Ke Mang yo o Tshwanetseng go Swetsa Gore Bodumedi jwa Boammaaruri ke Bofe?
JESU o ne a bontsha sentle gore mefuta mengwe ya kobamelo ga e amogelwe ke Modimo. O ne a bua ka ‘baporofeti ba maaka,’ a ba tshwantsha le setlhare se se ungwang maungo a a se nang mosola mme se bo se “rengwa mme se latlhelwa mo molelong.” O ne a boa gape a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo.”—Mathaio 7:15-22.
Mme e bile, Jesu o ne a re malebana le bangwe ba ba neng ba tla bolela gore ke balatedi ba gagwe: “Ke tla ba bolelela ke re: Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.” (Mathaio 7:23) Mo godimo ga moo, fa Jesu a ne a bua le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe, o ne a dirisa mafoko a Modimo a neng a a dirisitse mo Baiseraeleng ba batlhanogi a re: “Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.”—Mareko 7:6, 7.
Ga go na pelaelo gore, Modimo le Morwawe ga ba amogele dikobamelo tsotlhe. Ka jalo, ga se dikobamelo tsotlhe tse e leng dikobamelo tsa boammaaruri. A seno se raya gore ke bodumedi bo le bongwe fela jo bo rutang boammaaruri? A go ka se direge gore Modimo o dirisa madumedi a le mmalwa, mme a bo a sa amogele a mangwe a a rileng? Kgotsa, a go ka direga gore Modimo a ka tswa a amogela kgotsa a gana kobamelo ya batho bangwe ba ba gasaganeng mo madumeding a a farologaneng go sa kgathalesege gore mekgatlho ya bone e ruta eng?
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa ke Modimo: “Jaanong ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lotlhe lo bue ka tumalano, le gore go se nne le dikgaogano mo go lona, fa e se gore lo nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” (1 Bakorintha 1:10) Baebele gape e kgothaletsa Bakeresete gore ba nne ‘ba mogopolo o o tshwanang e bile ba na le lorato lo lo tshwanang, ba kopane mmogo mo moyeng, ba tshegeditse kakanyo e le nngwe mo mogopolong.’—Bafilipi 2:2.
Mme fa go na le kutlwano e e ntseng jalo, he, go tla felela ka gore go nne le bodumedi bo le bongwe. Ke ka moo Baebele e reng go na le “Morena a le mongwe, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe.”—Baefeso 4:4, 5.
Se Pego ya Baebele e se Bontshang
Pego ya Baebele e bontsha sentle gore konelo e e fa godimo eno e tshegediwa thata ke Dikwalo. Ka go sekaseka pego eno, o tla bona gore Modimo o ne a dirisana le batho ba gagwe ka thulaganyo e le nngwe ya kobamelo. Mo tshimologong ya hisitori ya batho, Modimo o ne a dirisa ditlhogo tsa lotso, kgotsa ditlhogo tsa malapa jaaka baemedi ba gagwe. Ba ba tlhageletseng thata mo go bone e ne e le Noa, Aberame (Aborahame), Isake le Jakobe.—Genesise 8:18-20; 12:1-3; 26:1-4; 28:10-15.
Batho ba ba neng ba tswa mo lotsong lwa ga Jakobe ba ne ba nna batshwarwa kwa Egepeto. Fa ba ntse ba le koo, ba ne ba gatelelwa setlhogo mme le fa go ntse jalo, palo ya bone e ne ya gola mme ba nna dimilione di le dintsi. Modimo o ne a ba golola mo botshwarweng, a dira gore ba kgabaganye Lewatle le Lehibidu ka kgakgamatso. Morago ga foo, o ne a ba amogela jaaka batho ba gagwe a ba naya melao ka go dirisa Moshe jaaka motsereganyi. Ba ne ba nna setšhaba sa bogologolo sa Iseraele, setšhaba sa Modimo.—Ekesodo 14:21-28; 19:1-6; 20:1-17.
Mme se se botlhokwa ke gore, Modimo ga a ka a amogela mefuta ya kobamelo ya batho ba ditšhaba tse di neng di dikologile Iseraele. Tota e bile, o ne a otlhaya batho ba gagwe fa ba ne ba itlhokomolosa melao ya gagwe mme ba amogela mefuta e e ntseng jalo ya kobamelo.—Lefitiko 18:21-30; Duteronome 18:9-12.
Go tweng ka batho ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba batla go obamela Modimo wa boammaaruri? Ba ne ba tshwanetse pele ba tlogele kobamelo ya bone ya bogologolo ya maaka mme ba kopanele le Iseraele mo kobamelong ya ga Jehofa Modimo. Ba le bantsi ba bone ba ne ba amogelwa ke Modimo mme ba nna batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Batho bano ba ne ba akaretsa basadi, ba ba jaaka Rahabe wa Mokanana le Ruthe wa Momoabe; banna ba ba jaaka Uria wa Mohite le Ebede-meleke wa Moethiopia; le ditlhopha tsa batho tse di jaaka Bagibeone. Kgosi ya Iseraele e bong Solomone o ne a rapela go tswa pelong a rapelela botlhe ba fela jaaka bone bano, ba neng ba kopanela mo kobamelong ya boammaaruri le batho ba Modimo.a—2 Ditiragalo 6:32, 33.
Morago ga Gore Jesu a Tle mo Lefatsheng
Moragonyana fa Jesu a ne a romelwa mo lefatsheng, go ile ga tlhomiwa tsela ya kobamelo ya boammaaruri e e theilweng mo dithutong tsa gagwe, mme maikaelelo a Modimo a ne a tlhalosiwa ka tsela e e utlwalang sentle thata. Fa nako e ntse e tsamaya, baobamedi ba boammaaruri ba ne ba bidiwa “Bakeresete.” (Ditiro 11:26) Ka jalo, Bajuda ba ba neng ba batla go amogelwa ke Modimo ba ne ba tshwanetse go tlogela tsela e ba neng ba obamela ka yone pele. Ba ne ba sa kgone go tlhopha fa gare ga dithulaganyo tse pedi tsa kobamelo kgotsa go obamela ba le bosi. Jaaka re bone mo Lefokong la Modimo, baobamedi ba boammaaruri ba ne ba kopane mmogo mo ‘tumelong e le nngwe.’—Baefeso 4:4, 5.
Gompieno go ka tswa go le thata mo bathong ba bangwe go amogela kgang ya gore Modimo o dirisana le batho ka bodumedi bo le bongwe fela. Mme gone, ke se Baebele e se bontshang. Mo nakong e e fetileng, batho ba le bantsi ba ba neng ba obamela ka ditsela tsa bone ba ile ba tlhaloganya le go amogela kgang eno. Ba ne ba kopana le baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa, mme mo boemong jwa dipelaelo dipe tse ba neng ba ka tswa ba ne ba na le tsone mo nakong e e fetileng, ba ne ba nna le masego a magolo le boitumelo. Ka sekai, Baebele ya re morago ga fa monna wa Moethiopia a sena go amogela Bokeresete mme a kolobediwa, “o ne a nna a itsamaela a ipela thata.”—Ditiro 8:39.
Ope fela yo gompieno a amogelang le go nna mo kobamelong ya boammaaruri o tla bona masego a a tshwanang. Mme e re ka go na le madumedi a le mantsi jaana a motho o ka tlhophang mo go one, o ka itse jang gore ke bofe jo e leng jwa boammaaruri?
[Ntlha e e kwa tlase]
a O ka bala ka batho bano mo dipegong tse di latelang tsa Baebele: Joshua 2:1-7; 6:22-25; Ruthe 1:4, 14-17; 2 Samuele 11:3-11; Jeremia 38:7-13; le Joshua 9:3-9, 16-21.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go tla diragala eng ka bodumedi jo bo ungwang maungo a a se nang mosola?