Kgaolo 6
Dikgakgamatso—A Tota Di Kile Tsa Diragala?
Tsatsi lengwe ka 31 C.E., Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le mo loetong go ya kwa Naina, eleng motse o o kwa bokone jwa Palesetina. Fa ba atamela kgoro ya motse ono, ba ne ba rakana le mokoloko wa phitlho. Go ne go tlhokafetse lekawana lengwe. Mmaagwe e ne e le motlholagadi, mme e ne e le ene fela morwaawe a le esi, ka jalo jaanong o ne a setse a le esi fela. Go ya ka se se begiwang, Jesu o ne “a mo tlhomogèla pelo, me a mo raea, a re, Se lele. Me a atamèla a ama secholō: me ba ba mo rweleñ ba èma. Me a re, Lekau, kea gu raea, Coga. Me eo o na a shule a rapamologa, me a simolola go bua.”—Luke 7:11-15.
1. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Jesu o ne a dira kgakgamatso efe gaufi le motse wa Naine? (b) Dikgakgamatso tse di mo Bibeleng di botlhokwa go le kana kang, mme a batho botlhe ba dumela gore eleruri di ne tsa diragala?
KE KGANG e e itumedisang, a mme ke boammaaruri? Ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go dumela gore tota dilo tse di ntseng jalo di kile tsa diragala. Lefa go le jalo, dikgakgamatso ke karolo e e botlhokwatlhokwa ya pego ya Bibela. Go dumela mo Bibeleng go raya gore o dumele gore dikgakgamatso di kile tsa diragala. Totatota, tsela yotlhe eo boammaaruri jwa Bibela bo ntseng ka yone e ikaegile ka kgakgamatso nngwe e e leng botlhokwa thata: eleng go tsosiwa ga ga Jesu Keresete.
Lebaka la Go Bo Bangwe Ba Sa Dumele
2, 3. Ke lebaka lefe le le lengwe leo motlhalefi wa Scotland ebong David Hume a neng a le dirisa fa a ne a leka go bontsha gore dikgakgamatso ga di ke di diragala?
2 A o dumela dikgakgamatso? Kana a o ikutlwa gore mo motlheng ono wa saense, ga go utlwale gore re dumele dikgakgamatso—ke gore, mo ditiragalong tse di sa tlwaelegang tse di bontshang gore go ile ga tsenelela mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho? Fa e le gore ga o di dumele, ga se wena wa ntlha. Makgolo a le mabedi a dingwaga a a fetileng, motlhalefi mongwe wa kwa Scotland ebong David Hume o ne a na le bothata jo bo tshwanang. E ka nna ya bo e le gore mabaka a gago a go bo o sa di dumele a tshwana le a gagwe.
3 Dilo tseo Hume a ganetsang kgopolo e e malebana le dikgakgamatso ka tsone di ne di kopanyeletsa dintlha dingwe di le tharo tse di tlhomologileng.1 Ya ntlha, o kwala jaana: “Kgakgamatso ke go roba melao ya tlholego.” Fa esale go tloga bogologolo tala motho a ntse a ikaegile ka melao ya tlholego. O a itse gore fa selo se latlhelwa fa fatshe se tla wa, gore letsatsi le tlhaba moso mongwe le mongwe ebile le phirima bosigo bongwe le bongwe, jalo le jalo. Ka tlholego fela, o a itse gore dilo ka metlha di tla nna di ntse di diragala ka tsela e e tshwanang le eo. Ga go na sepe se se tla diragalang seo se sa utlwaneng le melao ya tlholego. Hume o ne a akanya gore, ‘bosupi’ jono “bo feletse fela jaaka selo sepe seo motho a se ganelang ka ntlha ya boitemogelo jo a nang najo” a ganela gore go a kgonagala gore dikgakgamatso di diragale.
4, 5. Ke mabaka afe a mangwe a mabedi ao David Hume a a bolelang a go bontsha gore dikgakgamatso ga di kgonagale?
4 Selo sa bobedi seo a neng a se bolela e ne e le gore batho ba tsiediwa bonolo fela. Bangwe ba rata go dumela mo dikgakgamatsong le mo metlholong, segolo-bogolo fa di amana le bodumedi, mme bontsi jwa tsone dilo tse di bidiwang dikgakgamatso tseo di ile tsa felela e se tsa boammaaruri. Sa boraro seo a neng a se bolela ke gore dikgakgamatso ka gale di begiwa ka nako ya metlha ya botlhoka kitso. Fa batho ba ntse ba rutega go ya pele, go begiwa dikgakgamatso di sekae fela. Jaaka fa Hume a tlhalosa, “Ditiragalo tse di sa tlwaelegang tseno ga di tlhole di diragala le eseng mo metlheng ya rona.” Ka jalo, o ne a akanya gore seno se bontsha gore ga di ise di ko di tsamaye di diragale.
5 Go tla go fitlha gompieno, bontsi jwa dilo tse di bolelwang tse di leng kgatlhanong le dikgakgamatso di latela melao-metheo eno e e akaretsang, ka jalo a re ke re sekasekeng dilo tseno ka bongwe ka bongwe tseo Hume a ganelang ka tsone.
A Di Kgatlhanong le Melao ya Tlholego?
6. Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale go ganetsa ntlha e e malebana le dikgakgamatso o dirisa lebaka la gore di ‘roba melao ya tlholego’?
6 Go tweng ka polelo ya gore dikgakgamatso di ‘roba melao ya tlholego’ mme ka jalo ga di kake tsa nna boammaaruri? Fa re tsaya seno fela jaaka se ntse, go ka nna ga bonala ekete se boammaaruri; mme tlhatlhoba seo tota a se bolelang. Ka gale, kgakgamatso e ka tlhalosiwa jaaka sengwe seo se diragalang se sa tsamaisane le melao e e tlwaelegileng ya tlholego.a Ke tiragalo eo e sa lebelelwang mo eleng gore bao ba e lebeletseng ba tlhatswega pelo gore ba bone selo se se dirilweng ke maatla a a fetang a motho. Ka jalo, seo se bolelwang tota se raya gore: ‘Dikgakgamatso ga di kgonagale ka gonne di a gakgamatsa!’ Ke ka ntlhayang fa o sa sekaseke bosupi jono pele ga o ka dira tshwetso ya go nna jalo ka bonako?
7, 8. (a) Malebana le melao ya tlholego jaaka fa re e itse, borrasaense ba ile ba bulega ditlhaloganyo jang malebana le seo ba se akanyang ka dilo tseo di kgonagalang le tseo di sa kgonagaleng? (b) Fa e le gore re dumela mo Modimong, ke eng gape seo re tshwanetseng ra se dumela malebana le kgono ya gagwe ya go dira dilo tse di sa tlwaelegang?
7 Boammaaruri ke gore, batho ba ba rutegileng gompieno ga ba rate go le kalo go tatalalela ntlha ya gore melao e e tlwaelegileng ya tlholego e a tshwana gongwe le gongwe le ka dinako tsotlhe jaaka David Hume a ne a dira. Borrasaense ba dumalana go ipotsa gore, a mo boemong jwa dilo di le tharo tseo di dirisiwang go lekanya boleele, bophara, le bogodimo, go ka nna ga bo go na le dilo tse dingwe di le dintsi tse di oketsegileng mo lobopong tse di ka dirisiwang go lekanya.2 Ba akanya gore go na le dinaledi dingwe tse di fetogileng go nna tse dintsho, eleng dinaledi tse dikgolo tseo di gosomanelang mo teng ka botsone go fitlhelela di nna le boima jo bo batlang bo ka se kgone go lekanngwa. Go di dikologa go bolelwa gore sebaka seo se leng teng moo se sokame mo eleng gore nako ka boyone e ema e re tsi.3 Borrasaense ba ile ba bo ba ganetsana malebana le gore, a tlase ga maemo mangwe a a rileng, nako e ne e ka boela kwa morago mo boemong jwa gore e ye kwa pele!4
8 Stephen W. Hawking, ebong Lucasian Professor wa Mathematics kwa Unibesithing ya Cambridge, fa a ne a tlotla malebana le ka moo lebopo le simologileng ka gone, o ne a re: “Go ya ka kgopolo e e tlwaelegileng ya general relativity . . . lobopo lo tshwanetse lwa bo lo simologile e le selo se le sengwe fela se se nang le boima jo bo ka se kgoneng go lekanngwa ebile e le seo sebaka mmogo le nako di fetang di kobegela mo go sone fa di fitlha mo go sone. Tlase ga maemo ao, melao yotlhe eo e itsegeng ya fisiki e ne e se kitla e tlhola e bereka.”5 Ka jalo, borrasaense ba segompieno ga ba dumalane le gore ka ntlha ya go bo sengwe se le kgatlhanong le melao e e tlwaelegileng ya tlholego ga se kake sa diragala le ka motlha. Mo maemong a a sa tlwaelegang, dilo tse di sa tlwaelegang di ka diragala. Eleruri, fa e le gore re dumela mo Modimong Mothatayotlhe, re tshwanetse ra dumalana gore o na le nonofo ya go dira gore dilo tse di sa tlwaelegang di diragale—tse di gakgamatsang—fa go tshwanela boikaelelo jwa gagwe.—Ekesodo 15:6-10; Isaia 40:13, 15.
Go Tweng ka Dikgakgamatso Tse Eseng tsa Boammaaruri?
9. A ke boammaaruri gore dikgakgamatso dingwe ke tse eseng tsa boammaaruri? Tlhalosa karabo ya gago.
9 Ga go na motho ope yo o tsayang sentle yo o neng a ka latola gore go na le dikgakgamatso tse eseng tsa boammaaruri. Ka sekai, bangwe ba bolela gore ba na le nonofo ya go fodisa ba ba bobolang ka go ba fodisa ka mo go gakgamatsang ka tumelo. Ngaka nngwe ya kalafi, ebong William A. Nolan, o ne a inaya tiro e e kgethegileng ya go batlisisa ka mokgwa ono wa go fodisa. O ne a batlisisa malebana le diphodiso di le mmalwa tseo di bolelwang ke bafodisi ba baefangele ba ba fodisang ka go rapelela ba kwa United States gammogo le bao go tweng ke dingaka tse di nang le maatla mangwe a eseng a tlholego ba kwa Asia. Diphelelo e ne ya nna eng? Sotlhe seo a neng a se bona e ne e le dikao tsa go swaba le tsietso.6
10. A o akanya gore lebaka la go bo dikgakgamatso dingwe di ile tsa supiwa gore e ne e se tsa boammaaruri le bontsha gore dikgakgamatso tsotlhe ke tsa maaka?
10 A dilo tse di ntseng jalo tsa go tsietsa di raya gore dikgakgamatso tsa boammaaruri ga di ise di ke di tsamaye di diragale? Eseng ka dinako tsotlhe. Ka dinako tse dingwe re utlwalela ka ga madi a pampiri a eseng one ao a ileng a dirisiwa go reka, mme seo ga se reye gore madi otlhe ke a eseng a boammaaruri. Batho bangwe bao ba lwalang ba dumela thata mo bathong bangwe ba ba itirang ekete ke dingaka tsa kalafi, mo dingakeng tse di tsietsang, mme ba ba naya madi a se kana ka sepe. Mme seo ga se reye gore dingaka tsotlhe di a tsietsa. Bataki bangwe ba ile ba nna ditswerere mo go tsietseng “bataki ba ba tumileng ba bogologolo” dilo tsa bone tsa botaki ka go di kopolola fela jaaka di ntse. Mme seo ga se reye gore dilo tsotlhe tsa botaki ke tsa tsietso. Ebile lebaka la go bo dilo tse go neng go bolelwa gore ke dikgakgamatso e le maaka fela ga le reye gore dikgakgamatso tsa boammaaruri ga di kake tsa diragala.
‘Dikgakgamatso Ga Di Diragale Jaanong’
11. Selo sa boraro seo David Hume a neng a se bolela malebana le dikgakgamatso e ne e le eng?
11 Selo sa boraro seo a neng a se bolela se ne sa sobokanngwa mo polelong e e reng: “Ditiragalo tse di sa tlwaelegang tseo ga di ko di bo di diragala mo metlheng ya rona.” Hume o ne a ise a ko a tsamaye a bone kgakgamatso, ka jalo o ne a gana go dumela gore dikgakgamatso di ne di ka diragala. Lefa go le jalo, mokgwa ono wa go akanya ga o a tlhomama. Motho mongwe le mongwe fela yo o kgonang go akanya sentle o tshwanetse a dumela gore, pele ga motlhalefi yono wa Scotland a nna gone, “ditiragalo tse di sa tlwaelegang” di ne tsa diragala tseo di ileng tsa se ka tsa boelediwa gape ka nako e a neng a tshela ka yone. Ke ditiragalo dife?
12. Ke dilo dife tse di kgatlhisang tseo di ileng tsa diragala mo nakong e e fetileng tseo di ka sekeng tsa tlhalosiwa ka melao ya tlholego eo e berekang gompieno?
12 Ka sekai, botshelo bo ile jwa simologa mo lefatsheng. Go tswa foo, dilo dingwe tse di tshelang di ne tsa dirwa gore di kgone go ikutlwa. Kgabagare, motho o ne a nna gone, a neilwe botlhale, go akanya, kgono ya go rata, le kgono ya go nna le segakolodi. Ga go na rrasaense ope yo o ka tlhalosang gore dilo tse di sa tlwaelegang tseno di ne di diragetse jang a theile seo mo melaong ya tlholego eo e dirang gompieno. Mme lefa go le jalo re na le bosupi jo bo bonalang jwa gore di ne tsa diragala.
13, 14. Ke dilo dife tse di tlwaelegileng gompieno tseo di neng di ka bonala di gakgamatsa mo go David Hume?
13 Mme go tweng ka “ditiragalo tse di sa tlwaelegang” tseo di ileng tsa diragala fa esale go tloga ka motlha wa ga David Hume? A re tseye gore re ne re ka kgona go busetsa nako kwa morago mme ra mmolelela ka lefatshe la gompieno. A o ke o akanye fela o leka go mo tlhalosetsa gore rrakgwebo wa kwa Hamburg o kgona go bua le mongwe yo o leng dikilometara di le diketekete kgakala le ene kwa Tokyo kwantle ga gore a buele kwa godimo le eseng; gore motshameko wa kgwele ya dinao wa kwa Spain o ka kgonwa go bonwa mo lefatsheng lotlhe le eleng ka nako eo o tshamekang ka yone; gore disutlha-lefaufau tse dikgolo go feta dikepe tse di tsamayang mo lewatleng tseo di neng di le gone ka motlha wa ga Hume di kgona go tlhatlogela kwa godimo go tswa mo fatshe mme di bo di rwala batho ba le 500 mo lefaufaung dikilometara di le diketekete mo sebakeng sa dioura di sekae fela. A o ka akanya fela gore o ne a tla arabela jang? ‘Seo ga se kake sa diragala! Ditiragalo tseo tse di sa tlwaelegang ga di ko di diragala mo metlheng ya rona!’
14 Lefa go le jalo ‘dilo tse di sa tlwaelegang’ tseno di a diragala mo metlheng ya rona. Ka ntlhayang? Ka gonne motho, a dirisa melawana ya gagwe ya saense eo Hume a iseng a ko a akanye ka yone, o ile a ithuta go dira megala, dithelebishene, le difofane. He, a go thata go le go kalo go dumela gore mo dinakong tse di fetileng Modimo o ne a ka bo ka dinako dingwe a ile a dira dilo tseo di gakgamatsang mo go rona, a di dira ka ditsela tse re santseng re sa di tlhaloganye?
Re Ka Itse Jang?
15, 16. Fa e le gore dikgakgamatso eleruri di ile tsa diragala, ke tsela efe e le yosi fela eo re neng re ka itse kaga tsone ka yone? Tlhalosa karabo ya gago.
15 Legale, fa re re dikgakgamatso di ka nna tsa bo di ile tsa diragala ga go reye gore di ile tsa diragala. Re ka itse jang, mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga, gore a bogologolo mo metlheng ya Bibela Modimo o ne a dira dikgakgamatso tsa boammaaruri ka batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng kana nnyaa? O ne o ka lebelela bosupi jo bo ntseng jang mo dilong tsa go nna jalo? A o ke o akanye ka monna mongwe wa morafe mongwe wa bogologolo yo o tserweng mo legaeng la gagwe la kwa sekgweng a bo a isiwa kwa toropong nngwe e kgolo gore a etele teng. Fa a boa, a ka tlhalosetsa batho ba morafe wa gaabo jang ka ga dikgakgamatso tse di lerilweng ke tlhabologo? Ga a kake a tlhalosa tsela e sejanaga se berekang ka yone kana gore ke ka ntlhayang fa mmino o tlhaga mo seyalemoyeng se se akgiwang ka letsogo. Ga a kake a dira khomputara gore a bontshe gore go na le selo se se ntseng jalo. Seo a ka se dirang fela ke go ba bolelela seo a se boneng.
16 Re mo boemong jo bo tshwanang le jwa batho ba morafe wa monna yoo. Fa e le gore ruri Modimo o ile a dira dikgakgamatso, tsela e le yosi fela eo re ka itseng ka dilo tseno ka yone ke go tswa mo bathong bao ba di boneng ka matlho. Basupi bano ba ba di iponetseng ka matlho ga ba kake ba tlhalosa gore dikgakgamatso tseno di diragetse jang, ebile ga ba kake ba di boeletsa gape. Ba ka re bolelela fela seo ba se boneng. Ka tlwaelo, basupi ba ba iponetseng ka matlho ba ka tsiediwa bonolo. Gape ba ka nna ba feteletsa dilo bonolo fela le go bolela tshedimosetso e e seng boammaaruri. He, fa e le gore re tshwanetse ra dumela seo ba neelang bosupi ka sone, re tshwanetse ra itse gore basupi bano ba ba iponetseng ka matlho ba bua boammaaruri, ke ba boleng jo bo kwa godimo, ebile ba ile ba itshupa gore ba na le maikaelelo a a molemo.
Kgakgamatso Eo E Ileng ya Supelwa go Di Feta Tsotlhe
17. (a) Ke kgakgamatso efe eo e ileng ya supelwa go di feta tsotlhe mo Bibeleng? (b) Ke maemo afe ao a ileng a gogela kwa goreng Jesu a swe?
17 Kgakgamatso e e ileng ya supelwa go di feta tsotlhe mo Bibeleng ke ya go tsoga ga ga Jesu Keresete, ka jalo ke ka ntlhayang fa re sa e dirise jaaka sekai go emela tse dingwe, jaaka fa re ka rialo. Santlha, a o ke o tlhokomele dintlha tse di begilweng fano: Jesu o ne a tshwarwa mo maitsiboeng a Nisane 14—eleng Labone bosigo go ya ka tsela eo re balang beke ka yone gompieno.b O ne a tlhagelela fa pele ga baeteledipele ba Bajuda bao ba neng ba mo latofatsa ka gore o a tlhapatsa mme ba swetsa ka gore o ne a tshwanelwa ke gore a swe. Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba etelela Jesu pele go ya fa pele ga mmusi wa Roma ebong Ponto Pilatwe yo o neng a ineela mo kgatelelong ya bone mme a ba mo neela gore ba mmolaye. Ka Labotlhano thapama—e santse e le Nisane 14 mo khalendareng ya Sejuda—o ne a kokotelwa mo mokgorong wa tlhokofatso mme mo dioureng di sekae o ne a swa.—Mareko 14:43-65; 15:1-39.
18. Go ya ka Bibela, pego kaga go tsoga ga ga Jesu e ne ya simolola go anama jang?
18 Morago ga gore lesole la Roma le tlhabe Jesu mo letlhakoreng ka lerumo gore a tlhomamise gore eleruri o ne a sule, mmele wa ga Jesu o ne wa fitlhwa mo lebitleng le lesha. Mo letsatsing le le latelang, ka Nisane 15 (Labotlhano/Matlhatso), e ne e le sabata. Mme mo mosong wa Nisane 16—Sontaga mo mosong—barutwa bangwe ba ne ba ya kwa phupung mme ba fitlhela e le lolea. Ka bonako, go ne ga simolola go anama dikgang tsa gore Jesu o bonwe a tshela. Tsela eo ba simolotseng ba arabela ka yone malebana le dikgang tseno e ne e tshwana fela le eo go neng go ka arabelwa ka yone gompieno—ba ne ba sa dumele. Tota le eleng baaposetoloi ba ne ba gana go dumela seo. Mme fa bone ka namana ba ne ba bona Jesu a tshela, go ne go sena seo ba neng ba ka se dira fa e se gore ba dumele gore eleruri o ne a tsositswe mo baswing.—Yohane 19:31–20:29; Luke 24:11.
Lebitla Le Le Lolea
19-21. (a) Go ya ka Justin Martyr, Bajuda ba ne ba ganetsa jang go rera ka ga go tsoga ga ga Jesu go go neng go dirwa ke Bakeresete? (b) Re ka tlhomamisega gore ke eng seo e neng e le boammaaruri malebana le phupu ya ga Jesu ka Nisane 16?
19 A Jesu o ne a tsositswe, kana a seno sotlhe ke dilo tse di itlhametsweng fela? Selo sengwe seo batho ba nako eo go bonalang ba ka bo ba ile ba se botsa ke gore: A mmele wa ga Jesu o santse o le mo lebitleng? Balatedi ba ga Jesu ba ka bo ba ile ba lebana le bothata jo bogolo fa baganetsi ba bone ba ka bo ba ile ba supa setopo sa gagwe ka namana se santse se le mo lefelong leo se neng se fitlhetswe mo go lone e le bosupi jwa gore ga a ise a tsosiwe. Lefa go le jalo, ga go na gope mo go begiwang gone gore ba ne ba dira seno. Go na le moo, go ya ka Bibela, ba ne ba neela masole ao a neng a abetswe go disa phupu eo madi mme ba ba raya ba re: “Lo tlo lo re, Barutwa ba gagwè ba tsile bosigo, ba mo ucwa re robetse.” (Mathaio 28:11-13) Gape re na le bosupi jo bo tswang mo dibukeng tse dingwe kwantle ga Bibela jwa gore baeteledipele ba Bajuda ba ne ba dira seno.
20 Mo e ka nnang ka lekgolo la dingwaga morago ga loso lwa ga Jesu, Justin Martyr o ne a kwala buka nngwe e e bidiwang Dialogue With Trypho. Mo go yone, o ne a re: “Lona [Bajuda] lo ile lwa romela banna bangwe ba ba tlhophilweng le ba ba tlhomamisitsweng lwa ba romela go ralala lefatshe lotlhe gore ba bolele gore thuto nngwe e e seng yone e e bosula le e e seng kafa molaong, e nnile gone ka ntlha ya ga Jesu ebong motsietsi wa Galilea, yo re mmapotseng, mme barutwa ba gagwe ba ne ba mo utswa go le bosigo mo phupung, mo a neng a fitlhilwe gone.”7
21 Jaanong, Trypho e ne e le Mojuda, mme Dialogue With Trypho e ne e kwaletswe go sireletsa Bokeresete kgatlhanong le Bojuda. Ka ntlha ya moo, ga go bonale gore Justin Martyr o ka bo a ile a bua seo a neng a se bua seno—eleng gore Bajuda ba ne ba latofatsa Bakeresete ka gore ba utswile mmele wa ga Jesu mo phupung—fa e le gore Bajuda ba ne ba ile ba seka ba ba latofatsa jalo. Goseng jalo, a ka bo a ile a dira gore a latofadiwe bonolo fela ka tatofatso e e tlhomameng ya gore o maaka. Justin Martyr o ka bo a ile a bua jalo fela fa e le gore Bajuda ba ne ba rometse barongwa ba go nna jalo. Ebile ba ne ba tla dira jalo fela fa e le gore eleruri phupu eo e ne e le lolea ka Nisane 16, 33 C.E. ebile e le gore ba ne ba ka se ke ba supe mmele wa ga Jesu mo phupung jaaka bosupi jwa gore o ne a ise a tsosiwe. Ka jalo ereka phupu e ne e le lolea, go ne go diragetse eng? A barutwa ba ne ba utswile setopo seo? Kana a se ne se tlositswe ka kgakgamatso jaaka bosupi jwa gore eleruri Jesu o ne a tsositswe?
Tshwetso ya ga Luke wa Ngaka
22, 23. Monna mongwe yo o neng a rutegile wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a sekaseka go tsoga ga ga Jesu e ne e le mang, mme go ne go na le metswedi efe e a neng a bona tshedimosetso mo go yone?
22 Monna mongwe yo o neng a rutegile thata wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a sekaseka bosupi jono ka kelotlhoko e ne e le Luke, wa ngaka. (Bakolosa 4:14) Luke o kwadile dibuka tse pedi tseo jaanong e leng karolo ya Bibela: e nngwe ya tsone e ne e le ya Efangele, kana ya hisitori ya bodihedi jwa ga Jesu, mme e nngwe, eo e bidiwang Ditihō tsa Baaposetoloi, e ne e le ya hisitori kaga go anama ga Bokeresete mo dingwageng tsa morago ga loso lwa ga Jesu.
23 Fa a ne a simolola Lekwalo la gagwe la Efangele, Luke o bua ka bosupi jo bontsi jo a neng a na le jone mme re sa tlhole re na le jone. O bua ka dikwalo dingwe tse di kwadilweng tse di malebana le botshelo jwa ga Jesu tseo a neng a di tlhatlhoba. Gape o tlhalosa gore o ne a buisana le basupi bao ba boneng Jesu a tshela, loso lwa gagwe le go tsoga ga gagwe ka matlho. Morago ga moo a bo a bolela jaana: “Ke batlisisitse dilo tsotlhe go tloga kwa tshimologong kafa di ntseng ka gone ka boammaaruri.” (Luke 1:1-3, NW) Ka mo go bonalang ka gone, Luke o ne a batlisisa ka botlalo. A e ne e le rrahisitori yo o molemo?
24, 25. Ba le bantsi ba leba jang ditshwanelego tsa ga Luke jaaka rrahisitori?
24 Ba le bantsi ba ile ba neela bosupi jwa gore o ne a ntse jalo. Morago kwa ka 1913, Sir William Ramsay o ne a akgela mo go seo a neng a ruta ka sone malebana le ka moo dibuka tsa ga Luke eleng tsa hisitori ya boammaaruri ka gone. O ne a swetsa ka go reng? “Luke ke rrahisitori wa maemo a ntlha; ga e se fela gore dintlha tseo a di bolelang di a ikanyega; o na le kgopolo e e boammaaruri ya hisitori.”8 Babatlisisi ba bosheng fela jaana ba ile ba swetsa ka tsela e e tshwanang. The Living Word Commentary, fa e simolola dibolumo tsa yone tse di ka ga Luke, e a re: “Luke e ne e le rrahisitori (ebile e le yo o boammaaruri) gape e le moithuta-bodumedi.”
25 Dr. David Gooding, ebong moperofesara wa pele wa Segerika sa Tesetamente E Kgologolo kwa Northern Ireland, o bolela gore Luke e ne e le “rrahisitori wa bogologolo yo o neng a dira seo se neng se dirwa ke borrahisitori ba Tesetamente E Kgologolo gammogo le seo se neng se dirwa ke Thucydides [yo eleng mongwe wa borrahisitori ba maemo a a kwa godimo ba metlha ya bogologolo]. Jaaka bone o tshwanetse a bo a ile a nna kelotlhoko thata fa a ne a batlisisa metswedi eo a neng a bona tshedimosetso mo go yone fa a ne a tlhopha dintlha tsa gagwe, lefa a ne a rulaganya dintlha tseo ebile a ile a dira seno ka botlalo. . . . Thucydides o ne a kopanya mokgwa ono le go tlhoafalela go tlhagisa hisitori e e boammaaruri: ga go na lebaka lepe la go akanya gore Luke o ne a seka a dira seno.”9
26. (a) Luke o ne a swetsa ka goreng malebana le go tsoga ga ga Jesu? (b) Ke eng seo se ka tswang se ile sa mo nonotsha mo tshwetsong eno?
26 Tshwetso ya monna yono yo o tshwanelegang thata e ne ya nna eng malebana le gore ke ka ntlhayang fa lebitla la ga Jesu le ne le le lolea ka Nisane 16? Mo Efangeleng ya gagwe gammogo le mo bukeng ya Ditihō, Luke o bega gore ke boammaaruri gore Jesu o ne a tsosiwa mo baswing. (Luke 24:1-52; Ditihō 1:3) O ne a sa belaele seo ka gope. Gongwe tumelo ya gagwe mo kgakgamatsong e e malebana le tsogo e ne ya nonotshiwa ke dilo tseo a neng a di itemogela ka namana. Lemororo go bonala a ne a sa bona go tsoga gono ka matlho, o bega gore o ne a bona dikgakgamatso tseo di neng di dirwa ke moaposetoloi Paulo.—Ditihō 20:7-12; 28:8, 9.
Ba Ne Ba Bona Jesu Yo O Tsositsweng
27. Bangwe ba batho ba ba bolelang gore ba bone Jesu yo o neng a tsositswe ke bomang?
27 Dibuka tse pedi tsa Efangele di bolelwa di kwadilwe ke batho bao ba neng ba itse Jesu, bao ba mmoneng fa a swa, ebile ba bolela gore tota ba mmone le morago ga go tsoga ga gagwe. Batho bano ke moaposetoloi Mathaio, ebong yo e neng e le mokgethisi pele, le Johane, moaposetoloi wa ga Jesu yo o neng a ratega thata. Mokwadi yo mongwe wa Bibela, ebong moaposetoloi Paulo, le ene o bolela gore o ne a bona Keresete yo o neng a tsogile mo baswing. Mo godimo ga moo, Paulo o neela lenaane la maina a ba bangwe bao ba boneng Jesu a tshela morago ga loso lwa gagwe, mme o bolela gore ka nako nngwe Jesu o ne a bonala go “badumedi ba ba hetañ makgolo a matlhano.”—1 Bakorintha 15:3-8.
28. Go tsoga ga ga Jesu go ne ga nna le phelelo efe mo go Petere?
28 Yo mongwe yo Paulo a mo umakang jaaka mosupi yo o iponetseng ka matlho ke Jakobe, ebong monnawe Jesu ka mmagwe, yo o tshwanetseng a bo a itsile Jesu go tloga bongwaneng. Yo mongwe ke moaposetoloi Petere; rrahisitori ebong Luke o bega gore dibeke di se kae fela morago ga loso lwa ga Jesu o ne a neela bosupi ka ga go tsoga ga ga Jesu a sa boife. (Ditihō 2:23, 24) Makwalo a le mabedi mo Bibeleng go bolelwa gore a kwadilwe ke Petere, mme mo go la ntlha la makwalo ano Petere o bontsha gore go dumela ga gagwe mo go tsogeng ga ga Jesu e ne e santse e le tlhotlheletso e e maatla tota le eleng dingwaga di le dintsi morago ga tiragalo eno. O ne a kwala jaana: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete, o o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yo bogolo yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete mo bashwiñ.”—1 Petere 1:3.
29. Lemororo re ka seke re bue le basupi ba ba iponetseng go tsoga gono ka matlho, lefa go le jalo re na le bosupi bofe jo bo kgatlhisang?
29 Ka ntlha ya moo, fela jaaka fa Luke a ne a ka bua le batho bao ba bolelang gore ba bone Jesu le gore ba ne ba bua le ene morago ga loso lwa gagwe, re ka bala mafoko ao bangwe ba bano ba a kwadileng. Mme re ka ikatlholela ka borona gore a batho bao ba ne ba tsieditswe, gore a ba ne ba leka go re tsietsa, kana gore a eleruri ba ne ba bone Keresete yo o tsositsweng. Fa re bua puo phaa fela, ga go na tsela epe eo ba neng ba ka tsiediwa ka yone. Ba le mmalwa ba bone e ne e le ditsala tse di atamalaneng thata le Jesu go fitlhelela a swa. Bangwe ba bone ba ne ba mmona fa a ne a le mo kutlobotlhokong e e tlhabang pelo a le mo mokgorong wa tlhokofatso. Ba ne ba bona madi le metsi a tshologa mo nthong ya lerumo eo a neng a e ntshitswe ke lesole. Lesole leo le ne le itse, le bone ba ne ba itse, gore kwantle ga pelaelo Jesu o ne a sule gotlhelele. Ba re moragonyana, ba ne ba bona Jesu a tshela ba bo ba bua le ene tota. Nnyaa, ba ne ba ka seka ba bo ba tsieditswe. He, a ba ne ba leka go tsietsa rona fa ba re Jesu o ne a tsositswe?—Yohane 19:32-35; 21:4, 15-24.
30. Ke ka ntlhayang fa go sa kgonagale gore basupi ba pele bao ba neng ba iponetse go tsoga ga ga Jesu ka matlho ba bo ba ne ba bua maaka?
30 Go arabela seno, re tshwanetse ra ipotsa jaana fela: A bone ka bobone ba ne ba dumela seo ba neng ba se bua? Ee, kwantle ga pelaelo epe. Mo Bakereseteng, go akareletsa le bao ba bolelang gore ke basupi bao ba neng ba iponetse ka matlho, go tsoga ga ga Jesu e ne e le one motheo wa konokono wa seo ba se dumelang. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ha Keresete a sa cosiwa, hoñ thèrō ea rona ke lehèla; tumèlō ea [rona] le eōna ke lehèla. . . . Me ha Keresete a sa cosiwa, tumèlō ea lona ke lehèla.” (1 Bakorintha 15:14, 17) A mafoko ao a utlwala e le a motho yo o buang maaka fa a re o bone Keresete yo o neng a tsositswe?
31, 32. Bakeresete ba pele ba ne ba intsha setlhabelo jang, mme ke ka ntlhayang fa seno e le bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bakeresete bano ba ne ba bolela boammaaruri fa ba ne ba re Jesu o ne a tsositswe?
31 Tlhokomela seo go nna Mokeresete go neng go se raya mo metlheng eo. Go ne go sa bolele gore o nna le maemo, taolo, kana khumo. Go ne go farologane le seo thata. Bontsi jwa Bakeresete ba pele ‘ba ne ba itshokela go thopiwa ga dilo tsa bone ka boitumelo’ ka ntlha ya tumelo ya bone. (Bahebera 10:34) Bokeresete bo ne bo raya gore motho a ntshe botshelo jwa gagwe setlhabelo le gore a bogisiwe goo gantsi go neng go felela ka go swela tumelo ka loso loo lo tlhabisang ditlhong, le lo lo botlhoko.
32 Bakeresete bangwe ba ne ba tswa mo malapeng a a humileng, jaaka moaposetoloi Johane yoo go bonalang rraagwe a ne a na le kgwebo e e neng e atlegile ya go tshwara ditlhapi ya kwa Galilea. Ba le bantsi ba ne ba na le ditshono tse di molemo, jaaka Paulo yoo, e neng ya re fa a ne a amogela Bokeresete, e neng e le seithuti sa ga rabi Gamaliele yo o neng a itsege thata mme o ne a simolola go tuma mo matlhong a babusi ba Bajuda. (Ditihō 9:1, 2; 22:3; Bagalatia 1:14) Lefa go le jalo, botlhe ba ne ba furalela seo se neng se neelwa ke lefatshe leno e le gore ba tle ba anamise molaetsa o o neng o theilwe mo ntlheng ya gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing. (Bakolosa 1:23, 28) Ke ka ntlhayang fa ba ne ba ka intsha setlhabelo go le go kalo gore ba boge ka ntlha ya selo se ba neng ba itse gore e ne e le maaka? Karabelo ke gore, ba ne ba ka seka ba dira jalo. Ba ne ba ikemiseditse go boga le go swela selo seo ba neng ba itse gore se ne se theilwe mo boammaaruring.
Dikgakgamatso Eleruri Di A Diragala
33, 34. Ereka eleruri tsogo eno e ile ya diragala, re ka reng kaga dikgakgamatso tse dingwe tsa Bibela?
33 Eleruri, bosupi jono jo bo tswang mo basuping ba go dumelwang se ba se buang bo tlhatswa pelo tota. Jesu eleruri o tsositswe mo baswing ka Nisane 16, 33 C.E. Ebile ereka tsogo eo e ile ya diragala, dikgakgamatso tse dingwe tsotlhe tsa Bibela di a kgonagala—eleng dikgakgamatso tseo le tsone re nang le bosupi jo bo tiileng jwa tsone, jwa basupi ba ba iponetseng ka matlho. One Maatla ao a neng a tsosa Jesu mo baswing gape a ne a kgontsha Jesu gore a tsose morwa motlholagadi wa Naine. Gape a ne a neela Jesu maatla a go dira dikgakgamatso tse dipotlana—mme e ntse e le tse di gakgamatsang—tsa go fodisa. Ke One ao a neng a dira gore go fepiwe matshutitshuti a batho ka kgakgamatso mme gape A ne a dira gore Jesu a kgone go tsamaya mo godimo ga metsi.—Luke 7:11-15; Mathaio 11:4-6; 14:14-21, 23-31.
34 Ka jalo, lebaka la go bo Bibela e re bolelela ka dikgakgamatso ga le re neele lebaka la gore re belaele ka moo e leng boammaaruri ka gone. Go na le moo, lebaka la go bo dikgakgamatso tseno di kile tsa diragala mo metlheng ya Bibela ke bosupi jo bo maatla jwa gore eleruri Bibela ke Lefoko la Modimo. Mme go santse go na le selo se sengwe gape se Bibela e latofadiwang ka sone. Ba le bantsi ba bolela gore e a ikganetsa mme ka jalo ga e kake ya nna Lefoko la Modimo. A seno ke boammaaruri?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Re a re “ka gale,” ka gonne dikgakgamatso dingwe tse di mo Bibeleng di ka nna tsa bo di ile tsa kopanyeletsa dilo dingwe tsa tlholego, tse di ntseng jaaka dithoromo tsa lefatshe kana kgosomano ya lefatshe. Lefa go le jalo, di santse di lejwa jaaka dikgakgamatso ka gonne di ne tsa diragala ka nako yone eo di neng di batlega ka yone mme ka jalo go bonala gore di ne di diragala ka kaelo ya Modimo.—Yoshue 3:15, 16; 6:20.
b Letsatsi la Sejuda le ne le simologa mo e ka nnang ka oura ya borataro maitseboa mme le tswelele jalo go fitlha ka oura ya borataro mo maitseboeng a a latelang.
[Mafoko a a mo go tsebe 81]
Baba ba Bokeresete ba ne ba re barutwa ba ga Jesu ba ne ba utswa setopo sa ga Jesu. Fa e le gore go ne go ntse jalo, ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ne ba ikemiseditse go swa ka ntlha ya tumelo e e neng e theilwe mo go tsogeng ga gagwe?
[Lebokoso mo go tsebe 85]
Ke Ka Ntlhayang Fa Go Sena Dikgakgamatso Gompieno?
Ka dinako tse dingwe go bodiwa potso eno: ‘Ke ka ntlhayang fa go sena dikgakgamatso tse di tshwanang le tse di mo Bibeleng gompieno?’ Karabo ke gore dikgakgamatso tseno di ile tsa diragatsa seo e neng e le boikaelelo jwa tsone ka nako eo, mme gompieno Modimo o lebeletse gore re tshele ka tumelo.—Habakuke 2:2-4; Bahebera 10:37-39.
Mo metlheng ya ga Moshe, dikgakgamatso di ne tsa diragala go bontsha gore Moshe o ne a na le tshwanelo ya go dira se a neng a se dira. Di ne di bontsha gore Jehofa o ne a mo dirisa le gore kgolagano ya Molao eleruri e ne e le ya Modimo le gore Baiseraele ka ntlha ya moo e ne e le batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo.—Ekesodo 4:1-9, 30, 31; Duteronome 4:33, 34.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, dikgakgamatso di ne tsa thusa go bontsha gore Jesu o ne a na le tshwanelo ya go dira seo a neng a se dira mme, morago ga gagwe, ya phuthego e ntšha ya Bokeresete. Di ne tsa thusa go bontsha gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, gore morago ga loso lwa gagwe Iseraele wa senama o ne a emelwa ke phuthego ya Bokeresete jaaka batho ba ba kgethegileng ba Modimo, mme ka jalo gore Molao wa ga Moshe o ne o sa tlhole o tlama.—Ditihō 19:11-20; Bahebera 2:3, 4.
Morago ga malatsi a baaposetoloi, nako ya dikgakgamatso e ne e fetile. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Me leha go na le diperofeshō, di tla khutlisiwa; leha go le dipuō, di tla hèla; leha go le kicō, e tla khutlisiwa. Gonne re itse ka bontlha ñwe, re perofesa ka bontlha ñwe: Me e tla re se se itekanetseñ se tsile, se se emeñ ka bontlha ñwe se tla khutlisiwa.”—1 Bakorintha 13:8-10.
Gompieno, re na le Bibela e e feletseng, eo e nang le dilo tsotlhe tseo di senotsweng ke Modimo le kgakololo yotlhe ya one. Re na le tiragatso ya boperofeti, ebile re kgona go tlhaloganya maikaelelo a Modimo ka tsela e e botoka. Ka ntlha ya moo, dikgakgamatso ga di tlhole di tlhokafala. Lefa go le jalo, moya one oo wa Modimo o o neng o dira gore dikgakgamatso di kgonagale o santse o le gone mme o tlhagisa matswela ao a neelang bosupi jo bo nonofileng ka tsela e e tshwanang jwa maatla a Modimo. Re tla utlwa ka mo go oketsegileng ka seno mo kgaolong nngwe e e santseng e tla.
[Setshwantsho mo go tsebe 75]
Ba le bantsi ba leba go ikanyega ga melao ya tlholego, jaaka ntlha ya gore letsatsi le a tlhaba moso mongwe le mongwe, e le bosupi jwa gore dikgakgamatso ga di kake tsa diragala
[Setshwantsho mo go tsebe 77]
Go bopiwa ga lefatshe jaaka legae la dilo tse di tshelang e ne e le ‘tiragalo e e sa tlwaelegang’ eo e ileng ya diragala gangwe fela
[Ditshwantsho mo go tsebe 78]
O ne o ka tlhalosa jang dikgakga-matso tseo di dirwang ke saense ya segompieno mo mothong yo o neng a tshela dingwaga di le 200 tse di fetileng?