LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be ts. 66-ts. 70 ser. 3
  • Itse Kafa o Tshwanetseng go Araba ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itse Kafa o Tshwanetseng go Araba ka Gone
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leka go Bona Gore Motho yo o Botsang o Leba Dilo Jang
  • Tsela e Motho yo o Botsang Potso a Lebang Dikwalo ka Yone
  • “Ka Metlha e Nne ya Bopelontle”
  • Ditshwetso Tsa Rona ka Borona le Dikgang Tsa Segakolodi
  • Go Akgela Kwa Dipokanong Tsa Phuthego
  • O ka Arabela Jang Kwa Dipokanong?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • O Tla Araba Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kgothatsa ba Bangwe Fa o Le Kwa Dipokanong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Baka Jehofa mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be ts. 66-ts. 70 ser. 3

Itse Kafa o Tshwanetseng go Araba ka Gone

DIPOTSO dingwe di tshwana le dithabakgapetla. Karolo e e thata ya teng e nna kwa tlasetlase ga yone. Kgang e e bakileng potso ke yone e gantsi e leng botlhokwa thata go feta potso ka boyone.

Tota le fa motho yo o go botsang potso a gakaletse go utlwa karabo, go itse gore o mo arabe jang go ka nna ga akaretsa go lemoga gore o tshwanetse go bua go le kana kang le gore o tsene kgang jang. (Joh. 16:12) Mo mabakeng mangwe, jaaka fa Jesu a ne a bontsha baaposetoloi ba gagwe, motho a ka nna a botsa ka tshedimosetso e a sa tshwanelang go e itse kgotsa e tota e se kitlang e mo solegela molemo.—Dit. 1:6, 7.

Dikwalo di re gakolola jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakol. 4:6) Ka jalo, pele ga re araba, re tshwanetse go sekaseka, e seng fela se re tlileng go se bua mme gape le tsela e re tlileng go se bua ka yone.

Leka go Bona Gore Motho yo o Botsang o Leba Dilo Jang

Basadukae ba ne ba leka go beela Jesu serai ka go mmotsa potso e e malebana le go tsosiwa ga mosadi yo o neng a ile a nyalwa makgetlho a le mmalwa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore tota ga ba dumele mo tsogong ya baswi. Ka jalo fa a ba araba, o ne a araba potso ya bone ka tsela e e neng e baakanya pono e e phoso e e neng e dira gore ba botse potso eno. Ka go ntsha mabaka ka botlhale e bile a dirisa Dikwalo tse ba di itseng, Jesu o ne a ba bontsha sengwe se ba neng ba ise ba ko ba tsamaye ba se akanyetse pele—bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore ruri Modimo o tlile go tsosa baswi. Karabo ya gagwe e ne ya gakgamatsa baganetsi bano ba gagwe thata mo e leng gore ba ne ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso tse dingwe.—Luke 20:27-40.

Gore o itse kafa o tshwanetseng go araba ka teng, le wena o tshwanetse go lemoga tsela e batho ba ba botsang ba akanyang ka yone le dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone. Ka sekai, motho yo o tsenang sekolo le ene kgotsa yo o dirang le ene a ka nna a go botsa gore ke ka ntlha yang fa o sa keteke Keresemose. Ke ka ntlha yang fa a botsa? A ruri o rata go itse lebaka, kgotsa a o ipotsa fela gore a o letlwa go ijesa monate ka dinako dingwe? Gore o tle o kgone go lemoga seno, o ka nna wa tshwanelwa ke go mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a botsa. Go tswa foo o arabe ka tsela e e tshwanelang. Gape o ka nna wa dirisa sebaka seo go mmontsha kafa go latela kaelo ya Baebele go re sireletsang ka teng mo dilong tsa malatsi a boikhutso tse di baketseng batho mathata e bile e le morwalo mo go bone.

Mma re re gongwe o kopilwe go bua le setlhopha sa baithuti kaga Basupi ba ga Jehofa. Fa o sena go neela puo ya gago, ba ka nna ba botsa dipotso. Fa go bonala dipotso tseno di bodiwa ka gonne tota ba batla go itse e bile di tlhamaletse, go ka nna ga nna molemo go ntsha dikarabo tse di sa raraanang e bile di tlhamaletse. Fa dipotso tse di bodiwang di bontsha letlhoo le batho mo setšhabeng ba nang le lone ka Basupi, go ka nna molemo gore pele o araba, o simolole pele ka go ntsha tlhaloso e khutshwane malebana le se se ka fetolang pono ya batho ba le bantsi mo dikgannyeng tse di tshwanang le tseo le malebana le gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhopha gore Baebele e ba tlhomele ditekanyetso tse ba tshwanetseng go tshela ka tsone. Gantsi go nna molemo fa o leba dipotso tseno e le dilo tse batho ba tshwenyegileng ka tsone, e seng e le go go gwetlha—tota le fa di boditswe ka tsela ya go go gwetlha. Mme jaanong karabo ya gago e tla go naya sebaka sa go atolosa tsela e bareetsi ba gago ba lebang dilo ka yone, e ba naya tshedimosetso e e boammaaruri, e bo e tlhalosa motheo wa Dikwalo wa se re se dumelang.

O tlile go araba jang mothapi yo o sa batleng go go naya nako ya gore o kgone go ya kopanong? Sa ntlha, akanyetsa dilo go ya ka tsela e a di lebang ka yone. A go ithaopela go bereka nako e e okeditsweng ka nako e nngwe go ka thusa? Fa o mo tlhalosetsa gore thuto e re e rutwang kwa dikopanong tsa rona e re thusa go nna badiri ba ba boammaaruri, ba ba ikanyegang, a seo se ka thusa ka tsela nngwe? Fa o mmontsha gore o akanyetsa mabaka a gagwe, gongwe le ene o tla akanyetsa sentle se a lemogang gore se botlhokwa mo botshelong jwa gago. Mme go tweng fa a batla gore o dire sengwe se se tla dirang gore o se ka wa ikanyega? Go gana ka tsela e e utlwalang sentle mmogo le go ntsha ntlha e le nngwe go tswa mo Dikwalong go tla mmontsha gore o eme kae. Mme a go ka thusa gape go simolola pele ka go mo tlhalosetsa gore motho yo o iketleeleditseng go mo thusa ka go bua maaka kana go utswa gape a ka nna a mo aketsa kgotsa a mo utswetsa?

Kafa letlhakoreng le lengwe, gongwe o moithuti yo o sa batleng go nna le seabe mo ditirong dingwe tse di sa tsamaisaneng le Dikwalo kwa sekolong. Gakologelwa, go ka direga gore morutabana a bo a sa dumele se o se dumelang, e bile o na le boikarabelo jwa go dira gore go nne le molao mo tlelaseng. Dikgwetlho tse o lebaneng le tsone ke (1) go bontsha gore o akanyetsa dilo tse a tshwenyegang ka tsone, (2) go tlhalosa boemo jwa gago ka tlotlo, le (3) go nna o nitame ka se o itseng gore se tla itumedisa Jehofa. Gore dilo di tsamaye sentle, go ka nna ga bo go tlhokega se se fetang fela go mo tlhalosetsa se o se dumelang ka bokhutshwanyane fela le ka tsela e e tlhamaletseng. (Dia. 15:28) Fa o le mmotlana, ga go na pelaelo gore mmè wa gago kgotsa rre wa gago o tla go thusa go baakanyetsa se o tla se buang.

Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa bo wa tshwanelwa ke go ganetsa ditatofatso dingwe tse motho mongwe yo o mo taolong a go latofatsang ka tsone. Lepodise, modiredimogolo mo pusong, kgotsa moatlhodi a ka nna a batla gore o arabe dipotso dingwe malebana le tsela e o ikobelang molao mongwe ka yone, boemo jwa gago malebana le boitlhaodi jwa Bokeresete, kgotsa boikutlo jwa gago ka go nna le seabe mo ditirong dingwe tsa boratanaga. O tshwanetse go araba jang? “Ka bonolo le tlotlo e e boteng,” Baebele e gakolola jalo. (1 Pet. 3:15) Selo se sengwe gape ke gore o ipotse gore ke ka ntlha yang fa dilo tseno e le dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone, mme o amogele ka tlotlo gore gone ke dilo tse ba tshwanetseng go tshwenyega ka tsone. Go tswa foo o ka dirang? Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka tshireletso ya semolao ya puso ya Roma, ka jalo le wena o ka nna wa tlhalosa tshireletso ya semolao e e dirang mo go wena. (Dit. 22:25-29) Gongwe go tlhalosa dintlha dingwe malebana le boemo jo bo tserweng ke Bakeresete ba bogologolo le ke Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara go ka dira gore motlhankedi a lebe dilo ka tsela e sele e a neng a sa di bone ka yone pele. Kgotsa o ka nna wa bontsha kafa go ikobela taolo ya Modimo tota go tlhotlheletsang batho ka teng go leka ka natla go utlwa melao e e tshwanelang ya batho ka metlha. (Bar. 13:1-14) Fa ba setse ba na le tshedimosetso eno, go tlhalosa mabaka a Dikwalo malebana le boemo jo o bo tsereng go ka nna ga dira gore boemo jwa gago bo amogelwe botokanyana.

Tsela e Motho yo o Botsang Potso a Lebang Dikwalo ka Yone

Fa o leka go bona gore o arabe jang, gape o ka nna wa tlhoka go akanyetsa gore motho yo o go botsang potso o leba jang Dikwalo Tse di Boitshepo. Jesu o ne a dira jalo fa a ne a araba potso ya Basadukae ka tsogo. E re ka Jesu a ne a itse gore ba ne ba amogela dikwalo tsa ga Moshe fela, o ne a buisana le bone a dirisa pego e e mo Dibukeng Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Dikwalo, a simolola kakgelo ya gagwe ka go re: “Mme gore baswi ba a tsosiwa le e leng Moshe o ne a go bolela.” (Luke 20:37) Le wena o ka nna wa go fitlhela go le molemo go nopola dikarolo dingwe tsa Baebele tse moreetsi wa gago a di amogelang le tse a di itseng.

Go tweng fa moreetsi wa gago a sa dumele se Baebele e se buang? Ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se dira fa a ne a neela puo kwa Areopago, jaaka go kwadilwe mo go Ditiro 17:22-31. O ne a ba bolelela boammaaruri jwa Dikwalo a sa nopole ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng. Fa go tlhokega, le wena o ka dira jalo. Mo mafelong mangwe o ka nna wa tshwanelwa ke go tshwara metlotlo e le mmalwa le motho pele ga o ka mo lebisa ka tlhamalalo kwa Baebeleng. Fa o mo isa kwa Baebeleng, go ka nna botlhale gore o simolole pele ka go mmontsha mabaka a go bo go tshwanela gore a e tlhatlhobe, go na le gore o mmolelele fela gore ke Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa gago e tshwanetse ya nna go neela bosupi jo bo utlwalang sentle ka maikaelelo a Modimo, mme e re fa nako e ntse e ile, o dire gore moreetsi wa gago a iponele se Baebele e se buang. Baebele e tlhotlheletsa thata go feta sengwe le sengwe se rona ka borona re ka se buang.—Baheb. 4:12.

“Ka Metlha e Nne ya Bopelontle”

A bo go tshwanela jang ne gore batlhanka ba ga Jehofa, yo ene ka boene a leng pelontle, ba bo ba bolelelwa gore ba dire gore puo ya bone “ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai”! (Bakol. 4:6; Ekes. 34:6) Seno se bolela gore re tshwanetse go bua ka bopelontle, tota le fa go sa bonale go tshwanela go dira jalo. Puo ya rona e tshwanetse go nna e ntle, e seng e e buiwang ka tsela e e makgwakgwa kgotsa e e sa bontsheng botlhale.

Batho ba le bantsi ba mo tlase ga kgatelelo e kgolo thata, mme letsatsi le letsatsi ba kgobiwa ka mafoko. Fa re etela batho bano, ba ka nna ba bua le rona ka kgakgabuelo. Re tshwanetse go araba jang? Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” Gape karabo e e ntseng jalo e ka nolofatsa motho yo o ganetsang. (Dia. 15:1; 25:15) Mo bathong ba ba tshwarwang makgwakgwa letsatsi le letsatsi, tsela ya go bua le lentswe le le bontshang bopelonomi le ka ikuela thata mo go bone mo e leng gore ba ka reetsa dikgang tse di molemo tse re ba leretseng tsone.

Ga re batle go ganetsana le ba ba sa tlotleng boammaaruri ka tsela le fa e le efe. Go na le moo, re eletsa go bontshana mabaka le batho ka Dikwalo ba ba tla re letlang go dira jalo. Le fa re ka tswa re lebana le boemo bofe, re nna re gakologetswe gore re tshwanetse go araba ka bopelonomi le ka tlhatswegopelo gore ditsholofetso tse di molemolemo tsa Modimo di a ikanyega.—1 Bathes. 1:5.

Ditshwetso Tsa Rona ka Borona le Dikgang Tsa Segakolodi

Fa moithuti wa Baebele kgotsa modumedi mmogo le rona a go botsa gore a dire eng mo maemong mangwe a a rileng, o tshwanetse go araba jang? O ka nna wa bo o itse se wena ka bowena o neng o tla se dira. Mme mongwe le mongwe o tshwanetse go sikara boikarabelo jwa ditshwetso tse ene ka boene a di dirang mo botshelong. (Bagal. 6:5) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore o ne a kgothaletsa “kutlo ka tumelo” mo bathong ba a neng a ba rerela. (Bar. 16:26) Seno ke sekao se se molemo se re tshwanetseng go se latela. Motho yo o dirang ditshwetso tsa gagwe fela gore a tle a itumedise motho yo o mo rutang Baebele kgotsa motho yo mongwe o direla batho, ga a tshele ka tumelo. (Bagal. 1:10) Ka jalo go ka nna ga bo go se molemo go naya motho yo o botsang potso karabo e e motlhofo fela e e tlhamaletseng.

Mme he o ka araba jang ka tsela e e tsamaisanang le dikaelo tsa Baebele? O ka nna wa mo kaela kwa melaometheong e e tshwanelang ya Baebele le dikai tse di akarediwang mo pegong nngwe ya Baebele. Mo mabakeng mangwe, o ka nna wa mmontsha gore a ka dira jang patlisiso gore a kgone go iponela ka boene melaometheo eo le dikai tseo. Gongwe o ka nna wa ba wa tlotla le ene melaometheo eo le botlhokwa jwa dikai tseo kwantle ga gore o di dirise mo boemong jo lo lebaneng le jone. Botsa motho yono gore a o bona sengwe mo melaometheong eno se se ka mo thusang go dira tshwetso e e botlhale. Mo kgothaletse gore a akanyetse kgato e e tla itumedisang Jehofa, a akantse ka melaometheo eno le dikai tseno. Ka go dira jalo, o mo thusa gore a ‘thapise bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga gore a farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—Baheb. 5:14.

Go Akgela Kwa Dipokanong Tsa Phuthego

Gantsi dipokano tsa phuthego ya Bokeresete di re naya sebaka sa go bolela tumelo ya rona phatlalatsa. Tsela e nngwe ya go dira jalo ke ka go akgela go araba dipotso. Re tshwanetse go akgela jang? Ka keletso ya go baka, kgotsa go bua sentle ka Jehofa. Ke sone se mopesalema Dafide a neng a se dira fa a ne a le “fa gare ga boidiidi jo bo phuthegileng.” (Pes. 26:12) Gape re tshwanetse go akgela ka tsela e e tla kgothatsang badumedimmogo le rona, e ba tlhotlheletsa “mo loratong le mo ditirong tse di molemo,” jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a kgothatsa. (Baheb. 10:23-25) Go ithuta dithuto go sa le gale go tla re thusa go dira seno.

Fa o supilwe gore o akgele, dira gore dikakgelo tsa gago e nne tse di sa raraanang, tse di utlwalang sentle, e bile di le dikhutshwane. O se ka wa tlhalosa serapa sotlhe; bua ka ntlha e le nngwe fela. Fa o tlhalosa karolo e nnye fela ya karabo, seno se tla naya ba bangwe sebaka sa go ntsha dikakgelo tse dingwe. Go molemo segolobogolo go gatelela thata ditemana tse di umakilweng mo go se se balwang. Fa o dira jalo, leka go dira gore go tlhokomelwe thata karolo ya temana e e amanang le ntlha e e tlotlwang. Ithute go akgela ka mafoko a gago ka namana go na le gore o bale serapa fela jaaka se ntse. O se ka wa tshwenyega fa karabo ya gago e sa tswe sentle jaaka o ne o batla. Seno se diragalela mongwe le mongwe ka dinako tse dingwe fa a akgela.

Go a bonala gore go itse kafa re tshwanetseng go araba ka gone ga se kgang fela ya gore re itse dikarabo ka botsone. Go batla gore re nne le temogo. Mme a bo go kgotsofatsa jang ne fa o neela karabo e e tswang mo pelong ya gago e bile e ama dipelo tsa ba bangwe!—Dia. 15:23.

PELE GA O ARABA, AKANYETSA DILO TSENO

  • Lebaka la go bo go ne ga bodiwa potso

  • Go tshwanetse ga thewa motheo ofe gore karabo e tlhaloganngwe sentle

  • O ka tlhalosa jang boemo jwa gago ka tsela e e bontshang gore o akanyetsa dilo tse di tshwenyang motho yo mongwe thata

  • O ka tlhalosa dilo jang ka bopelonomi le ka go tlhatswega pelo

  • Gore a o tshwanetse go ntsha karabo e e tlhamaletseng kgotsa o tlhalose melaometheo ya Baebele le dikai tsa teng tse di tla thusang motho yo mongwe go itirela tshwetso malebana le se a tshwanetseng go se dira

TSELA YA GO AKGELA KWA DIPOKANONG

  • Fa go supilwe wena pele, ntsha karabo e e sa raraanang, e e tlhamaletseng e e arabang potso

  • Go oketsa mo go se se tlotliwang, (1) bontsha kafa temana nngwe e e umakilweng fela e tsenang ka teng mo ntlheng e go tlotliwang ka yone, (2) tlhalosa kafa ntlha eno e amang matshelo a rona ka yone, (3) tlhalosa kafa tshedimosetso eno e ka dirisiwang ka teng, kgotsa (4) bolela boitemogelo jo bokhutshwane jo bo tlhalosang ntlha ya konokono

  • Reetsa dikakgelo tse di neelwang ka kelotlhoko gore o tle o itse gore o ka oketsa jang mo go se se setseng se builwe

  • Leka go akgela ka mafoko a gago

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela