re nne “le lebaka la go ngongorega” re ka nna ra thatafalelwa ke go tswelela re mo tlotla. (Bakol. 3:13) Ke eng se se ka re thusang?
12. Ini ta ka fanila ku hlonipha bazwalani ne dziazwadzi dzedu? (2 Pita 2:9-12)
12 Goreng re tshwanetse go tlotla ba bangwe? (Bala 2 Petere 2:9-12.) Mo lekwalong la bobedi le Petere a ileng a le kwala, o ile a tlhalosa gore ka nako eo, bangwe mo phuthegong ba ne ba “kgoba ba ba galalelang,” e leng bagolwane. Baengele ba ba ikanyegang ba ba boneng se se neng se direga, ba ile ba dira eng? Ga ba a ka ba bua sepe fela se se utlwisang botlhoko ka batho bao ba ba ikgogomosang “ka gonne ba tlotla Jehofa.” Akanya fela! Baengele ga ba a ka ba bua sepe se se kgobang ka batho bao. Go na le moo, ba ile ba letla Jehofa gore e nne ene a ba atlholang le go ba kgalemela. (Bar. 14:10-12; bapisa le Jude 9.) Baengele ba re ruta thuto ya botlhokwa. Fa e le gore re tshwanetse go tlotla batho ba ba re ganetsang, ruri re na le mabaka a a utlwalang a go tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi. Tota e bile, re tshwanetse go nna “ba ntlha” go ba tlotla. (Bar. 12:10) Go dira jalo go bontsha gore re tlotla Jehofa.
13-14. Ti nga lakidza hlonipho mu na ba ti nabo mu gubungano chini? Lakidzila. (Bona zwitshwantsho.)
13 Re ka bontsha jang gore re tlotla ba bangwe? Bagolwane, fa lo ruta batho ba bangwe, ka metlha dirang jalo ka lorato. (File. 8, 9) Fa o tlhoka go gakolola mongwe, dira jalo o le pelonomi, mme o sa kukega maikutlo. Bokgaitsadi, lo ka thusa gore batho ba tlotlane mo phuthegong fa lo sa bue dilo tse di sa siamang ka ba bangwe kgotsa lo sa ba senye leina. (Tito 2:3-5) Rotlhe mo phuthegong re ka bontsha gore re tlotla bagolwane ka go dirisana le bone sentle le go ba lebogela tiro ya bonatla e ba e dirang ya go tshwara dipokano, go rulaganya tiro ya go rera le go thusa ba ba ‘tsayang tsela e e phoso.’—Bagal. 6:1; 1 Tim. 5:17.
14 Kgaitsadi yo o bidiwang Rocío o ne a thatafalelwa ke go tlotla mogolwane mongwe yo a neng a mo naya kgakololo. A re: “Ke ne ke tsaya gore mogolwane yoo ga a nnaya kgakololo ka lorato. Le fa gone ke sa mmontsha gore ke ikutlwa jang, ke ne ke tsaya gore o ne a sa nkgathalele. Ka jalo, ga ke a ka ka dirisa kgakololo e a neng a nnaya yone, e bile fa ke le kwa lapeng, ke ile ka bua dilo tse di sa siamang ka ene.” Ke eng se se thusitseng Rocío? A re: “Fa ke dira mmalo wa Baebele, ke ile ka bala 1 Bathesalonika 5:12 le 13. Fa ke lemoga gore ga ke a ka ka tlotla mokaulengwe yoo, segakolodi sa me se ile sa simolola go ntshwenya. Ka jalo, ke ile ka rapela Jehofa ke bo ke dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona gore ke bone tshedimosetso e e neng e ka nthusa ka bothata jo ke neng ke na le jone. Seo se ile sa nthusa gore ke lemoge gore tota mokaulengwe yoo o ne a se na bothata. Bothata e ne e le gore ke boikgogomoso. Jaanong ke a tlhaloganya gore fa ke se boikokobetso, go tla nna thata gore ke tlotle batho ba bangwe. Ke sa ntse ke tlhoka go dira diphetogo. Mme gone, fa ke ntse ke dira sotlhe se nka se kgonang go tlotla batho ba bangwe, ga ke belaele gore Jehofa o a itumela.”
Rotlhe mo phuthegong re ka bontsha gore re tlotla bagolwane ka go dirisana le bone sentle le go ba lebogela tiro ya bonatla e ba e dirang (Bona serapa 13-14)
HLONIPHA BA KUZHE KWE GUBUNGANO
15. Ini ti nga simigwa ne ku hlonipha ba kuzhe kwe gubungano?
15 Kgwetlho. Gantsi fa re le mo tshimong, re kopana le batho ba ba sa kgathaleng ka Modimo kgotsa ka Baebele. (Baef. 4:18) Bangwe ba bone ba gana go reetsa molaetsa wa rona ka ntlha ya se ba ileng ba se rutiwa fa ba sa le bannye. Re ka tswa re bereka kgotsa re tsena sekolo le batho ba ba seng botsalano, e bile bathapi kgotsa barutabana ba ka tswa ba sa ke ba itumelela tiro epe fela e re e dirang. Fa nako e ntse e tsamaya, re ka nna ra se ka ra tlhola re ba tlotla kgotsa ra se ka ra ba tshwara ka tsela e re ka batlang gore ba re tshware ka yone.
16. Ini i li chithu chikulu ku hlonipha bathu ba sathu ba ka shingila Jehova? (1 Pita 2:12; 3:15)
16 Goreng re tshwanetse go tlotla ba bangwe? Nna o gopotse gore Jehofa o ela tlhoko tsela e re dirisanang le batho ba ba seng mo phuthegong ka yone. Moaposetoloi Petere o ile a gopotsa Bakeresete gore fa ba itshwara sentle, bangwe ba ka simolola go ‘galaletsa Modimo.’ Ka jalo, o ile a ba laela gore ba tlhalose se ba se dumelang “ka bonolo le ka tlotlo e e boteng.” (Bala 1 Petere 2:12; 3:15.) Fa Bakeresete ba tshwanelwa ke go tlhalosa se ba se dumelang kwa kgotlatshekelo kgotsa ba se tlhalosetsa ope fela, ka metlha ba tshwanetse go dira jalo ka tlotlo. Tota e bile, Jehofa o re lebeletse e bile o reetsa se re se buang le gore re se bua jang. Ruri leno ke lebaka la botlhokwa thata la gore re tlotle batho ba ba seng mo phuthegong!
17. Ti nga lakidza hlonipho mu bathu ba kuzhe kwe gubungano chini?
17 Re ka bontsha jang gore re tlotla ba bangwe? Fa re le mo tshimong, ga re batle go dira gore go lebege e kete re tsaya batho ba re buang le bone ba se botlhokwa ka gonne ba sa itse go le kalo ka Baebele. Go na le moo, re batla go ba tsaya ba le botlhokwa jaaka Jehofa a ba tsaya, e bile re batla go ba tlotla go feta ka tsela e re itlotlang ka yone. (Hag. 2:7; Bafil. 2:3) Ka jalo, fa mongwe a re tlhapatsa ka ntlha ya se re se dumelang, ga re ipusolosetse ka go bua dilo tse di ka dirang gore a lebege a se botlhale. (1 Pet. 2:23) Fa o buile sengwe se o se ikwatlhaelang, kopa maitshwarelo ka yone nako eo. Mme gone, o ka bontsha jang gore o tlotla batho ba bangwe kwa tirong? Dira ka natla, mme o leke go bona dinonofo tse dintle tse motho yo o go thapileng kgotsa batho ba o berekang le bone ba nang le tsone. (Tito 2:9, 10) Fa o ikanyega e bile o dira ka natla, batho ba bangwe ba ka nna ba itumela, mme le fa ba sa itumele, itse gore Jehofa ene o tla itumela.—Bakol. 3:22, 23.
18. Ini ta ka fanila ku lakidza hlonipho mu bathu bangwe?
18 Re na le mabaka a le mantsi a a utlwalang a go tlotla batho ba bangwe. Jaaka re bone, fa re tlotla ba malapa a rona, re a bo re tlotla Tlhogo ya lelapa e bong Jehofa. Gape fa re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi, re a bo re tlotla Rraarona yo o kwa legodimong. Mo godimo ga moo, fa re tlotla ba ba seng mo phuthegong, re dira gore go nne motlhofo gore letsatsi lengwe ba galaletse kgotsa ba tlotle Modimo wa rona yo mogolo. Tota le fa batho bangwe ba sa re tlotle jaaka re ba tlotla, go botlhokwa gore ka metlha rona re ba tlotle. Goreng? Ka gonne Jehofa o tla re segofatsa. O re solofetsa jaana: “Ba ba ntlotlang ke tla ba tlotla.”—1 Sam. 2:30.
LUMBO 129 Re Tla Tswelela re Itshoka
a Maina mangwe a fetotswe.