LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gm kgao. 3 ts. 25-36
  • Tsala ya Maaka ya Bibela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsala ya Maaka ya Bibela
  • Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ranolwa ga Bibela Go A Ganediwa
  • Bagaka ba Bibela
  • Go Tshwaya Diphoso ga Maemo A A kwa Godimo
  • Go “Kgalwa” ga Yone
  • Lefoko la Modimo Le Santse Le Le Teng
  • Labokeresete E Latlhile Modimo le Bibela
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Ba ne Ba Leka go Thibela Batho go Nna le Lefoko la Modimo
    Tsogang!—2011
  • Botenegi—Tsela ya go Thibela Ba Ba Batlang go Amana le Modimo
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Mokgwa O Labokeresete A Nnileng Karolo ya Lefatshe Leno ka One
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
gm kgao. 3 ts. 25-36

Kgaolo 3

Tsala ya Maaka ya Bibela

Mo kgaolong eno, re tlotla ka lebaka le legolo la go bo ba le bantsi kwa mafatsheng ao e seng a Bokeresete ba gana go amogela Bibela jaaka Lefoko la Modimo. Go ya ka hisitori, La-Bodumedi e ipolela gore e dumela mo Bibeleng le gore ke ene mmabaledi wa yone. Mme mekgatlho ya bodumedi ya La-Bodumedi e ile ya kopanela mo go dingwe tsa dilo tse di tshosang fela thata tsa mo ditiragalong, go tloga ka Batlhabanela-Tumelo le go bolawa ga batho setlhogo go go neng ga dirwa ka Dingwaga tsa Bogareng go fitlha go go bolawa ga Bajuda ke Majeremane ka Ntwa ya Lefatshe II ga mo motlheng wa rona. A boitshwaro jwa La-Bodumedi bo neela lebaka le le molemo la gore re seke ra amogela Bibela? Boammaaruri ke gore, La-Bodumedi e ile ya itshupa gore ke tsala ya maaka ya Bibela. Eleruri, fa La-Bodumedi e ne e tlhagelela mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., ntwa e e lowang ke Bibela ya gore e tswele pele e le teng e ne e ise e fele.

1, 2. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Ke ka ntlhayang fa ba le bantsi ba gana go amogela Bibela jaaka Lefoko la Modimo? (b) Ke tiro efe e e molemo e e neng ya dirwa mo lekgolong la ntlha le la bobedi la dingwaga, lefa go le jalo ke tiragalo efe e e kotsi eo e neng e tswela pele?

FA LEKGOLO la ntlha la dingwaga le ne le ya bokhutlong, go kwalwa ga dibuka tsotlhe tsa Bibela go ne ga wediwa. Go tloga moo go ya pele, Bakeresete e ne e le bone ba di gogang kwa pele mo go kwalololeng Bibela yotlhe le mo go e anamiseng. Mo godimo ga moo, ba ne ba ntse ba tshwaregile ka go e ranolela mo dipuong tse di neng di dirisiwa thata tsa motlha oo. Lefa go le jalo, fa phuthego ya Bokeresete e ne e ntse e tshwaregile ka tiro eno e e kgatlhisang, sengwe se ne sa simolola go diragala, seo se neng se tla itshupa se le kotsi thata mo goreng Bibela e tswelele e le teng.

2 Tiragalo eno e ne ya bolelelwa pele ke Bibela ka boyone. Jesu o kile a bolela setshwantsho sa monna mongwe yo o neng a jala tshimo ya gagwe ka dipeo tse di molemo tsa korong. Mme “e rile go robecwe,” mmaba a jala dipeo tse di neng di tla tlhagisa mofoka. Dipeo tseno ka bobedi di ne tsa gola, mme ka sebakanyana mofoka o ne wa sira korong gore e seka ya bonala. Ka setshwantsho seno, Jesu o ne a bontsha gore tiro ya gagwe e ne e tla tlhagisa Bakeresete ba boammaaruri mme gore morago ga loso lwa gagwe, Bakeresete ba maaka ba ne ba tla tsenelela mo phuthegong. Kgabagare, go ne go tla nna thata go farologanya ba boammaaruri mo go ba maaka.—Mathaio 13:24-30, 36-43.

3. Go ya ka moaposetoloi Petere, “Bakeresete” ba seka-mofoka ba ne ba tla feleletsa ba dirile eng malebana le go dumela mo Bibeleng?

3 Moaposetoloi Petere o ne a bua puo phaa a tlhagisa ka seo “Bakeresete” bano ba seka-mofoka ba neng ba tla se dira malebana le tsela eo batho ba neng ba tla leba Bokeresete le Bibela ka yone. O ne a tlhagisa jaana: “Le mo go lona go tla nna baruti ba e señ bōnè, ba ba tla tsenyañ dithutō tse di senyañ, ka go kukunèla mo teñ, ba ba ba itatola le eo e leñ èna Morèna eo o ba rekileñ, me ba iteretse tshenyègō e e hehogañ. Me batho ba le bantsi ba tla sala ditihō tsa bōnè tsa bopèpè moragō; me tsela ea boamarure e tla kaiwa ka boshula [“kgalwa,” NW] ka ntlha ea bōnè.”—2 Petere 2:1, 2.

4. Dipolelelopele tsa ga Jesu le Petere di ne tsa diragadiwa jang le eleng mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

4 Tota le eleng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, dipolelelopele tsa ga Jesu le Petere di ne tsa diragadiwa. Batho ba ba ratang botumo ba ne ba tsenelela mo phuthegong ya Bokeresete mme ba jala dikgaogano mo go yone. (2 Timotheo 2:16-18; 2 Petere 2:21, 22; 3 Yohane 9, 10) Mo makgolong a mabedi a dingwaga a a latelang, go itsheka ga boammaaruri jwa Bibela go ne ga bodisiwa ke botlhajana jwa Segerika, mme ba le bantsi ba ne ba dumela dithuto tsa boheitane ka phoso ba di tsaya jaaka boammaaruri jwa Bibela.

5. Ke phetogo efe mo molaong eo Constantine a neng a e tlhoma mo masimologong a lekgolo la bonè la dingwaga?

5 Mo lekgolong la bonè la dingwaga, mmusisi wa Roma ebong Constantine o ne a amogela “Bokeresete” jaaka bodumedi jwa kafa molaong jwa Puso ya Roma. Mme “Bokeresete” jo o neng a bo itse bo ne bo farologane thata le bodumedi jo bo neng bo rutiwa ke Jesu. Mme jaanong, “mohoka” o ne o gola, fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele. Lefa go le jalo, re ka tlhomamisega gore ka nako eo yotlhe, go ne go na le bangwe bao ba neng ba emela Bokeresete jwa boammaaruri mme ba leka ka thata go latela Bibela jaaka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.—Mathaio 28:19, 20.

Go Ranolwa ga Bibela Go A Ganediwa

6. La-Bodumedi e simolotse leng go nna gone, mme ke tsela efe e le nngwe eo bodumedi jwa La-Bodumedi bo neng bo farologane ka yone le Bokeresete jwa Bibela?

6 E ne e le ka motlha wa ga Constantine fa La-Bodumedi jaaka fa re e itse gompieno e ne e simolola go nna gone. Go tloga ka nako eo go ya pele, mofuta ono o o bodileng wa Bokeresete oo o neng o setse o itsetsepetse e ne e sa tlhole e le mokgatlho wa bodumedi fela. E ne e le karolo ya mokgatlho wa bopolotiki, mme baeteledipele ba jone ba ne ba na le seabe se se kwa godimo mo dipolotiking. Kgabagare, kereke eno ya botenegi e ne ya dirisa maatla a yone a bopolotiki ka tsela e e neng e le kgatlhanong gotlhelele le Bokeresete jwa Bibela, e simolola matshosetsi a mangwe a a kotsi mo Bibeleng. Jang?

7, 8. Mopapa o ne a bontsha leng gore o gana Bibela e ranolwa, mme ke ka ntlhayang fa a ne a dira seno?

7 Fa Selatina se ne se sa tlhole e le leleme le le dirisiwang ka metlha, go ne go tlhokega dithanolo tse disha tsa Bibela. Mme Kereke ya Katoliki e ne e sa tlhole e rata seno. Ka 1079 Vratislaus, yo o neng a fetoga kgosi ya Bohemia moragonyana, o ne a kopa tetla mo go Mopapa Gregory VII ya gore a ranolele Bibela mo puong ya batho bao a neng a ba busa. Karabo ya ga mopapa e ne ya nna nnyaa. O ne a tlhalosa jaana: “Go phepafetse mo go bao gantsi ba a tleng ba akanye ka seno ka tshisibalo gore go na le lebaka la go bo go itumedisa Modimo Mothatayotlhe gore lokwalo lo lo boitshepo e nne sephiri mo mafelong mangwe, go tshabiwa gore fa e ka nna mo pepeneneng go batho botlhe, gongwe e ne e tla nyadiwa le go sa tlhole e tlotliwa; kana bao ba nang le thutego e e kwa tlase ba e tlhaloganya ka tsela e e phoso, mme ba feleletsa ba dirile phoso.”⁠1

8 Mopapa o ne a batla gore Bibela e nne e ntse e le mo lelemeng leo jaanong le sa tlholeng le dirisiwa leo la Selatina. Diteng tsa yone di ne di tshwanetse tsa bolokiwa e le “sephiri,” di seke tsa ranolelwa mo dipuong tsa batho fela.a Vulgate ya Selatina ya ga Jerome, eo e neng ya gatisiwa ka lekgolo la bo-5 la dingwaga e le gore batho botlhe ba kgone go nna le Bibela, jaanong go ne go dirisiwa yone go e fitlhela ba bangwe.

9, 10. (a) Go gana Bibela e ranolwa go go neng ga dirwa ke Roma Katoliki go ne ga nna gone jang? (b) Boikaelelo jwa go bo Kereke eno e ne e le kgatlhanong le Bibela e ne e le bofe?

9 Fa Dingwaga tsa Bogareng di ntse di tswelela, Kereke e ne ya nna kgatlhanong le Dibibela tseno tse di ranoletsweng mo dipuong tsa selegae go ya pele. Ka 1199 Mopapa Innocent III o ne a kwalela mobishopo-mogolo wa Metz, Jeremane, lekwalo le le maatla mo eleng gore mobishopo-mogolo yono o ne a bo a fisa Dibibela tsotlhe tsa leleme la Sejeremane tseo a neng a ka kgona go di bona.⁠3 Ka 1229 senoto ya Toulouse, kwa Fora, e ne ya ntsha taolo ya gore “batho bao eseng baruti” ba seka ba nna le buka epe fela ya Bibela ka leleme la bone.4 Ka 1233 senoto ya porofense ya Tarragona, kwa Spain, e ne ya laela gore dibuka tsotlhe tsa “Tesetamente E Kgologolo kana E Ntšha” di tlisiwe gore di fisiwe.⁠5 Ka 1407 senoto ya baruti eo e neng e tshwaretswe kwa Oxford, kwa Ennyelane, e e neng e epilwe ke Mobishopo-mogolo ebong Thomas Arundel e ne ya bontsha ka phepafalo gore ga e batle Bibela e ranolelwa mo Seesemaneng kana mo lelemeng lepe fela la segompieno.⁠6 Ka 1431, gone kwa Ennyelane, Mobishopo Stafford wa kwa Wells o ne a thibela gore Bibela e ranolelwe mo Seesemaneng le gore batho ba nne le yone ka dithanolo tse di ntseng jalo.⁠7

10 Balaodi bano ba bodumedi ba ne ba sa leke go senya Bibela. Ba ne ba leka go e dira gore e nne selo sa bogologolo, ba leka go e boloka mo puong eo e ka balwang fela ke ba sekae. Ka tsela eno, ba ne ba solofela gore ba tla thibela seo ba neng ba se bitsa thuto e e timetsang mme eleng seo tota se neng sa felela ka gore bolaodi jwa bone bo gwetlhiwe. Fa ba ka bo ba ile ba atlega, Bibela e ka bo e ile ya nna selo fela se se kgatlhegelwang ke batlhalefi fela, e na le tlhotlheletso e nnye fela mo matshelong a batho kana gongwe e sena yone gotlhelele.

Bagaka ba Bibela

11. Go ne ga felela ka eng fa Julián Hernández a ne a fitisetsa Dibibela tsa Sepanishe kwa Spain ka bokukuntshwane?

11 Lefa go le jalo, se se itumedisang ke gore batho ba le bantsi ba ba pelo-e-phepa ba ne ba gana go utlwa ditaelo tseno. Mme go gana gono ga bone go ne go le kotsi. Batho ba ne ba boga mo go botlhoko ka ntlha ya “tlolo-molao” eno ya go nna le Bibela. Ka sekai, a o ke o akanye ka kgang ya motho mongwe wa kwa Spain yo o neng a bidiwa Julián Hernández. Go ya ka History of Christian Martyrdom ya ga Foxe, Julián (kana, Juliano) “o ne a tsaya boikarabelo jwa go fitisetsa dipalo tse dintsi tsa Dibibela go tswa Jeremane go ya kwa nageng ya gagwe tseo a neng a di fitlhile mo difaking, mme di ne di pakilwe jaaka beine ya Rhine.” O ne a bonwa mme a tshwarwa ke Kgotlatshekelo ya Roma Katoliki. Bao Dibibela tseno di neng di isiwa kwa go bone “ba ne ba tlhokofadiwa go sa tlhaolwe ope, mme go tswa foo bontsi jwa bone ba ne ba atlholelwa dikotlhao tse di farologaneng. Juliano o ne a fisiwa, ba le somamabedi ba ne ba besediwa mo ditlhabong, ba sekae ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong sebaka sa botshelo jotlhe jwa bone, ba bangwe ba ne ba bediwa mo pepeneneng, ba le bantsi ba ne ba romelwa kwa mekorong.”⁠8

12. Re itse jang gore balaodi ba bodumedi ba Dingwaga tsa Bogareng ba ne ba sa emele Bokeresete jwa Bibela?

12 Abo ba ne ba dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang jang ne! Ka mo go phepafetseng, balaodi bano ba bodumedi e ne e se baemedi ba Bokeresete jwa Bibela ka gope! Bibela ka boyone e ne ya senola gore e ne e le ba ga mang fa e ne e re: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō. Gonne e ke eōna taeco e lo sa leñ lo e utlwa mo tshimologoñ, gore re ratanè; Re se ka ra nna yaka Kaine a nna oa eo o boshula, me a bolaea monnawè.”—1 Yohane 3:10-12.

13, 14. (a) Ke ntlha efe e e gakgamatsang e e malebana le Bibela ya ka nako ya Dingwaga tsa Bogareng eo e bontshang gore e tswa kwa Modimong? (b) Boemo bo ne jwa fetoga jang tebang le Bibela kwa Yuropa?

13 Lefa go le jalo, abo go gakgamatsa jang ne go bo banna le basadi ba ne ba iketleeleditse go tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go tshwarwa ka tsela e e tshosang jaana e le gore fela ba tle ba nne le Bibela! Mme dikao tse di ntseng jaana di ile tsa oketsega gantsi thata go tla go fitlha le mo motlheng wa rona. Boineelo jo bogolo jo Bibela e bo tlhotlheleditseng mo bathong, eleng go iketleeletsa go boga ka bopelotelele le go ineela mo losong ba sa ngongorege kwantle ga go batla go ipusolosetsa mo go bao ba ba bogisang, ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bibela ke Lefoko la Modimo.—1 Petere 2:21.

14 Kgabagare, morago ga go tsuologa ga Baporotesetanta kgatlhanong le mmuso wa Roma Katoliki mo lekgolong la bo-16 la dingwaga, Kereke ya Roma Katoliki ka boyone e ne ya patelesega go ranolela Bibela mo dipuong tse di tlwaelegileng tsa Yuropa. Mme tota le eleng ka nako eo, Bibela e ne e ntse e nyalanngwa thata le Boporotesetanta go gaisa Bokatoliki. Jaaka moruti wa Roma Katoliki ebong Edward J. Ciuba a ne a kwala jaana: “Motho o tshwanela go dumalana ka boikanyego gore nngwe ya ditlamorago tse di bosula thata tsa Phetogo ya Boporotesetanta e ne e le gore Bakatoliki ba ba ikanyegang ba ne ba tlhokomologa Bibela. Lemororo Bibela e ile ya seka ya lebalwa gotlhelele, e ne e le buka e e sa dirisiweng ke Makatoliki a le mantsi.”⁠9

Go Tshwaya Diphoso ga Maemo A A kwa Godimo

15, 16. Ke ka ntlhayang fa Boporotesetanta bo ka seka jwa tlhoka go bewa molato malebana le go ganediwa ga Bibela?

15 Mme dikereke tsa Baporotesetanta ga di kake tsa tlhoka go bewa molato malebana le go nna kgatlhanong le Bibela. Fa dingwaga di ntse di feta, baithuti bangwe ba Porotesetanta ba ne ba tlhasela buka eno gape ka tsela e nngwe: ba e tlhasela ka thutego ya bone. Ka lekgolo la bo-18 le la bo-19 la dingwaga, ba ne ba simolola mokgwa mongwe wa go ithuta Bibela o o neng o bidiwa botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo. Batshwaya-diphoso bano ba maemo a a kwa godimo ba ne ba ruta gore bontsi jwa Bibela e ne e le dinoolwane le ditlhamane. Ba bangwe ba ne ba bo ba bolela gore Jesu ga a ise a ko a tsamaye a nne gone. Mo boemong jwa go bitsa Bibela gore ke Lefoko la Modimo, baithuti bano ba Porotesetanta ba ne ba e bitsa gore ke lefoko la motho, le gone e le lefoko le le tlhakatlhakaneng tota.

16 Lemororo megopolo e e maswe go feta mo go eno e sa tlhole e dumelwa, diseminare di santse di ruta botshwaya-diphoso jono jwa maemo a a kwa godimo, mme ga se selo se se gakgamatsang go utlwa moruti wa Porotesetanta a ganetsa dikarolo tse dikgolo tsa Bibela phatlalatsa. Ka jalo, moruti mongwe wa Anglican o ne a tsopolwa go lekwalo-dikgang lengwe la Australia a re bontsi jwa se se mo Bibeleng “ke maaka fela. Dingwe tsa ditiragalo tsa yone ga se tsa boammaaruri. Dingwe tsa dintlha tsa yone di sokamisitswe kwantle ga pelaelo.” Kakanyo eno e nnile teng ka ntlha ya botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo.

Go “Kgalwa” ga Yone

17, 18. Boitshwaro jwa La-Bodumedi bo ile jwa leretse Bibela kgobo jang?

17 Lefa go ntse jalo, gone e kane e le boitshwaro jwa La-Bodumedi jo bo dirileng gore go nne thata jaana gore batho ba amogele Bibela jaaka Lefoko la Modimo. La-Bodumedi e ipolela gore e latela Bibela. Lefa go le jalo, boitshwaro jwa gagwe bo lerile kgobo e kgolo mo Bibeleng le mo leineng la Bokeresete ka bolone. Jaaka fa moaposetoloi Petere a ne a bolelela pele, tsela ya boammaaruri e ya “kgalwa.”—2 Petere 2:2, NW.

18 Ka sekai, ka nako ya fa kereke e ne e gana Bibela e ranolwa, mopapa ene o ne a tshegetsa maiteko a magolo a sesole kgatlhanong le Bamoseleme kwa Botlhaba Gare. Tseno di ne di bidiwa Dintwa tse di “boitshepo,” tsa Tumelo mme go ne go sena boitshepo jwa sepe mo go tsone. Ya ntlha—eo e neng e bidiwa “Ntwa ya Batho ya Tumelo”—e ne e le tshimologo ya se se neng se santse se tla. Pele ga o tlogela Yuropa, mophato ono wa sesole o o neng o le bosula, oo o neng o tlhotlhelediwa ke bareri o ne wa retologela mo Bajudeng kwa Jeremane, wa ba bolaya mo ditoropong ka go latelana ga tsone. Ka ntlhayang? Rraditiragalo Hans Eberhard Mayer o bolela jaana: “Polelo ya gore Bajuda, jaaka baba ba ga Keresete, ba ne ba tshwanelwa ke go otlhaiwa e ne e le fela boiteko jo bo bokoa jwa go leka go fitlha boikaelelo jwa bone jwa mmatota: eleng bogagapa.”⁠10

19-21. Ntwa ya Dingwaga Di Le Someamararo, gammogo le maiteko a borongwa a Yuropa le go atolosiwa ga bokoloni, di ile tsa thusa jang mo go leretseng Bibela kgobo?

19 Botsuolodi jwa Porotesetanta jwa lekgolo la bo-16 la dingwaga bo ne jwa dira gore Bokatoliki jwa Roma bo se tlhole bo nna le taolo epe mo mafatsheng a le mantsi a Yuropa. Nngwe ya ditlamorago tsa seo e ne ya nna Ntwa ya Dingwaga Di Le Someamararo (1618-48)—eleng “nngwe ya dintwa tse di maswe thata mo ditiragalong tsa Yuropa,” go ya ka The Universal History of the World. Ke eng seo totatota se neng se bakile ntwa eno? “Ke go bo Mokatoliki a tlhoile Moporotesetanta le Moporotesetanta a tlhoile Mokatoliki.”⁠11

20 Ka nako eno, La-Bodumedi e ne e simolotse go gola go pota Yuropa ka kwa, e tsamaya ka tlhabologo ya “Bokeresete” e e isa mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Go gola gono ga sesole go ne go itsege ka bosetlhogo le bogagapa. Kwa mafatsheng a Amerika, bafenyi ba Masepanishe ka bonako ba ne ba senya tlhabologo eno ya kwa Amerika. Buka nngwe ya ditiragalo e ne ya tlhalosa jaana: “Ka kakaretso, balaodi ba Spain ba ne ba senya tlhabologo ya morafe oo, kwantle ga go simolola ya Seyuropa. Boikaelelo jo bogolo joo bo neng bo ba gogela kwa Lefatsheng leo Le Lesha e ne e le go rata gauta.”⁠12

21 Barongwa bangwe ba Porotesetanta le bone ba ne ba tswa mo Yuropa go ya kwa dinageng tse dingwe. Sengwe sa dilo tse di neng tsa diragala koo ka ntlha ya seo ba neng ba se dira koo e ne e le gore go gola ga bokolone go ne ga oketsega. Pono e e anameng thata e e malebana le boiteko jwa gompieno jwa borongwa jwa Maporotesetanta ke gore: “Mo mabakeng a le mantsi go ile ga dirisiwa tiro eno ya borongwa go siamisa go gatelelwa ga batho le go dira gore go seka ga bonwa fa ba gatelelwa. Kamano e e leng gone magareng ga tiro ya borongwa, boranyane, le mmuso wa boimperiale e itsege sentle.”⁠13

22. La-Bodumedi e lerile kgobo jang mo leineng la Bokeresete mo lekgolong la bo-20 la dingwaga?

22 Kamano e e atamalaneng gareng ga dikereke tsa La-Bodumedi le mokgatlho wa dipolotiki e ile ya nna ya tswelela go fitlha mo motlheng wa rona. Dintwa tse pedi tsa bofelo tsa lefatshe di ne di lowa thatathata ke merafe ya “Bokeresete.” Baruti kafa matlhakoreng oomabedi a yone ba ne ba rotloetsa makawana a bone gore ba lwe mme ba leke go bolaya mmaba—yoo gantsi e neng e le wa bodumedi bo le bongwe le bone. Jaaka fa go ile ga bolelwa mo bukeng ya If the Churches Want World Peace: “Eleruri ga go neye [dikereke] tlotla ya sepe go bo tsamaiso ya ntwa ya gompieno e godile mme e bakile tlhakatlhakano e e seng kana ka sepe mo dinageng tseo di ineetseng mo Bokereseteng.”⁠14

Lefoko la Modimo Le Santse Le Le Teng

23. Ditiragalo tsa La-Bodumedi di bontsha jang gore Bibela ke Lefoko la Modimo?

23 Re bega tiragalo eno e telele, e e utlwisang botlhoko ya La-Bodumedi gore re tlotlomatse dintlha di le pedi. Ya ntlha, ditiragalo tseno ke tiragatso ya polelelopele ya Bibela. Go ile ga bolelelwa pele gore ba le bantsi bao ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba tla dira gore Bibela e kgobiwe le leina la Bokeresete, mme lebaka la go bo seno se diragetse le tlotlomatsa Bibela gore e boammaaruri. Lefa go le jalo, ga re a tshwanela go tlhokomologa ntlha ya gore boitshwaro jwa La-Bodumedi ga bo emele Bokeresete jo bo theilweng mo Bibeleng.

24. Ke eng seo se supang bao eleng Bakeresete ba boammaaruri mme ka go dira jalo se atlhola La-Bodumedi gore ga se Bokeresete?

24 Tsela eo Bakeresete ba boammaaruri ba ka bonwang ka yone e ne ya tlhalosiwa jaana ke Jesu ka boene: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Go feta moo, Jesu o ne a re: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) Mo dintlheng tse pedi tseno, La-Bodumedi e itshenola ka phepafalo gore ga e emele Bokeresete jwa Bibela. E ipolela gore ke tsala ya Bibela, mme e ile ya nna tsala ya maaka.

25. Ke ka ntlhayang fa Bibela e ne ya falola mo dilong tsotlhe tseo di neng di e tsenya mo pitlaganong go tla go fitlha mo motlheng wa rona?

25 Ntlha ya bobedi ke gore: Ka ntlha ya lebaka la go bo La-Bodumedi yotlhe e ile ya tsaya kgato eno e e kgatlhanong le seo Bibela e se batlang, eleruri go a gakgamatsa go bo buka eno e ile ya tswelela pele e le teng go tla go fitlha gompieno mme e santse e na le tlhotlheletso e e molemo mo matshelong a batho ba le bantsi. Bibela e ile ya falola fa e ne e ganediwa mo go botlhoko gore e ranolwe, ditlhaselo tse di maswe tse di tswang mo baithuting ba segompieno, le boitshwaro jo eseng jwa Bokeresete jwa tsala ya yone ya maaka, ebong La-Bodumedi. Ka ntlhayang? Ka gonne Bibela ga e tshwane le buka epe e nngwe e e kwadilweng. Bibela ga e kake ya swa. Ke Lefoko la Modimo, mme Bibela ka boyone e re bolelela jaana: “Boyañ bo tlo bo omèlèlè, sethunya se shwabe: me lehoko ya Modimo oa rona le tla èma ka bosakhutleñ.”—Isaia 40:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go ne ga dirwa dithanolo di sekae ka dipuo tsa selegae. Mme gantsi ba ne ba leka go di gatisa boima ka mekwalo e e kgabisitsweng thata mme eleruri e ne e se tse di neng di ka dirisiwa ke batho botlhe.⁠2

[Mafoko a a mo go tsebe 34]

Dikereke tse dintsi tsa Boporotesetanta di ile tsa nna le seabe mo go tlhaselweng go gogolo ga Bibela ka thutego ya bone

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Hisitori ya La-Bodumedi tota e ne ya simolola fa Constantine a ne a letlelela “Bokere-sete” jwa motlha wa gagwe kafa molaong

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Bomopapa Gregory VII le Innocent III e ne e le bone ba ba kwa pele mo go kgaratlheng ga Kereke ya Katoliki go thibela Bibela gore e seka ya ranolelwa mo dipuong tse di neng di dirisiwa ka metlha tsa batho

[Setshwantsho mo go tsebe 33]

Boitshwaro jwa La-Bodumedi jo bo tshosang bo ile jwa dira gore ba le bantsi ba belaele gore a ruri Bibela ke Lefoko la Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 35]

Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, masole ano a Russia a ne a obamela setshwantsho sengwe sa bodumedi pele ga ba tsamaya go ya go bolaya “Bakeresete” ka bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela