Karolo 7
Lefereo, Lorato, Le Batho ba Bong Bo Sele
O setse o simolotse go tlhoma batho ba bong bo sele leitlho—gongwe ebile segolo-bogolo motho a le mongwe fela wa bone. Mmele wa gago o tshutifalelwa ke maikutlo a masha le dikamego. Mme tota maikutlo a o nnang nao ao ke a eng? A ke lorato—loo lo nnelang ruri—kana a ke sengwe se sele? Mme tota ke eng seo o tshwanetseng go se dira ka maikutlo ao? A jaanong re tlhatlhobiseng dikarabo dingwe tse di utlwalang sentle tsa dipotso tse o nang natso kaga kgang ya maikutlo a lorato.