Malapa a Motsadi yo o Nosi—Selo Se se Ntseng se Anama
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BORITANE
“GO NA le malapa a motsadi yo o nosi a le mantsi tota mo United Kingdom go gaisa mo nageng epe fela ya Yuropa,” The Times ya Lontone e bega jalo. “Gone jaanong . . . lelapa le le lengwe mo go a matlhano a United Kingdom, le etelelwa pele ke motsadi yo o nosi, ka bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse 18 fa go bapisiwa le le le lengwe mo go a le supa a Denmark le le le lengwe mo go a le robedi a Jeremane le Fora.”
Mo malapeng a motsadi yo o nosi a le lesome mo Boritane, a le robongwe mo go one ke a basadi. Jaanong go bonala e kete lelapa le le tlwaelegileng la rre, mmè le bana ke “mofuta wa lelapa” o o tshwanang fela le a mangwe. Mme ke eng fa mofuta ono wa motsadi yo o nosi o aname go feta pele?
Dilo tse dikgolo tse di bakang seno ke tlhalano le go kgaogana. Mo go seno, Boritane e tshwana le United States koo halofo ya malapa otlhe a teng a felelang ka tlhalano. Gape, dilo tse batho ba di solofelang mo lenyalong di fetogile. Go ya ka Zelda West-Meads wa Relate, e leng mokgatlho o o kaelang ka tsa manyalo, mo dingwageng tse di fetileng tse 20 kana tse 30, “go ne go itsege sentle gore mongwe le mongwe o na le seabe sefe mo lelapeng. Banna e ne e le bone ba berekang ba le nosi; basadi e le batlhokomedi ba legae.” Mme gone jaanong go ntse jang? “Manyalo a segompieno a a kgatlha e bile go dirwa dilo tse di itumedisang mo go one, mme gape, a ka nna marara tota. Basadi ba batla dilo tse di fetang tse bommaabone le bonkokoabone ba neng ba di solofetse mo lenyalong. Ba batla go lekalekana le banna, moratiwa yo o molemo, tsala e e molemo, gore le bone ba bereke—le go nna le bana.”
Go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe go go tlotlomadiwang thata mo dilong tsa go itlosa bodutu go dira gore batho ba se ka ba batla lelapa le le tlwaelegileng. Gantsi basha ba ba tlhakanelang dikobo ba sa le babotlana ga ba lemoge ditlamorago tse di sa itumediseng tsa gone. Mo go bone lenyalo ke selo se se boima thata, se se timang motho kgololesego le se se raraanyang botshelo jwa motho go sa tlhokege.
Ba bangwe ke batsadi ba ba nosi ka gonne ba go itlhophetse; ba bangwe ba patelediwa ke maemo. Batho ba le bantsi ba ba mo lenyalong ba hutsafala tota fa ba iphitlhela ba patelesega go nna motsadi yo o nosi. Gareng ga bano go na le batho ba ba neng ba le mo lenyalong le le itumedisang mme ba bo ba swelwa ke motho yo ba nyalaneng le ene.
Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le ba manyalo a bone a ileng a nna le dintwa tse di maswe. Ba ile ba bona go le botoka go ikgodisetsa bana ba bone ba le nosi. Bontsi jwa bano bo bolela gore ba ile ba kgona go tsalana thata le bana ba bone.
Le mororo go na le dilo di le dintsi thata tse di bakang gore malapa a motsadi yo o nosi a oketsege thata jaana, go na le dilo dingwe tse di tlhobaetsang batsadi bano ba ba nosi tse di malebana le maikarabelo le dilo tse di gwetlhang tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Ke dife? Mme batsadi ba ba nosi ba ka dira maikarabelo a bone jang ka katlego?