O ne O ka Reng?
Go Diragetse Kae?
1. Paulo o kopane le Timotheo kwa toropong efe?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ditiro 16:1-3.
Thalela karabo ya gago mo mmapeng.
Lisetera
Ikonio
Derebe
◼ Rraagwe Timotheo e ne e le wa morafe ofe? Mme mmaagwe ene?
․․․․․
◼ Leina la ga mmaagwe Timotheo e ne e le mang?
NTLHA E E KA THUSANG : Bala 2 Timotheo 1:5.
․․․․․
◼ Mmaagwe Timotheo o ne a mo ruta eng mme ka ntlha yang?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Timotheo 3:15.
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
O ka tshwana jang le Timotheo?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tse di latelang mme o bo o feleletsa ditemana tse di tlhaelang.
TSEBE 5 Go molemo go dira eng ka madi mangwe a gago? 1 Bakorintha 16:․․․
TSEBE 5 Fa o adima madi, o nna eng? Diane 22:․․․
TSEBE 11 Kgosi Josia o ne a emisa jang kobamelo ya maaka kwa Juda? 2 Ditiragalo 34:․․․
TSEBE 19 Ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go nna tsala ya mongwe le mongwe fela? Pesalema 26:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go diragala eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
O Itse Eng ka Baporofeti?
Bala buka ya Jona. Morago ga foo araba dipotso tse di latelang.
2. ․․․․․
Modimo o rometse Jona kwa motseng ofe?
3. ․․․․․
Jona o ne a naya batho ba motse oo molaetsa ofe? Ba ne ba o tsibogela jang?
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa Jona a ne a galefa? A o ne a tshwanetse go galefa? Ke ka ntlha yang fa o araba jalo?
◼ Dikarabo di mo tsebeng ya 28
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Kwa Lisetera ya kwa Asia Minor.
◼ Rraagwe e ne e le Mogerika. Mmaagwe e ne e le Mojuda.
Yunise.
◼ “Mekwalo e e Boitshepo” ke gore Dikwalo tsa Sehebera Tsa Baebele, ka gonne o ne a batla gore a nne moobamedi wa boammaaruri e bong Jehofa.
2. Ninife.—Jona 1:1, 2.
3. Katlholo ya Modimo kgatlhanong le motse. Batho go akaretsa le kgotsi ba ne ba ikwatlhaya.—Jona 1:2; 3:2-9.