LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 12/8 ts. 24-26
  • Matlapa A a Fofang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matlapa A a Fofang
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Polanete e e Tshelang
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • A Lefatshe la Rona le Tla Senngwa ke Masetlapelo a Lobopo?
    Tsogang!—1998
  • Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Disireletsi Tse di Maatla Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 12/8 ts. 24-26

Matlapa A a Fofang

AO KILE wa bona naledi e e tlolang ditlhase e raletse loapi mo bosigong jo bo senang maru? Gongwe go ise go ye kae o tla e bona. Go ya ka borasaense, ditlhase tseo tsa dilo tsa tlholego di tlola jalo ka makgetlho a ka nna 200 000 000 letsatsi le letsatsi mo loaping!

Ke eng? Tota ke dikgapetlana tsa dilo tse e keteng matlapa kana ditshitswana tse di bidiwang di-meteoroid tse di fetogang ditlhase tse di phatsimang fa di fitlha mo atemosefereng ya lefatshe. Moraladi o o phatsimang mo loaping fa o o lebile go tswa mo lefatsheng o bidiwa meteor.

Bontsi jwa di-meteoroid bo sha gotlhelele pele ga di fitlha mo lefatsheng, lefa go ntse jalo, tse dingwe di fitlha mo boalong jwa lefatshe di ise di she gotlhelele. Tseo di bidiwa di-meteorite. Borasaense bangwe ba fopholetsa gore ditone di ka nna 1 000 tsa letlapa leno le le fofang a wela mo lefatsheng letsatsi le letsatsi.a

Gantsi go thulana goo ga go kotsi mo bathong, segolobogolo ka gonne matlapa ao a a fofang a mannye thata. Tota e bile, bontsi jwa di-meteor di bakwa ke di-meteorite tse di sa feteng thorwana ya moshawa ka bogolo. (Bona bokoso ya “Matlapa a a Tswang Kwa Loaping.”) Mme go tweng ka diketekete tsa matlapa a magolo a a fofang mo loaping? Ka sekai, akanya ka kgolokwe e e bidiwang Ceres ya dikilometara tse 1 000! Gape go na le matlapa a mangwe a le 30 a a itsegeng a na le kgolokwe ya dikilometara tse di fetang 190. Totatota matlapa ano a magolo ke dipolanetenyana tse dinnye. Borasaense ba di bitsa di-asteroid.

Go ka diregang fa nngwe ya di-asteroid e ka wela mo lefatsheng? Selo seno se se ka nnang sa direga ke sone selo se segolo se se dirang gore borasaense ba ithute ka di-asteroid. Le mororo bontsi jwa di-asteroid di dikologa mo karolong e e fa gare ga Mars le Jupiter, tota baithutadinaledi bangwe ba ile ba bona dingwe di raletse tsela e lefatshe le dikologang mo go yone. Ba tshoga thata gore di ka nna tsa thulana ka gonne go na le mesima e megolo e e jaaka Meteor Crater (gape e bidiwa Barringer Crater) gaufi le Flagstaff kwa Arizona kwa U.S.A. Selo sengwe se go akanngwang e le sone se bakileng gore di-dinosaur di nyelele ke gore sengwe se ne sa thula lefatshe mme sa fetola atemosefere mme ga dira gore lefatshe le fetse nako e telele le le tsididi thata mo di-dinosaur di neng di sa kgone go go itshokela.

Gompieno go thulana goo go go diphatsa go ka nyeletsa batho botlhe. Lefa go ntse jalo, Baebele e bolela gore “basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ba fopholetsa ka ditsela tse di sa tshwaneng.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Kgolokwe ya Molelo mo Bidiong

Di-meteor dingwe di phatsima thata e bile di dikgolo thata ka tsela e e sa tlwaelegang. Di bidiwa dikgolokwe tsa molelo. Ka October 9, 1992, kgolokwe ya molelo e e tlhagisitsweng mo senepeng se se fa godimo e ne ya feta e raletse lefaufau la dinaga di le mmalwa tsa United States. Kgolokwe eno ya molelo e ne ya bonwa la ntlha e raletse West Virginia mme ya bonala go tswa bokgakaleng jwa dikilometara di le 700 go tswa koo. Lenathwana lengwe la yone, le le bokete jwa dikilogerama di le 12, le ne la wela mo koloing e e neng e phakilwe kwa Peekskill kwa New York.

Selo se se kgatlhang ka tiragalo eo ke gore tsela e meteoroid eo e neng ya sutlha atemosefere e phekame ka yone, e ne ya dira gore go nne le kgolokwe ya molelo e e neng ya tsaya metsotswana e le 40 e ntse e tuka. Seno se ne sa dira gore ba nne le tshono e ba iseng ba ko ba nne le yone ya go e tsaya ditshwantsho tsa bidio, bobotlana go tswa mo mafelong a le 14. Go ya ka makasine wa Nature, “bidio eo ke yone ya ntlhantlha mo ditiragalong tsa meteorite e mo go yone go neng ga tsewa kgolokwe ya molelo setshwantsho e ntse e tsamaya.”

Kgolokwe eo ya molelo e ne ya thubega bobotlana ya nna manatwana a le 70, a a tlhagelelang mo ditheiping tsa bidio nngwe le nngwe a lebega e le tlhase ya molelo. Le mororo go ile ga bonwa meteorite e le nngwe fela mo tiragalong eno, borasaense ba dumela gore lenathwana le le lengwe kana go feta, le ka nna la bo le ile la sutlha atemosefere ya lefatshe le bo le wela mo mmung. Ke tsone fela dilonyana tse di ka tswang di setse mo meteoroid oo o mogolo o o neng o le bokete jwa ditone di le 20.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Matlapa a a Tswang Kwa Loaping

Asteroid: Gape e bidiwa planetoid kana polanetenyana. Dipolanete tseno tse dinnye thata di dikologa letsatsi. Bontsi jwa tsone di bopegile ka tsela e e sa tlhomamang mo go ka tswang go supa gore ke manatwana a dilo dingwe tse di kileng tsa bo di le dikgolo.

Meteoroid: Phatsanyana e nnye ya selo se e keteng ke tshipi kana letlapa le le kokobalang mo loaping kana se se wang se tswa mo atemosefereng. Borasaense bangwe ba akanya gore bontsi jwa di-meteoroid ke manatwana a di-asteroid tse di bakwang ke go thulana kana ke matlakala a dikhomete tse di sheleng.

Meteor: Fa meteoroid e sutlhelela mo atemosefereng ya lefatshe, mowa o nna mogote thata o bo o tlhagisa tlhase e e phatsimang. Mogatlana ono wa digase tse di tukang o bonala ka nakwana e le moraladi wa lesedi mo loaping. Moraladi ono wa lesedi o bidiwa meteor. Bontsi bo o bitsa naledi e e tlolang ditlhase kana naledi e e wang. Di-meteor di le dintsi di simolola go bonala fa di santse di le dikilometara di ka nna 100 kwa godimo ga boalo jwa lefatshe.

Meteorite: Ka dinako tse dingwe meteoroid o nna mogolo thata mo e leng gore ga o she otlhe fa o tsena mo atemosefereng ya rona mme o fitlha o wela mo lefatsheng. Meteoroid o o ntseng jalo o bidiwa meteorite. E mengwe e megolo thata e bile e bokete thata. Meteorite mongwe kwa Namibia mo Afrika o bokete jwa ditone di feta 60. Di-meteorite dingwe tse dikgolo tse di bokete jwa ditone di le 15 kana go feta di ne tsa fitlhelwa kwa Greenland, Mexico le kwa United States.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Ida le Ngwana wa Gagwe wa Ngwedi

E ne ya re fa sesutlhalefaufau sa Galileo se se neng se ya kwa Jupiter se tsaya setshwantsho sa asteroid e e bidiwang Ida, se ne sa ribolola sengwe se se neng se sa lebelelwa—sekai sa ntlhantlha sa bosupi jwa gore go na le ngwedi o o neng o dikologa nngwe ya di-asteroid. Go ya kafa go begilweng ka teng mo Sky and Telescope, borasaense ba ne ba fopholetsa gore ngwedi ono o o bopegileng jaaka lee, o o bidiwang Dactyl, o boleele jwa dikilometara di le 1,6 le bophara jwa dikilometara tse 1,2. Tsela e e o dikologang mo go yone e ka nna dikilometara tse 100 go tswa mo bogareng jwa asteroid eo e e bidiwang Ida, e e boleele jwa dikilometara tse 56 le bophara jwa dikilometara tse 21. Tsela e mebala ya tsone e mehibidu e leng ka yone e dira gore motho a akanye gore Ida le ngwedinyana yoo wa gagwe ke karolo ya di-asteroid tsa losika lwa Koronis tse go akanngwang gore ke manathwana a letlapa le le lengwe le legolo le le neng la phatloga fa dilo dingwe di ne di thulana mo loaping.

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA photo/JPL

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Meteor Crater, gaufi le Flagstaff kwa Arizona kwa U.S.A. e dimetara tse 1 200 go ralala bogare jwa yone le boteng jwa dimetara tse 200

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo by D. J. Roddy and K. Zeller, U.S. Geological Survey

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Sara Eichmiller Ruck 

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela