Kgaolo 5
“Tesetamente E Ntšha”—A Ke Hisitori Kana Ke Tlhamane Fela?
“Gompieno Tesetamente E Ntšha e ka tlhalosiwa jaaka buka eo e tlhatlhobilweng thata go gaisa dibuka tsotlhe tsa lefatshe.” Go ne ga rialo Hans Küng mo bukeng ya gagwe eleng “On Being a Christian.” Mme o ne a bua boammaaruri. Mo dingwageng di le 300 tse di fetileng, Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di ile tsa tlhatlhobiwa thata. Di ile tsa tlhatlhobiwa ka botlalo le go lokololwa ka dikarolwana tse di nnye tsa tsone go feta dibuka dipe tse dingwe.
1, 2. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di ile tsa tshwarwa jang mo dingwageng di le 300 tse di fetileng? (b) Ke ditshwetso dife tse di sa tlwaelegang tse babatlisisi bangwe ba ileng ba di fitlhelela?
DITSHWETSO tseo di neng tsa fitlhelelwa ke bangwe ba ba neng ba di tlhatlhoba di ile tsa nna tse di sa tlwaelegang. Morago kwa ka lekgolo la bo-19 la dingwaga, Ludwig Noack kwa Jeremane o ne a swetsa ka gore Efangele ya ga Johane e kwadilwe ka 60 C.E. e kwalwa ke morutwa mongwe yo o rategang—yoo, go ya ka Noack, e neng e le Judase! Monna wa Mofora ebong Joseph Ernest Renan o ne a tlhagisa gore go tsoga ga ga Lasaro go bonala e le selo sa bolalome fela seo se neng se rulagantswe ke Lasaro ka boene e le gore a tshegetse maiphako a ga Jesu a gore o dira dikgakgamatso, fa rrathuto-bomodimo wa Mojeremane ebong Gustav Volkmar ene a ne a gatelela gore Jesu yoo tota a kileng a nna teng o ka bo gongwe a ile a seka a tla ka maiphako a gore ke Mesia.1
2 Kafa letlhakoreng le lengwe, Bruno Bauer, o ne a swetsa ka gore Jesu ga a ise a ko a tsamaye a nne gone ka gope! “O ne a bolela gore batho bao tota ba nnileng le seabe mo go tlhomiweng ga Bokeresete jwa pele ene e le Philo, Seneca, le Ba-Gnostic. Kwa bokhutlong o ne a tlhalosa gore Jesu yo go buiwang ka ene mo hisitoring ga a ise a ko a tsamaye a nne gone . . . gore bodumedi jwa Bokeresete bo simologile fa lekgolo la bobedi la dingwaga le ne le ela go fela mme bo ne bo tswa mo Bojudeng joo bo neng bo tletse ka botlhajana jwa Ba-Stoic.”2
3. Ba le bantsi ba santse ba na le kakanyo efe malebana le Bibela?
3 Gompieno, go na le ba sekae ba ba nang le megopolo eno e e feteletseng. Mme fa o bala dibuka tse di kwadilweng ke bakanoki ba segompieno, o tla fitlhela ba le bantsi ba santse ba dumela gore Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di na le dinoolwane, ditlhamane, le go fetelediwa ga dilo. A seno ke boammaaruri?
Di Kwadilwe Leng?
4. (a) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore re itse gore dibuka tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di ne tsa kwalwa leng? (b) Bangwe ba akanya gore Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di kwadilwe leng?
4 Go tsaya lobaka gore ditlhamane le dinoolwane di nne gone. Ka jalo potso e e reng, Dibuka tseno di kwadilwe leng?, e botlhokwa. Michael Grant, ebong rraditiragalo, o bolela gore dibuka tsa hisitori tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di ne tsa simololwa “dingwaga di le masome a mararo kana a le mane morago ga loso lwa ga Jesu.”4 Moithuta-marope wa Bibela ebong William Foxwell Albright o ne a tsopola C. C. Torrey jaaka fa a ne a konela ka “gore Dikwalo tsotlhe tsa Efangele di kwadilwe pele ga 70 A.D. le gore ga go na sepe mo go tsone seo se ka bong se ile sa seka sa kwalwa mo gare ga dingwaga di le masome a mabedi tsa Go Bapolwa.” Pono ya ga Albright ka namana e ne e le gore go kwalwa ga tsone go weditswe “eseng morago ga mo e ka nnang ka 80 A.D.” Ba bangwe ba tla ka diphopholetso tse di farologaneng go le gonnye le tseno, mme ba le bantsi ba a dumela gore go kwalwa ga “Tesetamente E Ntšha” go weditswe kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga.
5, 6. Re ka swetsa ka goreng mo ntlheng ya gore Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di ne tsa kwalwa eseng nako e telele thata morago ga gore ditiragalo tseo di di begang di diragale?
5 Seno se rayang? Albright o konela jaana: “Sotlhe seo re ka se bolelang ke gore lobaka lwa dingwaga tse di magareng ga di le masome a le mabedi le di le some a matlhano lo lonnye thata gore re bo re ka re diteng tse di botlhokwa tota le eleng le mafoko a a rileng a dilo tseo Jesu a neng a di bua di senyegile ka tsela epe fela e e bonalang.”5 Moperofesara Gary Habermas o oketsa jaana: “Dikwalo tsa Efangele di kwadilwe gaufi thata le lobaka lwa nako loo di lo begang, mme dihisitori tsa bogologolo gantsi di tlhalosa ditiragalo tseo di fetilweng ke makgolo a dingwaga di diragetse. Lefa go le jalo, borraditiragalo ba segompieno ba kgona go kwala ka katlego ka ditiragalo le eleng ka tsa dinako tseno tsa bogologolo.”6
6 Ka mantswe a mangwe, dikarolo tsa hisitori tse di mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete bobotlana di ka dumelwa fela jaaka dihisitori tsa lefatshe di dumelwa. Eleruri, mo masomeng a sekae a dingwaga magareng ga nako eo ditiragalo tsa Bokeresete jwa pele di diragetseng ka yone le eo di neng tsa begwa ka yone ka go kwalwa, go ne go sena nako ya gore go ka nna le ditlhamane le dinoolwane mo go tsone mme di bo di amogelwa mo lefatsheng lotlhe.
Bosupi jwa Bao Ba Boneng ka Matlho
7, 8. (a) Ke bomang ba ba neng ba santse ba tshela fa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di ne di kwalwa le go anamisiwa? (b) Re ka swetsa ka goreng tumalanong le seo Moporofesara F. F. Bruce a neng a se akgela?
7 Seno se ntse jalo segolo-bogolo ka ntlha ya lebaka la go bo bontsi jwa dipego tseno di bua ka bosupi jwa bao ba boneng ka matlho. Mokwadi wa Efangele ya ga Johane o ne a bolela jaana: “Eo, ke èna morutwa [morutwa yo Jesu a neng a mo rata] eo o shupañ dilō tse, a ba a kwala dilō tse.” (Yohane 21:24) Mokwadi wa buka ya Luke o bolela jaana: “Hèla yaka re di neilwe ke ba ba di bonyeñ ka matlhō, le ba e neñ e le badihedi ba lehoko mo tshimologoñ.” (Luke 1:2) Moaposetoloi Paulo, fa a ne a bua ka bao ba boneng go tsoga ga ga Jesu, o ne a re: “Ba bontsi yoa bōnè ba sa nntseñ ba leeō le gompiyeno, me bañwe ba setse ba robetse.”—1 Bakorintha 15:6.
8 Mo ntlheng eno, Moperofesara F. F. Bruce o akgela jaana ka mo go kgatlhisang: “Go ka nna ga bo go ne go se bonolo go le go kalo jaaka bakwadi bangwe ba akanya gore go itlhamelwe mafoko le ditiro tsa ga Jesu mo dingwageng tseo tsa pele, ka nako eo barutwa ba Gagwe ba bantsi jaana ba neng ba le gone ka yone, bao ba neng ba ka gakologelwa seo se neng sa diragala le seo se neng se sa diragala. . . . Barutwa ba ne ba ka seke ba kgona go lekeletsa diphoso (re sa bue sepe ka go fetola dintlha ka boomo), eleng selo seo se neng se tla senolwa ke bao ba neng ba tla itumelela thata go dira jalo. Phapaanong le seno, nngwe ya dintlha tse di nonofileng mo ditherong tsa pele tsa baaposetoloi ke go ikuela ga tsone ka tsholofelo mo go seo bareetsi ba se itseng; ba ne ba sa re fela, ‘Re basupi ba dilo tseno,’ mme gape ba ne ba re, ‘Yaka le lona lo itse’ (Ditihō 2:22).”7
A Tshedimosetso ya Tsone E A Ikanyega?
9, 10. Malebana le Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, re ka tlhomamisega ka eng?
9 A go ka kgonega gore bosupi jono jwa bao ba boneng ka matlho bo be bo ile jwa begiwa ka tshwanelo mme moragonyana jwa senyega? Ka mantswe a mangwe, a ditlhamane le dinoolwane di ile tsa tsenngwa morago ga gore go wediwe go kwalwa ga ntlha? Re setse re bone gore tshedimosetso e e mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete e mo boemong jo bo botoka go gaisa buka epe e nngwe ya bogologolo. Kurt le Barbara Aland, ebong bakanoki ba tshedimosetso ya Segerika e e mo Bibeleng, ba thathamisa mekwalo e e ka nnang 5 000 eo e ileng ya tswela pele e le teng go tloga mo nakong ya bogologolo go tla go fitlha gompieno, mengwe ya yone e le ya go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.8 Se se supelang bosupi jono jotlhe ka kakaretso ke gore tshedimosetso eno e utlwala sentle. Mo godimo ga moo, go na le dithanolo di le dintsi tsa bogologolo—tseo tsa ntlha tsa tsone e leng tsa mo e ka nnang ka ngwaga wa 180 C.E.—tseo di thusang go bontsha gore tshedimosetso eno e boammaaruri.9
10 Ka ntlha ya moo, re ka re fela ra re, re ka tlhomamisega gore dinoolwane le ditlhamane ga di a ka tsa tsenelela mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete morago ga gore bakwadi ba pele ba fetse go di kwala. Tshedimosetso e re nang le yone eleruri ke yone fela e bakwadi ba pele ba neng ba e kwadile, mme boammaaruri jwa yone bo tlhomamisiwa ke lebaka la go bo Bakeresete ba ba neng ba le gone ka nako eo ba ne ba e amogela. He, a re ka tlhatlhoba hisitori ya Bibela go bona gore a e boammaaruri ka go e bapisa le dihisitori tse dingwe tsa bogologolo? Ee, go ya bokgakaleng jo bo rileng.
Bosupi Jo Bo Kwadilweng
11. Bosupi jo bo kwadilweng jo bo seng mo Bibeleng bo tshegetsa ditiragalo tsa hisitori tse di mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete go ya bokgakaleng bofe?
11 Tota, malebana le ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe, bosupi jo bo kwadilweng jo bo seng mo Bibeleng bo bonnye fela thata. Re ne re ka lebelela seno, ereka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete e ne e le setlhophanyana se sennye fela seo se neng se sa nne le seabe mo dipolotiking. Mme bosupi joo hisitori ya lefatshe e bo neelang bo dumalana le seo re se balang mo Bibeleng.
12. Josephus o re bolelela eng ka ga Johane Mokolobetsi?
12 Ka sekai, morago ga gore masole a ga Herode Antipase a fenngwe mo go botlhoko, rraditiragalo wa Mojuda ebong Josephus, fa a ne a kwala ka 93 C.E., o ne a re: “Mo Bajudeng bangwe go senngwa ga masole a ga Herode go ne go bonala ekete ke Modimo o a ipusolosetsa, mme eleruri e le go ipusolosetsa go go siameng, ka ntlha ya tsela eo a neng a ile a tshwara Johane ka yone, yo o neng a bidiwa Mokolobetsi. Ka gonne Herode o ne a mmolaya, lemororo e ne e le monna yo o siameng ebile a ne a rotloetsa Bajuda gore ba tshele matshelo a a siameng, gore ba direle bankabone se se siameng le gore ba ineele mo Modimong.”10 Ka jalo Josephus o tlhomamisa pego eo Bibela e e neelang ya gore Johane Mokolobetsi e ne e le monna yo o siameng yo o neng a rera ka boikotlhao ebile e le yo o neng a bolawa ke Herode.—Mathaio 3:1-12; 14:11.
13. Josephus o tshegetsa hisitori ya gore Jakobe le Jesu ka boene ke ba mmatota jang?
13 Gape Josephus o umaka Jakobe, ebong monnaawe Jesu ka mmaagwe, yo Bibela e re bolelelang gore la ntlha o ne a sa latele Jesu mme moragonyana ga moo o ne a fetoga mogolwane yo o itsegeng thata kwa Jerusalema. (Yohane 7:3-5; Bagalatia 1:18, 19) O kwala ka ga go tshwarwa ga ga Jakobe ka mafoko ano: “[Moperesiti yo mogolo Ananuse] o ne a phutha baatlhodi ba Senehederine mme a tlisa monna mongwe yo o neng a bidiwa Jakobe mo pele ga bone, ebong monnaawe Jesu yo o neng a bidiwa Keresete, le ba bangwe ba ba rileng.”11 Fa a ne a kwala mafoko ano, Josephus gape o tlhomamisa gore “Jesu, yo o neng a bidiwa Keresete” e ne e le motho wa mmatota, wa mo hisitoring.
14, 15. Tacitus o tshegetsa jang seo se begwang ke Bibela?
14 Bakwadi ba bangwe ba pele le bone ba bua ka dilo tseo di umakilweng mo Dikwalong tsa Segerika. Ka sekai, Dikwalo tsa Efangele di re bolelela gore thero ya ga Jesu go dikologa Palesetine e ne ya arabelwa ke ba le bantsi. Fa Ponto Pilatwe a ne a mo atlholela loso, balatedi ba gagwe ba ne ba tlhakane ditlhogo mme ebile ba ne ba nyemile mooko thata. Ka bonakonyana morago ga moo, bone barutwa bano ka bopelokgale ba ne ba tlatsa Jerusalema ka thuto ya gore Morena wa bone o ne a tsositswe. Mo dingwageng di sekae fela, Bokeresete bo ne jwa tlalatlala mo Pusong yotlhe ya Roma.—Mathaio 4:25; 26:31; 27:24-26; Ditihō 2:23, 24, 36; 5:28; 17:6.
15 Bosupi jo bo bontshang ka moo seno se leng boammaaruri ka gone bo tla ka rraditiragalo wa Moroma ebong Tacitus, yo o neng a sa rate Bokeresete. Fa a ne a kwala ka bonako morago ga 100 C.E., o bolela kaga ka moo Bakeresete ba neng ba bogisiwa setlhogo ke Nero ka gone mme o oketsa jaana: “Christus, yo o simolotseng leina leno, o ne a ile a atlholelwa loso fa go ne go busa Tiberius, a atlholwa ke moemedi wa gagwe Ponto Pilatwe, mme tumelo-botlhodi e e kotsi e e neng ya anama e ne ya emisiwa ka nakwana, mme ya simolola gape, eseng mo Judea fela, eleng lefelo leo e neng e simologile mo go lone, mme mo motseng mogolo [eleng Roma] ka boone.”12
16. Ke tiragalo efe ya hisitori eo Bibela e buang ka yone eo Suetonius le ene a buang ka yone?
16 Mo go Ditihō 18:2 mokwadi wa Bibela o bolela gore “[mmusi wa Roma] Kalaudio o ne a laotse gore Bayuda botlhe ba cwè mo Roma.” Rraditiragalo wa Moroma wa lekgolo la bobedi la dingwaga ebong Suetonius le ene o bua ka ga go lelekwa gono. Mo bukeng ya gagwe The Deified Claudius, rraditiragalo yono a re: “Ereka Bajuda ba ne ba tsositse leferetlho ka metlha leo le neng le bakilwe ke Chrestus, [Kalaudio] o ne a ba leleka mo Roma.”13 Fa e le gore Chrestus fano o bua ka Jesu Keresete ebile fa e le gore ditiragalo tse di neng di diragala kwa Roma di ne tsa diragala le kwa metseng e mengwe, he dikhuduego tseno tota di ne di sa bakiwa ke Keresete (ke gore, balatedi ba ga Keresete). Go na le moo, e ne e le ka go bo Bajuda ba ne ba arabela ka tirisa-dikgoka mo tirong eno ya go rera ka boikanyego eo e neng e dirwa ke Bakeresete.
17. Ke metswedi efe ya tshedimosetso eo Justin Martyr a neng a na le yone mo lekgolong la bobedi la dingwaga eo e neng e tshegetsa seo Bibela e se begang ka ga dikgakgamatso tsa ga Jesu le go swa ga gagwe?
17 Justin Martyr, fa a ne a kwala mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, o ne a kwala jaana malebana le loso lwa ga Jesu: “Gore dilo tseno di ne tsa diragala, o ka tlhomamisa seno go tswa mo Ditirong tsa ga Ponto Pilatwe.”14 Mo godimo ga moo, go ya ka Justin Martyr, tsone dipego tseo di ne tsa umaka dikgakgamatso tse di neng tsa dirwa ke Jesu, tseo fa a ne a bua ka tsone a neng a re: “Gore O ile a dira dilo tseno, o ka bala go tswa mo Ditirong tsa ga Ponto Pilatwe.”15 Eleruri, “Ditiro” tseno, kana dipego tseno tsa semmuso, ga di tlhole di le gone. Mme go bonala fa di kile tsa nna gone mo lekgolong la bobedi la dingwaga, mme Justin Martyr o ne a gwetlha babadi ka tsholofelo gore ba lebelele mo go tsone gore ba bone ka moo seo a neng a se bua se leng boammaaruri ka gone.
Bosupi Jo Bo Neelwang ke Boithuta-Marope
18. Boithuta-marope bo tshegetsa jang ntlha ya gore Ponto Pilatwe o kile a nna teng?
18 Dilo tseo baithuta-marope ba ileng ba di bona le tsone di ile tsa bontsha kana tsa tlatsa seo re se balang mo Dikwalong tsa Segerika. Ka jalo, ka 1961 leina la ga Ponto Pilatwe le ne la fitlhelwa mo mokwalong mongwe mo masaleleng a lebala la metshameko la Roma kwa Kaisarea.16 Go fitlha ka nako ya fa seno se ne se bonwa, go ne go na le bosupi jo bo nnye fela, kwantle ga jo bo tswang mo Bibeleng ka boyone, jwa gore mmusi yono wa Roma o kile a nna gone.
19, 20. Ke batho bafe ba ba tlotlegang ba ba mo Bibeleng ba Luke a ba umakang (mo go Luke le Ditihō) bao ba ileng ba supelwa ke boithuta-marope?
19 Mo Efangeleng ya ga Luke, re bala gore Johane Mokolobetsi o ne a simolola bodihedi jwa gagwe “fa . . . Lesaniase e ne e le mmusi wa Abilene.” (Luke 3:1) Bangwe ba ne ba belaela polelo eno ka go bo Josephus o ne a umaka Lesaniase yo o neng a busa Abilene mme a swa ka 34 B.C.E., bogologolo thata pele ga go tsalwa ga ga Johane. Lefa go le jalo, baithuta-marope ba ile ba epolola mokwalo mongwe kwa Abilene oo o neng o umaka Lesaniase yo mongwe yo e neng e le tetrarch (mmusi wa kgaolo) ka nako ya fa go ne go busa Tiberius, yo o neng a busa jaaka Kaesara kwa Roma fa Johane a ne a simolola bodihedi jwa gagwe.17 Yono e ka tswa e ne e le ene Lesaniase yo Luke a neng a bua ka ene.
20 Mo go Ditihō re bala gore Paulo le Baranabase ba ne ba romelwa go ya go dira tiro ya borongwa kwa Kupero mme koo ba ile ba rakana le molaodi yo o neng a bidiwa Seregio Paulo, a le “motho oa tlhaloganyo.” (Ditihō 13:7) Mo bogareng jwa lekgolo la bo-19 la dingwaga, dilo tse di epolotsweng kwa Kupero di ne tsa bontsha mokwalo mongwe o e neng e le wa go tloga ka 55 C.E. oo o buang ka ene monna yono. Fa a ne a bua ka one, moithuta-marope G. Ernest Wright o bolela jaana: “Ke jone fela bosupi jo re nang le jone ka ga molaodi yono jo bo kwantle ga Bibela mme go a kgatlhisa go bo Luke a re naya leina la gagwe le maemo a gagwe ka tshwanelo.”18
21, 22. Ke ditiro dife tsa bodumedi tseo Bibela e di begang tseo di ileng tsa tlhomamisiwa ke dilo tseo baithuta-marope ba ileng ba di bona?
21 Fa Paulo a ne a le kwa Athena, o ne a re o bone sebeso sengwe se se neng se diretswe go nna “SA MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ.” (Ditihō 17:23) Go ile ga bonwa dibeso tseo di neng di diretswe medimo e e sa itseweng tsa Selatina kwa dikarolong dingwe tsa lefelo la Mmuso wa Roma. E nngwe ya tsone e ne ya bonwa kwa Pergamum e e neng e na le mokwalo oo o kwadilweng ka Segerika, jaaka fa go ka bo go ne go ntse jalo kwa Athena.
22 Moragonyana fa Paulo a ne a le kwa Efeso, o ne a ganediwa mo go maswe thata ke bathudi bangwe ba selefera, bao ba neng ba bona madi ka go dira ditempelana le ditshwantsho tsa modimogadi Artemis. Efesia e ne e bidiwa “modisa oa tempela ea ga [Artemis] eo mogolo.” (Ditihō 19:35, bapisa NW.) Tumalanong le seno, go ilwe ga bonwa dilo tse di betlilweng ka letsopa le ditshwantsho tsa ga Artemis tse di betlilweng ka letlapa la mmabole kwa lefelong la Efeso wa bogologolo. Mo lekgolong la bofelo la dingwaga, go ile ga epololwa masalela a tempele e kgolo ka boyone.
Di Utlwala Jaaka Boammaaruri
23, 24. (a) Re fitlhela kae bosupi jo bo tiileng jo bo bontshang ka moo dibuka tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di leng boammaaruri ka gone? (b) Ke nonofo efe e e leng gone mo pegong ya Bibela e e bontshang gore e boammaaruri? Tshwantsha.
23 Ka jalo hisitori le boithuta-marope di a bontsha, ebile go ya bokgakaleng jo bo rileng di tlatsa, gore ditiragalo tse di kaiwang ke Dikwalo tsa Segerika ke hisitori ya mmatota. Mme, gape, bosupi jo bo nonofileng jo bo bontshang ka moo dikwalo tseno di leng boammaaruri ka gone bo mo dibukeng tseno ka botsone. Fa o di bala, ga di utlwale jaaka ditlhamane. Di utlwala jaaka boammaaruri.
24 Ka sekai, di bua puo phaa fela. A o ke o akanye ka se se begilweng kaga Petere. Go bolelwa ka botlalo kafa a neng a palewa ka gone ka tsela e e tlhabisang ditlhong go tsamaya mo godimo ga metsi. Morago ga moo, Jesu o raya moaposetoloi yo o tlotlegang thata yono a re: “Tloga ha pele ga me Satana.” (Mathaio 14:28-31; 16:23) Mo godimo ga moo, morago ga gore Petere a ganele ka maatla gore le eleng le fa ba bangwe ba ka tlogela Jesu, ene o ne a se kitla a bo a dira jalo, o ne a robala ka nako ya fa a ne a lebeletse bosigo mme a bo a itatola Morena wa gagwe gararo.—Mathaio 26:31-35, 37-45, 73-75.
25. Bakwadi ba Bibela ba senola makoa afe a baaposetoloi ka go bua puo phaa?
25 Mme legale ga e se Petere fela yo go senolwang makoa a gagwe. Pego eno e e buang puo phaa ga e fitlhe go ngangisana ga baaposetoloi malebana le gore ke mang yo mogolo mo go bone. (Mathaio 18:1; Mareko 9:34; Luke 22:24) Ebile ga e tlogele go re bolelela gore mmaagwe baaposetoloi ebong Jakobe le Johane o ne a kopa Jesu gore a neye bomorwawe maemo a a rategang thata mo Bogosing jwa gagwe. (Mathaio 20:20-23) “Kgañ e e botlhoko” magareng ga Barenabase le Paulo le yone e kwadilwe ka boikanyego.—Ditihō 15:36-39.
26. Ke dintlha dife tse di malebana le go tsoga ga ga Jesu tseo di ka bong di ile tsa akarelediwa fela fa e ne e le gore di boammaaruri?
26 Se sengwe gape se se lemosegang, ke lebaka la go bo buka ya Luke e re bolelela gore e ne e le “basadi, ba ba duleñ naè kwa Galalia,” bao ba neng ba itse pele kaga go tsoga ga ga Jesu. Seno ke selo seo se sa tlwaelegang thata mo mokgatlhong wa batho o go neng go utlwiwa ka banna fela mo go one wa lekgolo la ntlha la dingwaga. Eleruri, go ya ka pego eno, seo basadi bano ba neng ba se bua e ne ya “nna yaka ditlhamane hèla” mo baaposetoloing. (Luke 23:55–24:11) Fa e le gore hisitori e e mo Dikwalong tsa Segerika ga e boammaaruri, e tshwanetse ya bo e ile ya itlhamelwa he. Mme ke ka ntlhayang fa motho ope a ne a ka itlhamela kgang e e sa bueng molemo jaana ka batho ba ba tlotlegang jalo? Dilo tseno di ne di tla akarelediwa fela fa e le gore di ne di le boammaaruri.
Jesu—Ke Motho wa Mmatota
27. Rraditiragalo mongwe o supang malebana le gore Jesu o kile a nna teng go ya ka hisitori?
27 Ba le bantsi ba ile ba leba Jesu jaaka fa a tlhalosiwa mo Bibeleng jaaka motho wa kgang e e intsheditsweng mo tlhogong fela. Mme rraditiragalo ebong Michael Grant o tlhalosa jaana: “Fa re dirisa one mokgwa wa go atlhola mo Tesetamenteng E Ntšha, jaaka fa re tshwanetse go dira jalo, o o tshwanang le o re tshwanetseng ra o dirisa mo dibukeng tse dingwe tsa bogologolo tse di nang le dilo tsa hisitori mo go tsone, ga re kake ra tlhola re ganela gore Jesu o kile a nna gone fela jaaka fa re ka se ganele gore bontsi jwa batho ba ba tumileng ba baheitane bao go sekeng go ganelwa le ka motlha ope gore ba kile ba nna teng e le batho mo hisitoring.”19
28, 29. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go bo Dikwalo tse nne tsa Efangele di bo di tlhalosa botho jwa ga Jesu ka tsela e e tshwanang?
28 Mo Bibeleng ga go tlhalosiwe fela gore Jesu o kile a nna gone mme gape go tlhalosiwa le ka botho jwa gagwe e leng se se utlwalang e le boammaaruri jo bo ka sekeng jwa ganediwa. Ga go bonolo go itlhamela motho yo o sa tlwaelegang mme go tswa foo o be o mo tlhalosa fela ka tsela e e tshwanang mo bukeng yotlhe. Go batla go sa kgonege gore bakwadi ba le banè ba ba farologaneng ba ka kwala kaga motho a le esi mme ba mo tlhalosa ka tsela e e tshwanang ka metlha fa e le gore motho yoo ga a ise a ko a tsamaye a nne gone tota. Lebaka la go bo Jesu yo o tlhalosiwang mo Dikwalong tsotlhe tseno tse nne tsa Efangele a bonala e le motho a le esi ke bosupi jo bo tlhotlheletsang jwa gore Dikwalo tseno tsa Efangele di boammaaruri.
29 Michael Grant o tsopola potso eno e e tshwanelang tota: “Go tla jang gore mo dilong tsotlhe tse di bolelwang ke Dikwalo tsa Efangele, go sa tlogelwe sepe kwa morago, go tlhage setshwantsho se se tlhomameng ka mo go tlhomologileng sa lekawana leno la maratwa go lejwa le tsamaya mo gare ga basadi ba mefuta yotlhe le sa tshabe, go akareletsa le bao kwantle ga pelaelo ba neng ba sena leina le lentle, a sa tseege maikutlo le go le go nnye, a sa bonale a sa phuthologa, kana a le ditlhong, mme lefa go le jalo, mo ntlheng nngwe le nngwe, a ntse a boloka botho jone joo jwa bothokgami fela?”20 Karabo e le yosi fela ke gore motho wa go nna jalo eleruri o kile a nna gone mme o ne a dira fela kafa Bibela e bolelang ka gone.
Lebaka La Go Bo Ba Sa Dumele
30, 31. Ke ka ntlhayang fa ba le bantsi ba sa amogele Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete jaaka tse di leng boammaaruri go ya ka hisitori go sa kgathalesege bosupi jotlhe jo bo leng gone?
30 Ereka go na le bosupi jo bo tlhotlheletsang jwa gore Dikwalo tsa Segerika ke hisitori e e boammaaruri, ke ka ntlhayang fa ba bangwe ba re ga go a nna jalo? Ke ka ntlhayang fa ba le bantsi, lemororo ba dumela gore dikarolo dingwe tsa tsone di boammaaruri, lefa go le jalo ba gana go dumela sengwe le sengwe seo se leng mo go tsone? Thata-thata ke ka go bo Bibela e bega ka dilo tseo batlhalefi ba segompieno ba sa batleng go di dumela. Ka sekai, e bolela gore Jesu o ne a diragatsa dipolelelopele a bo a di bolela. Gape e re bolelela gore o ne a dira dikgakgamatso le gore morago ga loso lwa gagwe o ne a tsosiwa.
31 Mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga le le tletseng ka go belaela dilo, dilo tsa go nna jalo ga di dumelwe. Malebana le dikgakgamatso, Moporofesara Ezra P. Gould o tlhalosa jaana: “Go na le kakanyo nngwe eo batshwaya-diphoso ba ikutlwang ba se phoso fa ba na le yone . . . gore dikgakgamatso ga di diragale.”21 Bangwe ba a dumalana gore Jesu a ka nna a bo a ile a fodisa, legale e le go fodisa ba malwetse a mofuta o o bakwang ke go tshwenyega tlhaloganyo fela, ‘ba ba lwatswang ke tlhaloganyo.’ Fa e le ka dikgakgamatso tse dingwe, ba le bantsi ba di tlhalosa jaaka dilo tse di itlhametsweng fela kana jaaka dilo tse di kileng tsa diragala tota mme di ile tsa sokamisiwa fa di ne di bolelwa.
32, 33. Bangwe ba ile ba leka jang go fetola kgakgamatso e e dirilweng ke Jesu ya go fepa boidiidi jo bogolo jwa batho, mme ke ka ntlhayang fa seno se sa utlwale?
32 Jaaka sekai, a ko o tlhokomele tiragalo ele ya fa Jesu a ne a fepa boidiidi jwa batho ba feta 5 000 ka dinkgwenyana di sekae fela le ditlhapi di le pedi. (Mathaio 14:14-22) Mokanoki mongwe wa lekgolo la bo-19 la dingwaga ebong Heinrich Paulus o ne a tlhagisa gore seo tota se neng sa diragala e ne e le seno: Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba fitlhela ba reeditswe ke matshutitshuti a magolo a batho bao ba neng ba tshwerwe ke tlala. Ka jalo o ne a swetsa ka gore a tlhomele bahumi ba ba neng ba le mo gare ga bone sekao se se molemo. O ne a tsaya dijonyana di sekae tseo ene le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba na le tsone mme a di kgaogana le matshutitshuti ao a batho. Ka bonako fela, ba bangwe bao ba neng ba tlile ka dijo ba ne ba latela sekao sa gagwe mme ba kgaogana tsa bone le ba bangwe. Kwa bokhutlong, go ne ga fepiwa matshutitshuti ano otlhe.22
33 Lefa go le jalo, fa e le gore tota go ile ga diragala jalo, seo e ne e le bosupi jo bo tlhomologileng jwa go bontsha ka moo sekao se se molemo se leng maatla ka gone. Ke ka ntlhayang fa kgang eno e e kgatlhisang le e e nang le bokao e ne e tshwanetse ya sokamisiwa go e dira gore e utlwale e le kgakgamatso e e sa tlwaelegang? Eleruri, maiteko otlhe ano a go tlhalosa dikgakgamatso tseno jaaka dilo dingwe tseo eseng dikgakgamatso a baka mathata a mantsi go feta a a ka a rarabololang. Mme otlhe a theilwe mo dilong tseo ba di ikakanyetsang tsa maaka. Ba simolola ba dumela gore dikgakgamatso ga di kake tsa diragala. Mme ke ka ntlhayang fa go tshwanetse ga nna jalo?
34. Fa e le gore eleruri Bibela e na le dipolelelopele tse di boammaaruri le dipego tsa dikgakgamatso tse e leng tsa boammaaruri, seno se supa eng?
34 Go ya ka ditekanyetso tse di utlwalang thata, Dikwalo tsa Sehebera gammogo le tsa Segerika ke hisitori e e boammaaruri, lefa go le jalo tsoopedi di na le dikai tsa dipolelelopele le dikgakgamatso. (Bapisa 2 Dikgosi 4:42-44.) He, go tweng fa e le gore dipolelelopele tsa tsone di boammaaruri? Mme go tweng fa e le gore dikgakgamatso tota di ne tsa diragala? He eleruri Modimo ke one o tlhotlheleditseng go kwalwa ga Bibela, ebile eleruri ke lefoko la gagwe, eseng la motho. Mo kgaolong e e tlang, re tla tlotla ka kgang ya dipolelelopele, mme sa ntlha a re ke re sekasekeng dikgakgamatso. A go a utlwala mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga gore re dumele gore mo makgolong a dingwaga a pelenyana dikgakgamatso di ile tsa diragala?
[Mafoko a a mo go tsebe 66]
Ke ka ntlhayang fa Bibela e ne e ka bega gore go tsoga ga ga Jesu go ne ga bonwa pele ke basadi fa e le gore tota seno se ne se sa diragala?
[Lebokoso mo go tsebe 56]
Botshwaya-Diphoso jwa Segompieno Bo Fitlhetswe Bo Tlhaela
Jaaka sekai sa ka moo botshwaya-diphoso jwa segompieno jwa Bibela bo sa tlhomamang ka gone tlhokomela dikakgelo tseno tse di dirilweng ke Raymond E. Brown malebana le Efangele ya ga Johane: “Kwa bokhutlong jwa lekgolo le le fetileng la dingwaga le mo dingwageng tsa ntlha tsa lekgolo leno la dingwaga, bakanoki ba ile ba belaela Efangele eno mo go maswe. Go ne ga bolelwa fa Johane a e kwadile morago thata, tota le eleng mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la bo-2 la dingwaga. Ereka e kwadilwe ke Bagerika, go ne go akanngwa gore ga e botlhokwa gotlhelele mo hisitoring le gore ga e amane go le go kalo le Palesetina wa ga Jesu wa Nasaretha . . .
“Ga go na epe fela ya tseno eo e iseng e ko e amiwe ke metseletsele ya dilo tseo di bonweng go sa lebelelwa ke boithuta-marope, bosupi jo bo kwadilweng, tse di amanang le tshedimosetso eo. Dilo tseno tse di bonweng di ile tsa dira gore re gwetlhe dipono tsa botshwaya-diphoso ka botlhale tse di neng di batlile e nna tse di tlhomameng le gore re lemoge ka moo motheo o o neng o tshegetsa ditlhaloso tseno tse di belaetsang thata tse di malebana le Johane o neng o le bokoa ka gone . . .
“Letlha la Efangele eno le buseditswe kwa morago go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo-1 la dingwaga kana le eleng pelenyana ga moo. . . . Gongwe se se gakgamatsang le go feta, ke gore bakanoki bangwe ga ba tshabe go tlhagisa gape gore Johane morwa Sebedia a ka nna a bo a ne a amana ka tsela nngwe le Efangele eno”!3
Ke ka ntlhayang fa go tshwanetse ga bonala go gakgamatsa gore re bo re ka dumela gore Johane o ne a kwala buka eo a itsiweng ka yone ka tlwaelo? Ke fela ka ntlha ya go bo e sa dumalane le seo batshwaya-diphoso ba se akanyang.
[Lebokoso mo go tsebe 70]
Bibela E A Tlhaselwa Gape
Timothy P. Weber o kwala jaana: “Dilo tse di ileng tsa bonwa ke batshwaya-diphoso ba maemo a a kwa godimo di ile tsa pateletsa batho ba le bantsi ba eleng batho fela gore ba belaele kgono ya bone ya go tlhaloganya sengwe le sengwe [se se mo Bibeleng]. . . . A. T. Pierson o ne a bontsha ka moo Baefangele ba le bantsi ba paletsweng ka gone fa a ne a tlhalosa gore ‘jaaka Bokatoliki jwa Roma, [botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo] bo itsa batho ba eleng batho fela Lefoko la Modimo ka go dumela gore ke bakanoki fela ba ba ka le tlhalosang; fa Roma yone e baya moperesiti fa gare ga motho le Lefoko leno, botshwaya-diphoso bo baya moakgedi yo o rutegileng fa gare ga motho yo o dumelang le Bibela ya gagwe.’”23 Ka jalo, botshwaya-diphoso jwa maemo a a kwa godimo jwa segompieno bo senolwa gore ke tsela e nngwe fela gape ya go tlhasela Bibela.
[Setshwantsho mo go tsebe 62]
Sebeso seno sa kwa Pergamum go bonala se ne se diretswe “medimo e e sa itsiweng”
[Setshwantsho mo go tsebe 63]
Matlotla a tempele e e kileng ya bo e itsege ya Artemis eo Baefesia ba neng ba ikgantsha ka yone
[Setshwantsho mo go tsebe 64]
Bibela e bega ka boikanyego gore Petere o ne a itatola gore o itse Jesu
[Setshwantsho mo go tsebe 67]
Bibela e bega ka boikanyego ka “kgañ e e botlhoko” e e neng e le magareng ga ga Paulo le Baranabase
[Setshwantsho mo go tsebe 68]
Lebaka la go bo Jesu a tlhalosiwa ka tsela e e tshwanang mo Dikwalong tsa Efangele ka bonè jwa tsone ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore di boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 69]
Batshwaya-diphoso ba le bantsi ba segompieno ba go tsaya motlhofo fela gore dikgakga-matso ga di diragale