LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 10/8 ts. 4-7
  • Go Nna Motsadi yo o Nosi yo o Atlegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Motsadi yo o Nosi yo o Atlegileng
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Reka Nako
  • Kgotsofalela se o Nang Naso
  • Gore o Nne le Ditsala, Nna Botsalano
  • Fa o le Mmè e Bile o le Rre
  • Malapa a Motsadi a le Mongwe a ka Atlega!
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Bontsha Gore o Akanyetsa Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
  • O ka Thusa Batsadi ba ba Nosi Jang?
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 10/8 ts. 4-7

Go Nna Motsadi yo o Nosi yo o Atlegileng

“Nako ke selo se le nosi se batsadi ba ba nosi ba se keng ba nna le sone.”—The Single Parent’s Survival Guide.

“Bothata jo bo masisi go gaisa ke go tlhoka madi.”—Times ya Lontone.

‘Go jewa ke bodutu ke selo se segolo se se ngomolang motsadi yo o nosi pelo.’—Give Us a Break, patlisiso e e neng ya dirwa kaga tsela e batsadi ba ba nosi ba ka itlosang bodutu ka yone.

BATSADI botlhe ba lebanwa ke dikgwetlho, dilo tse di itumedisang le mathata. Lefa go ntse jalo, motsadi yo o nosi ene o lebana le seo a le nosi. Seo se dira gore nako, madi, le go jewa ke bodutu e nne tsone dilo tse dikgolo tse a tshwenyegang ka tsone mo botshelong.

Le mororo botshelo bo ka nna bokete go le kana kang, motsadi yo o nosi a ka atlega mo botshelong jwa gagwe jwa lelapa, e bile ba le bantsi ba ile ba atlega. Go ikaegile thata kaga gore motho o latela melao efe le gore o e gagamalela go le kana kang.

Selo se se kgatlhang ke gore, Baebele ga e bolo go bonela pele gore go ne go tla nna le tlhakatlhakano e e kana kana mo maitsholong le mo loagong. Ela tlhoko kafa moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo a ileng a tlhagisa morutwa yo mosha Timotheo ka teng kaga seno. O ne a mo tlhagisa jaana: “Itse selo se, gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. Gonne batho ba tlaa nna baithati, . . . ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng.”—2 Timotheo 3:1-3.

Ga se fela gore Baebele ke buka e e ileng ya bolelela pele mekgwa ya batho ba gompieno ka tlhomamo. E na le melaometheo e e ka atlegisang botshelo jwa lelapa fa motho a ka e latela. (2 Timotheo 3:16, 17) Akanyetsa kafa mengwe ya yone e ka thusang batsadi ba ba nosi go itshokela mathata a go tlhoka nako, madi le go jewa ke bodutu ka teng.

Reka Nako

Nako ke selo se go leng thata go se laola, go sa kgathalesege gore o setswerere go le kana kang mo go rulaganyeng dilo. Gore o kgone go dirisa nako ya gago sentle, o tshwanetse go lemoga se o se dirang ka yone. Morago ga moo o tla kgona go swetsa gore ke ditiro dife tse di leng botlhokwa go feta tse dingwe. Mokgatlho mongwe o o dirisanang le batsadi ba ba nosi o akantsha jaana: “Itirele ‘bukana e o kwalang ditiro mo go yone.’ Mo go yone o kwale sengwe le sengwe se o se dirang mo letsatsing lotlhe kana mo bekeng o bo o leka go bona gore se go tsaya nako e kae. Morago ga moo, o bo o leba mo o ka somarelang nako gone, kana mo o ka e dirisang botoka gone ka go fetola tsela e o di dirang ka yone kana ka go tlogela dilo tse dingwe.”

Kgakololo eo e e molemo e supa kafa taelo eno ya Dikwalo ya ga moaposetoloi e leng botlhale ka teng: “Ke gone, lo lebe thata ka fa lo sepelang ka teng, e seng jaaka ba ba seng botlhale, mme jaaka ba ba botlhale, ka go swela [nako] molemo, ka metlha e, e bosula.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Baefeso 5:15, 16.

Ka sekai, a go lebelela thelebishene ke selo se segolo se o se dirang ka metlha letsatsi le letsatsi? Fa o ka go fokotsa go tla go thusa gore o nne le nako e e oketsegileng e o ka e dirisang go tlotla le bana ba gago le go dira dilo mmogo le bone. Seno se tla go thusa gore o tsalane thata le bone.

O ka nna wa re, ‘Fa ke re ke leka go nna le banake le go tlotla le bone, seo se dira gore re nne fela re didimetse.’ Go ka nna jalo, mme o se ka wa letla seo se go kgoba marapo. Bagakolodi ba batsadi ba ba nosi ba akantsha gore o reetse maikutlo a bana ba gago mo metlotlong ya bone ya letsatsi le letsatsi jaaka fa ba bua ka ditsala tsa bone tsa sekolo kana se ba ikaelelang go se dira. Lefa go ntse jalo, o ka se kgone go dira jalo fa o tlhomile mogopolo mo thelebisheneng, a ga go jalo? Tota lefa o ka e bulela mme o sa e lebelela, e ka nna ya tla e go itaya tsebe mo o ka nnang wa fosa go utlwa tshedimosetso e e botlhokwatlhokwa kaga dilo tse bana ba gago ba di akanyang le maikutlo a bone a a kwa tengteng. Ka jalo, iphe nako ya go nna le bana ba gago. Dira ditiro tsa mo gae le bone, mme fa lo ntse lo di dira, tlotla le bone—mme o reetse fa ba bua!

Gape o bale le bone. Dipatlisiso di supa gore tsela e ngwana a kgonang go bala le go kwala ka yone fa a santse a le dingwaga tse tlhano e ama tsela e kgabagare a tla atlegang ka yone. Leno ke lone lebaka le le tshwanetseng go go dira gore o iphe nako ya go bala le bone. Go ka nna molemo fa o dirisa metsotso e sekae pele ga fa lo robala, kana go sa le gale mo maitsiboeng pele ga fa lo utlwa letsapa.

Kgotsofalela se o Nang Naso

Bontsi jwa batsadi ba ba nosi ba iphitlhela ba faraferwe ke mathata a tsa madi. Ba tshwanetse go leka ditsela tsa go bona madi a a lekaneng gore ba nne le ntlo, dijo le diaparo. Lefa go ntse jalo, fa ba tshwanelwa ke go bereka, go tsoga kgang ya gore a ba tlile go kgona go tlhokomela bana ka tsela e e tshwanetseng.

Ga go motlhofo go bona ditirelo tsa tlhokomelo ya bana e bile di ja madi a mantsi. Batsadi bangwe ba ba nosi ba kgona go dira seo ka go kopa thuso ya ba losika—batsadi ba bone, borakgadi le bomalome. Ba bangwe ba ikaega ka dikolo tsa masea, mafelo a go tshameka, ditirelo tsa tlhokomelo ya bana tse bahiri ba bone ba ba tlamelang ka tsone. Thusonyana e puso e e ntshang, fa e le gore e gone, ga se ka metlha e lekanang madi a ditirelo tseo tsa tlhokomelo ya bana. Kwa dinageng dingwe batsadi ba ba nosi ba ba nang le masea ba ka itlhophela go se senke mmereko mme ba bo ba nna kwa gae ba itshedisa ka madinyana a puso e ba tlamelang ka one.

Ka ntlha ya go oketsega ga dipalo tsa batsadi ba ba nosi, dipuso di leka go rarabolola seo ka go senka batho bao maikarabelo e leng a bone. Kwa Boritane, seno se setse se dirile gore go duedisiwe borre ba ba tshabetseng bana ba bone e bile ba sa ba tlamele ka madi. Makgotla a tlhokomelo ya bana a dira maiteko a go senka borre bao ba ba tshabileng gore ba duele madi a ba sa a duelang. Fa bommè ba ba nosi ba gana go thusa makgotla ao go batla kwa borre bao ba tshabetseng gone, seo se ka nna sa dira gore ba se ka ba bona thuso eo ya madi. “Kwa Sweden go fopholediwa gore diperesente di le 40 tsa batho bao ba ba tshabileng di a duedisiwa ka thuso ya makgotla a diinshorense tsa loago mme kwa Fora dikgotlatshekelo di gagamatsa melao e e malebana le go tlamela bana ka madi e bile di tsaya matsapa a go senka kwa batho bao ba tshabetseng teng,” The Times ya Lontone e bega jalo.

Go sa kgathalasege gore a ba bona thuso go tswa mo dikgotlatshekelong kana mo pusong kgotsa nnyaa, batsadi ba le bantsi ba ba nosi ba kgona go bona ditsela tsa go itshedisa ka madinyana a mannye mo go a ba neng ba tlwaetse go tshela ka one. Jang? Ka go fetola tsela e ba lekanyetsang madi ka yone.

Go ithuta go fetola kafa o neng o lekanyetsa madi pele ka teng ke selo se se tlhokang botswerere. Gantsi go go tlhoka gore o fetole tsela e o rekang dilo ka yone—ka sekai, o beela madi a go duelela ntlo le motlakase kwa thoko, a go reka dijo le a go duela madi a dikadimo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone.”—1 Timotheo 6:8.

A o kile wa akanyetsa go reka dilo le batho ba bangwe? O ka kgona go somarela madi fa lo kopanela go reka dilo dingwe lo le setlhopha le batsadi ba bangwe. Go sa kgathalasege gore o lekanyetsa madi ka tsela efe, gakologelwa gore o tshwanetse go nna fa fatshe mme o bale ditshenyegelo tsa gago. (Bapisa Luke 14:28.) Ke eng fa o sa kope bana ba gago gore ba go thuse go lekanyetsa madi? Seo se tla dira gore ba itumelele go go thusa go e gagamalela. Gongwe e bile go ka go thusa gore o kgone go beela madi mangwe kwa thoko go a boloka.

Gore o Nne le Ditsala, Nna Botsalano

“Nayang, mme lo tlaa newa,” Jesu o ne a gakolola jalo. “Selekanyo se lo lekanyang ka sone lo tlaa ba lo lekanyediwa ka sone fela.” (Luke 6:38) Go ntse fela jalo le ka botsala jwa rona le ba bangwe. Tsela e o kgatlhegelang batho ba bangwe ka yone e tla dira gore le bone ba nne botsalano mo go wena. Tsela e e molemo e o ka fenyang bodutu ka yone ke gore o tseye kgato pele go tsalana le ba bangwe. Gongwe seo se tla dira gore o bone ditsala tse di ikanyegang tse di tla go thusang go tlhokomela bana gore le wena o kgone go eta. Se se botoka go gaisa, ke eng fa o sa laletse ditsala go go etela?

Lefa go ntse jalo, go botlhokwa gore o nne kelotlhoko mo go seno. Gakologelwa, “go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.” (1 Bakorinthe 15:33) O ka kgona go fenya bodutu fa fela e le gore botsala jwa gago le ba bangwe ke jo bo agang le jo bo dirang gore o ikutlwe o kgotsofetse.

Fa o le Mmè e Bile o le Rre

Motsadi yo o nosi o tshwanelwa ke go nna mmè le go nna rre mo baneng ba gagwe—seo ga se kgetsi e potlana. Mme o se ka wa lebala gore bana ba rata go etsa. Ba ithuta go nna bagolo ba ba dirang dilo sentle ka go leba se bagolo ba ba dirang dilo sentle ba se dirang. Ka gone, seo se ikaegile thata ka sekao se o se tlhomelang bana ba gago. Fa The Sunday Times ya Lontone e akgela ka palo e kgolo ya basimane ba ba golelang mo bogareng jwa ditoropokgolo tsa Amerika ba ba senang borre e bolela jaana: “Thubakanyo le tlhakatlhakano eno . . . e re bontsha kafa kokomana ya banna e itshwarang ka teng fa mo e ka nnang halofo ya yone e gola e le basha ba ba sa itseng gore tsela e e siameng ya go nna monna yo o godileng sentle ke efe.”

Duncan Dormor, mo go The Relationship Revolution o bolela gore, fa bana ba godisiwa ke motsadi yo o nosi, seo se tla ama thata boitekanelo jwa bone, tiro ya sekolo, tota le maemo a bone a tsa madi a mo isagweng. Badiradipatlisiso ba bangwe bone ba ganetsa seno. Ba re bothata bo bakwa ke khumanego le fa setšhaba se ba tima dilo dingwe. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba dumalana le selo seno se rasaense wa loago e bong Charles Murray a neng a se lemoga: “Ngwana yo o nang le mmè mme a sena rre e bile a nna mo lefelong le go nang le bommè mme go sena borre, o leba dilo go ya ka se a se bonang. O ka romela badirediloago le barutabana le baruti gore ba rute mosimane yoo gore fa a gola e nne rre yo o molemo mo baneng ba gagwe. Mme ga a kitla a tlhaloganya se o se bolelang ka gonne a ise a se bone.” Ee, basimane le basetsana ba tlhoka go nna le rre le mmè.

Mo go Pesalema 68:5, Baebele e tlhalosa Jehofa Modimo e le “rramasiela.” Bommè ba ba senkang kaelo ya Modimo ba fitlhela e le ene sekao se se molemo go gaisa tsotlhe se bana ba bone ba ka se latelang. Borre ba ba godisang bana ba bone ba le nosi ba itumelela go thusiwa ke bommè ba ba godileng ba ba dirang dilo sentle. Ee, batsadi botlhe ba ba nosi ba tlhoka go engwa nokeng ka lorato. Gongwe seno ke se o ka thusang ka sone.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Borre ba Gape e Leng “Bommè”

Banna ba ba tlhokomelang malapa ba le nosi ga ba bantsi. Lefa go ntse jalo, jaaka fa manyalo a le mantsi a ntse a thubega, banna ba le bantsi ba swetsa gore ba ikgodisetse bana ba bone ba le nosi. “Go bonala gore bothata jo bogolo go gaisa otlhe jo banna ba ba mo seemong seno ba lebanang le jone ke jo bo malebana le bomorwadiabone ba ba mo dingwageng tsa bosha,” The Single Parent’s Survival Guide e tlhalosa jalo. Ditlhong di dira gore borre bangwe ba tile go bua le bomorwadiabone ka dikgang tsa tlhakanelodikobo. Ba bangwe ba rulaganya gore mmè mongwe yo ba mo ikanyang wa losika a tle go buisana le bomorwadiabone ka gone. Batsadi botlhe ba ba nosi, ba banna le ba basadi, ba ka solegelwa molemo ke go bala le bana ba bone buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.a Buka eno e na le dikarolo tsa ditlhogo tse di reng “Tlhakanelo-Dikobo le Maitsholo A A Siameng” le “Lefereo, Lorato, Le Batho ba Bong Bo Sele.” Kgaolo nngwe le nngwe e konela ka karolo e e bidiwang Dipotso tsa Puisano tse di diretsweng go gatelela go nna le kgopolo e e tshwanetseng kaga dikgang tse di masisi.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go fetsa nako o na le bana ba gago go dira gore lo tsalane thata

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go sa kgathalasege gore o lekanyetsa madi ka tsela efe fa o reka, nna fa fatshe mme o bale ditshenyegelo tsa gago

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela