A Totatota go Goga Motsoko Ke Selo Se Se Maswe go le Kalo?
GO GOGA motsoko go ne ga kgatlha Oren thata fa esale go tloga ka nako eo a neng a sa ntse a le monnye ka yone. Ka nako eo mmangwanaagwe a neng a tshuba disekerete tsa gagwe ka yone, o ne a tle a mo letle gore a time letlhokwa la mokgwaro. Fa a le dingwaga di le 16, o ne a swetsa ka gore a ke a utlwe gore go goga motsoko go utlwala jang. O ne a ya kwa phating nngwe mme a kopa mosetsana mongwe sekerete—mme lefa go ntse jalo o ne a lwala pele a ka se fetsa.
Ka a ne a ikutlwa gore ga a kitla a nna monna wa sepe, Oren o ne a simolola go “itlwaetsa” go goga motsoko mo sephiring. Maitseboa mangwe, morago ga gore a je thata, o ne a tshuba sekerete a tshogile mme a se gopa. Abo o ne a gakgamala jang ne! Ga a ka a tsewa ke sedidi kana go feroga sebete mo nakong eno. Ereka a ne a kgotsofetse jaanong, o ne a se gopa a bo a nna a se gopa. Fa a sena go fetsa sekerete seo, o ne a batla se sengwe gape. Mme moragonyana, a nna a batla se sengwe. Mo dingwageng di le thataro tse di latelang, e ne e tla re se sengwe se sa ntse se re se a fela Oren a bo a setse a tshuba se sengwe.
Go Goga Motsoko—A Ke Selo Seo Se Ka Fenngwang?
Basha ba le bantsi gompieno ba ka nna ba kgala seno se se dirilweng ke Oren. Go ya ka patlisiso nngwe ya United States, 66 lekgolong ya basha bao ba neng ba botsolodiwa ba ne ba dumela gore go goga pakana e le nngwe kana tse di oketsegileng tsa disekerete ka letsatsi go baya motho mo “kotsing e e boitshegang.” Se se gakgamatsang ke gore, a mangwe a mafoko a makima a a kgobang motsoko gore ga o a siamela go gogwa a buiwa ke batho ba ba o gogang ka bobone! “Ke mokgwa o o ferosang sebete,” go bolela jalo mongwe yo o dingwaga di le 16 yo o gogang motsoko. Go ya ka patlisiso nngwe, mo e batlang e nna 85 lekgolong ya basha bao ba neng ba goga motsoko ba ne ba bolela gore ba ne ba akanya gore o kotsi. Mo e batlang e nna sephatlo sa bone ba ne ba bolela gore ba ne ba ikaeletse go o tlogela—ke gore, “pele dingwaga di le tlhano” di fela.
Ka mo go bonalang ka gone, he, go sa rategeng go go ntseng jalo ga motsoko go go ntseng go anama go ka nna ga dira gore go ratiwa ga motsoko go go sa bolong go nna gone go khutle. Pego ya 1989 ya motlhankedimogolo wa tsa kalafi wa U.S. e e nang le setlhogo se se reng Reducing the Health Consequences of Smoking—25 Years of Progress e bolela jaana: “Ka dingwaga tsa bo 1940 le bo 1950, motsoko o ne o gogiwa ke mang le mang; ga jaanong, o itlhokomolosiwa ka mo go golo. Batshameki ba ba tumileng ba dibaesekopo, bagaka ba metshameko, le ba bangwe ba ba itsegeng ba ne ba tle ba tlhagelele fa go phasaladiwa disekerete. Gompieno, ke ka sewelo fela go ka bonwang dinaledi tsa dibaesekopo, bathubalebelo, batho ba ba tumileng, le bontlhopheng ba dipolotiki ba goga motsoko. . . . Batho ka kakaresto ba ntse ba tlogela go goga motsoko ka dipalo tse di golang.”
Ka 1965, mo bagolong botlhe kwa United States, 40 lekgolong ya bone ba ne ba goga motsoko. Go feta dingwaga di le 20 moragonyana, go ne go goga mo e batlang e nna 29 lekgolong fela. Pego ya ga motlhankedimogolo wa tsa kalafi e tswelela pele go bolela gore “mo e batlang e nna sephatlo sa bagolo botlhe ba ba sa ntseng ba tshela bao ba kileng ba goga motsoko ba o tlogetse.” Ka 1976, mo e batlang e nna 29 lekgolong ya ba ba mo mophatong wa bofelo mo sekolong se segolo ba ne ba goga motsoko letsatsi le letsatsi. Go feta dingwaga di le lesome moragonyana, go ne go goga 19 lekgolong fela.
Ka gone go ka nna ga lebega jaaka e kete go tlhoka gore go latlhelwe mafoko a se makaenyana fela mo kgannyeng eno ya go goga motsoko. Mme lefa go ntse jalo go sa kgathalesege didirisiwa di le dintsinyana tse di maatla tsa go lwantsha go goga motsoko mmogo le ditlhagiso di se kana ka sepe go tswa mo go borrakalafi, go rekwa ga motsoko ka kakaretso lefatshe ka bophara go tlhatlogetse kwa godimo ka mo go boitshegang! Bagolo ba le dimilione di le 50 kwa United States ba tswelela pele go goga motsoko. Ebile seo se diragaletseng Oren se diragalela basha ba bangwe ba le bantsi. Letsatsi lengwe le lengwe kwa United States fela basha ba le 3 000 ba tshuba sekerete e le lekgetlo la ntlha ba dira jalo. Seo se dira gore ka ngwaga fela go nne le palo e e gakgamatsang ya milione o le mongwe wa batho ba basha ba eleng gone ba simololang go goga motsoko! Se se gakgamatsang ke gore, ba le bantsi ba batho ba basha bano ba ba tshwakgotsweng ke bokgakga ke basha ba basetsana.
Ditlhabano tsa go Lwantsha go Goga Motsoko—Ga Di Disha!
Ga se gore batho ga ba lemoge dikotsi tsa one. Aitsane, bogologolo pele ga gore babatlisisi ba lemoge mabaka a saense a go tila go goga motsoko, batho ba ne ba lemoga fela gore e ne e le mokgwa o o leswe, o o sa eletsegeng. Dingwaga tse di sa feteng 90 tse di fetileng, disekerete di ne di sa letlelelwa kwa dikarolong tse dintsi tsa United States. Mo mafelong mangwe o ne o latlhelwa mo kgolegelong fela ka go bo o na le tsone mo go wena. Ebile bogologolo tala go ne go tsewa le eleng dikgato tse di gagametseng go feta tseno kgatlhanong le go goga motsoko.
Makasine wa Smithsonian o tlhalosa dikgato dingwe tsa go lwantsha go goga motsoko tseo di neng di tsewa mo lekgolong la dingwaga la bo 17 jaana: “Kwa China, molao wa mmusomogolo o o neng wa tlhomiwa ka 1638 e ne e le wa gore go dirisiwa . . . ga motsoko e nne tlolomolao e e neng e otlhaelwa ka go kgaolwa tlhogo. . . . Kwa Russia, batho ba ba gogang motsoko ba ne ba kgwathisiwa; dinko tsa bao ba neng ba sa kgaotse ka go tlola molao ono di ne di fatolwa; bao ba neng ba tlola molao ono ka nkane ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Siberia. Kwa Persia, ba ne ba tlhokofadiwa ba bapolwa kana ba kgaolwa tlhogo kana ba dirwa tseno tsoopedi.”
Gone ke boammaaruri gore, melao e e ntseng jalo e ne e feteletse ebile e le setlhogo. Mme lefa go ntse jalo ka mokgwa o e leng wa bone, batho ba ba gogang motsoko ba tshwara mebele eo e leng ya bone ka tsela e e setlhogo.
Go Goga Motsoko—Seo Go Se Dirang mo Mmeleng wa Gago
Bokgakga ke setswaki se se dirang gore motsoko o nne le kgogedi e e tsietsang eo o nang le yone. Lefa go ntse jalo, The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Bokgakganyana fela—jo bo ka nnang dimiligerama di le 60 (diaonse di le 1/500)—bo ka bolaya mogolo fa a bo goga jotlhe fela ka nako e le nngwe. Sekerete fela se se tlwaelegileng se na le bokgakga jo bo batlang bo nna miligerama e le 1 (diaonse di le 1/30 000).”
Bokgakga gape bo na le nonofo e e maatla ya go tshwakgola. Pego ya motlhankedimogolo wa tsa kalafi wa U.S. e konela jaana: “Batho ba le bantsi ba ba gogang motsoko ba simolola go goga ba santse ba le basha mme morago o ba tshwakgole. . . . Gompieno jaana, 80 lekgolong ya batho ba ba gogang motsoko ba bolela gore ba batla go o tlogela; peditharong ya batho ba ba gogang motsoko ba dirile bobotlana boiteko jo bo tlhoafetseng jwa gore ba o tlogele.” Gantsi maiteko a a ntseng jalo a koafadiwa ka iketlo ke ditshupo tse di go gatelelang gore o boele mo go one: go tshwenngwa ke go eletsa motsoko, go khidiega, go felafela pelo fela, go tlhobaela, go opiwa ke tlhogo, go otsela, go nna le ditlhabi mo maleng, le go sa kgone go tlhoma mogopolo mo sengweng.
Lefa go ntse jalo, disekerete di dira se se fetang fela go leswafatsa motho ka bokgakga; totatota sekerete se se tukang ke bodirelo jwa botlhole, jo bo tlhatsang metswako e le 4 000 ya dikhemikale tse di farologaneng. Go ile ga lemogiwa gore di le masome a le mane le boraro tsa dikhemikale tseno di baka kankere. Tse dingwe tsa tsone di tshwana le tere e e boleta eo e kgomarelang mo makgwafong le mo meseleng eo mowa o yang ka yone kwa makgwafong. Seno se ka felela ka gore moragonyana motho a tshwarwe ke kankere ya makgwafo. Go akanngwa gore gape go goga motsoko “go na le seabe mo go bakeng kankere ya setlha, ya marakanamantsi; le ya diphilo; ebile go akanngwa gore go amana le kankere ya mogodu.”—Reducing the Health Consequences of Smoking.
Go ka nna ga tsaya dingwaga di le dintsi gore motho yo o gogang motsoko a tswarwe ke kankere. Mme lefa go ntse jalo sekerete se le sengwe fela se ka nna kotsi. Bokgakga bo dira gore pelo ya gago e iteele ka bonako, ka go dira jalo e dira gore mmele wa gago o tlhoke oxygen e e oketsegileng. Ka maswabi, mosi wa sekerete le one o na le carbon monoxide—gase e e botlhole eo dipeipi tsa dijanaga di e kgwang. Mosi o o botlhole ono o ya kwa mading o bo tota o fitlha o kgoreletsa oxygen gore e se ka ya ya kwa pelong le kwa dirweng tse dingwe tse di botlhokwa. Jaanong se se maswe le go feta, bokgakga bo hupetsa ditshika tsa madi, bo dira gore oxygen e tsamaye ka bonya le go feta. Ka gone go na le palo e e kwa godimo ka mo go tshosang ya batho ba ba nang le bolwetse jwa pelo mo bathong ba ba gogang motsoko.
Tlhagala eo e bakiwang ke matute a a vilang dijo, go senyegelwa ke mpa, bana ba ba golafetseng, go swa mohama—tseno ke fela dingwe tsa dikotsi tse dingwe tsa tse dintsi tseo batho ba ba gogang motsoko ba lebaneng natso. Ngwaga mongwe le mongwe mo lefatsheng ka bophara go na le dintsho di le dimilione di le 2,5 tse di amanang le motsoko. Tse di fetang 400 000 tsa dintsho tseno di diragala kwa United States fela. Motlhankedimogolo wa tsa kalafi wa U.S. o bolela jaana: “Mo bathong bangwe le bangwe ba le barataro ba ba swang kwa United States ba ba fetang a le mongwe ba bolawa ke go goga motsoko. Go goga motsoko go sala e ntse e le selo se le sengwe fela se se bakang loso seo se ka kgonang go thibelwa mo morafeng wa rona se se tlhokang go tseelwa dikgato ka bonako.” Baeteledipele bangwe ba pholo ba boifa gore kwa bofelong go goga motsoko go tla bolaya batho ba ba kana ka ba le dimilione di le 200 bao ga jaanong ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 20.
Mme lefa go ntse jalo batho ba ba gogang motsoko ga ba gobatse mebele ya bone fela. Gape ba baya batho ba ba sa gogeng mo dikotsing tsa go ka tshwarwa ke kankere ya makgwafo le ke matlhoko a mangwe a a tsamaelanang le go hema, ka go ba hemisa mosi o o botlhole ono wa bone ka nkane.
Go Dira Tshwetso Eo E Leng ya Gago
Ga go gakgamatse, he, go bo merafe ka go farologana e ile ya dira maiteko a gore e tlhagise batho ka dikotsi tsa motsoko kana gore ba kgaogane le go o dirisa. Mme lefa go ntse jalo, go lebega ekete go tlhomolola dikotsi tseno jaana ga go ame basha ba le bantsi ka gope. “Fa ke tshuba sekerete, ke ikutlwa ke le kwa ga mothakga,” go bolela jalo Holly yo o dingwaga di le 15. “Ga nke ke bo ke akanya ka go tshwarwa ke kankere.”
Seane sengwe se se botlhale se a re: “Motho eo o bonokopela o bōna yōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla ba utlwe botlhoko ka gōna.” (Diane 27:12) A ruri o batla go bogisiwa ke botlhoko jwa go tshwakgolwa ke motsoko, eleng, kankere, bolwetse jwa pelo, matlhoko a a amanang le go hema? A monate oo o o utlwang fa o goga motsoko o a itumedisa fa o o bapisa le go nkga legano, go gotlhola ka sehuba se se magwara, le meno a matala?
Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le lebaka le le botlhale tota la go bo o tshwanetse gore o tile motsoko: go eletsa ga gago go nna le botsalano le Modimo. A o ne o se kitla o utlwa botlhoko fa o ne o neile mongwe mpho nngwe e e jang madi a mantsi mme a bo a e latlha? Ebu, Modimo o re naya “botshelō, le mōea.” (Ditihō 17:25) A o ko o akanye fela gore o ikutlwa jang fa o dirisa mpho eo ka fa go sa tshwanelang! Ka gone moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Baratwa, ereka re na le dipolèlō tse tsa choloheco [tsa go nna le kamano e e molemo le Modimo], a re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Go goga motsoko go dira se se fetang go itshekolola nama fela, go leswafatsa mmele wa gago ka dikhemikale tse di kotsi; gape go itshekolola moya wa gago, kana maatla a a laolang tlhaloganyo. Go goga motsoko go bodile, ke pelotshetlha, ke boikepo.
Go sa kgathalesege sotlhe seno, basha ba le bantsi ba sa ntse ba raelesega gore ba goge motsoko. Gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo le gore mosha a ka kgona jang go itshokela dikgatelelo tse di ntseng jalo e tla nna kgang ya setlhogo sengwe sa mo isagweng.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Pele o ka itetlelela go raelwa, akanya ka ditlamorago tsa seo