Kgaolo 9
Ke Ka Kgona Jang Kgatelelo ya Balekane?
FA KAREN a ne a na le dingwaga tse 14, o ne a setse a dirisa diokobatsi fela thata a bile a tlhakanela dikobo ka metlha. Fa Jim a ne a na le dingwaga tse 17, go ne ga tlhomamisiwa fa e le letagwa le le tshwakgogileng a bile a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Ka bobedi ba dumela gore tota ba ne ba sa rate botshelo joo ba neng ba bo tshela lefa e le dilo tse ba neng ba di dira. Ke ka ntlhayang, he, fa ba ne ba itshwara jalo? Ke ka baka la kgatelelo ya balekane!
“Mongwe le mongwe yo ke neng ke na le ene o ne a dira dilo tseno, mme seo se ne sa nkama fela thata,” go tlhalosa jalo Karen. Jim o dumalana le seo, ka go re, “Ke ne ke sa batle go latlhegelwa ke ditsala tsa me ka go farologana le bone.”
Lebaka la go bo Basha ba Etsa Balekane ba Bone
Jaaka basha bangwe ba gola, tlhotlheletso ya batsadi ba bone e a nyelela, mme keletso ya go nna yo o ratwang ke batho le yo o amogelwang ke balekane ba motho e gola fela thata. Ba bangwe ba ka ikutlwa fela ba tlhoka go bua le mongwe yoo o “tlhaloganyang” kana yo o tla ba dirang gore ba ikutlwe ba ratiwa kana ba tlhokwa. Fa puisano ya mofuta ono e seyo kwa gae—jaaka gantsi go ntse jalo—ba e batla mo balekaneng ba bone. Gape, gantsi go sa itshepe le maikutlo a go sa babalesega a dira gore ba bangwe ba senngwe ke tlhotlheletso ya balekane.
Ga go reye gore tlhotlheletso ya balekane e maswe mo go kalo. Seane sengwe sa re: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa yalo sehatlhōgō sa tsala ea gagwè.” (Diane 27:17) Fela jaaka thipa e e bogale e lootsa bogale jo bo pipinegileng jwa thipa e nngwe, go tsalana le basha ba bangwe go ka ‘lootsa’ botho jwa gago mme ga go dira motho yo o botoka—fa e le gore basha bao ke batho ba ba nang le maikutlo a segolo, a a tlhamaletseng.
Ka maswabi, lefa go le jalo, basha ba tlhaela kgolo—ya tlhaloganyo le ya semoya fela thata. Basha ba le bantsi ba na le dipono tse di sa utlwaleng, tse di sa ikanyegeng, le eleng tse di fetofetogang. Jalo fa mosha ka go sa eletlhoko a simolola go laolwa ke balekane ba gagwe, go ka nna ga tshwana fela le sefofu se se gogang se sengwe. (Bapisa Mathaio 15:14.) Phelelo e ka nna matlhotlhapelo.
Le eleng fa balekane ba gago ba sa go kgothaletse boitshwaro jwa boganana, o santse o ka ikutlwa o gatelelwa ke tlhotlheletso ya bone. “O tshwenyega fela thata ka go batla go amogelwa ke bana ba bangwe,” ga bolela jalo Debbie. “Fa ke ne ke le dingwaga tse somerobedi ke ne ke sa batle go nna motho yo o sa tumang ka gonne ke ne ke tla seke ke lalediwe ke ope go ya go ja monate. Ke boifa gore ke tla tlhoka ditsala.” Ka gone Debbie o ne a dira ka natla gore a amogelwe ke balekane ba gagwe.
A ke a Tlhotlheletsega?
A le wena o simolotse go apara, go bua, le go itshwara ka tsela nngwe e le gore o tshwane le batho bangwe? Susie wa dingwaga tse 17 o bolela jaana, “Tota ngwana yo mongwe ga a kake a go dira gore o dire sengwe le sengwe se o sa batleng go se dira.” Ke boammaaruri, mme kgatelelo ya balekane e ka nna bonokopela mo e leng gore o ka seka wa lemoga kafa e go amang thata ka gone. Ka sekai, akanyetsa moaposetoloi Petere. Ka go bo Petere e ne e le monna yo o pelokgale wa tumelo e e nonofileng, o ne a le pilara ya Bokeresete. Modimo o ne wa senolela Petere gore O ne o ka amogela batho ba merafe yotlhe le ba ditso tsotlhe. Ka gone Petere o ne a thusa badumedi ba ntlha ba Baditšhaba go nna Bakeresete.—Ditihō 10:28.
Lefa go ntse jalo, nako e ne ya feta, mme Petere o ne a le mo Antioka, eleng motse oo batho ba le bantsi ba one bao e neng e se Bajuda ba neng ba fetogile Bakeresete. Petere o ne a phuthologile fela fa a ne a na le badumedi bano ba Baditšhaba. Letsatsi lengwe Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ba neng ba tswa Jerusalema, bao ba neng ba santse ba na le tlhaolele mo bathong ba eseng Bajuda, ba ne ba etela kwa Antioka. Jaanong Petere o ne a tla itshwara jang fa a na le balekane ba gagwe ba Bajuda?
Ebu, Petere o ne a ikgaoganya le Bakeresete ba Baditšhaba, a gana go ja nabo! Ka ntlhayang? Go bonala a ne a tshaba go kgopisa balekane ba gagwe. O ka tswa a bo a ne a akanya ka go re, ‘Ke tla fapoga go sekae fela fa ba santse ba le fano mme ke tla tswelela ke ja le Baditšhaba fa ba sena go tsamaya. Ke ka bo ke itshenyeletsang botsala jwa me jo bontle le bone ka selo se sennye fela jaana?’ Jalo Petere o ne a itimokanya—a gana go dira tumalanong le melao-metheo eo a neng a e latela ka go dira selo seo tota a neng a sa se dumele. (Bagalatia 2:11-14) Ka phepafalo, he, ga go na ope yo go ka tweng ene ga a kake a gatelelwa ke balekane.
Ke ne ke tla Itshwara Jang?
Jalo lemororo go le motlhofo gore, ‘Ga ke tshabe gore ba bangwe ba akanya jang!’ go tshwarelela mo phetsong eo fa o gateletswe ke balekane ke kgang e sele tota. Ka sekai, o ne o tla dira eng mo maemong a a latelang?
Molekane mongwe wa gago wa sekolo o go abela sekerete basha bangwe ba go lebile. O itse gore go phoso go goga motsoko. Mme botlhe ba lebeletse go bona gore o tla dira eng . . .
Basetsana kwa sekolong ba bua kaga go tlhakanela dikobo ga bone le basimane bao ba ratanang nabo. Mongwe wa basetsana bao o go raya a re: “A o santse o le kgarebane?”
O batla go apara mosese o o tshwanang le oo basetsana botlhe ba bangwe ba o aparang, mme Mmago a re o mokhutshwane thata. Seaparo seo a batlang o se apara se go dira gore o lebege o le dingwaga tse thataro go feta tse o nang natso. Balekane ba gago ba sekolo ba go ja setshego. Mosetsana mongwe o botsa ka go re, “Ke ka ntlhayang fa o sa ipolokele madi a gago a dijo tsa motshegare fela o bo o ithekela sengwe se sentle? Ga go tlhokege gore o itsise mmago. Wena baya diaparo tsa gago tsa sekolo mo teng ga lokhara ya gago fela.”
A go motlhofo go lebana le maemo ano? Nnyaa, mme fa o tshaba go ganana le thato ya balekane ba gago, o tla felela o ganana le thato ya gago, le ditekanyetso tsa gago, le batsadi ba gago. O ka dira jang gore o nne le nonofo ya go emelelana le kgatelelo ya balekane?
“Kgono ya go Akanya”
Robin wa dingwaga tse 15 o ne a simolola go goga motsoko, eseng ka gonne a ne a batla, mme ka go bo mongwe le mongwe a ne a goga. O gakologelwa jaana: “Moragonyana ke ne ka simolola go akanya, ka re ‘Ga ke rate go goga motsoko. Ke ka ntlhayang fa ke o goga?’ Jalo ga ke sa tlhole ke o goga.” Ka go ikakanyetsa, o ne a kgona go ganana le thato ya balekane ba gagwe!
Ka tshwanelo he, Bibela e kgothaletsa basha go nna le “kitso le kgono ya go akanya.” (Diane 1:1-5, NW) Motho yo o nang le kgono ya go akanya ga a tlhoke go ikaega ka kaelo ya balekane ba ba senang boitemogelo. Ka nako e e tshwanang, motho yoo ga se gore jaanong o tla simolola go itshepa a bo a tlhokomologa megopolo ya ba bangwe. (Diane 14:16) O iketleeleditse go ‘utlwa kgakololo, le go amogela kotlhao’ e le gore a tle a “nnè botlhale.”—Diane 19:20.
Lefa go le jalo, o se ka wa gakgamala fa o sa ratiwe kana o sotliwa ka baka la go dirisa nonofo tsa gago tsa go akanya. “Monna [kana mosadi] yo o nang le dikgono tsa go akanya o a ilwa,” go bolela jalo Diane 14:17, NW. Mme tota, ke mang yo o nang le nonofo, a ke bao ba ineelang mo dikgotelong tsa bone le maikutlo kana bao ba kgonang go ganana le dikeletso tse di sa tshwanelang? (Bapisa Diane 16:32.) Batho ba ba go sotlang bao ba tla felela kae mo botshelong? A ke kafa o batlang gore botshelo jwa gago bo felele ka gone le wena? A e ka tswa e le gore batho ba go nna jalo tota ba a fufega ebile ba bipa go sa itshepeng ga bone ka go go sotla?
Go Tshaba Seru
“Poihō ea motho e tle e lere seru,” go bolela jalo Diane 29:25. Mo metlheng ya Bibela, phologolo epe fela e e neng e sa belaele sepe e ne e ka tshwarwa ke seru ka bofefo fela fa e ne e phamola selo seo e neng e hepisiwa ka sone. Gompieno, ka go tshwana keletso ya go amogelwa ke balekane ba gago e ka nna jaaka selo seo o hepisiwang ka sone. E ka go hepisetsa go tshwarwa ke serai sa go tlola ditekanyetso tsa bomodimo. He, o ka tshaba—kana wa tila—seru seno sa go boifa batho jang?
Santlha, tlhopha ditsala ka kelotlhoko! (Diane 13:20) Tsalana le bao ba nang le mekgele ya Bokeresete le ditekanyetso. Ke boammaaruri, gore seno se tla fokotsa ditsala tsa gago. Jaaka mosha mongwe a ne a bolela: “Fa ke ne ke sa dumalane le ba bangwe kwa sekolong, le megopolo ya bone ya diokobatsi le tlhakanelo-dikobo, ba ne ba tloga ba kgaogana le nna. Lemororo seno se ne sa nkimolola kgatelelo ya gore ke ineele, ke ne ka sala ke jewa ke bodutu go sekae.” Go molemo go jewa ke bodutu ka selekanyo se se rileng go na le go letlelela tlhotlheletso ya balekane go go koafatsa semoyeng le mo boitsholong. Go tsalana le balelapa la gaeno le ba phuthego ya Bokeresete go ka thusa mo go fediseng go jewa ke bodutu.
Gape go reetsa batsadi ba motho go ka go thusa go ganana le kgatelelo ya balekane. (Diane 23:22) Ba tshwanetse ba bo ba dira ka natla go go ruta dilo tsa botlhokwa tse di tshwanetseng. Mosetsanyana mongwe yo mmotlana o ne a re: “Batsadi ba me ba ne ba nkgagamaleditse melao. Ka dinako tse dingwe ke ne ke sa go rate, mme ke itumelela go bo ba ne ba seka ba repisa dikgole le go bo ba ne ba ntekanyetsa ditsala.” Ka baka la thuso eo ya batsadi, o ne a seka a ineela mo kgatelelong ya go dirisa diokobatsi le tlhakanelo-dikobo.
Mogakolodi mongwe wa basha ebong Beth Winship gape o ne a lemotsha jaana: “Makau le makgarebe bao ba leng ditswerere mo dilong dingwe ba ikutlwa ba le botlhokwa ka bobone. Ga ba tlhoke go ikaega ka gore ba molemo fa ba amogelwa ke balekane ba bone.” Ka ntlhayang, he, o sa dire ka natla go nna setswerere le sethakga mo go seo o se dirang kwa sekolong le mo lelapeng? Basupi ba babotlana ba ga Jehofa segolo bogolo ba dira ka natla go nna ‘badiri ba ba senang go tlhabiwa ke ditlhong, ba bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo’ mo bodiheding jwa bone jwa Bokeresete.—2 Timotheo 2:15.
Morago ga Diane 29:25 e sena go tlhagisa ka “seru” sa go boifa batho, e tswelela ka go re: “Me eo o ikanyañ Yehofa o tla bolokèga.” Gongwe go feta dilo tsotlhe tse dingwe, go nna le botsalano le Modimo go ka go naya nonofo ya go emelelana le balekane ba gago. Ka sekai, Debbie (yo o umakilweng pelenyana) o ne a ntse e le motho yo o salang mmudubudu morago ka nako e e rileng, a nwa bojalwa fela thata a bile a sa dirise diokobatsi ka tshwanelo. Mme go tswa foo o ne a simolola go ithuta Bibela ka tlhoafalo a bo a simolola go ikanya Jehofa. Phelelo e ne ya nna eng? “Ke ne ka fetsa mogopolo gore ke ne ke sena go dira dilo tseo setlhopha se sebotlana seo sa banana se neng se di dira,” ga rialo Debbie. O ne a raya ditsala tsa gagwe tsa pele a re: “Tsayang tsela ya lona le nna ke tla tsaya ya me. Fa lo batla go tsalana le nna lo tla tshwanelwa ke go tlotla ditekanyetso tseo ke di tlotlang. Lo tla intshwarela mme ga ke kgathale gore lo akanya jang. Seno ke se ke yang go se dira.” E ne ya seka ya nna ditsala tsotlhe tsa ga Debbie tseo di neng tsa tlotla tumelo ya gagwe e ntšha. Mme Debbie a re, “Ruri ke ne ka simolola go ithata botoka morago ga ke sena go dira phetso eo.”
Wena le wena o tla ‘ithata’ botoka o ba o iphalotsa mo bohutsaneng jo bogolo fa o ka tshaba seru sa kgatelelo ya balekane!
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 9
◻ Ke ka ntlhayang fa basha ba na le go tlhotlhelediwa ke balekane ba bone? A go raya gore seno ga se a siama gotlhelele?
◻ Boitemogelo jwa ga moaposetoloi Petere bo re ruta eng mabapi le kgatelelo ya balekane?
◻ Maemo mangwe (gongwe a a akareletsang le a boitemogelo jwa botho) ao a ka nnang a leka kgono ya gago ya go ganana le thato ya ba bangwe ke afe?
◻ Dilo dingwe tse o ka nnang wa di akanyetsa fa o gwetlhiwa go nna pelokgale ke dife?
◻ Dilo dingwe tse di ka thusang mosha go falola seru sa go boifa batho ke dife?
[Mafoko a a mo go tsebe 74]
“O tshwenyega fela thata ka go batla go amogelwa ke bana ba bangwe,” go ne ga bolela jalo Debbie. “Ke ne ke sa batle go nna motho yo o sa tumang . . . Ke boifa gore ke tla tlhoka ditsala”
[Lebokoso mo go tsebe 75]
‘Ga O Kake!’
“Bua,” ga gatelela jalo balekane ba sekolo ba ga Lisa. “Raya morutabana o re o nkga legano!” Nnyaa, kgang e ne e se gore morutabana tota o ne a nkga legano. Lisa o ne a gwetlhiwa go nna pelokgale—mme ebile a tla bo a ipaya mo kotsing! Ee, basha bangwe ba jesiwa monate ka mo go sa tshwanelang ke go gwetlha ba bangwe go dira ditiro tse di simologang ka go nna leferefetshwana go ya go go dira dilo tse di ka dirang gore motho a ipakele loso.
Mme fa o gwetlhiwa gore o dire sengwe sa boeleele, se eseng sa bopelonomi, kana se se kotsi fela thata, ke nako ya gore o akanye gabedi. Monna mongwe yo o botlhale o ne a re: “Dintsi tse di suleng di nkgisa setlolo sa modira dinkgisa monate sebodu. Boeleele bo le bonnye bo nna jalo mo mothong yo o ratelwang botlhale le tlotlo.” (Moreri 10:1, NW) Mo metlheng ya bogologolo, setlolo sa tlhwatlhwa e e kwa godimo kana senkgisa monate se ne se ka senngwa fela ke selo se sennye se se tshwanang le ntsi e e suleng. Ka go tshwana, leina le lentle le motho o le bereketseng ka natla le ka senngwa fela ka “boeleele bo le bonnye.”
Boferefere jwa bongwana gantsi bo dira gore motho a nne le maduo a a kwa tlase, a lelekiwe ka nako e e rileng mo sekolong, mme le eleng go tshwarwa! Lefa go le jalo go tweng, fa o akanya gore ga o na go tshwarwa? Ipotse, A seo go tweng ke se dire se a utlwala? A ke go bontsha lorato? A fa ke dira jalo ke tla bo ke tlola ditekanyetso tsa Bibela kana tseo batsadi ba me ba nthutileng tsone? Fa go ntse jalo, a tota ke batla gore basha ba ba fasogang ba laole botshelo jwa me? A basha bao ba batlang gore ke beye botshelo jwa me le leina la me je lentle mo kotsing ruri ke ditsala tsa boammaaruri?—Diane 18:24.
He, leka go akantshana le basha bao ba go gwetlhang go dira dilo. Terry wa dingwaga tse 18 o rata go ba “sulafaletsa go dira jalo” ka go ba botsa a re, ‘Ke ka ntlhayang fa ke tshwanetse go dira jalo? Go tla supa eng fa ke ka dira jalo?’ Gape itsise ba bangwe gore o na le ditekanyetso tse di tlhomameng tse o ikaelelang go tshela tumalanong le tsone. Mosetsana mongwe yo mmotlana o ne a leka go gwetlha mosimane mongwe gore a dire boitsholo jo bo sa siamang, a re, “Ga o itse gore o latlhegelwa ke eng.” “Ee, ke a itse,” mosimane yoo o ne a fetola jalo. “Ke latlhegelwa ke bolwetse jwa herpes, jwa rasephiphi, thosola . . . ”
Ee, fa o nna le sebete sa go ganana le thato ya balekane ba gago, o ka tila go dira sengwe seo o ka se swabelang morago!
[Setshwantsho mo go tsebe 76]
Gantsi basha ba ngaparela ba bangwe go bona tshegetso
[Setshwantsho mo go tsebe 77]
A balekane ba gago ba kile ba go gatelela go dira kgatlhanong le seo o neng o itse gore se siame?
[Setshwantsho mo go tsebe 78]
Nna le nonofo ya go emelelana le kgatelelo ya balekane!