A go Na le Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri?
Batho bangwe ba kgopisiwa ke potso eo. E re ka go na le ditumelo tse dintsi tsa bodumedi mo lefatsheng lotlhe, ba akanya gore ope fela yo o bolelang gore ke ene fela yo o nang le boammaaruri, o tshwanetse a bo a sa batle go amogela dikakantsho tsa batho ba bangwe e bile o a ikgogomosa. Ba tsaya gore go bonala go utlwala go akanya gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se molemo mo madumeding otlhe kgotsa bobotlana mo go a le mantsi a one. A ke kafa o ikutlwang ka teng?
GONE ke boammaaruri gore go na le maemo mangwe a mo go one go utlwalang go dumela gore go ka tswa go na le megopolo e e farologaneng. Ka sekai, motho a ka nna a bo a akanya gore go ja dijo tse di rileng go ka dira gore a itekanele thata mo mmeleng. A mme seo se raya gore o tshwanetse go pateletsa mongwe le mongwe go ja dijo tseo, e kete go ja dijo tse di ntseng jalo ke yone tsela fela e e itekanetseng ya go tshela? Go ka nna molemo e bile e tla bo e le go bontsha boikokobetso fa motho yo o ntseng jalo a dumela gore go ka direga gore dijo tse motho yo mongwe a di tlhophang le tsone di ka nna le molemo kgotsa tota e bile di ka tswa di le botoka go na le tse ene a di jang.
A go ntse jalo le ka bodumedi? A go na le ditsela tse di farologaneng tse motho a ka tlhophang mo go tsone, go ikaegile ka gore o godisitswe jang le gore o tlhaloganya dilo jang? Kgotsa a go na le mofuta o le mongwe fela wa ditumelo tsa bodumedi tse di leng boammaaruri tse di tshwanetseng tsa amogelwa ke batho botlhe? Mma re bone gore Baebele yone ya reng. Sa ntlha, re tla sekaseka gore a motho a ka kgona go bona boammaaruri. Mme tota, fa e le gore ga go kgonege, go tla bo go sa thuse sepe go batla bodumedi bo le bongwe jwa boammaaruri.
A Boammaaruri Jwa Bodumedi bo ka Bonwa?
Pelenyana fela ga Jesu Keresete a bolawa, o ne a raya mmotsolotsi wa gagwe e bong Ponto Pilato yo e neng e le Mmusi wa Roma a re: “Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la boammaaruri o reetsa lentswe la me.” Go ka direga gore Pilato o ne a belaela fa a ne a re: “Boammaaruri ke eng?” (Johane 18:37, 38) Jesu kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a bua boammaaruri ka bopelokgale. O ne a sa belaele gore boammaaruri bo gone. Ka sekai, akanya ka dikakgelo tse nnè tse Jesu a neng a di dira mo bathong ba ba farologaneng.
“Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” —Johane 18:37.
“Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo.”—Johane 14:6.
“Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.”—Johane 4:23, 24.
“Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:31, 32.
E re ka Jesu a ile a bua ka bopelokgale jaana ka boammaaruri le gore re ka kgona go bo ithuta, a bobotlana ga re a tshwanela go sekaseka gore a go ka tswa go na le bodumedi jwa boammaaruri, le gore a re ka kgona go bo bona?
A Tota Go na Le Bodumedi Jo bo Sa Belaetseng?
Ga go na pelaelo gore go na le dilo dingwe tse o ka tlhomamisegang gotlhelele ka tsone. O a tlhomamisega gore tota o a tshela le gore dilo tse di go dikologileng tota ke tsa mmatota. Ditlhare, dithaba, maru, letsatsi le ngwedi—le lefatshe la rona—ga se dilo fela tse o di ikakanyetsang. Gone ke boammaaruri gore, go ka tswa go na le batho ba bangwe ba ba ka nnang ba leka go dira gore o belaele gore a tota dilo tseo di teng. Mme go ka se direge gore o dumalane le kgopolo e e ntseng jalo e e sa utlwaleng gotlhelele.
Mme gape go na le melao ya tlholego. O ka tlhomamisega le ka yone. Ka sekai, fa o ka tlola go tswa mo lepaweng, o tla wa; fa o gana go ja, o tla tshwarwa ke tlala; mme fa o nna o sa je ka nako e telele, o tla swa. Ga o ka ke wa akanya gore melao eno ya tlholego e dira mo bathong ba ba rileng fela mme ga e dire mo go ba bangwe. Melao eno e dira mo bathong botlhe mme e bidiwa melao ya botlhe.
Baebele e bua ka molao mongwe o o ntseng jalo o o dirang mo bathong botlhe fa e botsa jaana: “A motho o ka gogobela molelo mo sehubeng sa gagwe mme diaparo tsa gagwe tsa se ka tsa sha?” Ee tota, fa seo se ne se kwalwa, e ne e le boammaaruri jo bo itsegeng gongwe le gongwe gore fa diaparo di ka kopana le molelo di tla sha. Le fa go ntse jalo, fa seane sa Baebele se se fa godimo se bua ka kgang eno, tota se tlhalosa kgang e e botlhokwa thata, e leng gore “le fa e le mang yo o robalang le mosadi wa mongwe ka ene,” o tla nna le ditlamorago tse di sa itumediseng.—Diane 6:27, 29.
A kgang eo ke boammaaruri jo re ka tlhomamisegang ka jone? Bangwe ba ka nna ba re nnyaa. Ba ka nna ba re boitshwaro ke kgang ya botho, gore go ikaegile ka gore motho o godisitswe jang, o dumela eng le gore maemo a gagwe a ntse jang. Mme akanya ka melao mengwe ya Modimo ya boitsholo e e leng mo Baebeleng. A eno ga se melao e e amang batho botlhe?
Baebele e kgala boaka. (1 Bakorintha 6:9, 10) Batho bangwe ga ba tseye molao ono o le boammaaruri, mme ba dira boaka. Le fa go ntse jalo, gantsi tota le bone batho bao ba nna le ditlamorago tse di sa itumediseng, tse gantsi di akaretsang go nna le segakolodi se se tshwenyegileng, tlhalo, le go nna le matsadi a go utlwa botlhoko mo maikutlong go go amang batho botlhe ba ba amegang ka nako e telele.
Modimo o kgala le botagwa. (Diane 23:20; Baefeso 5:18) Go direga eng fa batho ba tagwa? Gantsi ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone, botsogo jwa bone le malapa a bone a le one a amegang thata mo maikutlong. (Diane 23:29-35) Ditlamorago tse di ntseng jalo di wela tota le batho ba ba dumelang gore ga go na phoso ka botagwa. A boammaaruri jwa melao eno ya boitsholo bo bonala bo ikaegile ka gore motho mongwe le mongwe o dumela eng?
Mme gape go na le melao ya boitsholo e e re rotloetsang go dira dilo tse di siameng—e e jaaka taelo ya gore monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe, gore mosadi a tlotle monna wa gagwe le gore re direle ba bangwe molemo. (Mathaio 7:12; Baefeso 5:33) Go latela melao eno go tlisa matswela a a molemo. A o akanya gore kgakololo e e ntseng jalo malebana le boitsholo e siametse batho ba ba rileng fela mme ba bangwe ga e a ba siamela?
Go sa kgathalesege gore a melao ya boitsholo e a latelwa kgotsa nnyaa, batho ba bona ditlamorago tsa gone. Seno se bontsha gore melao e e ntseng jalo ga se ditsela fela tse di farologaneng tse batho ba lebang dilo ka tsone. Go na le moo, ke boammaaruri jo bo leng teng. Bosupi bo bontsha gore go nna le matswela a a molemo fa melao ya boitsholo ya Baebele e latelwa mme fa e sa latelwe go nna le ditlamorago tse di sa itumediseng.
Ka jalo akanya ka seno: Fa e le gore melao ya boitsholo ya Baebele e dira mo bathong botlhe, go tweng ka melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e e malebana le kobamelo? Go tweng ka dikakgelo tse di malebana le gore go diragala eng fa re swa le ka tsholofelo e re nang le yone ya go tshelela ruri mo nakong e e tlang? Go a utlwala go swetsa ka gore dithuto tseno tsa Baebele le tsone ke boammaaruri jo bo filweng batho botlhe. Melemo ya tsone le ditlamorago tsa go sa di latele ga e ame fela batho ba ba e dumelang.
Go ka kgonega gore boammaaruri bo bonwe. Jesu o ne a re Lefoko la Modimo e leng Baebele, ke boammaaruri. (Johane 17:17) Le fa go ntse jalo, go sa ntse go ka bonala e kete boammaaruri ga bo kgone go bonwa. Ka ntlha yang? Ka gonne go na le madumedi a le mantsi a a ipolelang gore a ruta se se mo Baebeleng. Ke bodumedi bofe jo bo rutang boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo? A re ka re ke bodumedi bo le bongwe fela jo bo dirang seno? A boammaaruri, kgotsa bobotlana karolo ya jone, bo ka fitlhelwa mo madumeding a a farologaneng?
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 4]
Ditlamorago tsa go kamatlela molelo di amana jang le go sa utlwe melao ya Modimo?