LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 4/15 ts. 2-6
  • A Boammaaruri Jwa Bodumedi bo ka Bonwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Boammaaruri Jwa Bodumedi bo ka Bonwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Filosofi le Boammaaruri
  • A Boammaaruri bo Tlhoka go Senolwa?
  • Bodumedi le Boammaaruri
  • ‘Mabele le Mohoka’
  • Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Eng fa re Batla Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Etsa Modimo yo o Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • “Boammaaruri bo Tla lo Golola”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 4/15 ts. 2-6

A Boammaaruri Jwa Bodumedi bo ka Bonwa?

MONNA mongwe kwa Sweden yo o ratang go itse ka dilo tsa semoya wa kwa toropong ya Uppsala e go nang le yunibesithi kwa go yone o ne a swetsa ka gore a batlisise ka dilo tse di dumelwang ke madumedi a a farologaneng a a mo toropong ya gagabo, a bo a etele mafelo a one a kobamelo. O ne a reetsa fa baruti ba bone ba ruta, a ba a botsolotsa mangwe a maloko a one. O ne a lemoga gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le bone fela ba go lebegang ba tlhomamisa gore ba “bone boammaaruri.” O ne a ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ne ba ka iphaka jalo, ntswa go na le dikgopolo tse di farologaneng tsa bodumedi.

A wena ka namana o akanya gore go ka kgonega go bona boammaaruri kaga bodumedi? A tota go ka kgonega le gone go bona se go ka tweng ke boammaaruri tota?

Filosofi le Boammaaruri

Batho ba ba ithutileng filosofi ba setse ba na le mogopolo wa gore batho ba ka se ka ba kgona go bona boammaaruri tota. O ka tswa o itse gore filosofi e ile ya tlhalosiwa e le “saense e e lekang go tlhalosa gore go nna teng ga dilo le botshelo go tswa kae.” Lefa go ntse jalo, tota ga se gantsi e fitlhelela seo. Mokwadi mongwe wa kwa Sweden e bong Alf Ahlberg o ne a kwala jaana go Filosofins Historia (Hisitori ya Filosofi): “Dipotso di le dintsi tsa filosofi ke tsa mofuta o o ka se kang wa arabiwa ka tlhomamo. . . . Batho ba le bantsi ba dumela gore mathata otlhe a dilo tse di sa bonaleng [a a amanang le melaometheo ya dilo ya konokono] a wela mo . . . setlhopheng seno.”

Ka jalo, batho ba ba ileng ba dirisa filosofi go leka go bona karabo ya dipotso tsa botlhokwa ka ga botshelo ba ile ba felela ba sa kgotsofala kana ba tlaletswe. Mo bukeng ya gagwe ya Tankelinjer och trosformer (Ditsela Tsa go Akanya le Tumelo ya Bodumedi), mokwadi wa kwa Sweden e bong Gunnar Aspelin o ne a re: “Selo sengwe se re se bonang ke gore tlholego ga e kgathalele batho go feta jaaka e kgathalela serurubele le montsane . . . Ga re na maatla gotlhelele fa go na le maatla a a dirang mo lobopong le mo lefatsheng la rona le le re dikologileng. Eno ke yone tsela ya go leba botshelo e gantsi e bonwang mo dibukeng tsa mo bokhutlong jwa lekgolo la dingwaga le mo go lone batho ba ikantseng go gatela pele e bile ba dumela gore ba tla nna le isagwe e e botoka.”

A Boammaaruri bo Tlhoka go Senolwa?

Go bonala sentle gore maiteko a motho ka boone fela ga a atlega go bona boammaaruri ka ga botshelo, le gone ga go lebege gore a ne a ka tsamaya a kgona. Ka jalo, go a utlwala go dira tshwetso ya gore re tlhoka go senolelwa ke Modimo ka tsela nngwe. Sengwe se batho ba le bantsi ba se bitsang buka ya dilo tsa tlholego e senola sengwe. Lefa e sa neele tshedimosetso yotlhe kaga gore botshelo bo tswa kae, gone e bontsha gore go na le sengwe se se kgotsofatsang botoka go na le tlhaloso ya gore botshelo ke dilo tse di bonwang ka matlho fela. Tota letlhare la bojang fa le golela kwa godimo le laolwa ke melao e mengwe e seng e e laolang mokoa wa maje mo mosimeng o o welang. Ditshedi tsa tlholego di ikaga le go ithulaganya ka tsela e dilo tse di sa tsheleng di sa direng ka yone. Ka jalo moithuti mongwe yo o itsegeng wa molao le bodumedi o ne a na le lebaka la go ka konela ka gore: “Dilo tse di sa bonaleng tsa one [Modimo], . . . di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng.”—Baroma 1:20.

Mme lefa go ntse jalo re tlhoka go senolelwa mo go oketsegileng gore re bone gore ke mang yo o agang le yo o rulaganyang dilo tsotlhe. A ga re a tshwanela go lebelela gore go bo go na le tshenolo e e ntseng jalo? A go tla bo go sa utlwale go lebelela gore Ene yo o dirileng botshelo mo lefatsheng a bo a ka itshenolela dibopiwa tsa gagwe?

Baebele e iphaka gore ke yone tshenolo eo. Mo makasineng ono gantsi re ile ra ntsha mabaka a a utlwalang a gore maiphako ano a dumelwe, mme batho ba le bantsi ba ba akanyang ba ile ba a dumela. Lebaka la go bo banna ba ba kwadileng Baebele ba ne ba gakaletse go dira gore go phepafale gore ba ne ba sa kwale mafoko a bone, ka bolone fela le gakgamatsa tota. Re fitlhela baperofeti ba Baebele ba dirisa mafoko a a tshwanang le, “Jehofa o bua jaana,” ka makgetlho a feta 300 mo Baebeleng. (Isaia 37:33; Jeremia 2:2; Nahume 1:12) O tshwanetse wa bo o itse gore banna le basadi ba ba kwalang dibuka kana ditlhogo gantsi ba rata thata gore ba ikwale maina mo go se ba se kwadileng. Lefa go ntse jalo, batho ba ba kwadileng Baebele ba ne ba ipaya kwa morago; go thata go bona gore dikarolo dingwe tsa Baebele di kwadilwe ke mang.

Karolo e nngwe e o ka fitlhelang e le botlhokwa ka Baebele ke go dumalana ga yone. Seno se a gakgamatsa tota, fa o akanya gore dibuka tsa Baebele tse 66 di kwadilwe mo lobakeng lo lo fetang dingwaga tse 1 600. Gongwe o ya kwa laeboraring ya setšhaba o bo o ntsha dibuka tsa bodumedi di le 66 tse di kwadilweng mo lobakeng lwa makgolo a le 16 a dingwaga. Go tswa foo o bo o tsaya dibuka tseo tse di farologaneng o di lomaganya gore e nne bolumo e le nngwe fela. A o ne o ka lebelela gore bolumo eo e bue ka sengwe se se tshwanang e bo e nne le molaetsa o o dumalanang? Nnyaa ruri. Seo se ne se tla tlhoka gore go diragale kgakgamatso. Lefa go ntse jalo, akanyetsa seno: Dibuka tsa Baebele gone di na le molaetsa ono o o tshwanang e bile di a tshegetsana. Seno se bontsha gore go tshwanetse ga bo go na le mokaedi a le mongwe fela, kana mokwadi, yo o neng a kaela se bakwadi ba Baebele ba se kwadileng.

Lefa go ntse jalo, o tla fitlhela sengwe se se supelang gore Baebele e tswa kwa Modimong go feta lefa e ka nna eng se sele. Boperofeti—tshedimosetso e e kwadilweng go sale pele ka se tota se neng se tla diragala mo isagweng. Mafoko a a jaaka, “Go tlaa dirala mo letsatsing leo” le, “Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele” a bonwa fela mo Baebeleng. (Isaia 2:2; 11:10, 11; 23:15; Esekiele 38:18; Hosea 2:21-23; Sekaria 13:2-4) Dingwaga di le makgolokgolo pele Jesu Keresete a tla mo lefatsheng, boperofeti mo Dikwalong tsa Sehebera bo ne jwa ntsha tshedimosetso kaga botshelo jwa gagwe—go tloga ka nako e a tshotsweng ka yone go fitlha ka loso lwa gagwe. Ga go na tshwetso epe e nngwe e e utlwalang e e ka fitlhelelwang go na le ya gore Baebele ke yone e tshotseng boammaaruri ka ga botshelo. Jesu ka boene o tlhomamisa seno ka mafoko ano: “Lefoko la gago ke boammaaruri.”—Johane 17:17.

Bodumedi le Boammaaruri

Tota le batho ba le bantsi ba ba iphakang gore ba dumela mo Baebeleng ba dumela gore boammaaruri jwa mmatota bo ka se ka jwa bonwa. Moruti mongwe wa kwa United States e bong John S. Spong o ne a akgela jaana: “Re tshwanetse . . . ra tlogela go akanya gore re na le boammaaruri mme ba bangwe ba tshwanetse go dumela se rona re se dumelang mme re lemoge gore ga go na ope wa rona yo o ka bonang boammaaruri jwa mmatota.” Mokwadi mongwe wa Roma Katoliki, Christopher Derrick, o neela lebaka le lengwe la go nna le dikgopolo tse di ganetsang jalo malebana le go bona boammaaruri: “Go umaka ‘boammaaruri’ bope jwa bodumedi go kaya gore motho o iphaka ka tsela nngwe gore o a itse . . . O kaya gore motho yo mongwe o ka nna a bo a le phoso; mme seo ga se amogelege le e seng.”

Lefa go ntse jalo, jaaka motho yo o akanyang, go ka nna molemo gore o tlhatlhobe dipotso dingwe tsa botlhokwa. Fa e ne e le gore boammaaruri bo ka se ka jwa bonwa, ke ka ntlha yang fa Jesu Keresete a ne a ka re: “Lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola”? Mme ke ka ntlha yang fa mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu a ne a ka bolela gore thato ya Modimo ke gore “batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri”? Ke ka ntlha yang fa lefoko “boammaaruri” le fitlhelwa ka makgetlho a feta lekgolo mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete fa go buiwa ka tumelo? Ee, ke eng go le jalo fa e le gore boammaaruri bo ka se ka jwa bonwa?—Johane 8:32; 1 Timotheo 2:3, 4.

Totatota, Jesu ga a ka a bolela fela gore boammaaruri bo ka bonwa mme gape o bontshitse gore go bo bona go botlhokwa gore kobamelo ya rona e tle e amogelwe ke Modimo. Fa mosadi mongwe wa Mosamarea a ne a botsa gore mofuta wa kobamelo ya boammaaruri e ne e le ofe—kobamelo e e dirisiwang ke Bajuta kwa Jerusalema kana e e dirisiwang ke Basamarea kwa Thabeng ya Geresime—Jesu ga a ka a araba ka gore boammaaruri bo ka se ka jwa bonwa. Go na le moo, o ne a re: “Baobamedi ba ammaaruri ba tlaa [obamela Rara] ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Johane 4:23, 24.

Batho ba le bantsi ba re, ‘Baebele e ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo tota motho a ka se ka a tlhomamisa gore boammaaruri ke bofe.’ A mme gone Baebele e kwadilwe ka tsela e e sa utlwaleng jalo mo e leng gore o ka se tlhomamise gore e tshwanetse ya tlhaloganngwa jang? Gone ke boammaaruri, mafoko mangwe a boperofeti le a ditshwantsho a ka nna thata go a tlhaloganya. Ka sekai, Modimo o ne a bolelela moperofeti Daniele gore buka ya gagwe, e e nang le mafoko a mantsi a boperofeti e ne e se kitla e tlhaloganngwa ka mo go feletseng go fitlha “mo motlheng wa bokhutlo.” (Daniele 12:9) Mme go bonala sentle gore ditshwantsho dingwe le ditshupo di tlhoka go tlhalosiwa.

Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore Baebele e bua ka tlhamalalo fela fa e bua ka dithuto tsa motheo tsa Bokeresete le ka maitsholo a a tlhokegang gore go obamelwe Modimo ka boammaaruri. Ga go tlhokege gore go bo go ntse go na le ditlhaloso tse di ganetsanang. Mo lokwalong lo lo kwaletsweng Baefesia, go tlhalosiwa fa tumelo ya Bokeresete e le “nngwe fela,” se se bontshang gore go ne go sa tshwanela go nna le ditumelo tse dintsi. (Baefeso 4:4-6) Gongwe o ka nna wa botsa jaana, ‘Fa e le gore Baebele e ka se ka ya tlhalosiwa ka boammaaruri ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng, ke ka ntlha yang fa go na le madumedi a “Bokeresete” a a farologaneng a le mantsi jaana?’ Re bona karabo fa re leba kwa morago kwa nakong e khutshwane fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba sena go swa mme go tsogile botenegi go tswa mo tumelong ya Bokeresete jwa boammaaruri.

‘Mabele le Mohoka’

Jesu o ne a bolelela pele ka botenegi jono mo setshwantshong sa gagwe sa mabele le mohoka. Jesu ka boene o ne a tlhalosa gore “mabele” a emela Bakeresete ba boammaaruri; “mohoka” o emela Bakeresete ba maaka, kana ba batenegi. “Fa batho ba ntse ba robetse,” Jesu o ne a rialo, “mmaba” o ne a tla jala mohoka mo tshimong ya mabele. Go jala mo go simolotse fa baaposetoloi ba sena go robala mo losong. Setshwantsho seno se bontsha gore go kopakopanya Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka jalo go ne go tla tswelela pele go fitlha ka “bokhutlo jwa lefatshe.” Ka jalo, mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga, go ntse go sa bonale gore Bakeresete ba boammaaruri ke bomang ka gonne mo bodumeding go ntse go tletse batho ba e leng Bakeresete ka leina fela. Lefa go ntse jalo, go ne go tla nna le phetogo kwa “bokhutlong jwa lefatshe.” “Morwa Motho” o ne a tla “roma baengele ba gagwe” gore ba tlhaole Bakeresete ba maaka mo Bakereseteng ba boammaaruri. Seno se ne se kaya gore phuthego ya Bokeresete ka nako eo e ne e tla bonwa motlhofo, e itsege jaaka ka nako ya baaposetoloi.—Mathaio 13:24-30, 36-43.

Boperofeti jwa ga Isaia mmogo le jwa ga Mika bo bolelela pele ka go phuthiwa sesha jalo ga baobamedi ba boammaaruri mo “metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele.” Isaia a re: “Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, e tlaa golediwa godimo ga makhujana, mme merafe yotlhe e tlaa fologela kwa go yone. Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’” Fa motho a leba dintlha ka tlhamalalo a ka bona gore boperofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa mo motlheng wa rona.—Isaia 2:2, 3; Mika 4:1-3.

Lefa go ntse jalo, go gola ga phuthego ya Bokeresete ga go diragale ka maiteko mangwe a motho. Jesu o ne a bolelela pele gore o ne a tla “roma baengele ba gagwe” gore ba dire tiro ya go phutha. Gape o ne a bontsha boikaelelo jo bo kgethegileng thata jwa seno: “Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo.” (Mathaio 13:43) Seno se bontsha gore phuthego ya Bokeresete e ne e tla dira tiro e e sedimosang, kana e e rutang mo lefatsheng lotlhe.

Basupi ba ga Jehofa ba bona boperofeti jono bo diragadiwa ka tiro e ba e dirang mo dinageng tse 232 gompieno. Fa batho ba ba nang le pono e e lekalekaneng ba tsaya dilo tse Basupi ba di dumelang, melao ya bone ya boitsholo, le phuthego ya bone ba bo ba di bapisa le se se mo Baebeleng, ba kgona go bona sentle gore di dumalana le tsa phuthego ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Basupi ba bitsa tumelo ya bone ba re ke “boammaaruri” mme ba sa dire jalo ka gonne ba ipona ba na le maemo ka bobone. Go na le moo, ba dira jalo ka gonne ba ithutile Lefoko la Modimo e leng Baebele thata, mme ba e latela jaaka one fela motheo o bodumedi bo ka theiwang mo go one ka tshwanelo.

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bitsa tumelo ya bone ba re ke “boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15; 2 Petere 2:2; 2 Johane 1) Se e neng e le boammaaruri mo go bone se tshwanetse sa nna boammaaruri le mo go rona gompieno. Basupi ba ga Jehofa ba laletsa mongwe le mongwe gore a itlhomamisetse seo ka go ithuta Baebele. Re solofela gore fa o dira jalo o tla bona boitumelo jo bo tlisiwang e seng fela ke go bona bodumedi jo bo gaisang a mangwe mme gape le ke go bona boammaaruri!

[Lebokoso mo go tsebe 5]

DIFILOSOFI DINGWE KGATLHANONG LE BOAMMAARURI

POSITIVISM: Kakanyo ya gore dikgopolo tsotlhe tse di amanang le bodumedi ke diphirimisi fela tse di ka se kang tsa tlhomamisiwa le gore maikaelelo a filosofi ke go kopanya disaense tsa mmatota go di dira selo se le sengwe fela.

EXISTENTIALISM: Batho ba ba neng ba e rotloetsa ba ne ba tlhotlhelediwa ke matlhotlhapelo a Ntwa ya Lefatshe II mme ka jalo ba nna batho ba ba solofetseng dilo tse di sa itumediseng fela mo botshelong. E gatelela gore go tlhatlhojwe tlalelo ya motho fa go na le loso le go tlhoka bokao ga botshelo. Mokwadi mongwe wa filosofi ya Existentialism e bong Jean-Paul Sartre o ne a bolela gore e re ka go sena Modimo, motho o latlhegile e bile o nna mo lobopong lo lo sa mo amogeleng gotlhelele.

SKEPTICISM: E bolela gore go ka se ka ga kgonega go fitlhelela kitso epe ya mmatota, ya dilo tsotlhe—boammaaruri bope fela—kaga go nna gone ga dilo, lefa e ka tswa e le ka go leba kana go akanya.

PRAGMATISM: E lekanyetsa mosola wa mmatota wa maitlamo a rona fela ka tsela e a amanang ka yone ka tsela e e dirang le dilo tse batho ba di tlhokang, tse di jaaka go bopa thuto, maitsholo, le dipolotiki bosha. Ga e tseye gore boammaaruri ka bojone bo na le mosola ope.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Page 3: Second from left: Courtesy of The British Museum; Right: Sung Kyun Kwan University of Seoul, Korea

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela