LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 10/8 ts. 8-9
  • O ka Thusa Batsadi ba ba Nosi Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Thusa Batsadi ba ba Nosi Jang?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Eme Nokeng
  • Ba Thuse ka Tsela e e Molemo
  • Bontsha Gore o Akanyetsa Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Malapa a Motsadi a le Mongwe a ka Atlega!
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
  • Ke ka Kgona Jang go Thusa Motsadi Wa Me Yo O Mongwe Fela?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 10/8 ts. 8-9

O ka Thusa Batsadi ba ba Nosi Jang?

BATSADI ba ba nosi, ba banna le ba basadi ba tlhoka go akanyediwa. Gompieno badirediloago ba gatelela gore go botlhokwa gore batsadi ba ba nosi ba engwe nokeng.

Letha le John Scanzoni, ba baithutaloago ba tlhalosa gore, “ditsala tse di ba emang nokeng, balosika ba ba ba thusang, barutabana ba ba lorato, ditiro tsa setšhaba le tsa bodumedi tse di dirwang go akantswe ka malapa a a ntseng jalo di ka nna le seabe se segolo mo go tokafatseng tsela e batsadi ba ba nosi le bana ba bone ba ikutlwang ka yone ka nako eo ba tlhokang go kgothadiwa thata ka yone mo botshelong.” Ka jalo, o ka thusa jang?

Ba Eme Nokeng

Sa ntlha, leka go tlhaloganya tsela e batsadi ba ba nosi ba lebang dilo ka yone. Ipeye mo maemong a bone. Tsogang! e ne ya botsolotsa Margaret, yo o nang le bana ba babedi ba dingwaga tse 7 le 14. O ne a tlhalwa dingwaga tse tlhano tse di fetileng mme go fitlha jaanong, o dira sentle thata. Kwantle ga pelaelo dikakgelo tsa gagwe di ka nna tsa go ruta sengwe.

Tsogang!: “E re ka o le motsadi yo o nosi, ke mathata afe a o neng wa lebana le one?”

Margaret: “Sa ntlha, go ne go le thata gore ke dumele gore ke fetogile motsadi yo o nosi, selo se ke neng ke sa se lebelela. Ke ne ke kgopisiwa ke go bidiwa ‘motsadi yo o nosi’ ka gonne batho ba le bantsi ba leba malapa a motsadi yo o nosi e le a a sa itumelang le a a sa kgatlheng ka bana ba ba senang botho. Kwa tshimologong ke ne ke gana kgakololo ka gonne ke ne ke sa dumalane le kgopolo eo. Lefa go ntse jalo, jaanong ke lemogile gore ga se gore fa o le motsadi yo o nosi ka metlha o ka se dire sepe se se molemo.”

Gore o eme batsadi ba ba nosi nokeng, o tshwanetse go itse dilo tse ba sa di rateng. Leka ka natla go nna pelonomi mo go bone.

Tsogang!: “Monna wa gago wa pele ga a go tlamele. O kgonne jang go tlamela ka tsa madi?”

Margaret: “Ke ne ka tshwanelwa ke go itima dilo dingwe. Ke ne ke tlhola ke reka diaparo tse disha fa ke ya meletlong. Re santse re tle re reke dilwana tse disha, mme legale ga re tlhole re kgona go reka dilo tse dintsi tse re neng re tlhola re di reka. Ke boammaaruri gore, ke rata gore banake ba lebege sentle, ka jalo, ke tshwanelwa ke go lekanyetsa dilo tse re di rekang sentle. Ke ile ka simolola ka go boloka madi a sekae beke nngwe le nngwe, ke a baya mo tsaleng nngwe e ke e ikanyang gore e a boloke a babalesegile ka gonne ke ne ke itse gore fa a ne a ka nna mo go nna ke ne ke tla a dirisa.”

A le wena o ka nna tsala e e ikanyegang go le kalo go thusa batsadi ba ba nosi gore ba somarele madi a bone?

Tsogang!: “O kgonne jang go lwantsha bodutu?”

Margaret: “Ke nna ke tshwaregile motshegare otlhe. Bosigo fa bana ba ile go robala ke gone ke bo utlwang thata. Ke founela mongwe wa losika kana tsala. Ka dinako tse dingwe ke tlotla le bone ke ntse ke lela. Ke tlotla le bone kaga dilo tse di diragetseng motshegare. Go nthusa tota fa go na le motho yo o ntheetsang fa ke bua.”

Gongwe o ka tsaya kgato pele go founela motsadi yo o nosi. A ka gomotsega tota fa o mo sekegela tsebe fa a bua.

Tsogang!: “Ke selo sefe se o fitlhetseng se le bokete mo motsading yo o nosi?”

Margaret: “Ke go godisa bana gore ba nne le boitsholo jo bo siameng. Go wela tlase ga maitsholo mo setšhabeng go dira gore batho ba re ga go thuse sepe gore ke gagamalele gore banake ba nne le mekgwa e mentle.”

Fa o tlhoma sekao se sentle ka go itshwara ka tsela e e siameng ruri go tla kgothatsa ba bangwe gore le bone ba dire jalo.

Tsogang!: “Go godisa bana ba babedi go go tlhoka nako e ntsi thata. O bona jang nako ya go dira dilo tse dingwe tsa gago?”

Margaret: “Ke leka go somarela nako gore ke ipeele e nngwe ya yone. Ka sekai, ka nako ya fa tsala nngwe ya me e ruta banake mmino, seo se nthusa gore ke nne le ura e ke e dirisetsang dilo tsa me. Ke nna fa fatshe ke bo ke tima thelebishene. Ke tla bo ke nna ka tidimalo fela ke akanya ka dilo tseo ke di dirileng mo letsatsing leo. Ke motho yo ke tshwenyegang thata ka se se siameng kana se se sa siamang, ka jalo, ke rata go nna ke akanya ka dilo tse ke di dirileng gore ke bone mo nka tokafatsang gone.”

Fa nako le nako o ipha nako ya go tlhokomelela motsadi yo o nosi bana, o tla kgona go nna le nako e e ntseng jalo ya go akanya.

Ba Thuse ka Tsela e e Molemo

Tsogang!: “Ke selo sefe se o thusitsweng ke bangwe ka sone se o boneng se le molemo go gaisa?”

Margaret: “Ke rata thata fa lelapa lengwe le ntaletsa. Go thusa motho tota fa a lemoga gore batho ba bangwe ba amega ka ene. Ka dinako tse dingwe o akanya gore ke wena fela yo o leng mo mathateng. Gape go nkgothatsa tota fa mongwe a nkakgolela tsela e ke godisang banake ka yone! Dilo tse dingwe gape ke ditiro tsa diatla tse di jaaka go kgabisa, go lema tshingwana, go reka. . . . Ruri nka se fetse go di bala tsotlhe!”

Fa motho e le motsadi yo o nosi, dilo di nna thata e bile di tsaya nako e telele. Ka jalo, o se ka wa tsaya gore nako e o iphang yone le ene ga e botlhokwa. Mo motsading yo o nosi, seo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo go gaisa tsotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tsela e kgolo e o ka thusang batsadi ba ba nosi ka yone, ke go ipha nako ya go nna le bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela