LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 53
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Dimatla di a tlhalosiwa

        • “Ga go na Jehofa” (1)

        • “Ga go na ope yo o dirang molemo” (3)

Pesalema 53:Maf

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Pesalema 53:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ba ba se nang tlhaloganyo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 10:4; Bar 1:21
  • +Pes. 14:1-7; Bar 3:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2006, ts. 9-⁠10

Pesalema 53:2

Ditshupiso

  • +Pes. 11:4; 33:13-15; Jer 16:17; 23:24
  • +1Dt 28:9; 2Dt 15:2; 19:1, 3; Isa 55:6; 1Pe 3:12

Pesalema 53:3

Ditshupiso

  • +Mor 7:20; Bar 3:12

Pesalema 53:4

Ditshupiso

  • +Job 21:7, 14

Pesalema 53:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Poifo go se na sepe se se boifisang.”

  • *

    Seheb., “ba ba kampang gore ba go tlhasele.”

Pesalema 53:6

Ditshupiso

  • +Isa 12:6

Ditemana Tse dingwe

Pes. 53:1Pes. 10:4; Bar 1:21
Pes. 53:1Pes. 14:1-7; Bar 3:10
Pes. 53:2Pes. 11:4; 33:13-15; Jer 16:17; 23:24
Pes. 53:21Dt 28:9; 2Dt 15:2; 19:1, 3; Isa 55:6; 1Pe 3:12
Pes. 53:3Mor 7:20; Bar 3:12
Pes. 53:4Job 21:7, 14
Pes. 53:6Isa 12:6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 53:1-6

Dipesalema

Go mokaedi; e opelwe ka molodi wa Mahalathe.* Masekile.* Pesalema ya ga Dafide.

53 Dimatla* di bua jaana mo dipelong tsa tsone:

“Ga go na Jehofa.”+

Ditiro tsa bone tse di sa siamang di bosula e bile di makgapha;

Ga go na ope yo o dirang molemo.+

 2 Le fa go ntse jalo, Modimo o leba bomorwa batho a le kwa legodimong+

Gore a bone gore a go na le mongwe yo o nang le temogo, le gore a go na le mongwe yo o batlang go kaelwa ke Jehofa.+

 3 Botlhe ba fapogile;

Botlhe fela ba bosula.

Ga go na ope yo o dirang molemo,

Tota le fa a le mongwe ga a yo.+

 4 A ga go na ope wa batho ba ba bosula yo o tlhaloganyang?

Ba kometsa batho ba me jaaka e kete ba ja senkgwe.

Ga ba bitse Jehofa.+

 5 Mme ba tla welwa ke poifo e kgolo,

Poifo e ba iseng ba ko ba nne le yone,*

Gonne Modimo o tla gasamisa marapo a ba ba tlhaselang Iseraele.*

Iseraele o tla ba tlhabisa ditlhong ka gonne Jehofa o ba ganne.

 6 E kete poloko ya Iseraele e ka tla e tswa mo Siona.+

Fa Jehofa a phutha batho ba gagwe ba ba ileng botshwarwa,

A Jakobe a ipele, a Iseraele a itumele.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela