Kgaolo 2
Ntwa E E Lolweng ke Bibela Gore E Tswelele Pele E Le Teng
Go na le dithapo di le dintsi tsa bosupi jo bo bontshang gore Bibela eleruri ke Lefoko la Modimo. Thapo nngwe le nngwe e nonofile, mme fa di tsewa tsotlhe di le mmogo ga di kgone go kgaoga. Mo kgaolong eno le mo go e e latelang, re tlile go tlotla ka thapo e le nngwe fela ya bosupi jono: eleng hisitori ya Bibela jaaka buka. Boammaaruri ke gore, go a gakgamatsa go bo buka eno e e tlhomologileng e bo e ile ya nna teng go fitlha gompieno. A o ke o sekaseke dintlha tseno ka bowena.
1. Go na le dintlha dife ka botlalo tse di malebana le Bibela?
BIBELA e feta seo eleng buka fela. Ke laeborari e e humileng ya dibuka di le 66, dingwe tsa tsone di dikhutshwane fa tse dingwe tsone di le ditelele tota, di na le molao, boperofeti, ditiragalo, maboko, kgakololo, le tse dingwe tse dintsi. Makgolo a dingwaga pele ga botsalo jwa ga Keresete, go ne ga kwalwa di le 39 tsa ntlha mo dibukeng tseno—bontsi jwa tsone e le ka puo ya Sehebera—di kwalwa ke Bajuda ba ba ikanyegang, kana Baiseraele. Karolo eno gantsi e bidiwa Tesetamente E Kgologolo. Dibuka tse 27 tsa bofelo di ne tsa kwalwa ke Bakeresete ka Segerika mme di itsege thata jaaka Tesetamente E Ntšha. Go ya ka bosupi jo bo mo teng ga yone le dipolelo tsa bogologolo tala, dibuka tse 66 tseno di ne tsa kwalwa mo lobakeng lwa dingwaga tse di ka nnang 1 600, go tloga ka nako ya fa Egepeto e ne e le mmuso o mogolo o o laolang go fitlha ka nako ya fa Roma e ne e le yone e busang lefatshe lotlhe.
Ke Bibela Fela E E Neng Ya Tswelela Pele E le Teng
2. (a) Boemo bo ne bo ntse jang mo Iseraele fa Bibela e ne e simolola go kwalwa? (b) Ke dibuka dife tse dingwe tseo di neng tsa kwalwa mo go lone lobaka loo lwa nako?
2 Go feta dingwaga di le 3 000 tse di fetileng, fa go ne go simololwa go kwalwa ga Bibela, Iseraele e ne e le morafenyana o le mongwe fela o monnye mo gare ga e mentsi e e neng e le kwa Botlhaba Gare. Jehofa e ne e le Modimo wa bone, fa merafe e e ba dikologileng yone e ne e na le medimo le medimogadi e e farologaneng e e tlhakanyang tlhogo. Ka nako eo, Baiseraele e ne e se bone fela bao ba neng ba kwala dibuka tsa bodumedi. Merafe e mengwe le yone e ne e kwala dibuka tseo di neng di bontsha boleng jwa bodumedi jwa bone le jwa morafe wa bone. Ka sekai, tlhamane ya Seakada ya ga Gilgamesh go tswa kwa Mesopotamia le maboko a maleele a ga Ras Shamra, ao a kwadilweng ka puo ya Se-Ugarit (eleng puo eo e buiwang kwa jaanong e leng Siria bokone), kwantle ga pelaelo di ne di tumile thata. Dibuka tse dintsi tsa nako eo gape di ne di kopanyeletsa dibuka tse di jaaka The Admonitions of Ipu-wer le The Prophecy of Nefer-rohu ka puo ya Seegepeto, difela tseo di neng di opelelwa medingwana e e farologaneng ka Sesumeri, le dikwalo tsa dipolelelopele ka Seakada.1
3. Ke eng seo se tshwayang Bibela jaaka e e farologaneng le dibuka tse dingwe tsa bodumedi tseo di neng tsa kwalwa kwa Botlhaba Gare ka yone nako eo?
3 Lefa go le jalo, dibuka tseno tsotlhe tsa kwa Botlhaba Gare, di ne tsa felela ka go tshwana. Di ne tsa lebalwa, mme tota le dipuo tseo di neng di kwadilwe ka tsone di ne tsa nyelela. Baithuta-marope le barrafiloloji ba itsile mo dingwageng tsa malobanyana fela jaana gore di kile tsa nna gone mme ba bo ba lemoga mokgwa oo di balwang ka one. Kafa letlhakoreng le lengwe, dibuka tsa ntlha tse di kwadilweng tsa Bibela ya Sehebera di ile tsa nna teng go tla go fitlha mo nakong ya rona mme di santsane di balwa fela thata. Ka nako tse dingwe baithuti ba tlhalosa gore dibuka tsa Sehebera tse di mo Bibeleng di ntshitswe ka tsela nngwe mo dibukeng tseo tsa bogologolo. Mme lebaka la go bo bontsi jo bo kanakana jwa dibuka tseo bo ne jwa lebalwa fa Bibela ya Sehebera yone e ne ya tswela pele e le teng le bontsha gore Bibela e farologane fela thata le tsone.
Bababaledi ba Lefoko
4. Ke mathata afe a magolo ao Baiseraele ba neng ba na nao ao go ka tswang go ne go lebega a dira gore go belaetse gore a Bibela e ne e tla tswela pele e le teng?
4 Eleruri, go ya ka tsela eo motho a lebang dilo ka yone e ne e se selo seo se se kakeng sa tilwa gore Bibela e tswelele pele e le teng. Batho bao ba neng ba e tlhagisa ba ne ba boga diteko tse di boima le go gatelelwa mo go botlhoko mo eleng gore go tswelela pele ga yone e le teng go tla go fitlha mo motlheng wa rona eleruri go a gakgamatsa. Mo dingwageng tsa pele ga ga Keresete, Bajuda ba ba neng ba tlhagisa Dikwalo tsa Sehebera (“Tesetamente E Kgologolo”) e ne e le morafe o monnye thata. Ba ne ba nna ba sa babalesega mo gare ga dinaga tse di maatla tsa sepolotiki tseo di neng di kgaratlhela borena le tse dingwe. Iseraele e ne ya tshwanela go lwela botshelo jwa yone kgatlhanong le merafe eo ka go latelana ga yone, e e ntseng jaaka ya Bafilisitia, Bamoaba, Baamona, le Baedoma. Ka nako ya fa Bahebera ba ne ba kgaogana go nna magosi a mabedi, Bogosi jo bo setlhogo jwa Asiria bo ne jwa batla bo nyeletsa bogosi jwa bokone gotlhelele, fa Bababelona bone ba ne ba senya bogosi jwa borwa, ba isa batho botshwarwa bao mo go bone go neng ga boa masalela a sekae fela morago ga dingwaga di le 70.
5, 6. Ke maiteko afe a a neng a dirwa ao a neng a tsenya go nna gone ga Bahebera jaaka batho ba ba farologaneng le ba bangwe mo kotsing?
5 Go begiwa le eleng gore go ne ga dirwa boiteko jwa go senya morafe wa Iseraele otlhe. Morago kwa mo metlheng ya ga Moshe, Faro o ne a laola gore bana botlhe ba bone ba basimane bao ba tsalwang ba bolaiwe. Fa taolo eno ya gagwe e ne e ka bo e tshegeditswe, batho ba Bahebera ba ka bo ba ile ba fedisiwa gotlhelele. (Ekesodo 1:15-22) Moragonyana, fa Bajuda ba ne ba nna kafa tlase ga bolaodi jwa Peresia, baba ba bone ba ne ba rera go dira gore go tlhomiwe molao oo maikaelelo a one e neng e le go ba nyeletsa gotlhelele. (Esethere 3:1-15) Go palelwa ga leano leno go sa ntse go ketekiwa mo Moletlong wa Bajuda wa Purim.
6 Moragonyana gape, fa Bajuda ba ne ba le kafa tlase ga Siria, Kgosi Antiochus IV o ne a leka ka natla go fetola morafe ono go o dira Bagerika, a o pateletsa gore o latele ditlwaelo tsa Segerika gape o obamele medimo ya Segerika. Le ene o ne a palelwa. Mo boemong jwa gore ba senngwe gotlhelele kana ba fetolwe, Bajuda ba ne ba tswelela ba le teng fa, bontsi jwa ditlhopha tsa merafe eo e neng e ba dikologile yone e ne ya nyelela mo lefatsheng ka go latelana ga yone. Mme Dikwalo tsa Sehebera tsa Bibela di ne tsa tswelela di le teng le bone.
7, 8. Go tsenngwa mo dipitlaganong ga Bakeresete go ne ga tshosetsa go nna gone ga Bibela jang?
7 Bakeresete, ba ba neng ba kwala karolo ya bobedi ya Bibela (eleng “Tesetamente E Ntšha”), le bone e ne e le setlhopha se se neng se gatelelwa. Moeteledipele wa bone, ebong Jesu, o ne a bolawa fela jaaka sesenyi. Mo malatsing a pelenyana morago ga go swa ga gagwe, balaodi ba Bajuda ba kwa Palesetina ba ne ba leka go ba gatelela. Fa Bokeresete bo ne bo anamela kwa mafatsheng a mangwe, Bajuda ba ne ba ba tsoma, ba leka go emisa tiro ya bone ya borongwa.—Ditihō 5:27, 28; 7:58-60; 11:19-21; 13:45; 14:19; 18:5, 6.
8 Ka motlha wa ga Nero, boikutlo jwa ntlha jwa go sa gane ditumelo tse dingwe joo balaodi ba Roma ba neng ba na najo bo ne jwa fetoga. Tacitus o ne a ipelafatsa ka “ditlhokofatso tse di matlho mahibidu” tseo mmusisi yo o setlhogo yoo a neng a bogisa Bakeresete ka tsone, mme go tloga ka motlha wa gagwe go ya pele, go nna Mokeresete e ne e le tlolo-molao e kgolo.2 Ka 303 C.E., Mmusisi Diocletian o ne a tsaya kgato e e tlhamaletseng kgatlhanong le Bibela.a Mo maitekong a gagwe a go nyeletsa Bokeresete gotlhelele, o ne a laela gore Dibibela tsotlhe tsa Bokeresete di fisiwe.3
9. Go ka bo go ile ga diregang fa maiteko a go nyeletsa Bajuda le Bakeresete gotlhelele a ka bo a ne a atlega?
9 Maiteko ano a go gatelela morafe ono le go o nyeletsa gotlhelele eleruri a ne a tshosetsa go tswelela ga Bibela e le gone. Fa Bajuda ba ne ba kabo ba tshotse tsela ya Bafilisitia le ya Bamoaba kana fa maiteko a Bajuda pele mme morago ga one a balaodi ba Roma a go nyeletsa Bokeresete gotlhelele a ka bo a ile a atlega, ke mang yo o ka bong a kwadile Bibela a bo a e boloka? Ka mo go itumedisang, bababaledi ba Bibela—bao santlha e neng e le Bajuda mme morago ga moo Bakeresete—ga baa ka ba nyelediwa gotlhelele, mme Bibela e ile ya falola. Lefa go le jalo, go ne go na le matshosetsi a mangwe a a masisi ao a neng a sa tshosetse go tswelela ga Bibela e ntse e le teng fela mme bobotlana a tshosetsa go nna ga yone e sa fetoga.
Dikaelo Tseo Di Nang le Diphoso
10. Bibela e ne ya bolokiwa jang kwa tshimologong?
10 Bontsi jwa mekwalo e e umakilweng fa godimo eo e neng ya re kgabagare ya lebalwa e ne e kwadilwe mo matlapeng kana e gatiseditswe mo matlapanakwalelong a a thata a a dirilweng ka letsopa. Go ne go sa nna jalo ka Bibela. Yone pele e ne e kwadilwe mo papiraseng kana mo matlalong a dinku le a dipodi—eleng dilo tse di kgonang go senyega bonolo. Ka jalo, mekwalo eo e neng ya tlhagisiwa ke bakwadi ba pele e ne ya nyelela bogologolo tala. Mme he, Bibela e ne ya bolokiwa jang? Dikaelo tse di diketekete tse di senang palo di ne di kwalwa boima ka seatla. Eno e ne e le tsela e e tlwaelegileng ya go kwala buka pele ga go tla mokgwa wa go gatisa.
11. Ke eng seo ka metlha se diragalang fa mekwalo e kwalololwa ka seatla?
11 Lefa go le jalo, go na le kotsi fa o kwalolola ka seatla. Sir Frederic Kenyon, ebong moithutamarope yo o itsegeng thata le rralaeborari wa Musiamo wa kwa Boritane, o ne a tlhalosa jaana: “Ga go ise go ke go bopiwe letsogo le boboko tsa motho tseo di ka kgonang go kwalolola tiro yotlhe e telele sentle kwantle ga lefa e le phosonyana epe. . . . Eleruri diphoso di ne di tla nna di tsenelela.”4 Fa go ne go tsenelela phoso nngwe mo mokwalong, e ne e boelediwa fa mokwalo oo o dirisiwa go dira dikaelo tse di latelang mo isagweng. Fa dikaelo tse dintsi di ne di dirwa mo lobakeng lo lotelele lwa nako, diphoso di le dintsi tsa batho di ne tsa nna teng.
12, 13. Ke mang yo o neng a na le boikarabelo jwa go boloka dibuka tsa Dikwalo tsa Sehebera?
12 Fa re akanya ka dikaelo tseno tsa Bibela di le diketekete tse dintsi tseo di neng tsa dirwa, re itse jang gore tiro eno ya go nna go kwalololwa tse dingwe mo go tse dingwe ga ya ka ya e fetola gotlhelele? Legale, akanya ka Bibela ya Sehebera, eleng “Tesetamente E Kgologolo.” Mo sephatlhong sa bobedi sa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., fa Bajuda ba ne ba bowa go tswa kwa botshwarong jwa bone jwa kwa Babelona, setlhopha sa baithuti ba Bahebera seo se neng se bidiwa Basofera, “bakwadi,” e ne ya nna sone bababaledi ba Bibela ya Sehebera, mme e ne e le boikarabelo jwa bone gore ba kwalolole Dikwalo tseo gore di dirisiwe fa go obamelwa phatlalatsa le kwa bothokong. E ne e le banna ba ba tlhoafetseng thata, le ba ba rutegileng thata, mme tiro ya bone e ne e le ya boleng jo bo kwa godimo thata.
13 Go tloga ka lekgolo la bosupa la dingwaga go ya go lekgolo la bolesome la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, bao ba neng ba tlhatlhama Basofera bano e ne e le Bamasorete. Leina la bone le tswa mo lefokong la Sehebera leo le rayang “setso,” mme se se botlhokwa ke gore le bone e ne e le bakwadi ba neilwe tiro ya go boloka dikwalo tsa Sehebera tseo di neng di dirisiwa ka nako eo. Bamasorete bano ba ne ba le kelotlhoko thata. Ka sekai, mokwadi o ne a tshwanetse a dirisa sekaelo se se supetsweng ka tshwanelo gore ke sa boammaaruri go nna sone seo a neng a kwalolola go tswa mo go sone, mme o ne a sa letlelelwa go kwala sepe se a se tshwereng ka tlhogo. O ne a tshwanetse go tlhatlhoba tlhaka nngwe le nngwe pele ga a e kwala.5 Moperofesara Norman K. Gottwald o bega jaana: “Sengwe se se malebana le tsela eo ba neng ba dira ditiro tsa bone ka kelotlhoko ka yone se bontshiwa mo patlafalong ya borabi ya gore mekwalo yotlhe e mesha e ne e tshwanetse ya balwa le go tshwaya diphoso mo go yone mme dikaelo tse di nang le diphoso di ne di tshwanetse tsa latlhwa kwantle ga tiego.”6
14. Ke phitlhelelo efe e e neng ya dira gore go kgonege go tlhomamisa go kwalololwa ga buka ya Bibela goo go neng go dirwa ke Basofera le Bamasorete?
14 Go kwalololwa ga dikwalo tseno goo go neng go dirwa ke Basofera le Bamasorete go ne go nepagetse go le kana kang? Go fitlha ka 1947 go ne go le thata go araba potso eo, ereka mekwalo e e feletseng ya Sehebera eo e neng e le gone ya pelepele e ne e le ya go tloga ka lekgolo la bolesome la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng. Lefa go le jalo, ka 1947 mekwalo mengwe ya bogologolo tala thata e ne ya bonwa mo magageng mangwe gaufi le Lewatle Le Le Suleng. Yone e ne e na le dikarolo tsa dibuka tsa Bibela ya Sehebera. Bontsi jwa dikarolo tsa yone e ne e le tsa pele ga nako ya ga Keresete. Baithuti ba ne ba di bapisa le mekwalo ya Sehebera eo e leng gone go tlhomamisa gore a e kwalolotswe ka nepagalo. Go di bapisa gono go ne ga felela ka eng?
15. (a) Diphelelo e ne ya nna dife fa go ne go bapisiwa momeno wa mokwalo wa ga Isaia wa Lewatle Le Le Suleng le dibuka tsa Bamasorete? (b) Re ka konela ka goreng go tswa mo ntlheng ya gore mekwalo mengwe e e neng ya bonwa kwa Lewatleng Le Le Suleng e na le dipharologano tse di rileng mo go yone? (Bona ntlha e e kwa tlase.)
15 Nngwe ya mekwalo ya bogologolo thata eo e neng e bonwe e ne e le buka ya ga Isaia yotlhe, mme lebaka la go bo diteng tsa yone di sa farologane go le kalo le tsa Bibela ya Bamasorete eo re nang le yone gompieno le a gakgamatsa. Moperofesara Millar Burrows o kwala jaana: “Bontsi jwa dipharologano tseo di leng gone magareng ga momeno wa Isaia wa ga St. Mark [o o neng o sa tswa go bonwa] le diteng tsa ya Bamasorete di ka tsewa jaaka diphoso tseo di nnileng gone fa e ne e kwalololwa. Kwantle ga tsone, ka kakaretso, di dumalana ka mo go tlhomologileng le diteng tse di fitlhelwang mo mekwalong ya Dingwaga tsa Bogareng. Go dumalana gono mo mokwalong ono wa bogologolo go neela bosupi jo bo fang tsholofelo jwa gore buka eno e e dirisiwang e boammaaruri.”7 Burrows o oketsa jaana: “Go a gakgamatsa go bo go ralala mo e ka nnang dingwaga di le sekete buka eno e bo e ile ya nna le diphetogo di sekae fela jaana.”b
16, 17. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore diteng tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di a ikanyega? (b) Sir Frederic Kenyon o ne a supa eng kaga diteng tsa Dikwalo tsa Segerika?
16 Malebana le karolo ya Bibela e e kwadilweng ke Bakeresete ka Segerika, eo e bidiwang Tesetamente E Ntšha, batho bao ba neng ba e kwalolola ba ne ba tshwana fela le batho ba ba ineetseng ba ba dikgeleke ba sa tshwane le barutegi bao ba thapisitsweng sentle ba Basofera. Mme ba bereka jaaka fa ba ne ba bereka ba tshosediwa ka go otlhaiwa ke balaodi, ba ne ba tsaya tiro ya bone ka tsela e e masisi. Mme dilo di le pedi di re tlhomamisetsa gore rona gompieno re na le buka e e tshwanang sentle le eo e ileng ya kwalwa ke bakwadi bale ba ntlha. Santlha, re na le mekwalo eo e nang le letlha le le atamalaneng thata le la nako e e neng ya kwalwa ka lone go na le jaaka go ntse ka dikarolo tsa Bibela tsa Sehebera. Eleruri, karolo nngwe ya Efangele ya ga Johane e tswa mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la bobedi la dingwaga, dingwaga tse di kwa tlase ga di le 50 go tswa mo letlheng leo go bonalang Johane a ne a kwala Efangele ya gagwe ka lone. Sa bobedi, palo e e feletseng ya mekwalo eo e ileng ya tswelela pele e le teng e neelana ka bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa ka moo lekwalo leno le nang le bokao ka gone.
17 Malebana le ntlha eno, Sir Frederic Kenyon o ne a supa jaana: “Ga go na pelaelo ya gore ka kakaretso diteng tsa Bibela di boammaaruri. Seno se ntse jalo segolo-bogolo ka Tesetamente E Ntšha. Palo ya mekwalo ya Tesetamente E Ntšha, ya dithanolo tsa pele tsa yone, le ya ditsopolo tse di ntshitsweng mo go yone tse di mo bakwading ba bogologolo ba Kereke, e mentsi jaana mo e leng gore eleruri go boammaaruri gore tsela ya boammaaruri e karolo nngwe le nngwe e e belaetsang e balegang ka yone e mo go nngwe ya mekwalo eno ya bogologolo. Ga go kake ga buiwa jalo ka buka epe e nngwe ya bogologolo mo lefatsheng.”10
Batho le Dipuo tsa Bone
18, 19. Go tlile jang gore Bibela e bo e sa kwalwa fela ka dipuo tseo e neng e kwadilwe ka tsone kwa tshimologong?
18 Dipuo tsa ntlha tseo Bibela e neng e kwadilwe ka tsone le tsone, fa go sena go feta sebaka se seleele, di ne ya nna dikgoreletsi tsa yone gore e tswele pele e le teng. Bontsi jwa dibuka tsa ntlha tse 39 di ne di kwadilwe ka Sehebera, eleng leleme la Baiseraela. Mme Sehebera ga se ise se ke se tsamaye se itsewe kgakala. Fa Bibela e ne e ka bo e ile ya nna ka leleme leo fela, e ka bo e se kile ya nna le tlhotlheletso epe mo go ba bangwe fa e se mo morafeng wa Bajuda le batswakwa ba sekae bao ba neng ba ka se bala. Lefa go le jalo, mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., e le gore Bahebera ba ba neng ba nna kwa Alexandria, kwa Egepeto, ba tle ba solegelwe molemo, go ne ga simololwa go ranolela karolo ya Sehebera ya Bibela mo Segerikeng. Ka nako eo Segerika e ne e le puo ya meraferafe. Ka jalo, batho bao e seng Bajuda ba ne ba kgona go nna le Bibela ya Sehebera bonolo.
19 Fa nako ya gore karolo ya bobedi ya Bibela e kwalwe e ne e tla, Segerika se ne se santse se buiwa thata, ka jalo dibuka tse 27 tsa bofelo tsa Bibela di ne tsa kwalwa ka leleme leo. Mme e ne e se batho botlhe bao ba neng ba kgona go tlhaloganya Segerika. Ka jalo, ka bonakonyana fela go ne ga simololwa go ranolela dikarolo tsa Sehebera gammogo le tsa Segerika tsa Bibela mo dipuong tsa letsatsi le letsatsi tseo di neng di dirisiwa mo makgolong ao a ntlha a dingwaga, tse di jaaka Sesiria, Se-Copt, Se-Armenia, Se-Georgia, puo ya batho ba Goth, le Seithopia. Puo eo e neng e dirisiwa semmuso mo Pusong ya Roma e ne e le ya Selatina, mme dithanolo tsa Selatina di ne tsa dirwa ka dipalo tse dintsi mo eleng gore go ne ga tshwanela gore go tlhophiwe “thanolo e e rwesitsweng boikarabelo joo semmuso.” E ne ya wediwa mo e ka nnang ka 405 C.E. mme ya simolola go itsiwe jaaka Vulgate eo e rayang “se se itsegeng” “kana se se tlwaelegileng”).
20, 21. Ke dilo dife tse di neng di kgoreletsa gore Bibela e tswele pele e le teng, mme ke ka ntlhayang fa dilo tseno di ne tsa fenngwa?
20 Ka jalo, Bibela e ne ya tswela pele e le teng go tla go fitlha mo makgolong a pele a dingwaga a Motlha wa rona O O Tlwaelegileng go sa kgathalesege mathata a mantsi ano. Bao ba neng ba e gatisa e ne e le ba palo e e kwa tlase bao ba neng ba nyadiwa le go bogisiwa mme ba ne ba tshela botshelo jo bo boima mo lefatsheng le le bobaba. E ka bo e ile ya fetolwa mo go maswe bonolo fela fa e ne e kwalololwa, mme ga ya ka ya dirwa jalo. Go feta moo, e ile ya falola kotsi ya gore e balwe fela ke batho ba ba buang dipuo dingwe tse di rileng.
21 Ke ka ntlhayang fa go ne go le thata jaana gore Bibela e tswele pele e le teng? Bibela ka boyone e a re: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Ka ntlha ya seno, re ne re ka lebelela gore lefatshe le nne kgatlhanong le boammaaruri jo bo gatisitsweng, mme go ile ga diragala jalo. Mme he, ke ka ntlhayang fa Bibela e ne ya tswela pele e le teng fa dibuka tse dingwe tse dintsi tseo di se kileng tsa lebana le mathata a a tshwanang le ano di ile tsa lebalwa? Gape Bibela e arabela seno. E a re: “Me lehoko ya ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ.” (1 Petere 1:25) Fa e le gore eleruri Bibela ke Lefoko la Modimo, ga go na motho ope yo o ka le senyang. Mme go tla go fitlha nako kgolo ke e mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, go nnile jalo.
22. Ke phetogo efe e e neng ya nna gone mo masimologong a lekgolo la bone la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng?
22 Lefa go le jalo, mo lekgolong la bone la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, go ne ga diragala sengwe seo kgabagare se neng sa feleletsa ka gore Bibela e tlhaselwe sesha mme seno se ile sa ama ditiragalo tsa Yuropa thata. Dingwaga di le lesome fela morago ga gore Diocletian a leke go senya dikaelo tsotlhe tsa Bibela, mokgwa o go neng go busiwa ka one o ne wa fetoga mme “Bokeresete” bo ne jwa letlelelwa kafa molaong. Dingwaga di le somepedi moragonyana ga moo, ka 325 C.E., molaodi mongwe wa Roma o ne a etelela Lekgotla lengwe la “Bokeresete” la Nicaea pele. Ke ka ntlhayang fa tiragalo eo e e neng e lebega e le e e molemo e ne ya itshupa e le kotsi mo Bibeleng? Re tla bona karabo mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo bukeng eno, mo boemong jwa “A.D.” e e tlwaelegileng le “B.C.,” go dirisiwa “C.E.” (Motlha O O Tlwaelegileng) le “B.C.E.” (pele ga Motlha O O Tlwaelegileng) tse di tshwanetseng go feta A.D. le B.C.
b Ga se mekwalo yotlhe e e bonweng kwa Lewatleng Le Le Suleng eo e neng e dumalana kgo le diteng tsa Bibela e e leng gone. Dingwe tsa tsone di ne di na le dipharologanyo tse di seng kana ka sepe mo go tsone. Lefa go le jalo, dipharologanyo tseno ga di reye gore bokao jo bo botlhokwatlhokwa jwa buka eno bo fetotswe. Go ya ka Patrick W. Skehan wa Unibesiti ya Katoliki ya kwa Amerika, bontsi jwa dipharologanyo tseno [di tsamaisana le go kwalwa sesha ga Bibela] goo go theilweng mo kgopolong ya yone ka boyone ya konokono, e le gore go atolosiwe mokgwa oo e kwadilweng ka one mme bokao e nne jo bo tshwanang . . . Boikutlo jwa gone jwa konokono ke go sisimoga tshedimosetso eno thata eo e tsewang e le e e boitshepo, boikutlo jwa go tlhalosa (jaaka fa re ne re ka bua jalo) Bibela ka Bibela e nngwe ka go kwalolola kgang e e mo go yone ka boyone.”8
Moakgedi yo mongwe o oketsa jaana: “Go sa kgathalesege dipelaelo tsotlhe tse di leng gone, ntlha-kgolo e sala e nna gore tshedimosetso jaaka fa re na le yone ga jaanong, ka kakaretso, e tsamaisana sentle le mafoko a tota a bakwadi bao ba neng ba tshela, bangwe ba bone, mo e ka nnang dikete tse tharo tsa dingwaga tse di fetileng, mme ga re a tshwanela go belaela ka gope ka mo go masisi gore a molaetsa o Tesetamente E Kgologolo e re o neelang o boammaaruri ka ntlha ya diphoso tse e nang le tsone mo go yone.”9
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Tshedimosetso E E Tlhomameng Sentle E E mo Bibeleng
Gore re lemoge ka moo tshedimosetso e e mo Bibeleng e tlhomameng sentle ka gone, re tshwanetse fela ra e bapisa le setlhopha se sengwe sa dibuka tse re nnileng le tsone tsa bogologolo: dibuka tsa bogologolo tsa Gerika le Roma. Totatota, bontsi jwa dibuka tseno di ne tsa kwalwa morago ga gore Dikwalo tsa Sehebera di wediwe. Ga go a begiwa ka maiteko ape, a go nyeletsa morafe wa Bagerika le wa Baroma, mme dibuka tsa bone ga di a ka tsa tshwanelwa ke gore di sirelediwe ka ntlha ya gore ba ne ba lebane le pogiso. Lefa go le jalo, tlhokomela seo Moperofesara F. F. Bruce a se bolelang:
“Mo go Gallic War ya ga Cæsar (eo e neng ya tlhangwa magareng ga 58 le 50 B.C.) go na le mekwalo e le mmalwa e e saleng teng, mme ke e le robonngwe fela kana e le lesome e e molemo mo go yone, mme o mogolo mo go yone yotlhe ke wa dingwaga di ka nna 900 moragonyana ga motlha wa ga Cæsar.
“Mo dibukeng di le 142 tsa hisitori ya Roma tsa ga Livy (59 B.C.-A.D. 17), ke di le 35 fela tse di sa ntseng di le gone; mme tsone re di itse ka ntlha ya mekwalo e e sa feteng some a mabedi e e nang le botlhokwa bongwe, e le nngwe fela mo go yone, ebile e le yone eo e nang le dikarolwana tsa Dibuka III-VI, e fitlha go lekgolo la bonè la dingwaga ka bogolo.
“Mo dibukeng di le somenne tsa Histories ya ga Tacitus (mo e ka nnang ka A.D. 100) ke di le nne le sephatlo fela tse di saleng gone; mo dibukeng di le somethataro tsa gagwe tse di bidiwang Annals, di le lesome tsa tsone di sale gone di feletse mme di le pedi bontlhabongwe jwa tsone. Tshedimosetso e e mo dikarolwaneng tseno tse di saleng teng ya dibuka tsa gagwe tse dikgolo tse pedi tsa ditiragalo e ikaegile gotlhelele mo mekwalong e le mebedi, o le mongwe ke wa lekgolo la bo robongwe la dingwaga mme o mongwe ke wa lekgolo la bo lesome le bongwe la dingwaga. . . .
“Hisitori ya ga Thucydides (mo e ka nnang ka 460-400 B.C.) re e itsile ka ntlha ya mekwalo e le robedi, e eleng ya bogologolo go gaisa mo go yone ke ya mo e ka nnang ka A.D. 900, le dikarolo dingwe di sekae tsa papirase, tsa mo e ka nnang fa motlha wa Bokeresete o ne o simologa.
“Go ntse fela jalo le ka Hisitori ya ga Herodotus (mo e ka nnang ka 488-428 B.C.). Lefa go le jalo ga go na moithuti ope wa dibuka tsa bogologolo yo o ka reetsang fa go bolelwa gore go belaelwa gore a Herodotus kana Thucydides ba boammaaruri ka ntlha ya go bo mekwalo e eleng ya bogologolo go gaisa e e malebana le dibuka tsa bone tseo di ka re thusang ka sengwe ke ya mo dingwageng tse di fetang 1 300 moragonyana ga ya ntlhantlha.”—The Books and the Parchments, tsebe 180.
Bapisa seno le ntlha ya gore go na le diketekete tsa mekwalo ya dikarolo tse di farologaneng tsa Bibela. Mme mekwalo ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete ke ya morago kwa mo dingwageng tse di sa feteng di le lekgolo tsa morago ga nako eo go neng go kwalwa dibuka tsa ntlhantlha ka yone.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bahebera e ne e le morafe o monnye o ka metlha o neng o ntse o tshosediwa ke merafe e e maatla mo go one. Setshwantsho seno sa bogologolo se se gabilweng se bontsha Bahebera bangwe fa ba ne ba isiwa botshwaro ke Baasiria
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Pele ga mokgwa wa go gatisa o tla, Dikwalo di ne di kwalololwa ka seatla
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Nero o ne a dira gore go nna Mokeresete e nne tlolo-molao e kgolo thata
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Go ithutiwa ga momeno wa ga Isaia wa Lewatle Le Le Suleng go ne ga supa gore buka eno e ne ya dula e na le diphetogo di sekae fela ka sebaka sa dingwaga di le 1 000
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Mmusisi Diocletian o ne a palelwa mo maite-kong a gagwe a go fedisa Bibela